Dilo tsa Botlhokwa go Tswa Efangeleng ya ga Mareko
MOYA wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa Mareko go kwala ditiragalo tseno tsa botshelo le bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Lefa Efangele eno e sa bolele gore e kwadilwe ke Mareko, go na le bosupi jwa seno mo dibukeng tsa ga Papias, Justin Martyr, Tertullian, Origen, Eusebius, Jerome, le ba bangwe bao dikwalo tsa bone di simolotseng ka dingwaga-kgolo tsa ntlha tse nnè tsa Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng.
Go ya ka tlwaelo, moaposetoloi Petere o ne a naya tshedimosetso ya motheo ya Efangele eno. Ka sekai, Origen o bolela gore Mareko o ne a kwala “go ya ka ditaolo tsa ga Petere.” Mme go lebega Mareko a ne a na le metswedi e mengwe gape, ka go bo barutwa ba ne ba kopanela mo ntlong ya ga mmaagwe. Ebile-tota, ereka go lebega Mareko e ne e le ene “lekau” leo le ileng la falola mo go bao ba neng ba tshwara Jesu, a ka nna a bo a ile a kopana le Keresete ka boene.—Mareko 14:51, 52; Ditihō 12:12.
E Kwaletswe Bomang?
Go lebega Mareko a ne a kwala a akantse ka babadi ba Baditšhaba. Ka sekai, mokwalo wa gagwe o mokhutshwane o tshwanela Baroma. O ne a tlhalosa “korebana” jaaka ‘neo e e ntshediwang Modimo’ (7:11) mme a bontsha gore tempele e ne e ka bonwa go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware. (13:3) Mareko gape o ne a tlhalosa go “ikitsa go ya” ga Bafarasai le ‘go latola tsogo ya baswi’ ga Basadukai. (2:18; 12:18) Go ne go sa tlhokege gore go ka dirwa dikakgelo tse di ntseng jalo mo babading ba Bajuda.
Legale, go bala Efangele ya ga Mareko go ka solegela mongwe le mongwe molemo. Mme ke dikarolo dife tsa motheo tseo di ka re thusang go lemoga dingwe tsa dilo tse di botlhokwa tsa yone?
Morwa Modimo Modiri wa Dikgakgamatso
Mareko o tlotla ka dikgakgamatso tseo Keresete a di dirileng ka maatla a Modimo ka boleele. Ka sekai, ka nako nngwe go ne go na le bontsintsi jwa batho mo ntlong mo eleng gore go re motho yo o tshwerweng ke teteselo a fodisiwe, o ne a tshwanelwa gore a tlisiwe kwa go Jesu ka phatlha e e phuntsweng mo ditlhomesong tsa ntlo. (2:4) Ka gonne ntlo e ne e tletse thata, monna yoo a ka nna abo a ne a isiwa kwa godimo ka lere kana ka ditepise tsa ka kwantle. Mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba tshwanela go phunya ditlhomeso? Ebu, bontsi jwa borulelo bo ne bo le sephaphathi bo bile bo pegilwe mo dikoteng tseo di neng di beilwe mo godimo ga mabota. Go kgabaganya dikota tseno go ne go na le ditlhomeso tseo di neng di apesitswe ka dikala, matlapa, le dilo tse di tshwanang le tseo. Mo godimo go ne go dilwa ka mmu oo o neng o ritetswe ka mmopa kana mmopa le kalaka. Ka gone, go dira gore motho yo o tshwerweng ke teteselo a bonwe ke Jesu, banna bano ba ne ba tshwanela gore ba epe borulelo jono jwa mmu. Mme abo a ile a nna lesego jang ne morago ga gore ba dire jalo! Keresete o ne a fodisa monna yoo, mme botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba baka Modimo. (2:1-12) Abo seno se re tlhomamisetsa jang ne gore Morwa Modimo o tla dira diphodiso tse di gakgamatsang mo lefatsheng je lesha!
Jesu o ne a dira nngwe ya dikgakgamatso tsa gagwe a le mo mokorong fa a ne a kgalemela setsuatsue mo Lewatleng la Galilea morago ga gore a tsosiwe fa a ne a robetse mo “mosamoñ.” (4:35-41) Go lebega mosamo e ne e se wa mofuta o o boleta jaaka o o samiwang gompieno mo bolaong. E ka nna ya bo e ne e le wulo eo batsamaisa-mekoro ba neng ba nna mo go yone kana setshegetsi kana mosamo o go neng go nniwa mo go one jaaka setulo kwa morago. Lefa go le jalo, fa Jesu a ne a raya lewatle a re, “Kgaotsa, u sisibalè,” bao ba neng ba le foo ba ne ba bona bosupi jwa go dira ga tumelo, ka go bo “phehō [e ne] ea khutla, ga ba ga nna tuulalō e kgolo.”
Bodihedi kwa Dekapolisi
Fa a kgabaganya Lewatle la Galilea, Jesu o ne a tsena mo Dekapolisi, kana kgaolo ya metsemegolo e e lesome. Lefa metsemegolo eno kwantle ga pelaelo e ne e na le baagi ba bantsi ba Bajuda, e ne e le boremelelo jwa dingwao tsa Bagerika kana tsa batho ba ba buang Segerika. Jesu o ne a golola monna mongwe yo a neng a tsenwe ke moya wa badimona yoo ‘boago jwa gagwe e neng e le mo mabitleng’ gone koo, mo nageng ya Bagerasena.—5:1-20.
Ka dinako dingwe, mabitla ao a neng a gabilwe mo matlapeng e ne e le bonno jwa ditsenwa, dinokwane, kana bonno jwa batho ba ba humanegileng. (Bapisa Isaia 22:16; 65:2-4.) Go ya ka buka ya lekgolo la bo-19 la dingwaga, moeng mongwe mo nageng eo Jesu a neng a kopana le motho yo o tsenweng ke badimo yono gone o ne a bua jaana ka ntlo ya go nna jalo: “Lebitla le ne le ka nna boleele jwa [dimitara di le 2,5] mo teng, jaaka go ne go na le mokgokolosa o o boteng go tswa kwa kgorong ya letlapa go fitlha kwa boalong. Bogolo jwa yone e ne e ka nna maoto a a menaganeng gabedi a a lesome le bobedi; mme, ereka go ne go sena lesedi lepe leo le neng le ka tsena mo teng fa e se ka kgoro fela, re ne re sa kgone go bona gore a go ne go na le kamorenyana mo teng jaaka a mangwe a ne a na le tsone. Go ne go santse go na le lekese la letlapa mo teng, mme seno se ne se dirisiwa ke lelapa jaaka bobeelo jwa mabele le dijo tse dingwe, mo eleng gore lebitla leno la baswi jaanong le ne le fetogile lefelo la bonno leo le sireletsegileng, le le tsiditsana, le leo le siametseng batshedi.”
Jesu le Ngwao
Ka nako nngwe, Bafarisai le bakwadi bangwe ba ne ba ngongoregela gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba ja ba sa tlhapa diatla. Go thusa babadi ba Baditšhaba, Mareko o ne a tlhalosa gore Bafarisai le Bajuda ba bangwe ‘ba ne ba sa je fa ba sa tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong.’ Fa ba boa go tswa kwa borekisetsong, ba ne ba ja fela morago ga go tlhapa le go ikgatsha, ka metsi mme dingwao tsa bone di ne di kopanyeletsa “go tlhacwa dinwèlō, le dipitsana, le diyana tsa kgōtlhō.”—7:1-4.
Kwantle ga go ikgatsha ka metsi e le go intlafatsa pele ba ja, Bajuda bano ba ne ba kolobetsa kana ba tsenya mo metsing, dinwelo, dipitsana, le dijana tsa kgotlho tseo ba neng ba di dirisa fa ba ja. Go bontsha ka moo ba neng ba tshwerwe ke ngwao ka gone go supiwa ke mokanoki John Lightfoot. Fa a bua ka ditiro tse dingwe tsa baruti bao, o ne a bontsha gore ba ne ba tlhokomela thata dilo tse dinnye tse di tshwanang le gore metsi a ne a le kana kang, mokgwa, le nako eo e neng e tsewa fa go tlhatswiwa. Lightfoot o ne a tsopola motswedi mongwe o o bontshang gore Bajuda bangwe ba ne ba tlhapa ka kelotlhoko pele ba ja gore ba seka ba gobadiwa ke Shibta, “moya mongwe o o maswe o o nnang mo diatleng tsa banna bosigo: mme fa a ne a ka tshwara dijo ka diatla tse di sa tlhapiwang, moya oo o nna mo dijong tseo, mme seo se ne se le kotsi.” Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a kgala bakwadi le Bafarisai ka go re ‘ba tlogetse taolo ya Modimo mme ba tshegeditse mekgwa ya batho fela’!—7:5-8.
Bodihedi jwa Bofelo jwa ga Jesu jwa Phatlalatsa
Morago ga go bega ka bodihedi jwa moragonyana jwa ga Jesu kwa Galilea le tiro ya Gagwe kwa Perea, Mareko o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo ditiragalong tsa mo Jerusalema le mo tikologong ya yone. Ka sekai, o ne a bolela ka nako ya fa Keresete a ne a lebeletse batho ba ba neng ba latlhela madi mo matloleng a tempele. Jesu o ne a bona motlholagadi mongwe yo o humanegileng a ntsha ‘madinyana a le mabedi a boleng jo bo kwa tlase.’ Lefa go le jalo, o ne a bolela gore o ne a ntshitse go feta ba bangwe, ka gonne bone ba ne ba ntsha mo letlotlong la bone, fa “èna [a] tsentse ga lehuma ya gagwè.” (12:41-44) Go ya ka temana ya Segerika, o ne a ntshitse di-lepta tse pedi. Lepta ke ledi le lennye la Sejuda la koporo kana la boronse, mme boleng jwa lone jwa madi ga bo sa tlhole bo le kalo gompieno. Mme mosadi yono yo o humanegileng o ne a dirile seo a neng a ka se kgona, a baya sekao se se molemo sa go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri.—2 Bakorintha 9:6, 7.
Jaaka bodihedi jwa ga Jesu bo ne bo ya kwa bokhutlong, o ne a botsolotsiwa ke Ponto Pilatwe, yo leina la gagwe le sereto “molaodi” le tlhagelelang mo dikwalong tse di fitlhetsweng kwa Kaesarea ka 1961. Mo mafelong a a kwantle jaaka Judea, mmusi (molaodi) o ne a laola masole, a tlhokomela ditsamaiso tsa madi, a bile a direla jaaka moatlhodi wa ditsheko. Pilatwe o ne a na le thata ya go golola Keresete, mme o ne a ineela mo babeng ba ga Jesu mme a batla go kgotsofatsa boidiidi jwa batho ka go mo ba neela gore ba mmapole mme a golola Barabase wa mmolai.—15:1-15.
Go na le dingwao tse di farologaneng tse di malebana le botshelo jwa ga Pilatwe jwa moragonyana le loso lwa gagwe. Ka sekai, raditiragalo Eusebius o ne a kwala jaana: “Pilatwe ka boene, mmusi wa motlha wa Mogolodi wa rona, o ne a kopanyelediwa mo dilong tse di utlwisang botlhoko tseo a neng a patelesega go ipolaya le go ikotlhaya ka letsogo la gagwe: go lebega, tshiamiso ya bomodimo, e ne ya diragadiwa ka bonako mo go ene.” Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore go ne go ka nna jalo, loso lwa ga Jesu lo ne lo le botlhokwa thata. Moofisiri (moalodi) mongwe wa Roma yo a neng a bona loso lwa ga Jesu ka matlho gammogo le ditiragalo tse di tlhomologileng tseo di neng di diragala ka nako eo o ne a bua boammaaruri eleruri fa a ne a re: “Rure monna eo, e ne e le Morwa Modimo.”—15:33-39.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Israel Department of Antiquities and Museums; photograph from Israel Museum, Jerusalem