Go Itse Modimo le Morwawe Sentle go Isa Botshelong
“Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba go itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—YOHANE 17:3.
1. Ke ka ntlhayang fa go itse Modimo le Jesu Keresete sentle go le botlhokwa?
GO ITSE Modimo le Morwa wa gagwe, ebong Jesu Keresete, sentle go botlhokwa mo go bao ba batlang botshelo jo bosakhutleng. “[Modimo] o o ratañ gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:4) Kitso eno e e tswang Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ebong Bibela, e tla re thusa go itse gore Modimo ke mang le gore ke eng seo re tshwanetseng ra se mo direla. (2 Timotheo 3:16, 17; 1 Yohane 2:17) Gape e tla re kgonisa go lemoga boemo jwa ga Jesu le kamano ya rona le ene sentle.—Pesalema 2:12; Bafilipi 2:5-11.
2. Ke eng seo e ka nnang matswela a go senang kitso sentle?
2 Kwantle ga go nna le kitso sentle, re ka nna ra rarediwa ke dithuto tsa maaka tseo di rotloediwang ke moganetsi wa Modimo, ebong Satane Diabolo, yoo o leng “moaki, le rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Ka jalo he, fa thuto nngwe ya motheo e thulana le Lefoko la Modimo, fa e le maaka, he go e dumela le go e ruta go tlontlolola Jehofa gape go re dira baganetsi ba gagwe. Jalo re tshwanetse go tlhatlhobisa Dikwalo ka kelotlhoko gore re kgone go farologanya boammaaruri le maaka. (Ditihō 17:11) Ga re batle go tshwana le bao “ba nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure.”—2 Timotheo 3:1, 7.
3. Thuto e e phepafetseng ya Bibela kaga Modimo, Jesu Keresete, le moya o o boitshepo ke efe?
3 Fela jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, thuto ya motheo ya Tharo-nngwe ga se thuto ya Bibela. Mo Lefokong la Modimo, o re bolelela ka phepafalo gore ke Mmopi wa dilo tsotlhe le gore popo ya gagwe ya ntlha kwa legodimong e ne e le Morwawe. (Tshenolō 4:11; Bakolosa 1:15, 16) Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng jaaka motho go tla go intsha setlhabelo sa thekololo, seo e neng e le motheo wa go itshwarelwa ga dibe tsa setho, le go tla go sedifaletsa pele batho ba ba peloephepa kaga Modimo le maikaelelo a gagwe. (Mathaio 20:28; Yohane 6:38) Lefa go le jalo, thuto e e motlhofo, e e phepafetseng ya gore Modimo le Keresete ke batho ba babedi ba ba sa tshwaraganang, le gore moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a Modimo a a dirang, e nnile ya sokamisiwa go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga. Go na le moo, thuto ya Tharo-nngwe e nnile thuto e kgolo ya motheo ya La-Bodumedi.
“Nna le Rara re Moñwe Hèla”
4. Ke ka ntlhayang fa boiphako jo bo dirwang ke dikereke kaga Yohane 10:30 bo se boammaaruri?
4 Dikereke gantsi di tsopola Yohane 10:30 go leka go tshegetsa Tharo-nngwe, lemororo go sa umakiwe sepe ka motho wa boraro mo temaneng eo. Mo go yone Jesu o ne a re: “Nna le Rara re moñwe hèla.” A mme Jesu o ne a raya gore ke Modimo Mothatayotlhe ka sebele, a le ka sebopego se sele fela? Nnyaa, go ka se ka ga bo go ntse jalo ka gonne ka metlha Jesu o ne a bolela gore e ne e le Morwa Modimo, a le mmotlana mo go Ene a bile a laolwa ke Ene. Mme he, Jesu o ne a kaya eng mo go Yohane 10:30?
5, 6. (a) Ke ka tlhaloganyo efe Jesu a neng a raya gore ene le Rraagwe ba ne ba le bangwe fela? (b) Seno se bontshiwa jang malebana le barutwa ba ga Jesu?
