LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/1 ts. 27-30
  • Lefoko la Modimo—Bosupi jwa Gore le Tlhomame

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo—Bosupi jwa Gore le Tlhomame
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sekaseka Matlotlo a ga Chester Beatty
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Baebele e Falotse go Fetolwa ga Molaetsa wa Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Peshitta ya Sesiria—Go Tlhaloganya Hisitori ya Dithanolo Tsa Bogologolo Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/1 ts. 27-30

Lefoko la Modimo—Bosupi jwa Gore le Tlhomame

Boammaawrari kana Maaka?—Bibela a ile ya nahala dingwaga kwantk ga go fetolwa.

Boammaaruri kana Maaka?—Diketekete tsa dipdrarologano tse di leng gone mo mernenong e mentsi ya Bibela di koafatsa boiplurko jwa yore jwa gore ke Lefako la Modimo.

PELE o ka araba dipotso tseo, a o ko o akanyetse boikitsiso jono joo go ileng ga buiwa ka jone bosheng jaana kwa Ditshupong tsa “Lefoko la Modimo” tse di neng di tshwaretswe kwa Chester Beatty Library kwa Dublin, kwa Ireland.

Ditsebe tsa koma tse di onetseng, di bile di gagogile di a senyega fa dingwaga di ntse di fet. Lefa go le jalo, dikoma tsa Chester Beatty ke tsone mekwalo ya botlhokwa thata mo laeborraring eno. Di ne tsa epololwa kwa matitleng a Copt[Egepeto] mo e ka nnang ka 1973. “[E ne e le phitlhelelo,” go buile jalo Sir Frederic Kenyon, “di ne di gaisiwa fela ke Codex Sinaiticus.”

Matlhare ano a koma a a kwadilweng ka seatla a mofuta wa codex, a ne a kopisiwa mo lekgolong la bobedi, la boraro, le la bone la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. “A mangwe,” ga bua jalo Wilfrid Lockwood, motlhokomelalaeborari, “a ka nna a bo a kopisitswe fa gare ga dingwaga tse di lekgolo morago ga go kwalwa kwa tshimologong.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Codex e nngwe a na le Diefangele tse nne le buka ya Ditihō. E nngwe a na le makwalo a mantsi a ga moaposetoloi Paulo, go akareletsa le lekwalo la Bahebera.

Go kopisa memeno e e tshwanang le eno e ne a le tiro e e lapisang pelo le go tsenya letsapa, ebile go baka diphoso di le dintsi. Go ne go le motlhofo gore motho a seka a bala tlhaka nngwe sentle kana a tlola mola, lefa motho yo o kopisang a ne a ka bo a le kelotlhoko jang. Ka dinako dingwe motho yo o kopisang o ne a kgatlhegela fela go utlwa se go buiwang ka sone le bokao go na le mafoko tota. Jaaka dikaelo tse dintsi di ne di ntse di kopisiwa, diphoso di ne di nnela go tsweledisiwa. Bakanoki bangwe ba ne ba kgobokanya memeno e e tshwanang mme ba a kgaoganya go ya ka ditlhopha tsa yone. Dikoma tseno tsa Chester Beatty, tseo a leng tsone mekwalo ya bogologolo ya Bibela ya Segerika e e leng gone, a ne ya naya bakanoki bano megopolo a mesha a ba neng ba sa a lebelela, ereka ba ne ba sa kgone go a golaganya le epe fela ya ditlhopha tse di neng di le gone.

Pele ga motlha wa ga Jesu, mme segolo bogolo morago ga go senngwa ga Jerusalema (607 B.C.E.) le go phatlaladiwa ga Bajuda, go ne ga dirwa dikaelo tse dintsi tse di kwadilweng ka seatla tsa Dikwalo tsa Sehebera. Mo e ka nnang ka 100 C.E., balaodi ba Bajuda ba ne ba dirisa dikaelo tseno go kwala Dikwalo tsa Sehebera tse di neng di amogelwa ke kereke ya Bajuda.

Ba ne ba dira gape le melao e e gagametseng go leka go tlhomamisa gore dikaelo tseno di Memeno ya letlalokwalo le ya letlalo ya lekgolo la ba—1S la dingwaga ya Esethere kopisiwa sentle. Ba ne ba laola gore go dirisiwe dikwalelo tsa mofuta ofe le eleng go katogana ga ditlhaka, mafoko, mela, le dikholomo. Ba ne ba bolela gore “Go se nne lefoko kana tlhaka, le eleng yone yod [tlhaka a nnye thata mo ditlhakeng tsa Sehebera], e e ka kwalwang ka tlhogo fela.” Ka jalo bakopisi ba ne ba tlhagisa dikgampetla tse di tshwanang le Torah (thuto), tse di nang le dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa Bibela, gammogo le buka ya Esethere. Mekwalo e e jalo ya dikwalo tsa Sehebera, ga bua jalo pego ya kwa ditshupong tseo, “e supa go dumalana ka selekanyo se se kgatlhang thata.”

Diphoso tse di neng tsa tsenelela mo mekwalong ya Sehebera le Segerika ya Bokeresete di ne di le masisi go le kana kang? “Go tshwanetse ga gatelelwa go re,” ga bua jalo Mr. Lockwood, “diphetogo tse di leng gone mo mekwalong ya Bibela ke tse dinnye fa di bapisiwa le tseo di ileng tsa fitlhelwa mo dibukeng tsa boheitane . . . Ga go motlha ope oo dithuto dingwe tsa Bokeresete di ileng tsa fetolwa ka tsela nngwe ke bakwadi.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Dibuka tsa Bibela tsa pele ga motlha wa ga Jesu le morago ga one di ne tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe. Nngwe ya tse dikgologolo ya tsone ke phetolelo ya Samaritan Pentateuch. Basamaria a ne a le batho ba ba neng ba nna mo kgaolong ya bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele morago ga gore kgosi ya Asiria a ise Baiseraele botshwarwa (740 B.C.E.). Ba ne ba dirisa dikarolo dingwe tsa kobamelo ya Sejuda mme ba amogela fela dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela, eleng Pentateuch. Dikwalo tsa Basamaria tsa dibuka tseno, tseo di neng di kwadilwe ka mokgwa wa mekwalo ya bogologolo ya Sehebera di ne di na le dipharologano tse di ka nnang 6 000 le mekwalo ya tsa Sehebera. “Bontsi jwa tsone,” ga bua jalo pego ya kwa ditshupong, “ke tseo e seng tsa botlhokwa thata lemororo di ne di kgatlha jaaka dikarolo tse di bolokang go bidiwa ga mantswe kana mokwalo wa bogologolo.”

Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., bakanoki ba Bajuda kwa Alexandria, kwa Egepeto, ba ne ba tlhagisa phetolelo ya Segerika ya Septuagint ya Dikwalo tsa Sehebera, e e neng ya dirisiwa ke Bajuda ba ba neng ba bua Segerika mo lefatsheng lotlhe. Fa nako a ntse e tsamaya Bajuda ba ne ba kgaotsa go a dirisa, mme a ne ya nna yone Bibela ya phuthego ya pele ya Bakeresete. Fa bakwadi ba Bibela ba Bakeresete ba ne ba tsopola mo Dikwalong tse di Boitshepo tsa Sehebera, ba ne ba dirisa Septuagint. Koma ya Chester Beatty ya Dikwalo tsa Sehebera a na le ditsebe tse di ka nnang 13 tsa buka ya Daniele mo teng ga Septuagint.

Diphetolelo tsa. moragonyana tsa Bibela di ne di le mo dipuong tse di jaaka Selatini, SeCopt, SeSyria, le SeArmenia. Sekai se sengwe kwa ditshupong a ne a le codex ya letlalokwalo ya phetolelo ya Se-Copt ya karolo ya Bibela ya lekgolo la borataro le la bosupa la dingwaga C.E. Diphetolelo tseno di thusa bakanoki le basekaseki ba Bibela jang? Diphetolelo tseno tsa Dikwalo tsa Segerika tseo baranodi ba neng ba di dirisa gantsi go ne go ranotswe mafoko fela jaaka a ntse. “Fa temana ya Segerika eo moranodi a neng a e ranola e ne a siame,” ga tlhalosa jalo Mr. Lockwood, “go phepafetse sentle gore phetolelo eo a ne a ka thusa mo tirong ya go batla mafoko a ntlhantIha a Segerika.”

Sengwe sa botlhokwa le se se sa tshwaneng le sepe kwa ditshupong, se se supilweng mo laeboraring eno ke dikakgelo tsa mokwadi wa Mosiria wa lekgolo la bone la dingwaga, Ephraem, tse di leng mo Diatessaron ya ga Tatian. Tatian o ne a kwala ditiragalo tsa botshelo le bodihedi tsa ga Jesu tse di utlwanang, a dirisa ditsopolo go tswa go Diefangele tse nne (Diatessaron e e rayang “go tswa go [tse] nne”) mo a ka nnang ka 170 C.E. Ka go bo go ne go se dikaelo dipe tse di neng tsa falola, basekaseki ba bangwe ba lekgolo la bofelo la dingwaga ba ne ba ganetsa gore tota diefangele tseo di kile tsa nna gone. Basekaseki bano ba ne ba bolela gore diefangele tse nne tseo ka botsone ga di a ka tsa kwalwa go fitlha fa lekgolo la bobedi la dingwaga le le fa gare.

Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng, go ribololwa ga diphetolelo tsa Diatessaron tsa SeArmenia le Searabia go ne ga dira gore basekaseki ba bagolo ba ineele. Morago, ka 1956, Sir Chester Beatty o ne a bona dikakgelo tseno tsa mofuta wa tsone fela tsa lekgolo la botlhano kana la borataro la dingwaga tse di nang le ditsopolo tse dintsi go tswa mo Dikwalong tsa bogologolo tsa ga Tatian. “Di ne tsa kgona go ganetsa kgopolo ya gore Diefangele tse nne tseo di ne di seyo mo motlheng oo,” ga bua jalo Mr. Lockwood.

Ditshupo tsa “Lefoko la Modimo” di ne di gakolola ka mekwalo a le mentsi eo bakanoki ba Bibela gammogo le basekaseki ba nang le yone. A mongwe wa bakanoki bano, Sir Frederic Kenyon, a tlhalose ka botlhokwa jwa mekwalo eno ya Bibela eo a ileng ya bonwa mme a bo a arabe dipotso tse di neng tsa bodiwa kwa tshimologong:

“Go tlogela kgopolo ya gore Bibela a He ya nna ya kopisiwa go kgabaganya dingwaga mme a sa fetolwa go ka nna ga tshwenya ba bangwe . . . Kwa bofelong go a nametsa go fitlhela gore dilo tse di ileng tsa ribololwa le ditlhatlhobo tseno di nonotsha bosupi jwa gore Dikwalo di tlhomame, le go tlhatswega pelo ga rona gore re na le, Lefoko la Modimo le le ikanyegang.” (The Story of the Bible, tsebe 113)—Pesalema 119:105; 1 Petere 1:25.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Koma ya lekgolo la boraro la dingwaga—2 Bakorintha 4:13-5:4

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reproduced by permission of the Chester Beatty Library

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Memeno ya letlalokwalo le ya letlalo ya lekgolo la bo-18 la dingwaga ya Esethere

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reproducor by Pormission of the, Chester Beatty Library

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Codex ya letlalokwalo ya lekgolo la borataro kana la bosupa la dingwaga—Yohane 1:1-9, phetolelo ya Se-Copt

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reproduced by permission of the, Chester Beatty Library

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Codex ya letlalokwalo ya lekgolo la botlhano kana la borataro la dingwagadikakgelo tsa ga Ephraem tse di akareletsang ditsopolo go tswa go Diatessaron ya ga Tatian, ya Se-Syria

[Motswedi wa Setshwantsho]

Reproduced by permission of the Chester Beatty Library

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela