LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 6/1 ts. 3-4
  • A Ke Tshwanetse go Fetola Bodumedi Jwa Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ke Tshwanetse go Fetola Bodumedi Jwa Me?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Tlhotlhomisa Kaga Ditumelo Tse Dingwe?
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 6/1 ts. 3-4

A Ke Tshwanetse go Fetola Bodumedi Jwa Me?

MOKGWEETSI wa sefofane o ne a sa tswa go tloga fa Boemela-fofaneng jwa Naha kwa Okinawa a pegile bapalami ba le 101. Ka tshoganetso fela o ne a bona difofane di le tharo tsa patlisiso ya bosa di tla kwa go ene di tsamaela go mo thula. A direla ka bonako, mokgweetsi wa sefofane o ne a fapogela ka bofefo kafa molemeng, ka tsela eo a tila thulano eo e ka bong e diragetse kwa godimo koo, mme a boloka botshelo jwa gagwe le matshelo a bapalami ba gagwe. Pego eo ya go tswa ka tshoba la mogodu, jaaka e begilwe mo koranteng ya kwa bokone jwa Japane, e bontsha sentle gore ka dinako tse dingwe go tlhokega gore go fetolwe tsela ka bonako go boloka matshelo.

Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ikutlwa gore go fetola bodumedi jwa bone ke kgang e e farologaneng. Ba nna le poifo e kgolo. Go nna le poifo ya go simolola sesha mo tseleng e e sa tlwaelesegang. Mrs. Tachi, yo o ithutileng Bibela le Basupi ba ga Jehofa, o ne a itlhalosa ka tsela eno: “Batho ba bantsi bao ke ba itseng ba na le dipelaelo kaga bodumedi le go rata ga jone madi thata. Mme seo re se itseng re bileng ra nna ra se bona go tswa fela kwa bosheng jwa rona ke mediro le dingwao tsa sedumedi. Ga re tseele kwa godimo bokao jwa semoya jwa hoji [tirelo ya segopotso sa motho yo o suleng e e dirwang ka dipaka dingwe ya Sebuda]. Re tsaya hoji e le fela nako ya boitumelo ya go nna le balosika le baagelani. Kakanyo ya go tlogela tseo tsotlhe, kana se se maswe go feta, go kobiwa ke balelapa la me go ne go ntshosa.” Ka gongwe batho ba mo tikologong ya gaeno le bone ba na le maikutlo ano ka bodumedi.

Gape go na le dipoifo tse dingwe. Mo mafelong a mantsi, batho ba boifa gore ba tla diragalelwa ke sengwe se se jaaka ipusolosetso ya bomodimo fa ba fetola bodumedi jwa bone. Mosadi mongwe yo a neng a simolola go ithuta Bibela kwa Japane o ne a bolelelwa ke balosika lwa gagwe gore o ne a na le mathata a botsogo le a lelapa ka gonne o ne a “tlhokomologile bagologolwane ba gagwe” mme a ba galefisitse ka go ithuta “bodumedi bo sele.”

Poifo e nngwe gape e e thibelang batho go fetola bodumedi jwa bone ke poifo ya go itumolola molekane kana batsadi. Mo dinageng tse dintsi tsa Botlhaba, koo boikanyegi mo batsading le mo lelapeng di lejwang jaaka tse di botlhokwa jo bo tlhaolegileng, ka tlwaelo go lebelelwa gore mosadi yo mosha a tshegetse pono ya bodumedi ya lelapa leo a nyalwang mo go lone. Lefa banyalani bao e se batho ba bodumedi mo go kalo, go tshegetsa kamano e e molemo le lelapa le go tsena mo bodumeding jwa lelapa leo go lejwa jaaka mo go botlhokwa thata. Banyalani bangwe ba basha ba ne ba emisa thuto ya bone ya Bibela morago ga go gatelelwa mo gogolo kwa “phuthegong ya lelapa.” “Tota re ne re tshaba batho,” go tlhalosa wa monna yoo moragonyana a neng a tsweledisa thuto gape. “Re ne re ikutlwa gore re tshwanetse go ikobela dikeletso tsa batsadi ba rona, mme re ne re sa batle go ba utlwisa botlhoko ka go fetola bodumedi jwa rona.”

Seno se re gakolola ka lebaka le lengwe la go bo bontsi bo tshaba go fetola bodumedi jwa bone: go bo batho ba sa batle go tsewa jaaka ba ba farologaneng. Mo lelapeng le le umakilweng fa godimo, lengwe la mabaka ao batsadi ba a fileng banyalani ba basha bao la gore ba emise thuto ya Bibela e ne e le gore ba ne ba sa batle gore bana ba bone ba tsewe jaaka ba ba sa tlwaelesegang kana ba kgaphelwe kwa thoko mo ditirong tsa semorafe.

Ka jalo, potso e e reng, ‘A ke tshwanetse go fetola bodumedi jwa me?’ e lere poifo e kgolo. Ka baka leo, bontsi bo nna le pono eno ya batlhalefi eleng: ‘Tota ga go kgathalesege gore bodumedi jwa gago ke bofe, a ga go jalo? A ditumelo tsotlhe ga se ditsela tse di farologaneng tse di isang kwa godimo ga thaba e le nngwe fela?’ Fa go tliwa mo bodumeding, bone, jaaka ditshwene tse tharo tse go tlwaetsweng go buiwa ka tsone, ga ba bone bosula bope, ga ba utlwe bosula bope, ga ba bue bosula bope.

Mme bangwe ba setse ba fetotse bodumedi jwa bone. Ka ntlhayang? Mo go ba le mmalwa ba bone, e ne e le kgang fela ya go nna tokololo ya bodumedi jo bongwe jo bo neng bo solofetsa go ba fodisa le go bona madi ka bonako, mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba tshegetsa dikgopolo le ditlwaelo tsa bodumedi jwa ngwao ya bone. Mme mo go ba bangwe, go ile ga nna le phetogo ya mmatota e e feletseng. Lefa go le jalo, o ka nna wa bo o ipotsa go re, ‘A ruri go na le mabaka a a utlwalang a gore nka fetola bodumedi jwa me? Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ile ba dumela go bo fetola? A phetogo e ka tlisa diphelelo tsa mmatota mo botshelong jwa me?’ Re go laleletsa go tlhatlhoba setlhogo se se latelang go bona dikarabo.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Ke eng se se tlhotlheletsang batho go ngaparela ditlwaelo tsa bodumedi jwa ngwao ya bone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela