Molao wa Seka-gauta—Ke ka Ntlhayang fa o Santse o ka Dirisiwa?
GOUTA ya mmatota ga e ke e latlhegelwa ke boleng, jalo dibenya tseo di dirilweng ka gouta di anaanelwa di bile di tsewa di le botlhokwa. Go na le go latlha didirisiwa tse di senyegileng tsa gouta, babetli ba dilwana tsa gouta ba tlhabolola tshipi eno e e tlhwatlhwa-kgolo go e dira go nna dilo dingwe tse disha ka gonne gouta ga e latlhegelwe ke boleng.
Ka mo go tshwanang, lefa Jesu a ne a bua Molao wa Sekagouta dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng, boleng jwa one ga bo a latlhega. Ka go o tlhatlhoba, kana go sekaseka mabaka a go bo o ka dirisiwa, re kgona go lemoga botlhokwa jwa one mo go rona gompieno.
Fa Jesu a ne a re naya Molao wa Sekagouta o o reng, “cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo,” o ne a oketsa ka go re: “Gonne mo ke molaō le baperofeti.” (Mathaio 7:12) Barutwa ba ga Jesu le ba bangwe bao ba neng ba mo reeditse ba ne ba tlhaloganya seno jang?
“Seo se Kaiwang ke Molao le Baperofeti”
“Molao” o ne o supela go mekwalo ya bogologolo e e neng e dira dibuka tsa ntlha tsa Bibela, go tloga ka Genesise go fitlha ka Duteronome. Tseno di senola boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhagisa losika loo lo neng lo tlile go nyeletsa bosula. (Genesise 3:15) Dibuka tseo tsa ntlhantlha tsa Bibela di ne di kopanyeletsa Molao, kana setlhopha sa melao, seo Jehofa a neng a se naya morafe wa Iseraele le seo Moshe e neng e le motsereganyi wa sone ka 1513 B.C.E. kwa Thabeng ya Sinai.
Molao wa bomodimo o ne o tlhaola Baiseraele mo merafeng e e neng e ba dikologile ya baheitane, mme Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go dira sepe seo se neng se ka baya boemo jwa bone fa pele ga Modimo mo kotsing. E ne e le batho ba gagwe ba ba kgethegileng mme ba ne ba tshwanetse go nna ba ntse jalo gore ba amogele masego a gagwe. (Ekesodo 19:5; Duteronome 10:12, 13) Mme mo godimo ga dilo tseo ba neng ba tshwanetse go di direla Modimo, Molao wa ga Moshe o ne o naya Baiseraele boikarabelo jwa go direla bajaki ba ba mo Iseraele molemo. Ka sekai, o ne o bolela go re: “Moeñ eo o yakileñ mo go lona, a a nnè go lona yaka eo o tsalecweñ mo go lona, u mo ratè yaka u ithata; ka gonne lo no lo le baeñ mo lehatshiñ ya Egepeto: Ke nna Yehofa Modimo oa lona.” (Lefitiko 19:34) Mo metlheng ya dikgosi tsa Iseraele, bajaki ba ne ba ipelela ditshiamelo tse dintsi, jaaka go tsaya karolo mo go agiweng ga tempele ya Modimo kwa Jerusalema.—1 Ditihalō 22:2.
Molao o Baiseraele ba neng ba o neilwe o ne o thibela boaka, go bolaya, go utswa le bopelotshetlha. Ditaolo tseno, gammogo le ‘molao ope fela o o leng gone,’ di ka sobokanngwa ka molao ono, “Rata oa ga eno yaka u ithata.” Moaposetoloi Paulo o ne a oketsa jaana: “Loratō ga lo dihele oo ra motho boshula: me ke gōna, loratō ke tihahaco ea molaō.”—Baroma 13:9, 10.
Fa e le gore Molao e ne e le motheo wa Molao wa Sekagouta, go tweng ka “baperofeti”?
Dibuka tsa boperofeti tsa Dikwalo tsa Sehebera ka go tshwana di tlhomamisa go dirisiwa ga Molao wa Sekagouta. Di supa Jehofa jaaka Modimo o o diragatsang boikaelelo jwa one ka boikanyegi. O segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang bao, lefa ba sa itekanela, ba lekang go dira go rata ga gagwe le go bontsha boikwatlhao jwa boammaaruri mo ditirong tsa bone tsa boganana. “Tlhapañ, lo intlahatsè: tlosañ boshula yoa ditihō tsa lona ha pele ga matlhō a me; bakèlañ go diha boshula: Ithuteñ go diha sentlè; batlañ katlholō, siamisetsañ bapatikwi, atlholèlañ masièla, sekèlañ mosadi eo motlhōlagadi.”—Isaia 1:16, 17.
Fa batho ba Modimo ba ne ba direla ba bangwe gammogo le Modimo molemo, Jehofa o ne a ba tlhomamisetsa gore o tla ba tshegetsa. “Go bua yana Yehofa, a re, Bolokañ katlholō, lo dihè tshiamō; . . . Go segō motho eo o dihañ mo, le morwa motho eo o go chwarañ thata.”—Isaia 56:1, 2.
Keresete o Kaela Phuthego ya Gagwe
Keresete o ne a tlile go diragatsa Molao le Boperofeti, mme fa esale ka nako ya gagwe, maikaelelo a ga Jehofa a goyagoile a ntse a a tswelela. (Mathaio 5:17; Baefesia 3:10, 11, 17-19) Molao wa bogologolo wa ga Moshe o ne wa emisediwa ka kgolagano e ntšha, eo e kopanyeletsang Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bajuda le ba Baditšhaba. (Yeremia 31:31-34) Lefa go ntse jalo, phuthego ya Bakeresete ya motlha wa rona e santse e latela Molao wa Sekagouta. Mme mabaka a a oketsegileng a go amogela go dira ga molao oo ke ano: Keresete ke Tlhogo ya phuthego ya Bakeresete ba segompieno. Ga a ise a fetole ditaolo tsa gagwe. Kgakololo eo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e santse e dira.
Pele a tloga mo lefatsheng leno, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire batho ba merafe yotlhe barutwa le go ba ruta go ‘tlhokomela dilo tsotlhe tse a di ba laoletseng.’ Taolo eo e ne e akareletsa Molao wa Sekagouta. Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:19, 20.
Jesu o ne a laela jaana jaaka go kwadilwe mo go Luke 6:31: “Me hèla yaka lo rata batho ba lo dihèla, le lona lo ba dihèlè hèla yalo.” Abo Jesu a tlhomile sekao se se molemo jang ne sa go tsaya kgato pele go direla ba bangwe molemo!
Ka nako ya bodihedi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, Jesu o ne a elatlhoko dilo tseo batho ba neng ba di itshokela, mme o ne a ba utlwela botlhoko. Mo loetong longwe lwa gagwe lwa go rera, o ne a bona boidiidi jwa batho mme a bo tlhomogela pelo. Mme mo godimo ga moo, o ne a dira dithulaganyo tsa go ba thusa. Jang? Ka go rulaganya tiro e kgolo ya go rera eo e neng e tla isa barutwa ba gagwe kwa matlong a batho bao. Jaaka a ne a ba laela jaana: “Leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsènañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna; me lo nnè hoñ, go tlo go tsamaeè lo cwè gōna.” Go bontsha gore tiro eno e ne e tla tshegediwa le go segofadiwa ke Rraagwe go bonala mo mafokong ano a a latelang a ga Jesu: “Eo o cholañ lona o chola nna, le eo o cholañ nna, o chola èna eo o nthomileñ. . . . Me leha e le mañ eo o tla naeañ moñwe oa babōtlana ba, leha e ka bo e le metse a tsididi hèla ka senwèlō, ka leina ya me, amarure kea lo raea, ga a ketla a latlhègèlwa ke tuèlō ea gagwè ka gopè.”—Mathaio 9:36–10:42.
Go bontsha gore Molao wa Sekagouta o raya kgato ya go direla ba bangwe go bonala mo go seo Jesu a neng a se bua ka nako nngwe: “Me ha lo rata ba ba lo ratañ, lo bo lo na le tebogō ehe? gonne baleohi le bōnè ba rata ba ba ratañ bōnè. Me ha lo dihèla bōnè molemō ba ba lo dihèlañ molemō, lo bo lo na le tebogō ehe? gonne baleohi le bōnè ba diha hèla yalo. Me lona, ratañ baba ba lona, ba dihèl[e]ñ molemō . . . me tuèlō ea lona e tla nna kgolo.” (Luke 6:32, 33, 35) Go tshegetsa Molao o o santseng o tlhomame wa Sekagouta go tla felela ka go re tlhotlheletsa go tsaya kgato pele go direla le eleng batho ba re sa ba itseng molemo.
O Santse o Dirisiwa, O Santse o Dira
Gongwe bosupi jo bo kgaolang kgang jwa gore Molao wa Sekagouta o santse o dirisiwa bo bonwa go tswa mo maitemogelong a mmatota a bao ba tshelang ka one. Bakeresete bao letsatsi le letsatsi ba itshwarang go dumalana le molao wa Modimo ba bona boipelo, gantsi le masego a a sa lebelelwang. Ka go nna le maitseo le go nna bonolo mo badiring ba tlileniki eo a neng a tsamaya kwa go yone, mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a fitlhela gore o ne a solegelwa molemo ke tsela eo baoki le dingaka di neng di tsaya matsapa ka gone go mo tlhokomela.
Basupi ba ga Jehofa bao ba tsayang karolo mo dithulaganyong tsa go aga Diholo tsa Bogosi ka bonako ba ka supa go dira ga Molao wa Sekagouta. Go etela ka bopelonomi batho ba ba nnang gaufi le koo go agiwang gone go ba itsise ka seo se tlileng go dirwa gantsi go dira gore ba arabele sentle. Batho bao pele ba neng ba ganetsa Basupi jaanong ba kgona go bona gore ba direla baagelani ba bone molemo, mme ba kgona go iponela ka matlho tsela eo batho ba Modimo ba dirisanang mmogo ka gone mo tirong. Go felela ka gore bangwe ba thuse mo tirong ya go aga ka tlhamalalo kana ka didirisiwa.—Bapisa Sekaria 8:23.
Fa Mosupi mongwe wa Mo-Iran yo o nnang kwa Lontone, kwa Ennyelane, a ne a reka dijo mo lebenkeleng lengwe, mong wa lebenkele o ne a mo tlhapatsa gonne e ne e le motho wa naga esele. Kwantle ga go kgobega marapo, Mosupi o ne a mo tlhalosetsa ka bonolo le ka botlhale gore ene jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a sena maikutlo ape a a bosula ka batho ba merafe e mengwe. Go na le moo, o ne a etela batho botlhe mo tikologong ka molaetsa wa Bibela. Ga felela jang? Mong wa lebenkele o ne a tsenyetsa Mosupi yoo dijo tse di oketsegileng tse di monate mo otorong ya gagwe.
Legale, Molao wa Sekagouta ga o felele fela ka ditiro tse dinnye tseo tsa bopelonomi. Eleruri, tshupo e kgolo ya one ke molemo oo Basupi ba ga Jehofa ba o dirang mo lefatsheng lotlhe ka go etela magae a baagelani ba bone ka metlha ka molaetsa wa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
Go Tshela ka Molao wa Sekagouta
Go dirisa Molao wa Sekagouta go raya go tlhokomela ba bangwe. Ke molao o o siameng. O tla tshwanelwa ke gore o batle se o ka se direlang ba bangwe ba ba leng mo tikologong ya gago. Senka mme o amege thata, ka go kgatlhegela ba bangwe! (Bafilipi 2:4) Ka go dira jalo, o tla iponela masego a magolo. O tla bo o latela kgakololo eno ya ga Jesu: “A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:16) Mo godimo ga moo, Jehofa o tla nna Moduedi wa gago jaaka o mmatla ka tlhoafalo mme o tshela ka Molao wa Sekagouta letsatsi le letsatsi.—Bahebera 11:6.