LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/15 ts. 8-9
  • Go Utlwela ba ba Patikesegileng Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwela ba ba Patikesegileng Botlhoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwela ba ba Patikegileng Botlhoko
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Fodisa Mosetsana le Monna yo o Susu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kafa Bogole Bo Tla Felang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Na le “Mogopolo wa ga Keresete”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi Tsa ga Jesu

Go Utlwela ba ba Patikesegileng Botlhoko

MORAGO ga Jesu a sena go latofatsa Bafarasai ka di- tlwaelo tsa bone tse di solegelang bone molemo fela, o tlogela barutwa ba gagwe. O ka nna wa gakologelwa gore, pelenyana ga foo, boiteko jwa gagwe jwa go ngwega le bone go ya go ikhutsa go sekae bo ne jwa kgorelediwa ke fa boidiidi jwa batho bo ne bo ba bona. Jaanong, o ya kwa dikgaolong tsa Ture le Sidona, a na le barutwa ba gagwe, e leng sekgala sa dikilometara tse dintsi go ya kwa bokone. Go bonala fa loeto leno e le lone fela le Jesu a tsamayang le barutwa ba gagwe mo go lone go tswa mo Iseraele.

Morago ga Jesu a sena go bona ntlo e a ka nnang mo go yone, o tlhalosa gore ga a batle ope a ka itse kwa a leng teng. Lefa go le jalo, le e leng mo kgaolong eno e e seng ya Baiseraele, ga go kgonege gore a seka a lemogiwa. Mosadi mongwe wa Mogerika, yo o tsaletsweng mo Finikia mo Siria, o a mmona a ba a simolola go kopa ka go re: “Nkutlwèla botlhoko, Morèna, Morwa Dafide; morwadiake o chweñwa thata ke badimo.” Lefa go ntse jalo, Jesu ga a mo fetole gotlhelele.

Labofelo, barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re: “Mo reè a tsamaeè, gonne o re tlhaeletsa kwa moragō.”

Fa Jesu a tlhalosa lebaka la go bo a mo tlhokomologa, a re: “Ga kea roñwa ha e se kwa dinkuñ tse di timetseñ tsa ntlo ea Iseraela.”

Lefa go ntse jalo, mosadi yoo ga a itlhoboge. O atamela Jesu, o khubama fa pele ga gagwe, a ba a kopa ka go re: “Morèna, a u ko u nthusè.”

Abo pelo ya ga Jesu e tshwanetse ya bo e ne ya amiwa ke go ikuela ga mosadi yoo ka tlhoafalo jang nel Lefa go le jalo, gape o lebisa kwa boikarabelong jwa gagwe jwa ntlha, jwa go direla batho ba Modimo ba Iseraele. Ka nako yone eo, gongwe e le go leka tumelo ya gagwe, o bua ka pono ya Bajuda ya go sa rate batho ba merafe e sele, a gatelela ka go re: “Ga goa chwanèla ha go ka tsèwa diyō tsa bana, me tsa latlhèlwa dinca (dintšanyana, NW).”

Ka lentswe leno la gagwe la go tlhomoga pelo le ponalo ya sefatlhego, ruri Jesu o bontsha bonolo jwa gagwe mo bathong ba eseng Bajuda. Ebile o kokobetsa go tshwantshiwa ga Baditšhaba le dintša ga kilo ka go ba bitsa ‘dintšanyana.’ Go na le go tenega, mosadi o dirisa kakgelo ya ga Jesu ya kilo ya Bajuda a ba a lemotsha jaana ka boikokobetso: “E, Morèna; gonne le e leñ dinca (dintšanyana, NW) di tle di ye matlhotlhora a a wañ mo lomatiñ loa boyelō loa beñ ba cōna.”

Jesu o fetola ka go re, “Iya, mosadi! tumèlō ea gago e kgolo: a go gu dihalèlè kaha u ratañ ka gōna.” Mme go diragala fela jalo. Fa a boela kwa legaeng la gagwe, o fitlhela morwadie a le mo bolaong, a fodile ka botlalo.

Go tswa kgaolong ya lotshitshi lwa Sidona. Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaela kwa ntlheng e nngwe ya naga eo go ya kwa moseja wa Noka ya Joredane. Go bonala ba kgabaganya golo gongwe kwa godimo ga Lewatle la Galilea ba bo ba tsena mo kgaolong ya Dikapolise, kafa botlhaba jwa lewatle. Fa ba le koo ba palama thaba, mme boidiidi jwa batho baa ba bona ba bo ba lere ditlhotsa, digole, difofu, le bosusu ba bone kwa go Jesu, le ba le bantsi bao ba lwalang kana ba golafetseng katsela nngwe. Ba ba latlhela fela fa dinaong tsa ga Jesu, mme o a ba fodisa. Batho ba gakgamadiwa ke go bona dimumu di bua, digole di tsamaya, difofu di bona, mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.

Monna mongwe yo o susu a bile a sa kgone go bua gotlhelele o tlhokomedisiwa Jesu ka mo go kgethegileng. Gantsi bosusu ba tlhabiwa ke ditlhong motlhofo, bogolo jang fa ba le mo bathong ba bantsi. Jesu o ka nna a bo a lemoga go tshoga ga monna yono. Jalo ka go mo tlhomogela pelo o mo ntsha mo boidiiding jwa batho ka sephiri. Fa a le nosi, Jesu o lemotsha se a tlileng go se mo direla. O tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yoo mme, morago ga a sena go kgwa mathe, o ama loleme lwa gagwe. Go tswa foo, Jesu a lebile kwa legodimong, o hemela kwa godimo a bo a re: “Kabologa.” Fa a rialo, monna yoo o boa a utlwa gape, mme o kgona go bua sentle fela.

Fa Jesu a sena go dira diphodiso tseno tse dintsi, boidiidi joo jwa batho ba arabela jaana ka kanaanelo: “O dihile dilō cotlhe sentlè: o diha gore ba ba boshushu ba utlwè, le ba ba dimumu gore ba bue.” Mathaio 15:21-31; Mareko 7:24-37.

◻ Ke ka ntlhayang fa Jesu a sa fodise morwadia mosadi wa Mogerika gone fela foo?

◻ Morago, Jesu o ya le barutwa ba gagwe kae?

◻ Jesu o dirisana jang le monna yo o susu le yo o sa kgoneng go bua ka go mo tlhomogela pelo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela