Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 7, 1989
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 7, 1989, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, 2932 Kennedy Boulevard, mo Jersey City, kwa New Jersey. Go tla nna le pokano ya kwa tshimologong ya maloko fela eo e tla simololang ka 9:30 a.m., e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Lekgotla leo a tshwanetse go itsise ba Ofisi ya Mokwaledi jaanong kaga phetogo epe fela mo diatereseng tsa bone eo e diragetseng mo ngwageng o o fetileng e le gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go dira ditlhopo a tle a fitlhe kwa go bone ka bokhutshwane fela morago ga August 15.
Diforomo tsa go dira ditlhopo, tseo di tla romelelwang maloko gammogo le dikitsiso tsa pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go busiwa e le gore di fitlhe kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho eseng morago ga September 1. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa le go busa foromo eno ya go dira ditlhopho ka bofefo, a tlhalosa gore a o tla nna teng kwa pokanong ka boene kana nnyaa. Tshedimosetso eo e newang mo foromong nngwe le nngwe ya go dira ditlhopho e tshwanetse ya bo e le e e feletseng mo ntlheng eno, ereka go tla ikaegiwa ka yone go tlhomamisiwa gore ke bomang ba ba tla nnang gone ka namana.
Go solofelwa gore thulaganyo yotlhe, go akareletsa le pokano ya ntlha ya kgwebo le dipego, e tla konelwa ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga foo. Ga go na go nna le thulaganyo ya maitseboa. Ka go bo go sena manno a a lekaneng, go tla tsena fela bao ba nang le ditekete. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka mogala.