Jehofa O Ile A Ntshegetsa Jaaka Tsala
Jaaka e boletswe ke Maria Hombach
JAAKA mosetsana yo monnye wa dingwaga di le thataro, ke ne ka ithuta pina eno e e monate ya setso ya Sejeremane kwa sekolong: “A o itse gore dikae dinaledi tse di mo loaping? . . . Modimo, ebong Morena, o di badile tsotlhe, ga go na le e le nngwe e e tlhaelang . . . Le wena O a go itse mme o go rata thata.” (E ranotswe go tswa mo Sejeremaneng.) Tsatsi lengwe ke ne ke e opela fa mmè a ne a bolela jaana: “Le wena o a go itse mme oa go rata.” Go tloga motsing oo go ya pele, Modimo o ne a nna jaaka tsala mo go nna. Ke ne ka fetsa ka gore le nna ke mo rate. E ne e le pele ga Ntwa ya Lefatshe I fa re ne re nna kwa Bad Ems mo nokeng ya Lahn.
Morago ga dingwaga di le some le bosupa, ke ne ka kopana le mosetsana mongwe yoo ke neng ke le thaka le ene, mo malatsing a boikhutso ka 1924. E ne e le mongwe wa Diithuti tsa Bibela, gompieno ba itsege jaaka Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra nna le puisano e e maatla ka bodumedi e e neng ya tsaya dibeke di le nne. Jaanong go ne ga tlhaga kgang ka ga “dihele.” O ne a botsa jaana: “Ga o kake wa tsenya katse e e tshelang mo ontong, a o ka dira jalo?” Seno se ne sa mpetsa jaaka legadima, mme ke ne ka lemoga gore ke ne ke ile ka tsiediwa mo go tlhabisang ditlhong. Jaanong ke ne nka ithuta sotlhe kaga Modimo—gore o ntse jang, tota, sotlhe se ke neng ke batlile go se itse kaga gagwe fa ke ne ke santse ke le ngwana!
Mo go nna go ne go tshwana le go bona “khumō e e hitlhegileñ mo nageñ.” (Mathaio 13:44) Fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka itlhaganelela kwa baagisaning ka matlhagatlhaga, pelo ya me ene e phephetha ke batla go bolelela ba bangwe dilo tse dintšha tseo ke di ithutileng. Ka bonako morago ga moo, ke ne ka fudugela kwa toropong nngwe e e kwa borwa jwa Jeremane ebong Sindelfingen, koo setlhopha sa Diithuti tsa Bibela tse di ka nnang 20 di neng di nna gone. Ke ne ka kopanela le bone ka matlhagatlhaga mo tirong eno e ntšha ya go rera ka ntlo le ntlo.
E ne e le ka 1929 fa ke ne ke utlwa lantlha ka tirelo ya bobulatsela mo puong e e neng e neelwa ke mokaulengwe yo e neng e le modihedi yo o etang. O ne a botsa gore ke mang yo o neng a ka rata go nna mmulatsela. Ke ne ka emisa seatla sa me ka boithaopo. Ke ne ke sena ketsaetsego epe. Pelo ya me e ne e bolela jaana: “Ke hano, roma nna.”—Isaia 6:8.
Ke ne ka leboga tiro ya me ya kwa kantorong mme ke ne ka simolola tirelo eo gompieno e bidiwang bobulatsela jo bo kgethegileng kwa borwa-bophirima jwa Jeremane ka October 1, 1929. Re ne ra jala peo ya boammaaruri ka bonako le ka bontsi ka dikgatiso kwa Limburg, mo Bonn, mo dikepeng tsa boditšhabatšhaba mo boemakepeng jwa Cologne, le mo metsaneng e mengwe.—Moreri 11:1.
Go Itemogela Botsala jwa Modimo
Ke ne ka patelesega go tlogela tirelo ya bobulatsela mme ke ne ka boela kwa Bad Ems fa Adolf Hitler a ne a tlhoma pusonosi ya gagwe mo Jeremane ka 1933. Balaodi ba ne ba lemoga ka bonako gore ke ne ke sa tsaya karolo mo ditlhophong. Malatsi a le mabedi morago ga moo, mapodisi a mabedi a ne a tla go phuruphutsha phaposi eo ke neng ke nna mo go yone. Nakwana fela pele ga moo, ke ne ke ile ka tsaya diaterese tsotlhe tseo ke neng ke na le tsone tsa Basupi jaaka nna mme ka di latlhela mo serotong sa matlakala mme e ne e le sone fela seo se neng se setse mo sekhutlwaneng. Nako e ne e seyo ya go ya go se tsholola! Mapodisi a ne a phuruphutsha sengwe le sengwe—kwantle ga seroto seno.
Ke ne ka leboga jang ne go bo Anna ebong morwadiarre, mo go yone nako eo, le ene a ne a amogela botsalano le Modimo wa boammaaruri! E ne e le ka 1934 fa ka bobedi jwa rona re ne re fudugela kwa motsaneng wa Freudenstadt mme koo re ne ra simolola go anamisa dibuka tsa Bibela ka kelotlhoko. Nako nngwe, fa re ne re le mo malatsing a boikhutso, re ne ra kgona go etela ka bonako kwa legaeng la rona ebong Bad Ems ka terena, mme koo re ne ra anamisa lebokoso leo le neng le tletse ka dibukana di le 240 ka bonako, mme morago ga moo re ne ra nyelela. Go re tshwenyetsa ruri ga Ma-Gestapo mo Freudenstadt go ne ga re pateletsa gore re fudugele kwa motseng o mongwe, mme ka 1936 re ne ra ya kwa Stuttgart. Koo, ke ne ka batla go golagana le tsamaiso ya rona ya mo sephiring—ke ne ka newa “tiro” ka yone nako eo. Ka gale ke ne ke amogela diposekarata tsa ditshwantsho tseo di neng di na le ditumediso. Tota, e ne e le melaetsa e e fitlhilweng. Tiro ya me e ne e le go di isa kwa lefelong lengwe la sephiri mo motseng oo. Ke ne ka bolelelwa gore ke se ke ka anamisa dibuka dipe gore tiro eno e se ke ya nna mo kotsing. Tsotlhe di ne tsa tsamaya ka thelelo go fitlhela ka August 1938.
Tsatsi lengwe, ke ne ka amogela karata e e neng e mpolelela gore maitsiboeng a a rileng ke ye go ema kwa pele ga kereke nngwe e e itsegeng thata. Koo ke ne ke tla amogela tshedimosetso e e oketsegileng. Ke ne ka ya kwa felong leo la borakanelo. Go ne go le lefifi la mma ntshwarele ngwana. Monna yoo one a ikitsise gore ke Julius Riffel. Ke ne ke itse fa leno e ne e le leina la mokaulengwe mongwe yo o ikanyegang yo o neng a dira mo sephiring. O ne a mpolelela a itlhaganetse gore ke ye kwa Bad Ems ka letlha le le rileng mme koo ke tla kopana le mongwe. O ne a nyelela ka bonako.
Lefa go le jalo, ke ne ka fitlhela ke emetswe fela ke Ma-Gestapo mo boemelong jwa diterena kwa Bad Ems. Go ne go senyegile kae? Monna yole yo o neng a eme fa pele ga kereke—yo tota e ne e le mokaulengwe pele yo o neng a tswa kwa Dresden, ebong Hans Müller, yo o neng a itse tsotlhe ka ga tiro ya sephiri mo Jeremane mme a setse a simolotse go dirisana mmogo le Ma-Gestapo—o ne a mpeetse serai. Ga se a ka sa dira. Pelenyana ga moo, mmè o ne a mpolelela fa a ile go tshwarwa ke bolwetsi jwa go swa mofama go go potlana mme nna, ke ne ka mo fetola ka go mo solofetsa go mo jela nala kwa Bad Ems ka letlha le le rileng. Seno ka boitumelo se ne sa diragala ka nako e le nngwe le “loeto” loo, mme makwalo a rona a ne a neela bosupi joo jwa maipato kwa tshekong ya me ya moragonyana ga moo. Seo se neng sa nkgakgamatsa, ke gore ke ne ka gololwa. Ee, ke ne ka gololesega gape ka February 1939, morago ga go golegwa ka dikgwedi di le tlhano le sephatlho!
Go Arabela Botsala jwa Gagwe
Tota, ke ne ke sa ikaelela go nna ke sa dire sepe, segolo-bogolo ka bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba sotliwa mo dikampeng tsa pogisetso kana ba ne ba golegilwe golo gongwe go sele.
Morago ga gore bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo ba Majeremane ba golegwe ka thuso ya ga Müller, Ludwig Cyranek o ne a tsaya boikarabelo jwa go aba dijo tsa semoya. Mokaulengwe yono, yoo pele e neng e le modiri wa kwa Bethele e e kwa Magdeburg, o ne a njela nala kwa Bad Ems fela morago ga fa a ne a fetsa go gololwa mo botshwarong. O ne a nthaya a re: “Tlaa, Maria! A re tswelele ka tiro.” O ne a mpusetsa kwa Stuttgart, mme koo ke ne ka bona tiro ya go itshedisa. Lefa go ntse jalo, tiro ya me tota go simolola ka March 1939, e ne e le ya go aba dipotomente tseo di neng di tletse dikaelo tsa makasine wa Watchtower kwa Stuttgart le mafelo a a neng a e dikologile. Basupi ba bangwe le bone ba ne ba nna le seabe mo tirong eno ka bopelokgale.
Mo go yone nako eo, Mokaulengwe Cyranek, o ne a dira tiro mo nageng yotlhe kwa ntle ga karolo ya yone e e kwa bokone-botlhaba fela. Ereka bonno jwa Basupi bo ne bo ntse bo disitswe, o ne a tshwanela go tsamaya ka kelotlhoko e kgolo mme ka dinako dingwe o ne a tshwanelwa le ke go robala le eleng mo sekgweng. Diterena tsa ka bonako di ne di mo tlisa nako le nako mo Stuttgart, moo a neng a fitlha a mpiletsa dipego tse di kgethegileng tseo di neng di bua ka maemo a rona mo Jeremane. Ke ne ke kwala makwalo a a tlwaelegileng, ke kwala melaetsa eno ka enke e e sa bonaleng mme ke bo ke e tsenya fa gare ga methalo fa ke fetsa ke ne ke e romela ka aterese ya sephiri, kwa Bethele ya kwa Netherlands.
Ka maswabi, mokaulengwe wa bobedi o ne a fetogile yo o sa ikanyegeng ka a ne a solofela gore a ka se golegwe. Ngwaga morago ga moo, o ne a senola sephiri sa ditlhopha tse di kwa Stuttgart le mo mafelong a mangwe go Ma-Gestapo. Re ne ra tshwarwa ka February 6, 1940. Ludwig Cyranek o ne a ya kwa Müller a nnang gone kwa Dresden—a akanya gore Müller e ne e santse e le Mosupi ka ene—mme o ne a tshwarwa koo. Mokaulengwe Cyranek o ne a atlholelwa loso moragonyana ga moo mme o ne a kgaolwa tlhogo ka July 3, 1941.a
Baba ba rona ba ne ba akanya gore jaanong ba ne ba thibetse tiro ya rona yotlhe mo Jeremane. Mme dithulaganyo di ne di setse di dirilwe tsa go tlhomamisa gore metsi a boammaaruri a nne a tswelela go elela lefa a ne a ngotlegile go nna marothodi. Ka sekai, setlhopha se se kwa Holzgerlingen se ne sa kgona go tswelela se le matlhagatlhaga go fitlhelela ntwa e fela ka 1945.
Ga A Nke A Latlha Ditsala tsa Gagwe
Re ne ra romelwa kwa kgolegelong ya kwa Stuttgart e le Anna le nna,—le bokgaitsadi ba bangwe ba ba ikanyegang. Ke ne ke atisa go utlwa bagolegwa ba bediwa. Go tswalelwa o le nosi go se sepe se o se dirang ke boitemogelo jo bo bosula tota. Mme gonne re ne re ise re ko re fose pokano ya Bokeresete mme gape re ne re santse re le bannye, re ne ra kgona go gakologelwa mo e batlang e nna ditlhogo tsotlhe tsa Watchtower. Ka ntlha ya seno, tumelo ya rona e ne ya tswelela e nonofile, mme re ne ra kgona go itshoka.
Tsatsi lengwe, banna ba babedi ba Ma-Gestapo ba ne ba tla go tswa Dresden go tla go tsaya motshwarwa ka nna ebong Gertrud Pfisterer (yo jaanong eleng Wulle) le nna go ya go itlhalosa. Ka tlwaelo, bagolegwa ba ne ba dumelelwa go tsamaya fela ka diterena tse di bonya, tseo di neng di tsaya malatsi go fitlha. Mme rona re ne ra beelwa phaposi yotlhe mo tereneng ya ka bonako, go sa kgathalesege go bo e ne e tletse thata. Batlhankedi ba yone ba ne ba tlhalosa jaana: “Lo botlhokwa thata mo go rona. Ga re batle gore lo re latlhegele.”
Kwa Dresden, Ma-Gestapo a ne a nkopanya le moikanyologi wa boraro yo e neng e le mongwe wa rona. Ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se se sa siamang, ka jalo ke ne ka didimala, le eseng go mo dumedisa. Go tloga foo ke ne ka kopantshiwa le monna mongwe yo motelele, wa seganka a apere diaparo tsa masole: moikanyologi Müller, yoo ke neng ka kopana le ene fa pele ga kereke. Ke ne ka tswa mo phaposing eo ke sa tswa molomo. Ma-Gestapo a ne a sa bona sepe go tswa mo go nna.
Mongwe le mongwe wa baikanyologi bano o ne a nna le bokhutlo jo bo bosula. Jaaka Ma-Nazi a ne a bolela, ba ne ba rata kōkō mme e seng moōki. Ka boraro jwa bone ba ne ba isiwa kwa lefelong lengwe la botlhabanelo le le kwa botlhaba mme ga ba ka ba tlhola ba boa. Abo matswela a ne a nna a a farologaneng jang ne mo bathong ba ba iseng ba ko ba tlogele botsalano le Modimo le batho ba one! Ba bantsi ba baikanyegi bano bao ba bogileng thata ka ntlha ya Morena mme ya re moragonyana ya nna baokamedi ba lekala la kwa Jeremane mongwe wa bone e ne e le Erich Frost le Konrad Franke, ba ne ba boa ba tshela go tswa kwa mo boikepisong jo bo fisang jwa pogisetso.b
Ma-Gestapo a a neng a le kwa Stuttgart—a ipela thata ka seo ba neng ba se “tshwere”—a ne a lopa badiri ka bone ba kwa Dresden ka May 1940 gore ba re busetse morago. Dikgetse tsa rona di ne di ile go sekelwa kwa Jeremane borwa. Mme go ne go bonala gore Ma-Gestapo a a kwa bokone le a a kwa borwa a ne a sa nosane metsi, ka jalo kantoro e e kwa Dresden e ne ya gana, ka gone ba ba kwa Stuttgart ba ne ba tla go re itseela ka bobone. Ga latelang jaanong? Go isiwa kwa boemelong jwa diterena e ne ya nna loeto lo lo itumedisang fa thoko ga noka ya Elbe; moo re neng re tswaletswe teng re ne re na le nako e telele re sa bone ditlhare tse ditala le loapi lo lotala. Jaaka pele, phaposi yotlhe mo tereneng e ne ya beelwa rona fela, mme re ne ra dumelelwa le go opela dipina tsa Bogosi. Fa re ne re fetola diterena, re ne ra bona dijo mo ntlong eo go rekisiwang dijo mo go yone e e neng e le kwa boemelong jwa diterena. Akanya fela, mo mosong re ne re jele lenathwana le le omeletseng la senkgwe fela, mme jaanong re ne re ja seno!
Kgetse ya me e ne ya tla mo kgotlatshekelong e e kwa Stuttgart ka September 17, 1940. Ka go kwala le go romela makwalo a ga Ludwig Cyranek, ke ne ke itsisitse batho ba ba nnang kwa dinageng di sele ka tiro ya rona ya mo sephiring le ka go bogisiwa ga rona. Seo e ne e le menolopuso ya maemo a a kwa godimo, eo kotlhao ya yone e neng e le loso. Ka jalo go ne ga lebega e le kgakgamatso go bo nna, ke leng molatofadiwa yo mogolo mo Stuttgart, ke ile ka atlholelwa fela go tswalelwa ke le nosi mo kgolegelong ka dingwaga di le tharo le sephatlho! Go bonala gore mosimegi mongwe wa Mo-Gestapo yo o neng a bidiwa Schlipf yo o neng a le molemo mo go rona ebile segakolodi sa gagwe se ne se mo tshwenya, ke ene o neng a bakile seno. Nako nngwe o ne a kile a umaka gore o ne a sa tlhole a kgona go bona boroko ka ntlha ya rona “basetsana.” Kwa Dresden ke ne nka bo ke sa tswa bonolo jaana.
Go Solegelwa Molemo ke Botsalano jwa Goyagoile
Lemororo dijo tsa kwa kgolegelong di ne di se maswe jaaka tsa kwa dikampeng tsa pogisetso, ke ne ka fela thata mo mmeleng mme labofelo ke ne ke le marapo fela. Dingwaga tseno ebong 1940 go ya go 1942 di ne tsa feta, mme ke ne ke akanya jaana kgapetsa: ‘Fa katlholo ya gago e weditswe, ba tla go tsenya mo kampeng ya pogisetso koo o ka nnang le bokgaitsadi ba bangwe mme o ka se tlhole o nna o le nosi gape.’ Ke ne ke sa itse sepe.
Badisa ba kgolegelo ba ne ba gakgamala tota fa kopo ya gore ke gololwe, e e neng e dirilwe ke batsadi ba me ba Makatoliki, e ne e dumelwa. (Ke ne ke ile ka gana makgetlo a le mantsi go dira kopo ya botho ya mothale oo.) Lemororo badumedi jaaka nna ba ne ba latlhetswe mo dikampeng tsa pogisetso, nna—yo ke neng ke atlholetswe go menola puso ga maemo a a kwa godimo le go gana gotlhelele go ineela—ke ne ke tla tswa bonolo fela jaana! Ka jalo ka 1943 ke ne ke gololesegile gape mme ke le mo boemong jwa go ya go tsaya didirisiwa tsa bolegodimo kwa Holzgerlingen, ke iketse tlhoko thata. Morago ga go dira dikaelo tsa tsone, ke ne ke di fitlha mo gare ga karolo e e kafa ntle le e e kafa teng ya folaseke e e neng e tletse kofi mme ke bo ke e isa kwa bakaulengweng ba ba neng ba nna gaufi le Noka ya Rhine le kwa karolong e e kwa Westerwald kwa Jeremane. Go tloga ka nako eo go fitlhela ntwa e fela, ke ne ka kgona go dira kwa ntle ga kgoreletso epe. Moragonyana ke ne ka utlwalela gore basimegi bangwe ba mapodisi ba ba botsalano bao ba neng ba amogetse dikitsiso tseo di neng di re pega molato ba ne ba seka ba di naya Ma-Gestapo.
Mme fa morago ga 1945 gone? Ke ne ke na le keletso ya go boela ke bula tsela gape ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone. Ke ne ka amogela taletso nngwe e e molemo thata ke sa e lebelela gotlhelele eo e neng e gaisa tsotlhe tseo ke neng nkile ka di amogela. Ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke akanye gore nka lalediwa go ya go dira kwa Bethele e e kwa Wiesbaden!
Mme go tloga ka March 1, 1946, ke koo ke ntseng ke le gone, mo Bethele (e jaanong e leng mo Selters/Taunus). Ka dingwaga di le dintsi ke ile ka itumelela go dira mo kantorong e e neng e okamelwa ke Konrad Franke yoo pele e neng e le mookamedi wa lekala. Ke ne ka dira gape ka boitumelo kwa mafapheng a mangwe, ka sekai, kwa botlhatswetsong jwa diaparo. Le gompieno, ke na le dingwaga di le 87, ke santse ke dira koo dioura di le mmalwa mo bekeng ke mena ditoulo. Fa e le gore o kile wa tla go bona Bethele ya rona, gongwe re kile ra bonana.
Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna le tshiamelo ya go thusa batho ba bantsi gore ba amogele boammaaruri, go akareletsa mmè le morwadia rre yo mongwe wa tota. Ke ne ka bona mafoko ano a ga mmè, “O a go itse ebile o a go rata,” a le boammaaruri, fela jaaka go ntse ka mafoko ano a mopesalema, “O tla gu kokotletsa.” (Pesalema 55:22) Abo e nnile boitumelo jang ne gore ke rate Jehofa fa ene a ile a ntshegetsa jaaka tsala!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona 1974 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 179-80.
b Bona The Watchtower, April 15, 1961, ditsebe 244-9, le March 15, 1963, ditsebe 180-3.