Melao e e Lesome e Kaya eng mo go Wena?
MO E ka nnang dikgwedi tse tharo morago ga go gololwa ga bone kwa Egepeto ka 1513 B.C.E., Baiseraele ba ne ba thibelela fa pele ga Thaba ya Sinai mo nageng. A laleditswe ke Jehofa, moperofeti Moshe o ne a tlhatlogela kwa thabeng mme a utlwa Modimo o solofetsa gore O tla dira morafe wa Iseraele ‘batho ba gagwe ba ba kgethegileng mo gare ga merafe yotlhe.’ Moshe o ne a bolelela batho seno ka banna ba bagolo mo morafeng. “Me batho botlhe ba hetolèla goñwe, ba re, Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.”—Ekesodo 19:1-8.
Morago ga foo, Modimo o ne wa bolelela Moshe Melao e e Lesome ka phepafalo, a simolola melao eno ka kakgelo e e reng: “Ke nna Yehofa Modimo oa gago, eo ke gu ntshitseñ mo lehatshiñ ya Egepeto, mo tluñ ea botlhanka.” (Ekesodo 20:2) Dikaloko eno e ne e le ya Baiseraele, bao ba neng ba bolelelwa jaana mo Molaong wa Ntlha: “U se ka ua nna le medimo epè e sele ha e se nna.”—Ekesodo 20:3.
Morago ga foo, Jehofa o ne a naya Baiseraele ditaolo dingwe gape tsa bomodimo ka Moshe. (Ekesodo 20:4–23:19) Fa e kopane yotlhe, e dira melao e le 600. Mme abo go ne go kgatlhisa jang ne go lemoga gore moengele wa Modimo o ne a tsamaya kwa pele ga morafe oo go baakanya tsela e e tsenang mo Lefatsheng le le Solofeditsweng! (Ekesodo 23:20-22) Jehofa o ne a bolela gore: “Bōna, ke diha kgōlaganō: ha pele ga batho botlhe ba gago ke tla diha dikgakgamacō, tse di e señ di ke di dihwe mo lehatshiñ yeotlhe, leha e le mo morahiñ opè: me batho botlhe ba u mo go bōnè ba tla bōna tihō ea ga Yehofa, gonne se ke se dihañ nau sea boitshèga.” Mo godimo ga moo, ke eng seo Modimo o neng o se batla mo bathong ba gagwe? “U tshegetsè se ke se gu laolèlañ gompiyeno.” Ee, ba ne ba tshwanetse go obamela melao le melao-metheo ya ga Jehofa.—Ekesodo 34:10, 11.
Seo Melao E E Lesome E Neng E Se Kaya mo Baiseraeleng
Ka go bo ba ne ba bone tshireletso ya bomodimo fa ba ne ba tswa mo botshwarong kwa Egepeto, Baiseraele ba ne ba simolola go tlhaloganya leina la Modimo sesha. Jehofa o ne a nnile Mogolodi wa bone. (Ekesodo 6:2, 3) Ka gone, molao wa boraro o ne wa nna le bokao jo bo kgethegileng mo go bone, jaaka ba ne ba thibelwa gore ba seka ba tsaya leina la Modimo jaaka selo se se senang mosola wa sepe.—Ekesodo 20:7.
Mme go tweng ka molao wa bonè, o o neng o amana le letsatsi la Sabata? Molao ono o ne o supa botlhokwa jwa go tlotla dilo tse di boitshepo, jaaka Jehofa a ne a supile pele fa a ne a tlhoma ‘boikhutso jo bo masisi, sabata’ malebana le go amogelwa ga mana. (Ekesodo 16:22-26) Ka gonne Baiseraele ba bangwe ba ne ba se bofefo go utlwa, Jehofa o ne a ba gakolola ka phepafalo gore o ne a ba neile taolo eo. “Bōnañ, ereka Yehofa a lo neile sabata, . . . Yalo batho ba ikhutsa ka letsatsi ya boshupa.” (Ekesodo 16:29, 30) Moragonyana, Jehofa o ne a bontsha ka moo thulaganyo eno ya gagwe e neng e kgethegile ka gone, ka go bua jaana: “Ke seshupō gare ga me le bana ba Iseraela ka bosakhutleñ.”—Ekesodo 31:17.
He, tlhokomela molao ono o o sa tshwaneng le ope wa bolesome, o o thibelang bopelotshetlha. Ono ke molao oo go seng motho ope yo a neng a ka o tlhoma. Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ikarabelela mo Modimong wa gagwe, Jehofa, yoo a neng a sekaseka dipelo go bona boikaelelo jwa motho.—Ekesodo 20:17; 1 Samuele 16:7; Yeremia 17:10.
Pono e e Baakantsweng
Jesu Keresete, yo a neng a tsholelwa mo morafeng wa Iseraele, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka loa itlhoma, go re, ke tsile go senya molaō leha e le baperofeti: ga kea tla go senya, ha e se go tlhōmamisa hèla.” (Mathaio 5:17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Gonne molaō, . . . o no o na le moruti hèla, oa dilō tse di molemō tse di ne di tla, e señ sechwanō sa dilō sebele.” (Bahebera 10:1) Fa o ne o le Mohebera yo o sokologetseng mo Bokereseteng, o ka bo o ne wa tlhaloganya dikakgelo tseno jang? Maloko mangwe a phuthego ya pele ya Bokeresete a ne a dumela gore melao yotlhe e e makgolokgolo eo Modimo o e neileng ka Moshe, go akareletsa le Melao e e Lesome e ne e santse e ka dirisiwa. Mme a pono eo e ne e siame?
Tlhokomela mafoko ano a ga Paulo ao a neng a ya go Bajuda ba ba neng ba fetogile Bakeresete ba kwa nageng ya Galatia: “Rona, ereka re le Bayuda tlholegoñ, me re se baleohi ba Badichaba, Leha go nntse yalo re nntse re itse ha motho a sa siamisiwe ka ditihō tsa molaō, ha e se ka tumèlō mo go Yesu Keresete, le rona ra dumèla mo go Keresete Yesu, gore re siamisiwè ka tumèlō mo go Keresete, me e señ ka ditihō tsa molaō: gonne ga go motho opè eo o ka siamisiwañ ka ditihō tsa molaō.” (Bagalatia 2:15, 16) Eleruri, go nna le boemo jo bo siameng le Modimo go ne go sa ikaega ka go obamela Molao wa ga Moshe ka botlalo, ka go bo seo se ne se sa kgonege fa batho ba santse ba le mo boemong jwa bosaitekanelang. Paulo o ne a oketsa jaana: “Gonne botlhe ba e leñ ba ditihō tsa molaō ba mo phucoñ: gonne go kwadilwe, ga twe, Go hutsegile moñwe le moñwe eo o sa nneleñ rure mo diloñ cotlhe tse di kwadilweñ mo lokwaloñ loa molaō, go di diha. . . . Keresete o re rekolotse mo phucoñ ea molaō, ka a dihegile phutsègō mo boemoñ yoa rona.”—Bagalatia 3:10-13.
Fa e le gore balatedi ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba sa tlhole ba le kafa tlase ga phutso ya Molao, a go na le Bakeresete bape ba ba neng ba patelesega go obamela melao yotlhe e e neng e neilwe Baiseraele? Paulo o ne a kwalela Bakolosa jaana: “[Modimo] o re ichwaretse ditlolō cotlhe tsa rona; Oa senya lokwalō loa kgolegō lo lo kwadilweñ mo melaoñ, lo lo re pègañ molato loa re sekisa: me o lo tlositse, oa lo kōkōthèla mo mokgoroñ [wa ga Keresete].” (Bakolosa 2:13, 14) Kwantle ga pelaelo, Bakeresete ba bantsi ba pele ba ne ba tlhoka go baakanya megopolo ya bone le go lemoga gore ba ne ba “golocwe mo molaoñ.” (Baroma 7:6) Ka go bontsha tumelo mo losong lwa ga Jesu lwa setlhabelo, loo lo neng lwa khutlisa Molao mme lwa bulela tsela go tlhomiwa ga “kgōlaganō e ncha” e e neng e boleletswe pele, ba ne ba nna le tebelelo ya go nna le boemo jo bo siameng le Jehofa.—Yeremia 31:31-34; Baroma 10:4.
Seo e se Kayang mo go Rona
A seno se raya gore Melao e e Lesome, e e leng karolo ya motheo ya Molao, e latlhegetswe ke bokao jotlhe jwa yone mo Bakereseteng? Eleruri nnyaa! Lefa Melao e e Lesome e sa bofe Bakeresete kafa molaong, melao eno e santse e tswelela go re naya ditaolo tse di utlwalang, fela jaaka melao e mengwe ya Molao wa ga Moshe. Ka sekai, Jesu o ne a bolela gore melao e mebedi e megolo ke go rata Modimo le moagelani. (Lefitiko 19:18; Duteronome 6:5; Mathaio 22:37-40) Fa a ne a gakolola Bakeresete ba Baroma, Paulo o ne a tsopola molao wa borataro, wa bosupa, wa borobedi, le wa bolesome, a bo a oketsa ka go re: “Leha go ka bo go le molaō moñwe o sele, go shobokancwe mo lehokuñ ye, ya go re, Rata oa ga eno yaka u ithata.”—Baroma 13:8, 9.
Jalo he, jaaka karolo ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, Melao e e Lesome e na le boikaelelo bofe gompieno? E senola pono ya Modimo ka dilo. (2 Timotheo 3:16, 17) Tlhokomela ka moo e dirang seno ka gone.
Melao ya ntlha e menè e tlhomolola boikarabelo jwa rona mo go Jehofa. (Wa ntlha) Ke Modimo o o santseng o batla go boifiwa ka botlalo. (Mathaio 4:10) (Wa bobedi) Ga go ope wa baobamedi ba gagwe yo o tshwanetseng go dirisa ditshwantsho. (1 Yohane 5:21) (Wa boraro) Go dirisa ga rona leina la Modimo go tshwanetse ga nna go go siameng go bile go na le seriti, le ka motlha go seka ga mo tlontlolola. (Yohane 17:26; Baroma 10:13) (Wa bonè) Dilo tse di boitshepo e tshwanetse ya nna tsone selo se segolo mo botshelong jwa rona. Seno se re kgonisa gore re ikhutse, kana ‘re nne mo Sabateng,’ go tswa mo tseleng ya go ipona re siame.—Bahebera 4:9, 10.
(Wa botlhano) Go utlwa ga bana batsadi ba bone go tswelela pele go nna motheo wa kutlwano ya lelapa, o o ba tlisetsang tshegofatso ya ga Jehofa. Mme abo “taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco” e re naya tsholofelo jang ne! Ga se fela gore “go tlè go nnè molemō mo go wèna,” mme gape ke gore “u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” (Baefesia 6:1-3) Ka go bo jaanong re le mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya jaanong e e boikepo ya dilo, go nna kutlo go go ntseng jalo ga bomodimo go naya batho ba babotlana tebelelo ya go seka ba tlhola ba swa.—2 Timotheo 3:1; Yohane 11:26.
Go rata moagelani wa rona go tla re thibela gore re seka ra mmakela kutlobotlhoko ka ditiro tse di boikepo tse di jaaka (Wa borataro) go bolaya, (Wa bosupa) boaka, (Wa borobedi) go utswa, (Wa borobong) go supa ka maaka. (1 Yohane 3:10-12; Bahebera 13:4; Baefesia 4:28; Mathaio 5:37; Diane 6:16-19) Mme go tweng ka maikaelelo a rona? Molao (Wa bolesome), oo o leng kgatlhanong le bopelotshetlha, o re gakolola gore Jehofa o batla gore maikaelelo a rona ka metlha e bo e le a a siameng mo matlhong a gagwe.—Diane 21:2.
Abo re bona bokao jo bogolo jang ne mo Melaong e e Lesome! E thailwe mo melaometheong ya bomodimo eo le ka motlha e se kitlang e felelwa ke nako, mme re tshwanetse go e tseela kwa godimo jaaka dikgakololo tse di botlhokwa tota tsa tshwanelo ya rona ya go rata Modimo le moagelani.—Mathaio 22:37-39.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Loso lwa ga Jesu lo ne lwa khutlisa Molao, o o neng o akareletsa Melao e e Lesome e e neng ya newa Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai