LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/1 ts. 3-4
  • Satane—A Tota o Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Satane—A Tota o Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bangwe ba Santse ba Dumela
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Satane
    Tsogang!—2013
  • Diabolo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • O Eme o Tiile Kgatlhanong le Maano a a Boferefere a ga Satane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/1 ts. 3-4

Satane—A Tota o Teng?

A O DUMELA gore Satane o gone? Fa go ntse jalo, go bonala o tla nna mongwe wa batho ba se kae bao palo ya bone e ntseng e ngotlega. “Ka bo-1980 tumelo mo go Diabolo e ile ya nyelela fa e se fela mo bangapareding ba Katoliki, ba ditumelo tsa semoya, bangaparedi ba Porotesetanta, Eastern Orthodox, Mamoselema—le ba sekae ba tirisabadimo.” Go ne ga tlhalos a jalo buka ya Mephistopheles—The Deuil iñ the Modern World, ka Jeffrey Burtoñ Russell.

Lefa go le jalo, ga se gore ke mongwe le mongwe yo o emisitseng go dumela gore Satane ke motho wa mmatota. “Diabolo o santse a tshela mme ebîle o a dira mo lefatsheng,” ga bolela jalo Mopapa John Paul II mo puong ya gagwe ya bosheng mo Italy.

A mopapa o bolelela ruri? Fa go ntse jalo, Satane o eme sentle gore o ka dira sengwe le sengwe se a se ratang mo lefatsheng. Fa e le gore batho ga ba dumele gore o gone, ga ba ne ba mo ganetsa. Ga go belaesege gore ke eng fa Mokadinale Ratzinger, mokwadi-mogolo mo go tsa tumelo ya motheo mo Vaticañ, a ne a tlhalosa: “Diabolo o ka kgona go iphitlha mo sedirisiweng sa gagwe se segolo, ebong gore ga a itsiwe.”

A mme ruri-ruri Satane o gone? Fa e le gore re dumela mo Bibeleng, re tshwanetse go araba ka gore ee! Satane o bidiwa gantsintsi ka leina la gagwe mo dikwalong tseo tse di tlhotlheleditsweng. Ka sekai, mokwadi wa Bibela Paulo, fa a ne a tlhagisa kaga “baaposetoloi ba e señ bōnè” le “badihi ba ba tsietsañ” mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a kwala a re: “Me ga se mo go ka gakgamalèlwañ: gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. ” Paulo o ne a leba Satane jaaka motho yo o botlhale, le yo o boferefere.—2 Bakorintha 11:13, 14.

Ke ka ntlhayang, he, fa batho ba le bantsi gompieno ba sa tseye tsia thata go nna gone ga ga Satane? Ka tsela nngwe, seo se ka ne se supa moya wa motlha ono. Fela jaaka re tshela mo motlheng oo bangwe ba o bitsang ba re ke o e seng wa Bokeresete, go latola Modimo, boitlhapediso, lorato lwa dilo tse di bonalang, le bokomanisi di tseetse tumelo mo bodumeding sebaka mo bathong ba le bantsi. Dimilione tsa batho ga di sa tlhole di dumela mo Modimong, ba tsaya gore go nna gone ga gagwe ga go amane ka gope le matlhale a bone. Mme ba latola Satane mmogo le Modimo. Batho bangwe ba bodumedi mo go La-Bodumedi, lemororo ba ipolela gore ba dumela Modimo, ba tsaya gore go dumela mo go Satane mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga ga go sa tlhole go bereka.

Lefa go ntse jalo, go a tshwaega gore go sa dumele mo Modimong ga se selo se sesha. Dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, mmoki mongwe wa Mohebera Dafide o ne a kwala jaana: “Seeleele mo peduñ ea shōna, se rile, Ga go na Modimo opè. Ba bodile, ba dihile ditihō tse di mashwè thata.” (Pesalema 14:1; 53:1) Mo karolong e nngwe o ne a tlhalosa jaana: “Moikepi o bua ka boikgodishō yoa sehatlhōgō sa gagwè, a re, Ga o ketla o go lehetsa: megopolō eotlhe ea gagwè ke go re, Ga go na Modimo opè.” (Pesalema 10:4) Le e leng ka nako eo, batho ba ne ba itsaya jaaka ekete Modimo ga o yo. Mme ke selo se se dumalanang sentle gore fa e le gore Modimo ga o yo, le ene Satane ga a yo.

Bangwe ba Santse ba Dumela

Lefa go ntse jalo, jaaka fa go setse go tlhalositswe, go santse go na le ba ba dumelang gore Diabolo wa mmatota o teng. Go na le ba ba dumelang thuto ya bogologolo ya ga Zoroaster ya sebedi-sebedi, ba ba bolelang gore molemo le bosula, Modimo le Diabolo, ba tshwanetse ba bo ba nnile mmogo ka metlha yotlhe. Bangwe ebile ba bolela gore molemo le bosula ke dikarolo tsoopedi tsa Modimo wa Tharonngwe. Mme go santse go na le batho ba le bantsi mo go La-Bodumedi le Iselamo ba ba dumelang gore Satane o gone. Tota ruri, mo go bano botlhe, o santse a le gone jaaka motho wa semoya yo o nang le diphuka le dinaka le mogatla yo o laolang bofelelo jwa “meya e e sa sweng” e e laoletsweng go ya kwa “molelong wa dihele,” jaaka moo go supiwa thata-thata mo ditshwantshong tsa motshwantshi yo mogolo wa Mofora Gustave Doré.

Tota-tota, mo go bangwe, go dumela mo go Satane go feta foo. Ba a mo obamela—e ka ne e le ka leina kana ka dingwao tsa ga Satane kana tsa sedimona. Ka diketekete tsa dingwaga, kobamelo ya ga Satane e ne ya golaganngwa le boloi le dipheko. Le eleng mo motlheng wa rona wa segompieno wa go belaela dilo, kobamelo ya ga Satane e santse e aname. Ka jalo, pele ga re ka buisana ka se Bibela e se buang kaga Satane ka boene, a ko re tlhatlhobeng dilo dingwe kaga kobamelo ya ga Satane ya segompieno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Setshwantsho sa Mabuda sa “dihele” tsa ga Satane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela