LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 2/1 ts. 8-9
  • Jesu o Fa Thuto Kaga Boikokobetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Fa Thuto Kaga Boikokobetso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto Kaga Boikokobetso
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Thuto ya Botlhokwa Thata ka Boikokobetso
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Go Tlhoafalela Kobamelo ya ga Jehofa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 2/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Jesu o Fa Thuto Kaga Boikokobetso

FA A sena go fodisa mosimane yo o tsenyweng ke badimo mo kgaolong e e gaufi le Kaesarea Filipi, Jesu o eletsa go boela gae kwa Kaperenama. Lefa go ntse jalo, o batla go tsamaya a le nosi fela le barutwa ba gagwe mo loetong loo gore a tle a kgone go ba baakanyetsa loso lwa gagwe le maikarabelo a bone moragonyana. “Morwa Motho o neecwe mo diatleñ tsa batho,” o a ba tlhalosetsa, “me o tla re a sena go bolawa, go hete malatsi a le mararo, me a be a coge gapè.”

Lemororo Jesu pelenyana a ne a kile a bua ka seno, mme ebile baaposetoloi ba le bararo ba ile ba bona tota-tota phetogo ya gagwe eo go neng ga tlhalosiwa ka yone kaga go ‘tsamaya’ ga gagwe, balatedi ba gagwe ba santse ba ntse ba retelelwa ke go tlhaloganya kgang eno. Lemororo go se ope mo go bone yo o lekang go latola gore o tla bolawa, jaaka Petere a ne a dira pelenyana, ba boifa go tswelela ba ntse ba mmotsa ka gone.

Kgabagare ba goroga mo Kaperenama, o o ileng wa tshwana fela le motse wa bone wa bothibelelo mo bodiheding jwa ga Jesu. Mme gape ke legae la ga Petere le baaposetoloi ba bangwe ba le mmalwa. Koo, banna bao ba phuthang lekgetho la tempele ba atamela Petere. Gongwe ka go leka go dira gore Jesu e ne ekete o fapogile mokgwa o o tlwaelegileng, ba botsa ka go re: “A moruti oa lona ga a ntshe lekgèthō ya tempela?”

“E,” Petere o a arabela.

Jesu, yo o ka tswang a ile a goroga ka bokhutshwanyane fela mo ntlung eo moragonyana, o lemoga seo se diragetseng. Jalo le eleng pele ga Petere a ka tsosa kgang, Jesu o botsa ka go re: “Simona, u gopola yañ? Ana dikgosi tsa lehatshe di amogèla sehuba, kgotsa lekgèthō mo go bomañ? A ke mo go bomorwa cōna, kgotsa mo baeñeñ?”

“Mo baeñeñ,” Petere o araba jalo.

“Ha e le yalo bomorwa cōna ba gololesegile,” Jesu o a tlhalosa. Ereka Rraagwe Jesu e le Kgosi ya lobopo lotlhe, Ene yo o obamelwang mo tempeleng, tota ga se patlafalo ya kafa molaong gore Morwa Modimo a duele lekgetho la tempele. “Leha go nntse yalo, a re se ba kgopise,” Jesu o a bolela, “ea lewatleñ, u konopèlè kobe, u tseè tlhapi e e tlhatlogañ pele; me u tla re u sena go e atlhamolosa molomo, u tla hitlhèla ledi ya boshiliñ ba ba hèrañ mebedi: tsaea yeōna yeuō, u le ba neè, e le ya me nau.”

Fa baaposetoloi ba kopana morago ga ba sena go boa kwa Kaperenama, gongwe e le kwa ntlong ya ga Petere, ba botsa ba re: “Ana eo e leñ èna mogolo bogolo mo bogosiñ yoa legodimo e be e le mañ?” Jesu o itse gore ke eng se se dirang gore ba botse jalo, ka a itse se se neng se diragala gareng ga bone fa ba ntse ba tsamaya le ene fa ba boa ba tswa Kaesarea Filipi. Jalo o ba botsa ka go re: “Lo no lo ganetsanya eñ mo tseleñ?” Ka go tlhajwa ke ditlhong, barutwa ba didimala fela, ka ba ile ba ganetsanya ka gore ke mang yo o neng a le mogolo.

Morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tharo Jesu a ntse a ruta, a go bonala go sa tlhaloganyesege gore ke eng fa barutwa ba ne ba ka nna le kganetsanyo e e ntseng jalo? Mme kana, go senola tlhotlheletso e e nonofileng eo go sa itekanelang ga batho go nang le yone, gammogo le botshelo jwa pele jwa sedumedi. Tumelo ya Sejuda eo barutwa ba neng ba godisitswe ka yone e ne e otlelela thata mo maemong kana mo tlotlomalong mo go sengwe le sengwe. Gape, gongwe Petere, ka ntlha ya go bo Jesu a ne a mo solofeditse gore o tla amogela “dikopololō” dingwe tsa Bogosi, o ne a ikutlwa a le kwa godimo. Jakobe le Johane ba ka nna ba bo ba ile ba nna le megopolo e e tshwanang ka ntlha ya go bo ba ile ba nna le lesego la go bona phetogo ya ga Jesu.

Lefa lebaka e ka tswa e le lefe, Jesu o dira pontsho e e tlhotlheletsang thata ka boiteko jwa go leka go siamisa boikutlo jwa bone. O bitsa ngwana yo monnye, o mo tlhoma fa gare ga bone, o mo tshwara ka letsogo, a bo a re: “Amarure kea lo raea, ha lo sa shokologe, loa nna yaka banyana, ga lo ketla lo tsèna mo bogosiñ yoa legodimo ka gopè. Ke gōna leha e le mañ eo o tla iñōtlañ yaka ñwanyana eo, ke èna eo o leñ mogolo bogolo mo bogosiñ yoa legodimo. Me leha e le mañ eo o cholañ ñwanyana moñwe eo o nntseñ yalo ka leina ya me, o chola nna.”

A bo eo e ne e le tsela e e molemo-lemo jang ne ya go gakolola barutwa ba gagwe! Jesu ga a ba gakalele a ba bitsa ba ba boikgodiso, ba ba pelotshetlha, kana ba ba ipagololelang mogodu. Nnyaa, mme o dira tshwantshetso ya thuto ya gagwe e e layang ka go dirisa bana ba bannye, bao ka tlholego ba leng boikokobetso, ba senang boipagololelo-mogodu, mme e le bao gantsi ba sa akanyeng sepe kaga maemo gareng ga bone. Ka jalo Jesu o bontsha gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse go tlhagolela dinonofo tse di ntseng jaana tseo di tshwanang le tsa bana ba ba boikokobetso. Ke fela jaaka Jesu a digela ka go re: “Gonne eo o leñ mmōtlana bogolo mo go lona, ke èna eo e leñ mogolo.” Mathaio 17:22-27; 18:1-5; Mareko 9:30-37; Luke 9:43-48.

◆ Fa ba boela kwa Kaperenama, ke thuto efe e Jesu a e boeletsang, mme e amogelwa jang?

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a sa tlamege go duela lekgetho la tempele, mme ke ka ntlhayang fa a le duela?

◆ Ke eng se gongwe se ka neng se bakile gore barutwa ba ganetsanye, mme Jesu o ne a ba baya mo tseleng jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela