LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/15 ts. 30
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Tla Nna Basupi ba Me”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Selalelo sa Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Selalelo sa Segopotso
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/15 ts. 30

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ “Ba ba shomè le bobedi” bao Jesu a neng a ba bonalela, e ne e le bomang, jaaka go umakilwe go 1 Bakorintha 15:5?

Ponalo e e umakiwang go 1 Bakorintha 15:5 go bonala e le e e kwadilweng go Yohane 20:26-29, eo e neng e kopanyeletsa Thomase. Lefa go ntse jalo, seno se lebisitse go baaposetoloi jaaka setlhopha mme ebile go bonala go akarelediwa Mathaiase.

Fa a ne a tlotla ka tsogo, Paulo o ne a kwala kaga go bonalela batho ga ga Jesu fa A sena go tsosiwa. Moaposetoloi o ne a bolela gore Keresete o ne a “bōnwa ke Kefase; le ke ba ba shomè le bobedi moragō ga mouō; Me moragō a bōnwa ke badumedi ba ba hetañ makgolo matlhano ka lobaka lo le loñwe hèla.”—1 Bakorintha 15:5, 6.

Gareng ga bao ba neng ba mo sala morago jaaka barutwa, Jesu o ne a tlhopha baaposetoloi ba le 12. (Mathaio 10:2-5) Judase Isekariota e ne e le mongwe wa ba ba 12, mme o ne a fetoga mooki, a oka Jesu, mme go tswa foo a ikaletsa. (Mathaio 26:20-25; 27:3-10) Jalo ka nako ya loso lwa ga Keresete le tsogo ya gagwe, go ne go na le baaposetoloi ba le 11 fela ba ba ikanyegang mo go ba pele ba ba 12. Jesu o ne a bonalela barutwa ba ba farologaneng mo lobakeng lwa fa a sena go tsoga le pele ga go tlhatlogela ga gagwe kwa legodimong. Morago ga moo baaposetoloi ba ne ba lemoga kafa go tlhokafalang ka teng go emisetsa Judase. Ka kaelo ya bomodimo, Mathaiase o ne a tlhophiwa, mme “a balèlwa mo baaposetoloiñ ba ba shomè le mocō.”—Ditihō 1:6-26.

Jalo he bangwe ba ile ba ipotsa gore e ne e le ka ntlhayang fa Paulo a ne a ka kwala gore Jesu o ne a bonalela ba ba “shomè le bobedi,” ereka jaana ka nako eo Judase a ne a sule mme Mathaiase a ne a ise a tlhophiwe. Fa go buiwa ka tlhamalalo, go ne go na le “ba ba shomè le mocō” fela bao pele ba neng ba tlhophilwe le go romelwa ke Jesu.—Luke 6:13-16.

Ke selo se se tlwaelegileng go bua ka setlhopha ka kakaretso ya sone le eleng fa a le mongwe fela a seo. (“Lekoko la Batsamaisa-kgwebo le ne la re . . . ” “Setlhopha sa bagolwane se ne sa kopana . . . ”) Jalo lereo “shomè le bobedi” le ka nna la bo le ne le dirisiwa jaana go lebisa go setlhopha sotlhe sa baaposetoloi, le eleng fa a le mongwe kana ba le babedi ba ne ba seyo mo pakeng eo. (Bapisa Ditihō 6:1-6.) Fa e ne e le lantlha Jesu a ne a bonalela barutwa mo ntlwaneng e e lotletsweng, “Thomase, moñwe oa ba ba shomè le bobedi, . . . èna a bo a seeō mo go bōnè.” Malatsi a hera bobedi moragonyana o ne a le gone mme dipelaelo tsa gagwe tsa fedisiwa. (Yohane 20:19-29) Lemororo Mathaiase a ne a ise a tlhophiwe go tseela Judase sebaka, o ne a sa bolo go nna morutwa. (Ditihō 1:21, 22) Ereka jaana a ne a atamalane thata le baaposetoloi ba pele-pele mme ya re ka bokhutshwane moragonyana ‘a balelwa le bone,’ tlhaloso eo ya go bolela gore Jesu o ne a bonala mo go ba ba “shomè le bobedi” go bonala e ne e akareletsa Mathaiase.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela