Dipotso tse di Tswang go Babadi
▪ Phoso ya ga Moshe e ne e le eng e e neng ya mo amoga tshiamelo ya go tsena mo Lefatsheng ja Tsholofelo? A e ne e le gore o ne a itaya lentswe go na le go bua le lone fela kana e ne e le gore o ne a seka a galaletsa Jehofa Modimo‘?
Go lebega phoso ya ga Moshe e ne e se fela gore o ne a itaya lee ntswe go na le go bua le lone. jaaka Modimo o ne o Iaetse.
Boaphelong jwa dingwaga tse 40 tsa go kgarakgatshega Baiseraele ba ne ba thibelela kwa Kadeshabaranea mo sekgweng sa Sina (kana, Parana). Ba ne ba thibeletse koo masomesome a dingwaga pele, go bonala e ne e le ka go bo metswedi e meraro ya metsi mo letelong leo e ne e dirile setlhaketlhake se se talana, jaaka se se bonwang mo setshwantshong se se fano. Mo sebakeng seno, lefa go le jalo metsi a ne a sa bonale motlhofo, mo go ka tswang go ne ga bolela gore batho ba ne ba ka seke ba bone dijo tse dintsi. Jalo ba ne ba omana le Moshe, moemedi wa ga Jehofa, ba re: “Me lo re patikile ka ntlha eañ go tlhatloga kwa Egepeto, go re lere mo heloñ hano ha go boshula? Ga se helō ga dipeo, leha e le ga difeige. leha e le ga mafine, leha e le digaranata; le gōna ga go na metse a a nowañ.”—Dipalō 20:5.
Ke gone Modimo o neng wa raya Moshe le Arone wa re: “Tsaea thōbane, u phuthè phuthègō, . . . me lo buise lehika ha pele ga matlho a bōnè. gore le ntshè metse a yeōna; me u tla ntshetsa metse kwa go bōnè a cwa mo lehikeñ: yalo u tla nosa phuthego le dikgomo tsa bōnè melse.” (Dipalō 20:8) Go ne ga diragalang morago?
“Moshe le Arone ba phuthèla phuthègō ha pele ga lehika, me èna a ba raea, a re, Utlwañ yana, bacuolodi ke lona; a re tla lo ntshetsa metse mo lehikeñ ye? Me Moshe a choletsa lecōgō, a itaea lehika ka thobane ea gagwe gabedi: me metse a cwa a le matona thata.”—Dipalo 20:10, 11.
Bangwe ba lemogile gore Modimo o ne wa laela Moshe le Arone go ‘buisa lehika,’ mme bone ba ne ba “itaea lehika.” A pharologanyo eno e ne ya itumolola Jehofa mo a neng a bolelela Moshe le Arone gore O ne a sena go ba letlelela go etelelapele lseraele mo Lefatsheng ja Tsholofetso?
Ga go lebege jalo. Ntlha ke gore dikgwedi di sekae fela morago ga Khudugo, santlha batho ba ne. ba ngongoregetse letlhoko la metsi. Seno e ne e le gaufi le Thaba ya Sinai (Horeba), kwa morago le neng Ia bidiwa Meriba (mo lefelong le le bonwang kwa tlase fano). Elatlhoko se Modimo o neng wa se raya Moshe mo lobakeng loo: neng wa se raya Moshe mo lobakeng loo: “Ke tla èma ha pele ga gago gōna mo lehikeñ, mo Horeba: u tla itaea lehika, me metse a tla cwa mo go yeōna, gore batho ba nwè.” (Ekesodo 17:2-7; 33:6) Jalo fa, kwa Kadesha, Mo he a ne a bolelelwa gore a buisa lehika, o ka tswa a ne a sekamela mo go reng a dire se a neng a se dirile pelenyana ka kaelo ya Modimo, lefa Modimo o ne o raya gore go buisa lehika go ne go tla bo go lekane.
Go lebega sengwe se segolo se ne sa dira gore Modimo o atlhole Moshe le Arone. Seo e ka tswa e ne e le eng? Moshe o ne a raya batho ba ba neng ba ngongorega a re: “A re tla lo ntshetsa metse mo lehikeñ ye?” Pesalema 106:33 e re tlhalosetsa seno. ka gonne e bontsha gore Moshe o ne a dira jalo ka baka la go utlwa botlhoko mo moyeng gape o ne “a bua ka phorumelo ka dipounama tsa gagwè.” Ka mafoko a komano, o ne a lebisa tlhokomelo mo go ene le Arone go na le go Yo tota a neng a ka ba siela metse ka kgakgamatso Ka gone, pele fela ga Moshe aa swa kwa molelwaneng wa Lefatshe la Tsholofetso, Modimo o ne wa lebisa kwa tiragalong ya kwa Kadesha-baranea mme a bontsha gore phoso ya ga Moshe e ne e le gore o ne a retelelwa ke ‘go itshepisa Modimo fa pele ga matlho a batho.’—Dipalo 27:12-14.
Re ka ithuta sengwe mo go se. Lefa tota go le botlhokwa go tila ditiro tsa go galefa, go botlhokwa ka tsela e e tshwanang go laola meya ya rona, bogolo jang fa ba bangwe ba tlhaela Fa re itetlelela go tshwenyega ka mo go feteletseng, re ka nna ra simolola go leba batlhanka ba Modimo jaaka batho fela, go na le go lemoga gore ba santse ba le “dinku” tsa Modimo. Ke boammaaruri, ga baa itekanela ebile ba ka dira dilo tse di kgopisang, mme ke “batho ba gagwè, le dinku tsa bohulo yoa gagwè.” (Pesalema 100:3) Modimo o ne wa letlelela Morwa wa gagwe go swela bano alo, a ga re a tshwanela go lekela go nna pelotelele le bone, re sa tlhokomele thata kafa re ikutlwang ka teng kana kafa re amegang ka teng mme bogolo jang re tlhokomela boemo jwa bone le Modimo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Nako ya dikgakologo kwa lefelong le le talana le le dikologileng mongwe wa metswedi mo lefelong la Kadesha-baranea
[Motswedi wa Tshedimosetso]
Ditshwantsho, mo tsebe 10, 31: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.