A O Tla re, “Ke Hano, Roma Nna”?
“Jehofa [o ne a] re, Ke tla roma mañ? me e mañ eo o tla re èlañ? Hon ga bua nna, ka re, Ke hano, roma nna.”—ISAIA 6:8.
1, 2. Banyalani bangwe ba ne ba na le lebaka lefe le le kgethegileng la go itumela?
“RE ITUMELA go romela lokwalo lwa rona lwa go dumela go ya kwa Colombia. Re ipeletse tshiamelo ya rona ya tirelo mono Ecuador go feta ka moo motšhine o o kwalang ono o ka tlhalosang ka gone.” Go ne ga simolola jalo lokwalo longwe lo lo tswang kwa Basuping ba ga Jehofa ba babedi ba ba neng ba ile kwa Ecuador kwa ofising ya lekala ya Watch Tower Society e neng e agiwa gone.
2 Badihedi bano ba ne ba ile kwa Ecuador go dira se se fetang go thusa mo kagong; ba ne gape ba ka thusa jaaka barutisi ba Bakeresete. Ba kwala jaana: “Re fitlhetse gore tirelo ya tshimo ke nngwe ya dilo tsa botlhokwa thata. Dibeke di le tharo fela tse di fetileng, ka boroba-bobedi jwa rona re ne ra tswela kwantle kwa marekelong mme ra tsamaisa dibuka di le 73 le dimakasine di feta 40. Mo bekeng e e fetileng, re ne re simolotse dithuto tsa Bibela tse pedi. Ruri re ne ra bona tlhokafalo ya lekala le lesha. Nna le mosadi wa me re batla go le lebogela tshiamelo eno ya go tswelela mo mofuteng ono wa tirelo e e tletseng e e kgethegileng” jaanong mo Colombia.
3. Bangwe ba ile ba bontsha jang moya oo Isaia a neng a o bontsha?
3 Banyalani bano, le makgolo a ba bangwe ba ba ileng ba ineela go romelwa kwa mafatsheng a seeng, ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga moperofeti Isaia. Fa a ne a utlwa Jehofa a re: “Ke tla roma mañ? me e mañ eo o tla re èlañ?” Isaia o ne a fetola ka go re: “Ke hano, roma nna.” Mme he Modimo o ne wa laola ka go re: “Ea u reè chaba e, u re, Go utlwa loa utlwa, me lo bo lo sa tlhaloganye.” (Isaia 6:8, 9) Isaia o ne a ithaopela go ya go dira eng, mme ke eng se e neng ya nna matswela ka ntlha ya gone? Mme re ka ithutang mo polelong eno mo motheong wa dilo tsa gompieno tse di tshwanang gammogo le thuto epe ya botho mo go rona?
Thomo ya ga Isaia ya go Rera
4, 5. (a) Seemo e ne e le se se ntseng jang fa Isaia a amogela ponatshegelo e e kwadilweng mo Isa kgaolong ya 6? (b) Isaia o ne a bonang mo ponatshegelong eno?
4 Jehofa Modimo o ne a botsa Isaia a re, “Ke tla roma mañ?” mo ngwageng oo Kgosi Usia a suleng ka one. (Isaia 6:1) Mo e ne e le ka 777 B.C.E., kana mo e ka nnang lekgolo la dingwaga le dikotara tse tharo pele ga Bababelona ba senya Jerusalema le go nyeletsa naga ya Juda. Jehofa o ne a ka bona ditiragalo tse di hutsafang tseo di santse di tla, mme a roma Isaia go isa molaetsa kaga gone. Re ka ithutang ka thomo ya gagwe ya go rera?
5 Jaaka le rona re kabo re ile ra dira, le Isaia o tshwanetse a bo a ile a kgatlhwa thata ke seemo seo a neng a amogela thomo mo go sone. O ne a kwala ka go re: “Ka bōna Yehofa a dutse mo setuloñ sa bogosi, se le kwa godimo, se choletsegile, me meya ea dikobō tsa gagwè ea tlala ka tempela. Ha godimo ga gagwè ga bo go eme boserafa: moñwe le moñwe a bo a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sehatlhōgō, ka di le pedi a ipipa dinaō, me di le pedi a hoha ka cōna. Me ba goalana, ba re, Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō Ye- hofa oa mashomōshomō; lehatshe yeotlhe le tletse kgalalèlō ea gagwè.”—Isaia 6:1-3.
6. Ke eng fa e ne e le tshiamelo mo go Isaia go bona se a neng a se bona?
6 Isaia o ne a itse gore Usia o ne a iteilwe ka lepero fa, e re a ne a se wa lotso lwa boperesiti, ka boikgodiso a ne a tsena mo Boitshepong jwa tempele go isa maswalo. Ka gone, abo e ne e le tshiamelo mo go Isaia jang ne go bona bogone jwa Modimo tota! Isaia, monna yo o sa itekanelang, gaa a ka a bona Jehofa ka tlhamalalo, mme o ne a letlelelwa go Mmona mo ponatshegelong (Ekesodo 33:20-23) Bontle jwa seno bo ne jwa tsholediwa ke baengele ba maemo a a kwa godimo (boserafa) ba ba neng ba direla kwa setilong sa bogosi sa ga Jehofa. Bone, ka go lemoga boitshepo jwa Modimo, ba ne ba ipipa ‘difatlhego’ ka tlotlo. Mo tirong eo ya go ikisa tlase ga bone, ba ne ba bolela ka go gatelela boitshepo jwa Modimo. O akanya gore sotlhe seno se ne se tla nna le matswela afe mo mothong?
7. Isaia o ne a arabela jang, mme ke eng fa re ka bo re ile ra ikutlwa ka tsela e e tshwanang?
7 Letlelela Isaia a arabe. “Hoñ ka bua, ka re, Iyal Nna wèl gonne ke latlhegile; ka ke le motho eo ke dipounama tse di leshwè, ke bile ke agile ha gare ga batho ba ba dipounama tse di leshwè: gonne matlhō a me a bonye Kgosi, Yehofa oa mashomōshomō.” (Isaia 6:5) Isaia o ne a itse gore o ne a le mmueledi wa Modimo, mme ponatshegelo eno e ne ya gatelela mo go ene gore o ne a se phepa, a sena dipounama tse di itshekileng tse di neng di tshwanetse mmueledi wa Kgosi eno e e boitshepo e e galalelang. Bangwe ba rona, le rona, ka dinako tse dingwe re ka nna ra amiwa ke go tlala dibe ga rona, re sa ikutlwe re tshwanetse go atamela Modirno ka thapelo, le eleng gone gore re bidiwe ka leina la gagwe. Boitemogelo jo bo oketsegileng jwa ga Isaia bo tshwanetse, ka gone, ya nna jo bo kgothatsang
8. Moengele o ne a dira tirelo efe, ka matswela a e.
8 Mongwe wa boserafa ba ba direlang o ne a fofela kwa go ene ka magala a a hubitseng go tswa mo aletareng ya ditlhabelo tsa diphologolo. Fa a ama molomo wa ga Isaia ka one moengele o ne a re: “Bōna! yeōna ye, le amile dipounama tsa gago; me boikèpō yoa gago bo tlosicwe, le boleo yoa gago bo tlhacwicwe.” (Isaia 6:6, 7) Mo motlheng wa ga Solomone, molelo o o tswang kwa legodimong o ne o supa gore Jehofa o ne a amogetse aletara ya setlhabelo, lemororo ditlhabelo tseo di ne di ka seke di dire le bone baperesiti phepa gotlhelele fa pele ga Modimo. (2 Ditihalō 7:1-3; Bahebera 10:1-4, 11) Lefa go le jalo, fa magala a a hubitseng a tlosa bosengphepa jwa ga Isaia, o ne a ka amogela katlholo ya ga Jehofa gore boleo jwa gagwe bo ne bo phimotswe go ya bokgakaleng joo go neng go tlhokafala gore a amogele thomo e e kgethegileng ya go rera. Ke bokao bofe jo bo kgatlhisang jo seno se bo akantshang tebang le isagwe?
9. Bokao jwa molaetsa wè ga Isaia e ne e le eng?
9 Boitemogelo jo bo akabatsang jono bo ne jwa gogela kwa goreng moperofeti a amogele thomo ya go rera e e umakilweng. (Isaia 6:8, 9) Mme ke eng fa Isaia a ne a tshwanetse go bolela gore batho ba ne ba tla utlwa gangwe le gape mme ba se kitla ba tlhaloganya? Lentswe la Modimo le ne la oketsa ka go re: “Nontsha pelo ea batho ba, u bo u ketehatsè ditsèbè tsa bōnè, u budulatsè le matlhō a bōnè; gore e se re . . . ba boea, me ba hodisiwa.” (Isaia 6:10) A seo se raya gore Isaia, ka ntlha ya go sa tlhalefa kana go sa itseng se a ka se buang, go ne go tshwanetse go kgaphela kgakala Bajuda e le gore ba tle ba nne ba farologane le Jehofa? Nnyaa. Seno e ne e le sesupo fela sa ka moo bontsi jwa Bajuda ba neng ba tla arabela ka teng go sa kgathalesege ka moo Isaia a neng a tla diragatsa tiro ya gagwe ya go rera ka teng ka boikanyegi le ka botlalo e a neng a e ithaopetse ka go re, “Ke hano, roma nna.”
10. (a) Molato e ne e le eng tebang le gore batho ba nne ekete ke difofu le bosusu? (b) Isaia o ne a raya eng fa a botsa ka go te, “Ka lobaka lo lo kaee?”
10 Molato o ne o le mo bathong. Go sa kgathalesege gore Isaia o ne a ba letlelela “go utlwa [ba bo ba] utlwa,” ba ne ba ka seke ba nne le kitso kana ba nna le tlhaloganyo Modimo o ne o tlhalositse go le pele gore ba bantsi, ka ntlha ya bogoma jwa bone le boikutlo jwa bone jo eseng jwa semoya, ba ne ba se kitla ba arabela. Go ne go ka nna ga arabela ba sekae fela. Mme bontsi ba ne ba tla nna difofu jaaka ekete matlho a bone a ne a tswetswe le go ngaparediwa ka sengaparetsi se se maatla-magolo, fa o ne o ka akanya ka moo. Seemo se se maswe seno se ne se tla tswelela go fitlhelela leng? Seo, mo boemong jwa go botsa gore o ne a tla direla ka dingwaga di le kae, ke se Isaia a neng a se botsa ka mantswe a a reng: “Ka lobaka lo lo kaee, Yehofa?” Ka gone Modimo o ne wa araba ka go re: “Ke go tlo go tsamaee metse e kgakgabale hèla e tlhōke monni.” Mme go ne ga diragala fela jalo, lemororo e ne e le morago ga motlha wa botshelo jwa ga Isaia. Bababelona ba ne ba tlosa batho ba ba mo lefatsheng, ba tlogela Juda ‘a sentswe a dirilwe matlotla.’—Isaia 6:11, 12; 2 Dikgosi 25:1-26.
11. Go rera ga ga Isaia go ne ga neela kgomotso jang?
11 Lefa go le jalo, kwa bofelong Jehofa o ne a tlhomamisetsa Isaia gore ga se gore go ne go sena tsholofelo gotlhelele ‘Go tla bo go santse go setse kabelo ya lesome (mo lefatsheng).’ Ee, go ne ‘go tshwana le setlhare se segolo seo, fa se remiwa, go neng go tla sala thito, eleng peo e e boitshepo.’ (Isaia 6:13) Morago ga dingwaga di le 70 tsa botshwarwa kwa Babelona, peo, kana masale- la, a ne a boela kwa lefatsheng, jaaka ekete ke letlhogela le le tlhogang mo thitong ya setlhare se segolo. (2 Ditihalō 36:22, 23; Esere 1:1-4; bapisa Yobe 14:7-9; Daniele 4:10, 13-15, 26.) Ka gone, lefa molaetsa wa ga Isaia o ne o hutsafatsa, o ne o na le karolo e e gomotsang Lefa go le jalo, go na le loba- ka lwa dikwalo mo go rona go leba Isaia jaaka sekao sa di- tiragalo tsa isagwe. Jang jalo?
Ditiragatso tse Dikgolwane
12. Go na le motheo ofe wa Dikwalo wa go bitsa Jesu Isaia yo Mogolwane?
12 Makgolo a dingwaga morago ga loso lwa ga Isaia, mongwe o ne a tla yo re ka mmitsang Isaia yo Mogolwane—Jesu Keresete. Mo go nneng ga gagwe pele ga a nna motho mo lefatsheng, o ne a ithaopela go romiwa ke Rraagwe mo lefatsheng, mo go rera ga gagwe go neng go tla akareletsa dilo tse Isaia a neng a di kwadile. (Diane 8:30, 31; Yohane 3:17, 34; 5:36-38; 7:28; 8:42; Luke 4:16-19; Isaia 61:1) Ka tlhamalalo, Jesu o ne a itshwaraganya le Isaia kgaolo 6 fa a ne a tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa A ne A ruta ka mokgwa o A neng A ruta ka one. (Mathaio 13:10-15; Mareko 4:10-12; Luke 8:9, 10) Seo se ne se tshwanetse, ereka bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba utlwa Jesu ba ne ba sa tlhole ba batla go utlwa molaetsa wa gagwe le go o dirisa fela jaaka bao ba neng ba utlwa moperofeti Isaia ba ne ba iketleeditse go utlwa wa gagwe. (Yohane 12:36-43) Gape, ka 70 C.E. Bajuda bao ba neng ba itirile difofu le bosusu mo molaetseng wa ga Jesu ba ne ba tlelwa ke tshenyego e e tshwanang le ya 607 B.C.E. Tiragalo eno ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le sepitla mo Jerusalema ‘se se neng se ise se ke se nne gone fa e sale go simologa ga lefatshe le gone se ne se se kitla se nna gone.’ (Mathaio 24:21) Lefa go le jalo, jaaka Isaia a ile a bolelela-pele, masalela, kana “peo e e boitshèpō,” ba ne ba na le tumelo. Bano ba ne ba dirwa morafe wa semoya, “Iseraela oa Modimo” ba ba tloditsweng.—Bagalatia 6:16.
13. Ke eng fa re ka lebelela tiragatso e nngwe gape ya Isaia 6?
13 Seno se re gogela kwa tiragatsong e nngwe e e thailweng mo Bibeleng ya ga Isaia kgaolo 6. Jaaka motheo wa go utlwisisa seno, tlhokomela mafoko a ga moaposetoloi Paulo mo e ka nnang ngwaga wa 60 C.E. O ne a tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba mo utlwa mo Roma ba ne ba se kile ba amogela ‘bosupi jwa gagwe tebang le bogosi jwa Modimo.’ Lebaka e ne e le gore Isaia 6:9, 10 e ne e diragadiwa gape. (Ditihō 28:17-27) A seno se raya gore morago ga go tlogela lefatshe ga ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tshwanetse go tsweledisa thomo e e tshwanang le ya ga Isaia? Ee, go ntse jalo tota!
14. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla dira tiro e e tshwanang le ya ga Isaia jang?
14 Pele ga Isaia yo Mogolwane a tlhatlogela kwa magodimong, o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tla amogela moya o o boitshepo mme morago ga moo ba ne ba tla “nna bashupi ba [gagwe] mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe.” (Ditihō 1:8) Fela jaaka aletare ya setlhabelo e ne e neela se se neng se tlhokafala go tlosa molato wa gore Isaia a tsamaye, ka gone setlhabelo sa ga Jesu ke motheo wa ‘thekololo ya sebe ka bosone’ wa barutwa ba gagwe. (Lefitiko 6:12, 13; Bahebera 10:5-10; 13:10-15) Ka gone, Modimo o ne o ka ba tlotsa ka moya o o boitshepo, oo gape o neng o tla ba natlafatsa gore ba nne ‘basupi go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.’ Ka bobedi moperofeti Isaia le Isaia yo Mogolwane ba ile ba rongwa go bolela molaetsa wa Modimo. Ka mo go tshwanang, balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ne ba ‘rongwa go tswa kwa Modimong . . . ba na le Keresete.’—2 Bakorintha 2:17.
15. Ka kakaretso karabelo e ile ya nna efe mo therong e e tshwanang le ya ga Isaia mo motlheng wa rona, go supela isagweng efe?
15 Mo metlheng ya segompieno, segolo-bogolo fa e sale bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba bona go tlhokafala go bolela molaetsa wa Modimo. Seno se akareletsa ntlha e e hutsafatsang ya gore “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona” le gaufi. (Isaia 61:2) Go senya ga lone e tla be e le mo go swafatsang segolo-bogolo mo go La-Bodumedi, eo go tswa bogologolong a ileng a iphaka gore ke batho ba Modimo, jaaka lseraele wa bogologolo a ne a dira. Go sa kgathalesege masome a dingwaga a go rera ka boikanyegi ga Basupi ba ba tloditsweng ba Modimo, ba le bantsi mo go La-Bodumedi ba ile ba dira ‘dipelo tsa bone thata le ditsebe tsa bone bosusu; matlho a bone a ngaparaganngwa.’ Boperofeti jwa ga Isaia bo bontsha gore go tla nna fela jalo “go tsamaee metse e kgakgabale hèla e tlhōke monni, le matlo a tlhōke motho, le lehatshe le gokgolèlwe hèla.” Seno se tshwaya bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo.—Isaia 6:10-12.
“Roma Nna”
16. Ke eng fa go ka twe “boidiidi yo bogolo” ba tlhakanela mo tirong eo e tshwanang le ya ga Isaia?
16 Gompieno, go na le dimilione tsa Bakeresete ba ba ineetseng ba ba nang le tsholofelo ya Bibela ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise. Mo motheong wa madi a setlhabelo sa ga Jesu, “boidiidi yo bogolo” ba ka itshwarelwa dibe tsa bone go ya bokgakaleng jo bo tlhokafalang jaanong. Gape ba amogela maatla le tshegetso ka moya wa Modimo jaaka ba dira mmogo le ba ba balwang ba ba setseng ba Bakeresete ba ba tloditsweng ka go re, “Ke fano, roma nna.” Ba romiwa go ya go dira eng? Paulo o bolela jaana mo go Baroma 10:13-15 ka go re: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa. Me yana ba tla bitsa yañ èna eo ba e señ ba dumele mo go èna? me ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena morèredi? Me ba tla rèra yañ ha ba sa roñwa? hèla yaka go kwadilwe [mo go Isaia 52:7], ga twe, Ana dinaō di dintlè yañ tsa ba ba lereñ mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō!”—Tshenolō 7:9-15.
17. Fa go tshwantshanngwa le boperofeti jwa ga Isaia, diteng tsa molaetsa wa rona ke eng?
17 Gakologelwa gore Isaia o ne a re, “Ke hano, roma nna” pele ga a itse se tota se neng se le mo molaetseng. Se se fapaaneng, re itse se Modimo o batlang gore se bolelwe jaanong ke bao ba arabelang taletso ya gagwe: “Ke tla roma mañ? me emañ eo o tla re èlañ?” Go akareletsa tlhagiso ya go sa le gale kaga “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” Lefa go le jalo, gape molaetsa o akareletsa ‘mafoko a a molemo a dilo tse di molemo.’ Ka motlhala, bao ‘ba romilweng’ ba tlhakanela mo go boleleleng “bachwarwa kgololō, [le go bula matlho a] ba ba golegilweñ.” A go dira jalo ga go a tshwanela go nna motswedi wa kgotsofalo e kgolo?—Isaia 61:1, 2.
18, 19. Ke ka ditsela dife tse di kgethegileng ba le bantsi ba reng, “Roma nna”?
18 Fa e le gore o setse o bolela ‘mafoko a a molemo a dilo tse di molemo,’ poeletso eno ya Isaia kgaolo 6 e ka nna ya go tlhotlheletsa go botsa jaana: Nka arabela jang ka botlalo mo moyeng wa ga Isaia 6:8? Jaaka banyalani ba ba umakilweng kwa tshimologong, makgolo a batho ba ile ba tlhakanela mo thulaganyong ya Baithaopi ba Baagi ba Lefatshe Lotlhe. Ba bangwe ba bantsi, ba ba senang kitso ya go aga, ba ile ba ya kwa mafatsheng ao tlhokafalo ya bareri ba Bogosi e leng kgolo gone. Seno se dirwa botoka morago ga go batla kgakololo go tswa kwa ofising ya lekala ya Watch Tower Society. Legale, thulaganyo e tlhokafala thata, ereka puo, maemo a botshelo, ditebelelo tsa tiro, le dilo tse dingwe di ka nna tsa farologana thata mo lefatsheng la seeng. Lefa go le jalo, o seka wa latlha kgonagalo e eleng gone fela ka ntlha ya dipaakanyo tse dikgolo tse di ka tlhokafalang Ba le bantsi ba ba nang le boikutlo jwa “Ke hano, roma nna” ba dirile maeto ao mme ba ile ba segofadiwa mo go golo ke Modimo ka go dira jalo.—Bapisa Diane 24:27; Luke 14:28-30.
19 Ba bangwe gape—bakaulengwe ba ba sa nyalang kana bokgaitsadi, banyalani, le eleng maloko a lelapa otlhe—ba ile ba fudugela golo gongwe mo lefatsheng la bone kana kgaolo koo go nang le tlhokafalo e kgolwane ya bareri ba Bogosi kana balebedi ba Bakeresete gone. (Ditihō 16:9, 10) Go dira seno go ka nna ga tlhoka go intsha setlhabelo, jaaka go senka mofuta o mongwe wa tiro ya boitshediso, gongwe e le eo e sa dueleng thata. Bangwe ba ile ba tlogela tiro pele ga nako ka madi a penshene a mannye mme ba bona tiro ya nakwana e le gore ba tle ba nne le nako e ntsi mo bodiheding Abo go le molemo jang ne fa maloko a lelapa otlhe a re, “Re fano! Roma rona.” Seno, le sone, se bontsha boemo jwa ga Isaia. Mosadi wa gagwe o ne a tlhakanela ka tlhagafalo a dira go rata ga Modimo jaaka moperofeti wa sesadi, mme bomorwawe ba ne ba kopanyelediwa mo melaetseng ya boperofeti.—Isaia 7:3, 14-17; 8:3, 4.
20. Ka go gakologelwa Isaia 6:8, ke eng seo o tshwanetseng go se akanyetsa?
20 Le eleng fa maemo a gago jaanong jaana a sa go letlelele go dira diphetogo tse dikgolo, o ka nna wa akanyetsa seno, ‘A ke dira gotlhe mo ke ka go kgonang fa ke leng teng, go etsa go arabela ga ga Isaia?’ Dira boiteko mo go boleleng molaetsa wa Modimo, le eleng fa bosa bo sa siama kana fa batho ba itlhokomolosa; kwantle ga pelaelo, Isaia o ne a dira fela jalo. Tlhoafala fa o go bua le ba bangwe kaga ‘mafoko a a molemo a dilo tse di molemo!’ Jehofa o ne a re, “Ke tla roma mañ?” Supa gore, jaaka Isaia wa bogologolo, karabelo ya gago ke, “Ke hano, roma nna” go bolela molaetsa wa Gagwe.
Dintlha tsa Poeletso
◻ Isaia o ne a amogela ponatshegelo ya Isa kgaolo 6 mo maemong afe mme o ne a bona eng?
◻ Isaia o ne a amogela thomo ya mofuta ofe?
◻ Ke eng fa Jesu a ka bidiwa Isaia yo Mogolwane, mme barutwa ba gagwe ba kopanyelediwa jang mo tirong e e tshwanang le ya ga Isaia?
◻ O ka bontsha jang moya o o tshwanang le wa ga Isaia?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Isaia o ne a itshekisiwa le go romelwa go ya go rera
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ba le bantsi ba ile ba arabela, ba re, “Ke hano, roma nna”