Boammaaruri Kaga Dihele
KA PHEPAFALO, thuto ya go otlhaiwa morago ga loso e tlhotlhelediwa ke tumelo ya gore motho tota ga a swe fa mmele wa gagwe o swa mme gore go na le sengwe—seo gantsi se bidiwang moya—seo se salang se tshela fa mmele o swa. Tumelo eno, jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, e simolotswe ke Basumera ba bogologolo le Bababelona kwa Mesopotamia. Moragonyana, e ne ya tsewa ke Bagerika, bao batlhalefi ba bone, jaaka Plato, ba neng ba e phepafatsa. Tumelo eno ya bone e e sebedi e e tlhabolotsweng ya “mmele le moya” e ne ya nna karolo ya tumelo ya batenegi ba Bajuda.
Bao ba iphakang gore ke Bakeresete ba ile ba amogela thuto eno ya botshelo morago ga loso leng? Eleruri ga se ka nako ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Encyclopœdia Universalis ya Sefora e bua jaana: “Apocalypse of Peter (ya lekgolo la bo-2 la dingwaga C.E.) [eo e belaelwang fa e tlhomame] e ne e le lokwalo lwa ntlha lwa Bokeresete lo lo neng lo tlhalosa go otlhaiwa le go tlhokofadiwa ga baleofi kwa diheleng.”
Ebile-tota, go lebega gore borara ba ntlha ba kereke ba ne ba sa dumalane fela thata ka dihele. Justin Martyr, Clement of Alexandria, Tertullian, le Cyprian ba ne ba dumela mo diheleng tse di molelo. Origen o ne a leka go fetola thuto ya dihele a di tokafatsa, a bolela gore baleofi ba ba mo diheleng kgabagare ba tla bolokiwa. O ne a salwa morago thata kana go sekae fela ke Gregory wa Nazianzus le Gregory wa Nyssa. Mme Augustine o ne a fedisa dipono tse di motlhofo tseo ka dihele. Mo bukeng ya gagwe Early Christian Doctrines, moporofesa wa Oxford J. N. D. Kelly o kwala jaana: “Thuto e e gagametseng ya gore baleofi ba ka se tlhole ba tshela gape morago ga botshelo jono le gore molelo o o tla ba nyeletsang ke o o ka sekang wa tingwa le ka motlha e ne e tseelwa kwa godimo thata mo lekgolong la botlhano la dingwaga.”
Fa e le kaga pakatori, buka Orpheus—A General History of Religions e ne ya bua jaana: “St. Augustine o ne a dumela gore go ne go na le nako fa gare ga go itumela ga isagwe le katlholo, eleng go phepafadiwa ga meya mo molelong. Seno ke thuto ya ga Orpheus [boheitane jwa Segerika] le Virgil [boheitane jwa Seroma] ya Pakatori: ga go na lefoko lepe kaga yone mo Diefangeleng. . . . Thuto ya Pakatori . . . e ne ya tlhamiwa ka lekgolo la borataro la dingwaga, mme ya bolelwa gore ke thuto ya Kereke ke Council of Florence (1439).” New Catholic Encyclopedia e dumela go re: “Tumelo ya Sekatoliki ya Pakatori e thailwe mo ngwaong, eseng mo Dikwalong tse di Boitshepo.” Fa e le kaga Limbo, Mokadinale wa Roma Ratzinger o dumela gore ke “sengwe se se akanngwang ke baruti fela.”
Ga go na Kotlhao epe Morago ga Loso
Lefa go le jalo, go tweng ka Bibela? A e bolela gore moya o sala o ntse o tshela fa mmele o swa mme ka gone o ka nna wa bogisiwa kwa diheleng tsa molelo kana mo pakatoring? New Catholic Encyclopedia e bua jaana: “Kgopolo ya gore moya o tswelela o ntse o tshela morago ga loso ga e yo mo Bibeleng. . . . Moya mo [T]esetamenteng e [K]gologolo ga o reye karolo ya motho mme o raya motho—motho jaaka setshedi. Ka mo go tshwanang, mo [T]esetamenteng e [N]tšha go raya botshelo jwa motho: botshelo jwa motho ka bongwe.”
Jalo lefelo leo go otlhaelwang kwa go lone la morago ga loso ga le yo. Bibela e bua jaana: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Gape e bolela go re: “Maduō a boleo ke losho.” (Baroma 6:23) Ka gone, fa Bibela e bua ka batho ba ba sa ikotlhaeng ba ba boikepo bao ba felelang kwa “Gehena,” ‘molelo o o sa khutleng,’ kana “bodiba yoa molelō,” e dirisa puo ya tshwantshetso fela go bua ka bao ba bonang loso lwa bosakhutleng, “losho loa bobedi.”—Mathaio 23:33, NW; 25:41, 46; Tshenolō 20:14; 21:8;a bapisa 2 Bathesalonia 1:7-9.
Dihele di Tlhotlhoriwa ka Tsogo
He, a dihele di molelo? Eseng go ya ka Bibela. Eleruri, mafoko a Sehebera le a Segerika ao Dibibela tse dingwe di a ranotseng jaaka “dihele” a raya fela lebitla le le tlwaelegileng la baswi. Ga se lefelo le le molelo le go tlhokofalediwang mo go lone. Go na le moo, ke, lefelo la boikhutso, leo baswi ba tlileng go tswa mo go lone ka tsogo. (Moreri 9:10; Ditihō 24:15) Oscar Cullmann ebong moporofesara mo Setlhopheng sa Bao Ba Rutang Thuta-Bomodimo sa Unibesithi ya Basel, Switzerland le ya Sorbonne, kwa Paris, o bua ka “pharologano e kgolo fela thata e e fa gare ga tebelelo ya Bakeresete ya tsogo ya baswi le tumelo ya Segerika ya go sa sweng ga moya.” O bolela ka tshwanelo gore “ntlha ya gore Bokeresete jwa moragonyana bo ile jwa golaganya ditumelo tse pedi tseno . . . tota-tota ga se go di golaganya mme ke go latlha e nngwe [thuto ya Bibela ya tsogo] gore go dumelwe mo go e nngwe [tumelo ya seheitane ya go sa sweng ga moya wa motho].”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba latlha go dumela ga bone mo tsogong ya baswi mme ba latela kgopolo ya go sa sweng ga moya wa motho. Ba tla itumelela go abalana le wena tsholofelo ya bone e e itumedisang mme ba go neye bosupi go tswa Bibeleng gore, eleruri, dihele ga di molelo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso ka ditemana tseno le tse dingwe tsa Bibela tseo bangwe ba lekang go di dirisetsa go tshegetsa thuto ya molelo wa dihele, bona buka A Botshelo Jo ke Jotlhe Jo bo Gone? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.