LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 2/1 ts. 30-31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Itemoga Seo re Leng Sone’—Ka Nako ya Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Lebaka La go Bo re Gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 2/1 ts. 30-31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sekae fela ba ja senkgwe le beine kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa?

Seno ke ka go bo Basupi ba ga Jehofa, phapaanong le dikereke tsa La-Bodumedi, ba dumela thuto ya Bibela ya go re batho ba palo e potlana ba tla bona botshelo jwa selegodimo mme batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.

Dikereke ga di bolo go ruta gore botlhe ba ba itumedisang Modimo ba tla duelwa ka go ya legodimong; ba bangwe ba ya kwa diheleng tsa molelo. Bibela e bua ka mo go farologaneng. Dikwalo di bontsha sentle gore ke batho bangwe fela, ba ba tshwanang le baaposetoloi, bao ba tla busang le Keresete kwa legodimong. Jesu o ne a re bano ke “lecomanyane.” Bibela ya re ke ba palo ya 144 000. (Luke 12:32; Tshenolō 14:3, 4) Bontsi jwa bao ba neng ba direla Jehofa ka boikanyegi mme ba amogelwa ke ene ba ne baa swa pele ga Jesu a bula tsela ya go ya botshelong jwa selegodimo. (Mathaio 11:11; Bahebera 10:19-21) Mme morago ga go sena go tlhophiwa ba “lecomanyane,” dimilione tse dingwe tsa batho ba nnile Bakeresete ba boammaaruri. Botlhe bano ba ba ikanyegang bao eseng ba “lecomanyane,” Bibela e ba tsholetse tebelelo ya botshelo jo bo sa feleng mo paradaiseng ya selefatshe e e tsosolositsweng. (Pesalema 37:20, 29; Tshenolō 21:4, 5) Mme ke ka ntlhayang fa bano le bone ba sa je senkgwe le beine? Jesu o ne a bontsha gore go ja ditshwantshetso tseno ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitsiboa e ne e le fela ga bao ba bileditsweng botshelo jwa selegodimo, bao ba leng mo kgolaganong e ntšha.

Legale, go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu ke ga botlhokwa mo go botlhe bao ba tla bonang boitshwarelo mo Modimong le botshelo jo bo sa khutleng, e ka ne e le botshelo mo legodimong kana botshelo mo lefatsheng la paradaise. Keresete o ne a bontsha seno mo go Yohane 6:51-54 ka go re: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: . . . senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe [la setho se se ka gologang] . . . Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ.”

Lefa go le jalo, go lemotshega gore Jesu o ne a sa lebisa mafoko ao fela mo barutweng ba gagwe. Letsatsi morago ga a sena go fepa diketekete tsa batho ka kgakgamatso, batho ba le bantsi ba ne ba tla kwa go Jesu mo lefelong lengwe kwa Kaperenama. Batho ba bantsi bano ba ne ba tsenelela le ene mo motlotlong oo o neng o akaretsa mafoko a gagwe a a mo go Yohane 6:51-54. Jalo Jesu o ne a sa bue fela le barutwa ba gagwe fa a ne a re o ne a le “senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ” sa tshwantshetso seo se neng se ka neela ditebelelo tsa botshelo jwa nako e telele go gaisa mana ao a neng a jewa mo sekgweng.—Yohane 6:24-34.

Fa o sekaseka boitemogelo joo jwa bogologolo jwa mo sekgweng, akanya ka bao ba neng ba le mo sekgweng seo ba tswa kwa Egepeto. E ne e le ‘bana ba Iseraele bao e neng e le banna ba ba nonofileng ba ba neng ba tsamaya ka dinao ba le dikete tse di makgolo a marataro ka palo, kwantle ga banyana, le bontsi jwa batho jo bo tlhakaneng.’ (Ekesodo 12:37, 38; 16:13-18) ‘Bontsi jo bo tlhakaneng’ jono bo ne bo akareletsa Baegepeto bao ba neng ba nyetswe ke Baiseraele le Baegepeto ba bangwe bao ba neng ba inaakantse le Baiseraele. Baiseraele gammogo le ‘bontsi jo bo tlhakaneng’ ba ne ba tlhoka mana go nna ba nna ba tshela. Lefa go le jalo, a ‘bontsi jo bo tlhakaneng’ jono ba ne ba na le ditebelelo tse di tshwanang le tsa Baiseraele? Nnyaa, ba ne ba sena natso. Lemororo ba ne ba ka obamela gammogo le Baiseraele ba bile ba ne ba ka solofela go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, ba ne ba se kitla ba nna dikgosi le baperesiti go ya ka kgolagano ya Molao. Ka gone go ja mana a sebele mo sekgweng go ne go sa nee mongwe le mongwe ditebelelo tse di tshwanang.

Eno ke pharologano e o tshwanetseng go e gakologelwa jaaka o akanya ka se Jesu a neng a se raya barutwa ba gagwe mo e ka nnang ngwaga morago ga a sena go bua mafoko a a mo go Yohane 6:51-54. Mo tiragalong eno ya morago, Jesu o ne a tlhalosa tiro e ntšha e e kopanyeletsang senkgwe le beine tsa mmatota tseo di neng di tshwanetse go tshwantshetsa nama ya gagwe le madi. Fa a ne a simolola moletlo wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe ba a neng a atamalane nabo thata a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” Go sone setlhopha seo se sebotlana sa baaposetoloi, o ne a oketsa ka go re: “Ke lona ba ke nntseñ ke na le lona mo ditekoñ tsa me; Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile, Gore lo yè lo nwè mo lomatiñ loa me loa boyèlō, mo bogosiñ yoa me; me lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi, lo atlhola dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela.”—Luke 22:20, 28-30.

Elatlhoko mafoko ano a morago gore bao ba neng ba tshwanetse go ja senkgwe sa mmatota le beine go nwa ya mmatota jaaka ditshwantshetso tsa mmele wa ga Jesu le madi e ne e le barutwa ba ba mo ‘kgolaganong e ntšha.’ Bano gape ba ne ba tla nna mo kgolaganong e nngwe, e Jesu a e dirang le bone e le gore ba tle ba arole mo pusong ‘ya bogosi jwa gagwe.’ Ka phepafalo, mono Jesu o ne a lebisitse go bao ba neng ba tla ‘dirwa bogosi le boperesiti jwa Modimo wa rona, go busa jaaka dikgosi mo lefatsheng.’ (Tshenolō 5:10) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Modimo o ne wa simolola go kgetha ba ba 144 000 bao ba neng ba tla arola mo Bogosing jwa selegodimo. Bakeresete ba Korintha ba ne ba le ba setlhopha seo, ka gonne ba ne ba tlhalosiwa jaaka bao ba “itshepisicweñ mo go Keresete Yesu, ba bidicwe go nna baitshepi.” (1 Bakorintha 1:2; bapisa Baroma 1:7; 8:15-17.) “Baitshepi” bano ba ne ba tla tlhakanela mo Sejong sa Morena sa Maitsiboa, ba ja ka kanaanelo senkgwe sa tshwantshetso ba bile baa nwa beine e e kayang “kgōlaganō e ncha mo madiñ a [gagwe]” ka kanaanelo.—1 Bakorintha 11:23-26.

Gompieno masalela a sekae fela a bao ba tlhophilweng ke Modimo go ya go tshela botshelo jwa selegodimo a santse a tshela mo lefatsheng. Ke bano fela bao ba leng ba “kgōlaganō e ncha” ba laolelwang go ja ditshwantshetso, senkgwe le beine, mo moletlong wa Segopotso wa ngwaga la ngwaga.

Legale, Bakeresete botlhe gompieno bao ba lebeletseng go tshelela ruri mo lefatsheng le le busiwang ke Bogosi ba itse gore seno se ka kgonega ka gore ba bontshe tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu. Jaaka Jesu a ne a bolelela bontsi jwa batho, ke “senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ.” (Yohane 6:51) Lefa go le jalo, seo ga se reye gore bao ba nang le tsholofelo ya selefatshe ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tsa Segopotso tota ka molomo ka go bo ba se ba “kgōlagano e ncha,” le gone ba se mo kgolaganong le Jesu ya ‘go nna mo Bogosing jwa gagwe, ba ntse mo ditulong tsa bogosi.’

Ka baka leo, setlhopha seno se segolo se se nang le ditsholofelo tsa selefatshe ga ba je ditshwantshetso, senkgwe le beine. Mme seno ka bosone ga se bontshe go tlhaela tumelo kana kanaanelo mo mmeleng wa ga Jesu kana madi a gagwe. Ebile tota, ka baka la kanaanelo e kgolo mo setlhabelong sa gagwe le tebelelo e e itumedisang ya selefatshe e e ba emeng pele, ka boammaaruri ba nna teng ngwaga le ngwaga jaaka balebeledi ba ba tlotlegang kwa moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitsiboa. Ka tsela eno, ba bontsha tumelo ya bone ba bile ba neela bosupi ka boitumelo jwa gore masalela a “lecomanyane” le boidiidi jwa ba “dinku di sele” ba utlwana mo gogolo.—Yohane 10:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela