LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/15 ts. 24-30
  • Kopano e e Okeditseng Ikanyo ya Rona mo go Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kopano e e Okeditseng Ikanyo ya Rona mo go Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ikanyeñ mo go Yehofa ka Bosakhutleñ”
  • ‘Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo’
  • “O Ikanyè Yehofa ka Pelo Eotlhe ea Gago”
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ikanye Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/15 ts. 24-30

Kopano e e Okeditseng Ikanyo ya Rona mo go Jehofa

JEHOFA MODIMO, Rraarona wa selegodimo, o itse sone fela se re se tlhokang. Mme o gakolola batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba ba ntseng ba tsamaisa tiro ya gagwe mo lefatsheng go kgorisa keletso eno. Seno ke se se ka bolelwang ka Dikopano tsa Kgaolo tsa “Ikanye Jehofa,” tseo di ileng tsa tshwarwa go dikologa lefatshe go tloga ka June, 1987, go ya pele. Ruri di ile tsa tiisa Bakeresete kgatlhanong le ketsaetsego, pelaelo, le go sa ikanyane mo go atileng thata mo lefatsheng.

Setlhogo se se reng “Ikanye Jehofa” se ne sa tswakanngwa ka botswerere le thulaganyo yotlhe. Se ne sa tsholediwa ke ditlhaloso tse di neng di nonofile ebile di lebaganye, tseo di neng tsa lemosega di tlhamaletse ebile di opa kgomo lonaka. Tsotlhe tseno di ne tsa tiisa bareetsi gore ba ikanye mo go Jehofa. Ba ne ba kgona go boela gae setlhogo seo se gatiseditswe thata mo dipelong tsa bone le mo megopolong ya bone, ba ititeile sehuba gore ka ditiro tsa bone le ka mafoko ba ne ba tla bolelela batho botlhe gore ba ikantse Jehofa ka botlalo.

“Ikanyeñ mo go Yehofa ka Bosakhutleñ”

Mafoko ao a a fitlhelwang go Isaia 26:4 a ne a tlhalosa setlhogo sa letsatsi la ntlha. Ka mo go tshwanetseng sentle, thulaganyo e ne ya simolola ka setlhogo se se reng “Sekegela Mafoko a Modimo Tsebe.” Sebui se ne sa bontsha kafa tlhaloso eno, eo e tlhagang ga makgetlo a le mantsi mo Lefokong la Modimo, e rayang go tlhokomela thatathata ka mogopolo le ka pelo se se buiwang ka boikaelelo jwa go dirisa se se utlwilweng. Seo se raya go bontsha boikgapo le go tlhoma mogopolo mo go se se bolelwang, motho a sa o lese go akgaakgega. Ke fela ka go sekega tsebe mo go ntseng jalo ikanyo ya rona mo go Jehofa e ka nonotshiwang ke seo re se utlwang mme he re tla tlhotlheletsega go dira go ya kafa go se se bolelwang. A mme seno ga se a tshwanela go nna boikutlo jwa rona nako le nako fa re utlwa Lefoko la Modimo le tlhalosiwa, jaaka fela kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego?

Go tswa foo modulasetulo wa kopano o ne a tlhalosa setlhogo se se reng, “Ba ba Ikanyang mo go Jehofa ba Itumelela go bo ba le Fano.” O ne a bontsha gore fa re ntse re tsweletse ka go ikanya mo go Jehofa, le jone boitumelo jwa rona bo tla gola. Go ikanya mo go Jehofa go raya go ikaega gotlhelele mo go ene le go tlhomama. Fa re ntse re tsweletse ka go nna le kitso e kgolo kaga Jehofa le go mo rata, go mo ikanya ga rona le gone go tla nonofa. Setlhogo seno sa kopano e ne e se mafoko fela a a boaboelediwang. Re supa ikanyo ya rona mo go Jehofa ka ditsela di le dintsi, tseo go senang epe ya tsone eo e sa bontsheng go akanyetsa ba bangwe. Kwa bokhutlong jwa ditlhaloso tsa gagwe, modulasetulo o ne a ipedisa botlhe ka go ntsha kgololo ya ntlha—sedirisiwa se se ntlentle, se se thusang thata mo go neeleng bosupi. E ne e le pampitshana e e reng Lebaka Leo o ka Ikanyang Bibela.

Morago ga fa a sena go bua ka sekai se se tlhomologileng sa ga Dafide fa a ne a lebaganye le mokaloba Goliathe, sebui se se latelang se ne sa bua ka go re “Kafa Bangwe ba Ileng ba Ikanya Jehofa ka Gone” mo metlheng ya segompieno. Ka motlhala, go kile ga nna kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe yo o sa dumeleng, a neng a tshosetsa ka go re o tla mmolaya ka tlhobolo e a neng a e tshotse fa a ne a ka tswelela ka go ya kwa dipokanong. Bangwe ba ile ba itshupa gore ba ikantse Jehofa fa ba ne ba bolelelwa gore matshelo a bone a ne a ikaegile ka gore ba dumelele gore ba tshelwe madi. Basha ba ile ba itshupa fa ba ikantse Jehofa ka go gana dikgatelelo tsa gore ba tsenelele mo metshamekong kana ba kgethe go amogela thuto e e kwa godimo morago ga ba sena go fetsa sekolo se segolwane.

Thulaganyo ya Labotlhano mo mosong e ne ya wela ka puo e e reng “Batho ba ba Tlhaotsweng mo Lefatsheng.” Re itshupa gore re ikantse Jehofa ka go boloka boitshwaro jwa rona sentle fa re na le batho ba bong jo bo fapaaneng gore bo se nne le mokgobo, ka go dira gore melao-metheo ya Bokeresete e laole boitloso-bodutu jwa rona, le ka go tila moaparo otlhe le tsela ya go ipaakanya mo mmeleng tseo di lebegang di ka timetsa gore a motho mosadi kana monna. Mme ka go ikgaoganya ga rona le lefatshe, nako le nako re neela bosupi jo bo nonofileng, mo go bileng go felela ka gore bangwe ba amogele boammaaruri.

Mo thapameng ya Labotlhano, thulaganyo e ne ya simolola ka puo e e reng “Bobulatsela bo Akofisa Kgolo ya Semoya.” Abo seo se le boammaaruri jang ne! Ka lefoko la ga Jehofa, moya wa gagwe o o boitshepo, le ka phuthego ya gagwe, Modimo o re baakanyetsa seo re se tlhokang gore re tswelele pele go ya ‘monneng yo o godileng,’ mme bobulatsela bo re baya mo seemong sa go dirisa botoka le ka maatla dipaakanyetso tseno tsa semoya. (Baefesia 4:13) Ka dipotsolotso, babulatsela ba ne ba bolela kafa bodihedi jwa nako e e tletseng bo ba kgonisitseng go tlhagolela ka botlalo leungo la moya wa Modimo, go bontsha batho lorato ka tsela e kgolwanyane, go nna botswerere mo bodiheding, le go ikanya mo go Jehofa ka selekanyo se segolwane, mme ka gone go dira gore ba nne le kamano e e nonofileng le ene. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa akofisa kgolo ya bone ya semoya.

Morago ga moo go ne ga latela puo ya setlhogo e e reng, “Batho ba ba Ikanyang Jehofa ka Metlha Yotlhe.” Puo eno e e tlhotlheletsang e ne ya bontsha gore re farologanye le lefatshe ka go bo re ikanya Jehofa gotlhelele. A ikaegile ka ditemana tse di farologanyeng mo bukeng ya Isaia, sebui se ne sa bontsha kafa re ileng ra bona dipolelelo pele tseno tse di kgothatsang di diragadiwa mo Basuping ba ga Jehofa ka go bo re ikantse Modimo. Ka tsholofelo, re lebelela pele nakong eo mo isagweng e e gautshwane Jehofa a tla bontshang bogale jwa gagwe mo merafing yotlhe mme morago a tlise Paradaise.

Batla-kopanong ba ne ba kgothadiwa go “Anamisa Mafoko a a Molemō mo Pakeng Nngwe le Nngwe.” Morago ga botlhokwa jwa go dira seo bo sena go otlelelwa, dipontsho di le palonyana di ne tsa bontsha kafa pampitshana e ntšha Lebaka Leo o ka Ikanyang Bibela di ka dirisiwang ka katlego ka teng mo bosuping jo bo tlwaelesegileng le jo bo sa ikaelelwang. Tota ruri, ka metlha yotlhe re batla go nna le dipampitshana tseno, gonne go anamisa mafoko a a molemo mo pakeng nngwe le nngwe e tshwanetse go nna boikaelelo jwa mosupi wa ga Jehofa mongwe le mongwe. Mme ke tsela ya go bontsha gore re a Mo ikanya.

Puo e e neng ya anaanelwa thata ke e e neng e re “Batsadi—Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona go Tswa Bonyaneng.” Gore ngwana a gole a ikantse mo go Jehofa, thapiso ya gagwe e tshwanetse go simolola fela kwa bonyaneng mme e nne selo se se tlang pele. Ke fela go ka kgonegang gore ditlhotlheletso tsotlhe tse di bosula jaaka ya thelebishene, ya kwa sekolong, le ya kwa seterateng di ka fenngwa. Batsadi ba ne ba bolelelwa ga twe, ‘Dira gore ngwana a tseye malebela a seo o batlang a nna sone mo go wena.’ Ee, go tlhoma sekao se se molemo ke tsela e e botoka ya go fitlha pelong ya ngwana. Dikarolo tsotlhe tsa tirelo e e boitshepo di tshwanetse go itlela fela le go itumedisa fa maemo a a mo lapeng e le gore e tla nna a semoya ka boammaaruri. Ga re batle le ka motlha gore re ngongoregele nako le boiteko jo bo kopanyelediwang. Nna o fitlhelela pelo ya ngwana gape ka puisano e e molemo. Nna yo o tiisitseng mme ka lorato, mme o dirise tlhaloganyo fa o neela kotlhao. Akgola ngwana wa gago le go mo leboga fa go tlhokafala jalo, mme le ka motlha o seka wa mo fora ka sengwe.

Puo e e neng ya itebaganya le bothata jo bo masisi gareng ga Basupi bangwe ba babotlana e ne e le e e reng “Basha—Tilang go Tshela Botshelo jwa Boitimokanyo.” Ke ka ntlhayang fa bangwe ba leka go tshela botshelo jwa boitimokanyo? Ke ka go bo ba batla gore ba amogelwe ke batsadi ba bone le ke phuthego mme gone ba boifa go kgalwa ke balekane ba bone ba selefatshe. Kana ba ikutlwa gore ba latlhegelwa ke monate mongwe fa e le gore ga ba goge motsokwe, ga ba dirise diokobatsi, kana ba sa tlhakanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Mme tota ruri ga go na kafa motho a ka tilang ka gone lebaka la gore botlhe ba ba tshelang botshelo jwa boitimokanyo ba tlisa kgobo mo go Jehofa, ba hutsafatsa batsadi ba bone, le motho o itlisetsa khutsafalo. Mongwe le mongwe yo o jalelang nama o roba sebodu, mme yo o bolokang kamano e e molemo le Jehofa, a mo ikanya ka botlalo, o tila gore a se tshele botshelo jwa boitimokanyo.—Bagalatia 6:8.

Karolo e e neng ya otlelela melao-metheo eno yotlhe e ne ya nna terama e e neng ya latela ka bofefo. E ne e le ya setlhogo se se reng Go Ikobela Jehofa le Phuthego ya Gagwe ka Boikanyegi, e ne e dira gore mogopolo o akanye jaaka e ntse e supa kafa mogolwane mongwe a neng a ikutlwa a patelesega go tlogela bogolwane ka ntlha ya go bo morwadie a ne a nna yo o tshelang botshelo jwa boitimokanyo. Terama eo e ne ya dira gore go nne le ditlhaloso tse di nonofileng di le dintsi tsa kanaanelo.

‘Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo’

Seno e ne e le setlhogo sa letsatsi la bobedi la kopano se se ne se theilwe go Pesalema 37:3. Morago ga go buisana ka temana ya letsatsi, eo e neng e akareletsa go dira seno tsatsi le letsatsi, thulaganyo e ne ya tlhagisa polelo e e dikarolo tse tharo, e e neng e na le setlhogo se se reng “Go Bontsha Ikanyo ya Rona mo go Jehofa.” Sebui sa ntlha se ne sa bontsha kafa go tlhokafalang ka gone go dira seno “Ka go Ithuta Lefoko la Modimo ka Tlhagafalo.” Re tshwanetse go dira seno go tila serai sa boikgotsofalelo le mamena a thato ya dilo tse di bonalang, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, le botenegi. Mokgatlho o re baakanyeditse ka dithuso tsa go ithuta Bibela di le dintsintsi, jaaka Watch Tower Publications Index 1930-1985 e ntšha. Ke fela ka go sola dipaakanyetso tseno molemo ka botlalo re ka kgonang go nna le kamano e e molemo, ya go ikanya Rraarona wa selegodimo le go nna basupi ba gagwe ba ba tsweletseng.