5 Jesu o ne a kaya gore ene le Rraagwe ba ne ba na le mogopolo o le mongwe fela le boikaelelo bo le bongwe fela. Seno se ka bonwa mo go Yohane 17:21, 22, koo Jesu a neng a rapela Modimo gore barutwa ba gagwe “ba nnè bangwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona: . . . gore ba nnè bañwe hèla, yaka rona re le moñwe hèla.” A Jesu o ne a rapelela gore barutwa ba gagwe botlhe ba nne motho a le mongwe fela? Nnyaa, o ne a rapelela gore ba utlwane mmogo, ba nne mogopolo o le mongwe fela, le boikaelelo bo le bongwe fela, fela jaaka Jesu le Modimo ba ne ba ntse.
6 Kgopolo e e tshwanang le eno e supiwa mo go 1 Bakorintha 1:10, koo Paulo a tlhalosang gore Bakeresete ‘ba tshwanetse go nna puo e le nngwe fela botlhe, le gore ga go a tshwanela go nna le dikgaogano mo gare ga bone, mme eleng gore ba tshwanetse go utlwana ka botlalo mo mogopolong o le mongwe fela le ka tsela e e tshwanang ya go akanya.’ Jalo fa Jesu a ne a re ene le Rraagwe ba ne ba le bangwe fela, o ne a sa reye gore ba ne ba le motho a le mongwe fela, fela jaaka fa a ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go nna bangwe fela a ne a sa reye gore ba ne ba le motho a le mongwe fela.
“Lehoko” e ne e le Mang?
7. (a) Maiphako a La-Bodumedi ke afe kaga Yohane 1:1? (b) Ke selo sefe mo go Yohane 1:1 seo go ise go ye kae se bontshang gore ga go buiwe ka Tharo-nngwe epe mo go yone?
7 Lefa go ntse jalo, go tweng ka Yohane 1:1, eo mo go King James Version e reng: “Kwa tshimologong lefoko o ne a le teng, mme Lefoko a bo a na le Modimo, mme lefoko ya bo e le Modimo”? Yohane 1:14 e re bolelela go re “Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona.” La-Bodumedi le bolela gore “Lehoko” yono (Segerika, loʹgos) yo o neng a tla mo lefatsheng e le Jesu Keresete e ne e le Modimo Mothatayotlhe ka sebele. Lefa go le jalo, elatlhoko gore le eleng mo go King James Version Yohane 1:1 ya re: “Lefoko o ne a na le Modimo.” Motho yo o nang le yo mongwe ga se ene motho yoo. Jalo le eleng mo go yone phetolelo eno, go bontshiwa batho ba babedi ba ba sa tshwaneng. Gape, ga go umakiwe motho ope gotlhelele wa boraro wa Tharo-nngwe epe.
8. Diphetolelo tse dingwe tsa Bibela di ranola jang karolo ya bofelo ya Yohane 1:1?
8 Fa e le ka mafoko a King James Version a karolo ya bofelo ya Yohane 1:1 a gore “Lefoko e ne e le Modimo,” diphetolelo tse dingwe di bua se se farologaneng. Dingwe tsa tsone ke tse di latelang:
1808: “mme lefoko ya bo e le modimo.” The New Testament, in an Improved Version, Upon the Basis of Archbishop Newcome’s New Translation: With a Corrected Text, Lontone.
1864: “mme modimo e ne e le Lefoko.” The Emphatic Diaglott, ya ga Benjamin Wilson, New York le Lontone.
1935: “mme lefoko a bo a na le bomodimo.” The Bible—An American Translation, ya ga J. M. P. Smith le E. J. Goodspeed, Chicago.
1935: “Lefoko a bo a na le bomodimo.” A New Translation of the Bible, ya ga James Moffatt, New York.
1975: “mme Lefoko a bo a le modimo (kana, wa sebopego sa bomodimo).” Das Evangelium nach Johannes, ya ga Siegfried Schulz, Göttingen, Jeremane.
1978: “mme Lefoko e ne e le wa sebopego sa bomodimo.” Das Evangelium nach Johannes, ya ga Johannes Schneider, Berlin.
1979: “me Lefoko e ne e le Modimo.” Das Evangelium nach Johannes, ya ga Jurgen Becker, Würzburg, Jeremane.
