Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ Baithuti bangwe ba bolela gore go tshwanetse ga emisediwa “kamela” ka “mogala” mo go Mathaio 19:24, e e balegang ka gore: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō.” Lefoko le le siameng ke lefe?
Baithuti bangwe ba Bibela ba konela ka phoso gore mafoko ano a ga Jesu a ne a kwadilwe ka Se-Aramaika kwa tshimologong Lefoko la Se-Aramaika le le dirisitsweng mo dithanolong tse di ntseng jalo (eleng gam·la’ʹ) le ka raya “kamela.” Lefa go ntse jalo, go itshetlegile ka kgang eo ka boyone, gape le ka nna la ranolwa jaaka “mogala o mogolo le mosipuri.” Mme go ya ka Papias wa Hierapolis, yo gongwe a tshedileng ka nako e le nngwe le moaposetoloi Johane, Mathaio o ne a kwala pego ya gagwe ya Efangele ka Sehebera; kwa tshimologong, eseng ka Se-Aramaika, morago ga moo a bo a ranoiela mo Segerikeng. Lefoko la, ehebera le le rayang kamela (ga·malʹ) le farologane thata le mafoko a a ranolwang jaaka mogala (cheʹvel) kana thapo (‛avothʹ), mme go phepafetse gore Mathaio a ka bo a ile a tlhopha lefoko le ie siameng la Segerika.
Memeno ya bogologolo thata ya Segerika ebile e le e e ikanyegang thata (Sinaiticus le Vatican No. 1209) e na le leloko kaʹme·los, le le rayang kamela. Lefoko lone leno le dirisitswe mo go Mathaio 23:24, koo go senang pelaelo ya gore go ne go tewa “kamela” gone.
Go ralala makgolo a dingwaga bangwe ba ile ba leka go fetola pheteletso-modumo eno e e bogale ya ga Jesu. Bangwe ba bile ba itirela se ba se ratang mo dikwalong tse di boitshepo Go tloga mo e ka nnang ka lekgolo la botlhano la dingwaga, lefoko le Ie tshwanang eleng kaʹmi·los le fitlhelwa mo temaneng eno mo memenong mengwe ya Segerika. Letoko leno le le bonwang sewelo le raya “mogala, mogala wa sekepe.” Go ya ka A Greek-English Lexicon of the New Testament e e kwadilweng ke Arndt le Gingrich, “ga le a tshwanela go bo le le go NT [New Testament].” Baithuti bangwe ba Segerika ebong Westcott le Hort ba baya Cyril wa Alexandria wa lekgolo la botlhano la dingwaga yo o iphakang gore ke Mokeresete molato ka ntlha ya go emisetsa gono, yo o neng a bolela gore lefoko le le dirisitsweng ke Mathaio (kaʹme·los) le ka nna la raya mogala, a re: “Ke mokgwa wa bao ba itseng thata kaga dikepe go bitsa megala e mekima ‘dikamela.’” Lefa go le jalo, Westcott le Hort ba tlhalosa jaana malebana le ntlha eno: “Ruri ga go a nna jalo.”
Ntlha ya kamela e e boitshegang e leka go tsena mo lesobaneng la nnalenyana e e rokang “e tshwana le pheteletso-modumo ya kwa Botlhaba,” go ya ka buka nngwe e e dirisediwang ditshupiso Tota ebile, fa The Babylonian Talmud e tlotla ka batho bangwe ba ba tumileng ka botlhale mo eleng gore ba lebega ba ka kgona go dira dilo tse di sa kgonagaleng, e tlhalosa gore: “Ba kgona go tsenya tlou mo lesobaneng la nnale.” Ka gone Jesu o ne a dirisa setshwantsho se se tlwaelegileng sa kwa Botlhaba go otlelela ka moo selo se ka se kgonagaleng ka gone ka go dirisa se se farologaneng le sone ka phepafalo. Ruri, ga go kake ga kgonagala gore go somelwe selo sengwe se sekima mo lesobaneng la nnale—e ka tswa e le mogala, kamela, kana tlou.
Jesu o ne a sa re ga go kgonege gore motho yo o humileng a bone botshelo, ereka batho bangwe ba ba humileng ba ne ba fetoga balatedi ba gagwe. (Mathaio 27:57; Luke 19:2, 9; Yohane 19:38, 39) Mme pele fela gata Jesu a bua ‘polelo e e thata eno.’ lekawana lengwe le le humileng le ne le sa tswa go gana ditshiamelo tse dikgolo tsa semoya ka ntlha ya go rata ‘dilo tse dintsl’ tse a neng a na le tsone thata. (Mathaio 19:16-22) Go ne go tla nna thata mo mothong mongwe le mongwe yo o humileng yo o nang le boikutlo jono gore a rue botshelo jo bo sa khutleng. E ka nna fela ka thuso e kgolo ya Modimo motho wa go nna jalo a ka fetogang le go amogela poloko e e tshwanetseng go tla ka maatla a Modimo.—Mathaio 19:25, 26.