Go tla Tsoga Bomang le Gone Leng?
GO NE ga diragala ka ngwaga wa 32 C.E. kwa Bethania, koo Lasaro a neng a nna gone le bokgaitsadie ba babedi, Maratha le Marie. Bokgaitsadie ba ne ba romeletse Jesu molaetsa wa gore Lasaro o ne a lwala. Jesu o ne a rata Lasaro le bokgaitsadie, jalo O ne a ya kwa Bethania. Mo tseleng, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.” Barutwa ba ne ba akanya gore Jesu o ne a raya boroko jwa mmatota. Jalo Jesu o ne a ba bolelela jaana ka tlhamalalo: “Lasaro o shule.”—Yohane 11:1-15.
Baeng ba ne ba goroga malatsi a le mane morago ga loso lwa ga Lasaro. Fa Jesu a bona Marie le ba bangwe ba lela, o ne a “lela,” a supa lorato lwa gagwe lo lo boteng le kutlwelobotlhoko ya gagwe. (Yohane 11:17, 35) Mmele o o suleng wa ga Lasaro o ne o laditswe mo logageng. Jesu o ne a laela gore letlapa le le neng le tswetse kgoro ya lebitla le tlosiwe. O ne a rapela Rraagwe mme a tlhaeletsa a re: “Lasaro, cwa.” Lasaro o ne a tswa. Abo seno se ne sa leretse bokgaitsadie boipelo jang ne!—Yohane 11:38-45.
Tiragalo eno e re naya tsholofelo ya mmatota ka tsogo ya baswi. Lefa go ntse jalo, kafa go ntseng ka teng, loso ke mmaba yo o setlhogo yo o re tseelang ba re ba ratang kwantle ga tebelelo ya gore Jesu o tla ba tsosa ka pele. Jaaka re itse rotlhe, bontsi jwa batho bao re ba ratang bano ba molemo ebile ba pelonomi fela thata. Ka gone, go tsoga potso eno e e papametseng . . .
Ke ka Ntlhayang fa Batho ba Tshwanetse go Swa?
Fa re batla karabo e e tlhomameng, le e e ka ikanngwang, re tshwanetse go leba kwa morago kwa tshimologong ya motho kwa tshimong ya Edena. Fa a ne a tlhatlhobisa go bona gore a Adame o tla supa kutlo, Modimo o ne wa mo laela gore a seka a ja loungo lwa setlhare sengwe. Fa ene le Efa ba ne ba ka ja loungo loo, Modimo o ne o ba reile wa re, ba ne ‘ruri ba tla swa.’ (Genesise 2:17) Fa ba ne ba raelwa ke Satane, ba ne ba seka ba utlwa Modimo mme ba palelwa ke teko eo ya botlhokwa. Go ne ga felela ka gore ba swe.
Ke ka ntlhayang fa ba ne ba otlhaelwa molato o o neng o lebega o le monnye jaana? Seo ba se dirileng se ne se le sennye, mme molato o ne o le masisi fela thata—go tsuologa ga batho ba ba itekanetseng, Adame le Efa, kgatlhanong le Mmopi wa bone. Ba ne ba sa tlhole ba itekanetse, mme Modimo o ne wa ba atlholela loso. Lefa go le jalo, Modimo o baakanyeditse gore katlholo eo e e siameng e fetolwe mo baneng ba ga Adame. Jang? Paulo o ne a kwala ka go re “Keresete Yesu . . . o [intshitse] go nna thèkololō ea botlhe.”—1 Timotheo 2:5, 6; Baroma 5:17.
Baswi ba mo Boemong Bofe?
Lasaro o ne a sule ka malatsi a le mane. Fa e le gore o ne o sule mme e le gore eleruri o ne o tshela mo lefelong lengwe la semoya ka malatsi a le mane mme wa tsosiwa, a o ne o ka seka wa batla go bolelela ba bangwe ka gone? Mme Lasaro ga a ka a bua sepe sa gore o ne a ntse a tshela kwa lefelong lengwe. Bibela e bua jaana: “Bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5; Pesalema 146:3, 4.
A o ko o akanye gore seo se ka tswa se raya eng. Dimilione tsa batho di dumela mo pakatoring, lefa lefoko leo le sa tlhage gope mo Bibeleng. Bontsintsi jo bongwe bo dumela mo molelong wa dihele. Lefa go ntse jalo, o ne o ka seka wa tshuba le eleng mmaba wa gago mo molelong ka bosakhutleng. Fa wena o ka seka wa dira selo se se setlhogo jalo, a Mmopi yo o lorato a ka dira jalo ka go bogisa batho mo molelong wa dihele? Mme tswee tswee, a o ko o akanye ka tlhomamisetso e e gomotsang eno ya Bibela e e neng ya umakiwa fa godimo—baswi “ga ba itse sepè.”
Go ya ka Dikwalo, palo ya bao ba tla busang le Keresete kwa legodimong e nnye fela thata. Jesu o ne a ba tlhalosa jaaka “lecomanyane.” (Luke 12:32) Moaposetoloi Johane o ne a bona “Kwana [Jesu Keresete] . . . . a eme mo thabeñ ea Siona [ya selegodimo], a na le batho ba bothousanda ba ba lekgolo le ba mashomè manè le bonè . . . ba ba cwañ go rèkwa mo lehatshiñ.” (Tshenolō 14:1-3) He, seno se raya gore batho ba ba ntseng jalo e kile ya nna batho, ba ne ba swa, mme moragonyana ba ne ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong le Keresete.
Jaaka o ka akanya, batho ba ile ba thusiwa go tlhaloganya boammaaruri jono jwa Bibela—gore ga go na pakatori, lefa e le dihele tse di tukang le gore go na le tsholofelo ya gore batho ba ba suleng ba ka tsosediwa kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, fa e le gore ba ba tsosediwang kwa legodimong ke ba sekae fela, re ka solofela eng ka ba bangwe?
Tsogo ya Selefatshe ya Baswi
Jesu Keresete o ne a bula kana a simolola, tsela ya go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo. (Bahebera 9:24; 10:19, 20) Ka gone, Johane Mokolobetsi ga a kitla a nna le karolo mo tsogong ya selegodimo ka gonne o ne a bolawa pele Jesu a swa le pele a bula tsela ya botshelo jwa selegodimo. Jesu o ne a bua jaana: “Amarure kea lo raea, ka re, Mo go ba ba tsecweñ ke basadi ga goa coga opè eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” (Mathaio 11:11) Ke tuelo efe eo Modimo o e beetseng monna yo o ikanyegang yono le ba bangwe ba ba tshwanang nae ba ba suleng?
Bula Bibela ya gago mo go Luke 23 mme o bale ditemana tsa 39 go ya go 43. Mongwe wa baleofi ba ba neng ba kokotetswe fa thoko ga ga Jesu o ne a re: “Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago.” Jesu o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla nna gone mo Paradaiseng. Eseng kwa legodimong, mme mo lefatsheng la paradaise, le le jaaka Paradaise ya ntlhantlha.
Tsogo—Motswedi wa Kgomotso
Tebelelo e e tlhomamisegang eo ya Bibela e tshwanetse go gomotsa eleruri, jaaka re na le lebaka la go lebelela jalo. Ka ntlhayang? Ka gonne Jehofa o lorato. (1 Yohane 4:8) Fa o ne o letla morwa wa one go swa loso lwa matlhabisa ditlhong jalo, Modimo tota o ne o bontsha nonofo ya one e e gakgamatsang ya lorato. Pelenyana, Jesu o ne a kile a re: “Gonne Modimo o ratile lehatshe [batho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
Jesu le ene o ne a bontsha lorato lo logolo fa a ne a neela botshelo jwa gagwe jaaka thekololo ya batho ba ba dumelang. Ene ka boene o ne a re: “Morwa Motho [o ne] a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
Carolann, yo a neng a umakiwa mo setlhogong sa ntlha jaaka yo o latlhegetsweng ke ba sekae ba a ba ratang mo kotsing e e botlhoko eo, o ne a ikutlwa a robegile ditokololo morago ga foo. Mme o ne a gomodiwa ke go itse gore ba ba rategang bao ba ba suleng ba ne ba sa tlhokofadiwe. O ne a thusiwa ke eng gape go dirisana le seo? Lorato le kutlwelobotlhoko tsa boammaaruri tseo a neng a di bontshiwa ke bakaulengwe ba gagwe ba semoya, Basupi ba ga Jehofa, di ne tsa itshupa e le tse di thusang fela thata.—Pesalema 34:18.
Go rapela Jehofa le gone go ne ga thusa thata. Mo masigong a le mantsi o ne a tlhola a thanya mme a akanya gore seo e ne e le toro fela e e maswe, mme morago a gakologelwe gore go diragetse fela jalo. Go kokotlela Jehofa go ne ga mo thetebatsa, mme o ile a anaanela ka botlalo mafoko ano a a kwadilweng ke Paulo: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
Shirley o re naya sekai se sengwe sa ka moo tsholofelo ya tsogo ya baswi e ka gomotsang ka gone. Morwawe yo mmotlana Riccardo o ne a swa ka tshoganetso fa a ne a welwa ke letlapa le legolo la konkoreite mo mafatlheng, mme le phatloganya pelonyana ya gagwe. Morago ga masetlapelo ano, ka January 1986, Shirley o ne a raya ditsala tsa gagwe a re: “E ne ekete ke a lora.” O ne a kile a utlwa mafoko ano kwa Kerekeng ya Katoliki: “Modimo o tla atlhola batshedi le baswi.” Shirley o ne a simolola go akanya go re, ‘Fa e le gore Modimo o tlile go atlhola batshedi le baswi, jaanong motho a ka itse jang koo batho ba yang gone morago ga loso? Mme fa e le gore ba kwa legodimong, ke ka ntlhayang fa moragonyana a tla ba tsosa a bo a ba atlhola? Mo godimo ga moo, ba ka tsosiwa jang fa e le gore ba a tshela kwa legodimong?’ Ga go gope koo Bibela e umakang tsogo ya batshedi mme e bua fela ka ya baswi.
Shirley o ne a botsa monna wa gagwe ka bothata jono, ereka ene a ne a tlwaelane le Bibela. Fa fela a sena go tlhaloganya seo Dikwalo di se bolelang ka kgang eno, Shirley ga a ise a ko a tlhole a ya kwa kerekeng gape. Mongwe wa balosika lwa gagwe yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola go ithuta Bibela le Shirley le monna wa gagwe ka March 1986, mme ba ne ba kolobediwa go ise go e kae. Jaanong o konela ka go re: “Go itumedisa eleruri go itse boammaaruri, go itse ka tsogo ya baswi, le go itse gore Jehofa ke motho yo o molemo.”
Tsogo ya Baswi—Leng?
Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana.” (Tshenolō 7:9) Lebaka la go bo boidiidi jo bogolo bo ‘eme fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi’ le raya gore ba tlile go tshela mo lefatsheng. (Isaia 66:1) Fa bangwe ba bone ba swa jaanong, ba tla tsosiwa leng? Bibela ga e re neye letlha, mme e tla nna morago ga ntwa e e tlang eo mo go yone Modimo o tla fedisang batho botlhe ba ba sa batleng go tshela ka ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo mo lefatsheng. (2 Bathesalonia 1:6-9) Seno se tla bulela Letsatsi la Katlholo tsela le go tsosiwa ga baswi bao Modimo o ba bonang ba tshwanelwa ke tsogo ya selefatshe. (Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15) Go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela go tlhomamisa gore ditiragalo tseno tse di kgatlhang le tse di gakgamatsang di tla tloga di diragala ka bonako!—Tshenolō 16:14-16.
Barutwa ba ga Jesu ba kile ba mmotsa ba re: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Fa a ba araba, Jesu o ne a umaka dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetsi, le go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng ka bophara.—Mathaio 24:3-14; Luke 21:7-11.
Boperofeti jono jo bo gakgamatsang bo ile jwa nna jwa diragadiwa go tloga ka 1914, fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e tlhagoga. E ne ya bolaya dimilione mme ya baka mauba le ditlala mo dinageng tse dintsi. Seemo sa lefatshe mo Ntweng ya Lefatshe II le morago ga yone se ne se le maswe fela thata.
Mabapi le dikgogodi tsa bolwetsi, bontsi bo akanya gore AIDS ke sekai se se tlhomologileng. “Kgogodi eno ya bolwetsi e aname fela thata, ebile e diphatsa mo e leng gore baitseanape ba e bapisa le Loso lo Lontsho lo lo ileng lwa bolaya kwatara ya baagi ba Yuropa mo lekgolong la bo-somenne la dingwaga.”—Reader’s Digest, June 1987.
Mo ponong ya dilo tse di tshosang tseo tsa gone jaanong, abo tsogo ya baswi e tla nna tiragalo e e gakgamatsang jang ne! E tla nna nako ya boitumelo jo bogolo fa malapa ao a kgaogantsweng ke loso, jaaka la ga Carolann le Shirley, a tla bong a kopanngwa ka yone! Ka phepafalo, tsela e e botlhale e mongwe le mongwe wa rona a ka e tsayang jaanong ke go dumalanya matshelo a rona le go rata ga Modimo mme ka gone re dira gore re tshwanelegele go nna gone fa baswi ba tla bo ba tsosiwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bibela e bolela gore fela jaaka setlhare se ka kgaolwa mme se bo se tlhoga gape, Modimo o ka tsosa baswi ba a ba gakologelwang.—Yobe 14:7-9, 14, 15