Gape, ka 1950 New World Translation of the Christian Greek Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., e ranola polelwana eo ka gore, “mme Lefoko e ne e le modimo.”
9. Mo ditemaneng tsa Segerika, ke eng se se tlang pele ga leina the·osʹ (modimo) fa le tlhagang teng mo go Yohane 1:1, seo se bontshang gore go buiwa ka Modimo mothatayotlhe?
9 A diphetolelo tseno di dumalana le kafa mafoko a Yohane 1:1 a kwadilweng ka teng ka puo ya Segerika? Ee, di a dumalana. Leina la Segerika the·osʹ (modimo) le tlhaga makgetlo a le mabedi mo go Yohane 1:1. Lekgetlo la ntlha le lebisitse go Modimo mothatayotlhe, yoo Lefoko a neng a na nae—“me Lehoko [loʹgos] a bo a nntse a na le Modimo [sebopego sa the·osʹ].” The·osʹ wa ntlha o etelelwa pele ke sebopego sa lebopi-tlhopho la Segerika ebong ho. Leina the·osʹ le le eteletsweng pele ke lebopi-tlhopho ho le lebisa go sengwe se se tlhomologileng, mo ntlheng eno e le Modimo mothatayotlhe—“me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo [(the) God].”
10. Mabapi le go tlhaga ga bobedi ga the·osʹ mo go Yohane 1:1, go tlogelwa ga lebopi ho go supa eng?
10 Me mo karolong ya bofelo ya Yohane 1:1, diphetolelo tse di tshwanang le tseo di thathamisitsweng mo serapeng sa 8 di ranola the·osʹ wa bobedi (ebong leina-tiri) jaaka “bomodimo” kana “modimo” go na le “Modimo.” Ka ntlhayang? Ka gonne the·osʹ wa bobedi ke leina-tiri le le kayang bongwe fela leo le tlhagang pele ga lediri le le senang lebopi-tlhopho ho ka Segerika. Mo temaneng eno, tsela e sele e seno se kwadilweng ka yone e supa botho kana nonofo ya seo go buiwang ka sone. E tlhomolola popego ya ga Lefoko, gore o ne a na le “bomodimo,” a le “modimo,” mme eseng Modimo mothatayotlhe. Seno se dumalana le dikwalo tse dintsi tseo di bontshang gore “Lefoko” e ne e le mmueledi wa Modimo, yo o neng a rometswe mo lefatsheng ke Modimo. Jaaka Yohane 1:18 e tlhalosa: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè; Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi [Morwa yo o bopilweng kwa legodimong ke Modimo mothatayotlhe]; eo o mo sehubeñ sa ga Rara, ke èna [yo o tlileng mo lefatsheng jaaka motho Jesu] eo o o boletseñ [Modimo mothatayotlhe].”
11. Go na le sekai sefe sa Bibela sa go tsenya lebopi “a” ga baranodi koo le seong teng mo Segerikeng, mme ke ka ntlhayang fa seno se dirwa?
11 Go na le ditemana tse dingwe tse dintsi tsa Bibela tseo mo go tsone bao ba neng ba ranola go tswa Segerikeng ba ranolela mo dipuong tse dingwe ba neng ba tsenya lebopi (Seesemane, “a”) pele ga leina-tiri lemororo go sena lebopi mo ditemaneng tsa Segerika. Go tsenngwa mono ga lebopi fa go ranolwa go lemotsha sebopego kana nonofo ya leina. Ka sekai, mo go Mareko 6:49, fa barutwa ba ne ba bona Jesu a tsamaya mo godimo ga metsi, King James Version ya re, “ba ne ba tsaya gore ke moya [Seesemane, a spirit]” (Segerika, phanʹta·sma). Bibela e e Boitshèpō e ranola polelwana eo sentle e re, “Ba gopola, go re, ke sedimo.” Ka tsela e e tshwanang, thanolo e e tshwanetseng ya Yohane 1:1 e bontsha gore Lefoko e ne e se “Modimo,” mme e le “modimo [Seesemane, a god].”
12. Ke go dirisiwa gofe mo go tshwanang ga lebopi-kakaretso “a” mo go fitlhelwang mo go Yohane 8:44?
12 Dikai tse pedi tse di tshwanang di fitlhelwa mo go Yohane kgaolo 8, temana 44. Mo go yone, fa Jesu a bua kaga Diabolo, a re: “Éna o sa le a nna mmolai [Seesemane, a manslayer] le mo tshimologoñ, . . . ke moaki [Seesemane, a liar], le rra aōna maaka,” (NW). Ka go tshwana le mo go Yohane 1:1, mo Segerikeng sa ntlha leina-tiri le tla pele ga lediri mo mafokong ano oomabedi (“mmolai,” “moaki”) mme ga le na lebopi-tlhopho. Mo dintlheng tsoopedi, go tlhalosiwa nonofo kana botho jwa ga Diabolo mme mo diphetolelong di le dintsi tsa dipuo tsa segompieno, go tlhokafala go tsenngwa lebopi-kakaretso (Seesemane, “a”) e le gore seno se utlwale. Ka gone, King James Version e ranola mafoko ano jaana, “O ne a le mmolai [Seesemane, a murderer] . . . ke moaki [Seesemane, a liar] le rra aōna maaka.”—Bona le Mareko 11:32; Yohane 4:19; 6:70; 9:17; 10:1, 13, 21; 12:6.
“Morèna oa me, le Modimo oa Me”
13, 14. Ke ka ntlhayang fa Thomase a ka bitsa Jesu “Modimo oa me” mme a sa kaye gore Jesu ke Jehofa?
13 Batho ba ba dumelang mo Tharo-nngweng gape ba tsopola Yohane 20:28 go tshegetsa maiphako a bone. Mo go yone Thomase o ne a raya Jesu a re: “Morèna oa me, le Modimo oa me.” Fela jaaka fa go bontshitswe fa godimo, ga go na phoso ya go bo Thomase a ne a bitsa Jesu modimo. Seo se ne se tla dumalana le ntlha ya go bo Jesu, mo go nneng gone ga gagwe pele ga a nna motho, tota e ne e le modimo, ke gore, motho yo o nang le maatla, wa bomodimo. Mme tota o ne a nna motho wa go nna jalo morago ga a sena go swa a ba a tsogela botshelong jwa selegodimo. Jesu o bile a ba a tsopola go tswa go Dipesalema a bontsha gore batho ba ba nang le maatla ba ne ba bidiwa “medimo.” (Pesalema 82:1-6; Yohane 10:34, 35) Moaposetoloi Paulo o ne a lemotsha gore go na le “medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi.” (1 Bakorintha 8:5) Satane le ene o bidiwa “modimo oa lehatshe yeno.”—2 Bakorintha 4:4.
14 Keresete o mo boemong jo bo fetang kgakala jwa batho ba ba sa itekanelang, le eleng jwa ga Satane. Fa e le gore bano ba ka bidiwa “medimo,” ruri Jesu o ka bidiwa, ebile o ne a bidiwa, modimo. Ka baka la boemo jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope fa bo bapisiwa le jwa ga Jehofa, Jesu ke “modimo yo o tsetsweng a le esi” (Yohane 1:18, NW), “Modimo Mothata” (Isaia 9:6), le “modimo” (Yohane 1:1, NW). Jalo go ne go sena sepe se se sa tshwanelang ka go bitsa ga ga Thomase Jesu ka tsela eo. Thomase o ne a re Jesu o ne a le Modimo wa gagwe, motho wa bomodimo, yo o nang le maatla. Mme o ne a sa re Jesu e ne e le Jehofa, seo eleng lebaka leo Thomase a neng a re, Modimo “oa me” mme eseng “Modimo” fela.
15. Temana 31 ya Yohane kgaolo 20 e lemotsha jang ka phepafalo gore Jesu ke mang?
15 Ditemana di le tharo fela morago ga eo, mo go Yohane 20:31, Bibela e tlhalosa jaana: “Me tse, di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo.” Dipelaelo tsotlhe tsa seo Thomase a ka tswang a ne a se raya di fedisiwa ke seno. Mokwadi wa Bibela Johane ka phepafalo o bolela gore Jesu ke Morwa Modimo, eseng Modimo mothatayotlhe ka sebele.
Ga a Lekane le Modimo
16. Bajuda ba ne ba dira maiphako afe, mme Jesu o ne a a ganetsa jang?
16 Lokwalo lo longwe loo dikereke di lo dirisang ke Yohane 5:18. Ya re Bajuda ba ne ba batla go bolaya Jesu ka gonne “a re, Modimo ke Rragwè tota, a itekanya le Modimo.” Ke mang yo o neng a re Jesu o ne a itekanya le Modimo? E ne e se Jesu. O phepafatsa seno mo temaneng e e latelang eo (19) ka go tlhalosa jaana: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha.” Jalo Jesu ga a ka a iphaka gore e ne e le Modimo mothatayotlhe kana a lekana le Ene. O ne a bontsha Bajuda gore ba ne ba le phoso, gore o ne a se Modimo, mme eleng gore o ne a le Morwa Modimo, le gore jaaka mmueledi wa Modimo, o ne a sa kake a dira sepe ka esi. A re ka akanya Modimo Mothatayotlhe wa lobopo lotlhe a bolela gore o ne a ka seka a dira sepe ka esi? Jalo Bajuda ba ne ba baya Jesu molato, mme ene o ne a o ganetsa.
17. (a) Bosupi jo bo phepafetseng jwa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ke bofe jwa gore Jehofa, Jesu Keresete, le moya o o boitshepo ke bomang? (b) Go tshwanetswe ga dirwa eng ka lokwalo lope fela loo Badumela-Tharo-nngwe ba ka lo ntshang ka maiteko a go leka go siamisa tumelo ya bone?
17 Ka gone, go ya ka bosupi jwa Modimo mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, go ya ka bosupi jwa ga Jesu, le go ya ka bosupi jwa barutwa ba ga Jesu, bosupi jo bo maatla bo bontsha ka phepafalo gore Modimo mothatayotlhe le Jesu Keresete ke batho ba babedi ba ba sa tshwaraganang, Rre le Morwa. Bosupi joo gape bo bontsha gore moya o o boitshepo ga se motho wa boraro wa Tharo-nngwe lefa e le epe mme ke maatla a a dirang a Modimo. Ga go na mosola go ntsha Dikwalo mo go seo di se buang kana go leka go di sokamisa go tshegetsa Tharo-nngwe. Dikwalo dipe fela tsa go nna jalo di tshwanetse go dumalanngwa le bosupi jotlhe jwa Bibela jo bo phepafetseng.
Ke ka Ntlhayang fa Tharo-nngwe e ne ya Simologa?
18. Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e tswa kae?
18 Fa o ka leba mo tsebeng ya 18, ya “Ditiragalo Tsa go Simologa ga Thuto ya Motheo ya Tharo-nngwe,” o tla lemoga gore Tharo-nngwe e simolotswe ke baheitane. Ga se thuto ya Bibela, mme e ne ya amogelwa ke La-Bodumedi mo lekgolong la bone la dingwaga. Lefa go ntse jalo, nako e telele pele ga foo, go ne go na le Ditharo-nngwe mo Babelona wa bogologolo, Egepeto, le mafelo a mangwe. Ka gone La-Bodumedi o ne a tlhakanya dithuto tsa gagwe le tumelo ya seheitane. Seno se ne sa kgothalediwa ke mmusi-mogolo wa Roma ebong Constantine, yo o neng a sa kgatlhegele boammaaruri jwa kgang eno mme a ne a batla go tiisa mmuso wa gagwe o o neng o bopilwe ka baheitane le Bakeresete ba batenegi. Go na le go nna tokafatso ya thuto ya Bokeresete, Tharo-nngwe e ne e le bosupi jwa gore La-Bodumedi le ne le tenegetse dithuto tsa ga Keresete mme go na le moo le ne le amogetse dithuto tsa boheitane.
19. Ke ka ntlhayang fa thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e ne ya simologa?
19 Ke ka ntlhayang fa thuto ya motheo ya go nna jalo e ne ya simologa? Tota, ga go itumedise Modimo go dira Ene, Morwa wa Gagwe, le moya wa Gagwe o o boitshepo dilo tse di tlhakanyang tlhogo le tsa masaitsiweng. Gape batho ga ba itumedisiwe ke go tlhakanngwa tlhogo. Go na le moo, fa batho ba ntse ba tlhakana tlhogo kaga Modimo le maikaelelo a gagwe, seo se itumelelwa ke Satane Diabolo bogolo, moganetsi wa Modimo, ‘modimo wa lefatshe jeno,’ yo o dirang dilo ‘go foufatsa ba ba sa dumeleng.’ (2 Bakorintha 4:4) Ereka dithuto tseno tsa motheo di dira gore go nne jaaka ekete ke baithuta-bomodimo fela bao ba tlhaloganyang dithuto tsa Bibela, gape go itumelelwa ke baeteledipele ba La-Bodumedi. Seno se ba thusa go sa latlhegelwe ke maloko a bone.
20. (a) Boammaaruri jo bo motlhofo kaga Tharo-nngwe ke bofe? (b) Go nna le kitso ya boammaaruri jo bo gololang sentle go tla kaya eng go rona?
20 Lefa go le jalo, boammaaruri ka kgang eno bo motlhofo mo eleng gore le ngwana o ka kgona go bo tlhaloganya. Mosimanyana yo monnye o itse gore ga se ene rraagwe mme eleng gore ke batho ba babedi ba ba sa tshwaraganang. Ka go tshwana, fa Bibela e re Jesu Keresete ke Morwa Modimo, ke sone seo e se rayang. Joo ke boammaaruri jo bo motlhofo, fa thuto ya motheo ya Tharo-nngwe yone e sa nna jalo. Ke maaka. Jalo e tshwanetse ya bo e simolotswe ke “[yo o] bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” (Tshenolō 12:9) Mme boammaaruri jo bo motlhofo, jo bo lapolosang kaga Modimo, le Morwawe, ebong Jesu Keresete, le moya o o boitshepo wa Modimo o o maatla di golola batho mo botshwarong jwa dithuto tsa maaka tseo di tswang mo boheitaneng mme di simolotswe ke Satane. Fela jaaka Jesu a ne a raya batho ba ba senkang boammaaruri ka bopeloephepa: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Go nna le kitso sentle ya boammaaruri jo bo gololang, gammogo le go bo dirisa, ‘go naya botshelo jo bosakhutleng.’—Yohane 17:3.
O ne o ka Araba Jang?
◻ Ke ka ntlhayang fa go itse Modimo le Morwawe sentle go le botlhokwa?
◻ Jesu o ne a raya eng fa a ne a re, “Nna le Rara re moñwe hela”?
◻ Yohane 1:1 e farologanya jang Lefoko le Modimo?
◻ Ke ka ntlhayang fa Thomase ka tshwanelo a ne a ka bitsa Jesu “Modimo oa me”?
◻ Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e simologile jang, mme mosimolodi wa yone ke mang?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Ditiragalo Tsa go Simologa ga Thuto ya Motheo ya Tharo-nngwe
The New Encyclopædia Britannica, ya 1985, Micropædia, Volume 11, tsebe 928, e bua jaana tlase ga setlhogo sa Tharo-nngwe: “Lefoko Tharo-nngwe lefa e le thuto eo ka boyone ga le bonale mo Tesetamenteng e Ntšha le gone Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba sa ikaelela go ruta se se fapaaneng le Shema ya Tesetamente e Kgologolo e e reng: “A u ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.” (Dute. 6:4)” Yone encyclopedia eno gape ya re: “Thuto eo ya motheo e ne ya nna ya ntsifala ka bonya mo makgolong a le mmalwa a dingwaga mme e na le dikganetsano di le dintsi. . . . Lekgotla la Nicaea ka 325 le ne la tlhalosa mafoko a magolo a thuto eo ya motheo fa le ne le bolela gore Morwa ke ‘selo se le sengwe fela . . . le Rre’ lemororo e ne ya seka ya bua go le kalo ka Moya o o Boitshepo. . . . Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga . . . thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e ne ya nna ya rutwa fela jaaka e ne e ntse e rutwa bogologolo.”
New Catholic Encyclopedia, ya 1967, Volume 14, tsebe 299, e itsise jaana: “Mafoko a ‘Modimo o mongwe mo bathong ba bararo’ a ne a sa tlhomamisiwa ka nitamo, tota ebile a ne a sa dirisiwe ka botlalo mo botshelong jwa Bokeresete le mo boipolelong jwa tumelo ya bone, pele ga bofelo jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga. . . . Mo go ‘Borara ba Seaposetoloi, go ne go ntse go sena lefa e le sepe se se batlileng se tshwana le mogopolo wa go nna jalo kana kakanyo.”
Ka gone, thuto ya motheo ya Tharo-nngwe ga se ya Dikwalo, mme e ne ya amogelwa kafa molaong ke Lekgotla la Nicaea ka ngwaga wa 325 C.E. Thuto eo ya motheo e ne e na le kgopolo ya seheitane eo e neng ya simologa bogologolo pele ga Babelona wa bogologolo le Egepeto mme e ne e rutwa gape le mo mafatsheng a mangwe. Raditiragalo Will Durant o ne a lemotsha mo go The Story of Civilization: Part III, tsebe 595: “Bokeresete ga bo a ka jwa senya boheitane; bo ne jwa bo amogela. . . . Megopolo ya Tharo-nngwe ya bomodimo e ne ya simologa kwa Egepeto.”
Mo go An Encyclopedia of Religion, e e neng ya kwalwa ke Vergilius Ferm, 1964, mo ditsebeng 793 le 794, tlase ga lefoko “triad,” go kwadilwe ditharo-nngwe tsa Sebabelona, Sebuda, Sehindu, Se-Norse, Setao, le ditumelo tse dingwe, gammogo le tsa La-Bodumedi. Jaaka sekai, e lemotsha gore mo India, “Tharo-nngwe e akareletsa Brahma, ebong Mmopi, Vishnu, ebong Mmoloki le Shiva, ebong Mosenyi. Bano ba ne ba emela modikologo wa botshelo, fela jaaka tharo-nngwe ya Sebabelona ya Anu, Enlil le Ea di emela dilo tsa botshelo ebong moya, metsi, lefatshe.”
British Museum ya kwa Lontone e na le dilo tse di setilweng tseo di bontshang ditharo-nngwe tsa bogologolo, tse di tshwanang le Isis, Harpokratēs, le Nephthys, tsa kwa Egepeto. Buka ya Department of Medieval and Later Antiquities ya musiamo oo e na le mafoko a a latelang ao a neng a kwadilwe mo majaneng a a tlhokegang a bogologolo: “Fa godimo [kafa letlhakoreng], go medimo ya Egepeto Horus-Baït (wa tlhogo ya phakalane), Buto-Akori (noga), le Hathor (wa tlhogo ya segogwane). Kafa tlase [kafa letlhakoreng], go temana ya Segerika e e reng ‘Baït a le mongwe fela, Hathor a le mongwe fela, Akori a le mongwe fela; maatla a bano a mangwe fela. Galaletsang, rara wa lefatshe, galaletsang, modimo wa boraro!’ Ka gone medimo eo e supiwa fa e le bosupi jo boraro jwa maatla a le mangwe fela, gongwe modimo wa letsatsi.”
Ditiragalo di tiisetsa gore Tharo-nngwe e ne ya tsewa mo baheitaneng le gore e ne e ntse e le teng makgolokgolo a dingwaga pele ga Jesu a tla mo lefatsheng. Nako e telele morago ga loso lwa gagwe, e ne ya rotloediwa ke bao ba neng ba tlhotlheleditswe ke matlhajana a baheitane le bao ba neng ba tenegile mo kobamelong ya boammaaruri ya Modimo jaaka e ne ya rutiwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jesu o ne a rapelela gore barutwa ba gagwe ba nne le mogopolo o le mongwe fela le boikaelelo bo le bongwe fela jaaka ene le Rraagwe ba ne ba ntse