Sebui se se neng sa latela se ne sa otlelela lebaka la gore go ikanya mo go Jehofa go supiwa “Ka go Dirisa Dilo tse di Ithutilweng.” Ee, re batla go nna badiri ba Lefoko, re amegile ka metlha yotlhe go dira botswelelo pele. Mo dikarolong dife? Ebu, mo dikamanong tsa rona le ba bangwe, mo moaparong wa rona le mo tseleng ya go ipaakanya mo mmeleng, mo go batleng Bogosi jwa Modimo pele, mo go kgothaletseng kagiso le kutlwano gareng ga bakaulengwe ba rona! Go tila boleo jwa boipagololelo-mogodu, re tshwanetse go itisa gore re nne mo re tshwanetseng teng mo lelapeng le mo phuthegong. Fa ka jalo re dirisa dilo tse re di ithutileng, go tla phepafala sentle go mongwe le mongwe gore re ikantse mo go Jehofa.

Dipuo tseno tsa motseletsele di ne tsa digelwa ka puisanyo ya setlhogo se se reng “ Go Bontsha go Ikanya ga Rona Jehofa—Ka go Iteka Thata mo Tshimong.” Ka go dira seno, re supa lorato lwa rona mo Modimong le mo moagelaning wa rona le go itshireletsa. Rona re ka nna ra kgotsofadiwa ke go nna mololo fela, go dira tirelo ya go ikgolola, mme a go ntse jalo ka Jehofa? A Morwawe ga a re kgothaletse go iteka ka tlhagafalo? (Luke 13:24) Koketsego e re e bonang mo baboleding, mo babulatseleng, le mo palo-kakaretsong ya dioura tse di dirisiwang mo bodiheding jwa tshimo di tshwanetse go re tlhagafaletsa go leka go dira mo go oketsegileng rona ka sebele. A ga go jalo? Ka tirelo e e ntseng jalo ya tlhagafalo, re tla tlhoma sekao se se molemo, re itshupa fa re ikantse mo go Jehofa, mme re mo itumedise.

Morago ga moo go ne ga tla boikuelo mo segakoloding sa rona mo puong e e reng “Itlwaetse go Aba ka Botlalo.” Abo Jehofa a re baakanyetsa dilo tsa semoya le tse di bonalang ka letlotlo le legolo jang ne! Re bontsha kanaanelo ya rona ka go mo etsa ka go neela bosupi le ka go ntsha meneelo ya madi go thusa mo tirong ya thero. A re ka seke re fokotse menate e e lopang madi a mantsi gore re tle re abe ka tsela e kgolwane?

Puo ya kolobetso e e reng, “Boineelo jwa Gago le Kolobetso di Supa fa o Ikantse mo go Jehofa,” e ne ya bontsha gore ke ka ntlhayang fa re ikanya mo Modimong mme eseng mo bathong. Kolobetso ya mo metsing e supa go swa kafa mokgweng wa pele wa go itshwara le go tsosediwa mo tseleng ya botshelo eo e dumalanang le thato ya bomodimo. Morago ga moo, re tshwanetse go tswelela pele ‘re supa tshiamiso, bopelonomi jo bo lorato, le go nna boikokobetso mo go sepeleng le Modimo wa rona.’ (Mika 6:8) Gareng ga bao ba neng ba kolobediwa e ne e le mosetsanyana wa dingwaga tse 8 yo o tsamaisang dithuto tsa Bibela di le pedi le balekane ba gagwe ba sekolo, monna mongwe wa dingwaga tse 79, le segole sa maoto le matsogo sa dingwaga tse 44.

Thulaganyo ya Matlhatso mo thapameng e ne ya simolola ka puo e e reng “Go Dira ‘Dilo tse di Tlhokafalang’ go Itumedisa Modimo.” E theilwe go Ditihō 15:28, 29, e ne ya bontsha kafa go tlhokafalang ka teng go itsise dingaka tsa rona ka boemo jwa rona ka madi pele ga go tsoga kgang ya tsa kalafi mme ya neelana ka dikakantsho tse di molemo tsa kafa seno se ka dirwang ka gone.

Puo eo e neng ya tlisa dikakgelo di le dintsi tse di molemo e ne e le e e reng “Go Tshola Bana ka Kelelelo mo Motlheng Ono wa Bofelo.” E ne ya tlhagisa pono e e lekalekaneng, e bontsha gore lemororo go tshola bana go ka tlisa maipelo a le mantsi, go bile gape go lere maikarabelo a le mantsi mme gantsi go ka opisa tlhogo, jaaka fa gongwe bana ba ka fapoga mo tseleng. Segolo bogolo bommè ke bone go bonalang ba ka gobala semoyeng ka ntlha ya boima jwa go tshola bana.

Morago ga moo go ne ga latela puo e e reng “Bagolwane—Disang Ikanyo ya Lona.” Ikanyo eno ke go disa letsomane la Modimo—go le goga, go le otla, le go le sireletsa, e le tumalanong le Isaia 32:1, 2. Go tlhokomela maikarabelo a lelapa fa motho a ntse a tlhokometse ditiro tsa phuthego go lere kgwetlho e kgolo. Mo bagolwaneng go disa ikanyo eno go raya go tila dirai tsa thato ya dilo tse di bonalang, boitloso-bodutu jo bo feteletseng, le menate e e seng kafa tshwanelong. Gareng ga bao ba neng ba botsolotswa kwa kopanong ya kgaolo ya Dortmund mo Federal Republic of Germany e ne e le mogolwane mongwe yo o neng a setse a feditse dingwaga tse 60 a ntse a disitse ikanyo ya gagwe.

Puo e e reng “Le Utlwe ba ba lo Eteletseng Pele” e ne ya latela morago ka tsela e e botlhale. Lorato lo tla re thusa go ikoba le go utlwa balebedi ba phuthego mme lo tla re thusa gore re seka ra fela pelo ka go bo ba sa itekanela, fela jaaka le rona re sa itekanela. (Bahebera 13:17) Ka go bontsha tlotlo mo bagolwaneng mo dilong tse dikgolo le tse dipotlana, re ba thusa go sikara maikarabelo a bone mo boemong jwa go a oketsa.

Thulaganyo ya Matlhatso e ne ya digelwa ka motseletsele wa dipuo tse tharo o o reng “Lefoko la Modimo le Tshedile,” o o thailweng go Bahebera 4:12. Sebui sa ntlha se ne sa bontsha kafa le tshedileng ka gone ka go bo “Le na le Nonofo ya go ka Fetola.” Gompieno, fela jaaka le mo metlheng ya bogologolo go ya ka Bibela, re ka nna ra nna le dikao di le dintsi tse di bontshang kafa go ikanya Lefoko la Modimo go dirileng gore batho ba dire diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone mme go ile ga ba fa nonofo ya go rera kwantle ga poifo.

Karolo ya bobedi ya motseletsele wa dipuo tse di malebana le Lefoko la Modimo e ne ya bontsha gore “Le Bogale go Feta Tšhaka e e Magale Mabedi.” Le re thusa go gagolaka dithuto tsa maaka tsa Babelona ditokitoki. Ebile gape le re thusa go ‘kgaoganya moya (soul) le moya (spirit)’ mo eleng gore le re kgonisa go farologanya ditiro tsa rona le maikutlo a rona a mmannete. Ka go dirisa “chaka” ka tsela eno, re tla itumedisa Jehofa Modimo thata le go agisanya le ba bangwe le rona ka sebele.

Karolo e e digelang e ne ya bontsha gore Lefoko la Modimo le a tshela ka go bo “Le Thatafatsa le go Tlhotlheletsa Pelo ya Rona.” Mo Bibeleng, lefoko “pelo” gantsi le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go lebisa motho wa kafa teng yo o supiwang ke dinonofo tsa rona tsa tlhaloganyo le tsa boikutlo. Lefoko la Modimo le tiisa pelo ya rona ka go senola dinonofo tse di molemolemo tsa tirisanyo ya gagwe le batho. Lorato lwa Modimo lo lo senang bogagapa lo re tlhotlheletsa go mo etsa. Mo ditlhalosong tsa gagwe tse di digelang, sebui se ne sa sekaseka rekoto ya Mokgatlho wa Watch Tower mo go gatiseng Dibibela mme a itumedisa bareetsi ka go itsise kaga go gololwa ga kgatiso ya Bibela ya selekanyo sa kgetsana e ntle e e kgabisitsweng ya New World Translation.

“O Ikanyè Yehofa ka Pelo Eotlhe ea Gago”

Setlhogo seno sa Sontaga, se se tserweng go Diane 3:5 se ne sa sekasekiwa ke mogolwane mongwe yo o neng a simolola thulaganyo a bo a tlotla ka temana ya letsatsi. Go tswa foo ga latela puo e e gwetlhang maikutlo e e reng “A o Tsaya Dilo Tse di Boitshepo ka go Latlhelela Fela?” Lefatshe le ikutlwa ka gore ga le kolote Modimo sepe, mme jaaka Basupi ba ga Jehofa, re itse gore a tle a re amogele, re tshwanetse go etsa banna ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo ka go anaanela dilo tse di boitshepo. Sebui se ne sa bua ka di le 13 tsa tseno, gareng ga tsone e le leina la ga Jehofa, Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo, melao ya gagwe, phuthego ya gagwe e e bonalang, kamano ya rona le Modimo, dipokano tsa rona, le ditshiamelo tsa rona tsa tirelo. Fa ruriruri re anaanela dilo tse di boitshepo tse, re tla di eteletsa pele mo matshelong a rona, re ikanya Jehofa ka botlalo, mme o tla re duela.

Go tswa foo go ne ga latela puo e e nonofileng e e reng “Bifela Tsela e e Tlhabisang Ditlhong ya Lefatshe Gotlhelele.” Ka ntlha ya go opa kgomo lonaka ga yone, e ne ya tlhagisa dikakgelo tse di tshwanang le tsa gore, “Ke sone se tota re neng re se tlhoka!” Ereka boikepo bo tletsetletse, Bakeresete ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le go mpampetsa boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo. (2 Timotheo 3:1-5) Ka jalo, ga re a tshwanela go lebelela kana go reetsa dilo tsa go nna jalo tse di gasiwang go TV kana mo radiong, kana gone gore re tshwanetse ra bala ka tsone mo dimakasineng. Tota ruri, ga re batle le eleng go akanya kaga tsone. ‘Bakeresete ba mmatota ba ba eletsang go boloka kamano e e molemo le Jehofa re ka re fela ga go tlhokafale gore ba amane le mekwalo ya diaka ka gope,’ nnyaa, lefa e le go le gonnye!

Thulaganyo ya Sontaga mo mosong e ne ya digelwa ka terama ya Bibela e e gapang maikutlo e e reng Jehofa o Golola ba ba Bitsang Leina ja Gagwe. E ne ya kaya ka ditiragalo di le mmalwa mo botshelong jwa ga Joshue. Ka tsela e e tlhamaletseng, e ne ya senola kafa baagi ba Jeriko ba tshwanetseng ba bo ba ile ba leba ka teng go gwanta ga banna ba Iseraele ba ntwa go dikologa motse oo tsatsi le letsatsi. Se se neng sa supiwa gape e ne e le tumelo e kgolo ya ga Rahabe, eo e neng ya felela ka gore ene le bantlo ya gagwe ba bolokwe. Fa e tla go digelwa, botlhe ba ne ba bodiwa ka go re: ‘A lo na le tumelo e e kwenneng le ikanyo e e tshwanang le ya ga Joshue le balekane ba gagwe ba ba pelokgale? Fa go ntse jalo, re ka solofela go tlhakanela mo phenyong ya bofelofelo ya ga Jehofa mo babeng ba gagwe.’

Karolo ya phatlalatsa ya Kopano ya Kgaolo ya “Ikanye Jehofa” e ne ya nna gone ka puo ya setlhogo se se reng “Mo Metlheng ya Rona ya Poifo, ke Mang yo Tota o ka mo Ikanyang?” E ne ya phepafatsa lebaka la gore setho ruriruri se tlhoka motswedi wa ikanyo! Ka phepafalo, e ne ya bontsha boeleele jwa go ikanya batho. Ka jalo, Lefoko la Modimo le re gakolola gore re ikanye Jehofa mme le re neela mabaka a a nonofileng a go dira jalo. Re tshwanetse go mo ikanya ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe le rekoto ya gagwe mo go falotseng ba ba mo ikanyang, Kgosi Hesekia e le sekai sa kono-kono. Ka bonakonyana jaana go tla akofa go nna le kgololo e e tshwanang eo e tla itemogelwang ke bao tsela ya bone e ba supang fa ba ikantse mo go Jehofa.

“Tswelelang ‘lo Tshela ka Kagiso’” e ne ya nna setlhogo sa puo eo ka bofefo e neng ya latela. Go tshela ka kagiso go raya go tlhagafalela go etleetsa kagiso. Mme ebile gape go raya go agisana le rona ka borona ka ntlha ya go nna le segakolodi se se molemo. Ka go bontsha maungo a moya wa Modimo, segolo bogolo lorato le boikgapo, re tla kgona go tshela ka kagiso le ba malapa a rona le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi mo phuthegong.

Ga go na pelaelo epe ya gore kopano eno e re tiiseditse go “Lebagana le Isagwe ka Ikanyo e e Feletseng mo go Jehofa,” ebong setlhogo sa puo e e digelang. Abo e ne ya sobokanya sentle thulaganyo yotlhe jang ne! Sebui se ne sa otlelela gore ka letsatsi le letsatsi re tshwanetse go ikanya mo go Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, ra mo tsaya tsia mo ditseleng tsotlhe tsa rona, le go dira gore a re tsamaise mo ditseleng tsa gagwe. (Diane 3:5, 6) Batla-kopanong ba ne ba anaanela thata go utlwa ka dipuo tsa phatlalatsa tse 16 le go gatisiwa sesha ga setlhogo se se buang kaga madi se se ileng sa tlhaga go Awake! mme eo ke e re tla e fang dingaka tsa rona. Ee, mme ebile re ne ra itumela segolo go utlwa gore go na le terama ya Bibela e nngwe gape mo khaseteng le go gatisiwa ga dipampitshana tse dingwe gape di le tharo!

Botlhe ba ba neng ba le gone mo Kopanong ya Kgaolo ya “Ikanye Jehofa” ba ne ba agega thata semoyeng. Jaanong ba iketleeleditse gore ba tla lebagana le isagwe ka ikanyo e e tletseng mo go Rraabo wa selegodimo. Mme botlhe ba ne ba kgothatsega sentle ka ntlha ya kgothatso e e digelang e e reng: “Jaaka re lebile isagweng, ekete rotlhe re le seoposengwe re ka itshupa ka tsela e re tshelang ka yone gore re ‘ikantse Jehofa.’”

[Tšhate mo go tsebe 26]

Dikopano tsa Kgaolo tse di Farologaneng tsa “Ikanye Jehofa”

Ba ba Nnileng Bao ba Kolo

Teng beditsweng

Austria 24.686 360

Brazil 442.731 7.626

British Isles 156.417 1.225

Colombia 82.321 1.852

Denmark 23.029 200

Federal Republic of

Germany 159.361 1.455

Finland 26.144 284

France 138.683 2.705

Hong Kong 2.661 49

Ireland 4.326 61

Italy 221.227 5.496

Jamaica 18.540 184

Japan 232.904 3.416

Korea 82.296 2.013

Malaysia 1.154 15

Norway 12.703 218

Portugal 55.057 1.074

Puerto Rico 49.953 377

Spain 105.591 2.394

Sweden 30.099 312

Switzerland 19.459 261

Trinidad 10.649 132

United States 1.288.313 13.562

Venezuela 100.777 1.664

Zimbabwe 45.544 580

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Diterama tse di gwetlhang maikutlo di ne tsa bontsha kafa re tshwanetseng go ikanya Jehofa ka gone

F. W. Franz, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a neela puo mo bareetsing ba ba reeditseng ka kelotlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ba le bantsi ba ne ba bontsha ikanyo ya bone mo go Jehofa ka go kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go ene

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela