Ke ne ka Palama Thaba e Ntle go di Gaisa Tsotlhe
KE TSHOLETSWE ka ba ka godisediwa kwa toropong e nnye mo dithabeng kwa Botlhaba jwa Yuropa. Batsadi ba me e ne e le Baroma Katoliki, mme ba ne ba sa mpatelele go ya kerekeng, le kwa gae re ne re sa rapele mmogo kana gone go bua ka bodumedi. Jalo, jaaka batho ba bantsi ba babotlana, ke ne ke senya nako ya me le maatla mo metshamekong, mo thutong, le go eta.
Mo toropong ya rona, go ne go na le setlhopha sengwe sa bao ba neng ba palama dithaba seo se neng se eteletswe pele ke monna yo o bonolo, yo o nang le boitemogelo yo a neng a itse go le gontsi ka dithaba. Ke a mo leboga, ka go bo ke ne ka nna mopalami yo o setswerere wa dithaba. Ke ne ke le dingwaga di le 18 ka nako eo, mme go ise go ye kae ke ne ke kgatlhegela mafelo a mantle a a bonalang go tswa kwa godimo kwa ditlhoeng, go itumelela go ipona ke lebagana ke bo ke falola maemo a a kotsi, le botsalano jwa me le ba bangwe bao le bone ba neng ba tsaya karolo mo dikotsing tseo.
Ke gakologelwa ka nako nngwe fa ke setse ke na le dingwaga di le tlhano ke na le setlhopha seo. Ke ne ke palama thaba fa go neng go le motlhofo go palama gone, mme ke ne ka lesa go tlhoma mogopolo thata mo go se ke neng ke se dira fa ke fitlha kwa setlhoeng. Fa ke setse ke fitlha kwa godimo ga lentswe, le ne la simolola go reketla. Seo ke neng ke ka se dira ke go tlolela kafa thoko le go tlhagisa yo a neng a palama kwa morago ga me. Lentswe lengwe leo le wang le ne la kgaola mogala o o neng o re tshwaragantse, ke ne ka wa. Se se itumedisang, ke ne ka wela mo godimo ga sebatla se se nang le tlhaga se se ka nnang dimetara di le nne kwa tlase. Lefa go ntse jalo, dilo di ne di seka di tsamaya sentle jalo mo motshamekong ono ka metlha!
Ke ne ka wetsa dithuto tsa unibesithi fa ke le dingwaga di le 24, mme ke ne ka nna moeteledipele wa setlhopha se sennye sa bapalami ba dithaba mo toropong e ke tsholetsweng mo go yone. Morago ga lobaka, re ne ra kokwaanya madi go reka besenyana e nnye gore re tle re tsamaye ka didirisiwa tsa rona kwa dithabeng tse di kwa kgakala. Mme sepalamo seo se ne se sa siama, ka jalo ke ne ka senya dikgwedi di le tharo, bosigo le motshegare, ke se baakanya. Fa se setse se siame, rotlhe re ne ra batla ditiro tsotlhe tse di kotsi le tseo di neng di duela thata, jaaka go dira kwa godimo mo dikagong, mme ka tsela eo kgabagare re ne ra nna le madi a a lekaneng gore re ka tsaya loeto lwa go ya kwa Iran. Re ne ra palama lekgwamolelo leo le bidiwang Damavand le le bogodimo jwa dimetara tse 5 800 koo, ka 1974. Fa re simolola go ne go le motlhofo, mme fa re setse re fitlha kwa setlhoeng re ne ra kopana le kapoko e e boteng, mme re ne re sa heme sentle ka ntlha ya bogodimo joo, le moya o o botlhole o o tswang mo mesimeng ya lekgwamolelo leo.
Fa re boela gae ka bese, re ne ra rulaganya gore re ye go palama Mount Ararat mme re ne ra tshwanela go senya loeto loo ka ntlha ya dikgogakgogano tsa sepolotiki. Ka 1975 re ne ra ya go relela mo kapokong kwa Austrian Alps, mme ka nako e e tshwanang, re ne ra simolola kgaisano ya semorafe e e neng e bidiwa “Men and Mountains.” Kgaisano eno e santse e tshwarwa ngwaga le ngwaga. Rotlhe re ne re ikutlwa gore matshelo a rona eleruri aa re kgotsofatsa.
Go Phatsimelwa ke Lesedi
Lefa go ntse jalo, fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang 30, ke ne ka simolola go lapisiwa pelo ke go palama dithaba mme ke ne ka ipotsa jaana: ‘A seno ke sotlhe se se leng gone ka botshelo?’ Bangwe ba ne ba mpolelela gore ke nyale, mme ke ne ke na le ditsala tse di nyetseng, mme go ne go sa lebege di itumetse. Le eleng banyalani bao kamano ya bone e neng e kopantswe ke go kgatlhegela dikotsi le go palama dithaba mmogo ba ne ba lebega ba sa bone boitumelo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Ke ne ke sa itse gore ke ka ntlhayang fa manyalo a bone a ne a sa itumela, ke ne ke batla go nyala, mme ke ne ke sa batle go nna ke sa itumela jaaka bone.
Mo godimo ga moo, ke ne ka lemoga phetogo eo e neng e le gone mo bathong ba babotlana bao ba neng ba palama dithaba. Pele, go ne go na le moya wa go ikgalemela, tirisanommogo, le botsalano mo dikampeng tsa bapalami ba dithaba tsa Alpine. Jaanong, basimanyana ba babotlana bao ba senang boitemogelo ba ne ba sa kgone go laolwa mme ba ne ba sa kgotsofalele go dira botswelelo pele ka bonya. Ba ne ba batla go itshupa ka go batla go palama bogodimo jo ba sa bo kgoneng le jo bo kotsi. Fa ke ntse ke phatsimelwa ke lesedi jalo, ke ne ka nna le dipuisano tse di telele, tse di masisi le tsala ya me Bonjo. Kgabagare o ne a akantsha gore ke ye go bua le mopalami-ka-rona, Henry.
Henry o ne a nkadima buka, Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, mme fa ke sena go e bala ke ne ka gakgamala fa ke bona e araba dipotso tseo ke neng ke ntse ke di ipotsa mo pelong. Go ne ga bonala gore Henry o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, jalo ke ne ka mo kopa gore a le nna nka kopanela. O ne a dumela, mme ke ne ka ithuta Bibela ka dingwaga di le pedi mme ke bala dikgatiso dipe fela tsa Bibela tseo ke neng ke kopana natso.
Thuto ya Bibela
Jaaka ke ne ke ntse ke bona kitso e e boteng, ke ne ke utlwa boipelo jwa me bo ntse bo oketsega. Ke ne ke se Moroma Katoliki yo o ineetseng thata, mme ke ne ke gakgamadiwa ke go bona gore Bokeresete jwa Bibela bo ne bo sa ikaega ka meletlo, dingwao, le go tsewa ke maikutlo. Go na le moo, bo ne bo kopanyeletsa melao e e kwa godimo ya boitsholo eo e neng e ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Bokeresete. Mo godimo ga moo, ke ne ke gakgamadiwa ke go bona gore Bibela e tlhomame le gore e ne e sa ganetse dithuto dipe tsa saense tseo di setseng di supilwe fa di le boammaaruri.
Mosupi yo o neng a tshwara dipuisano le nna le Henry o ne a sa re pateletse go fetola dikgopolo tsa rona le tsela ya rona ya botshelo. Sotlhe seo a neng a se dira ke go re tlhalosetsa ka phepafalo seo Bibela e se bolelang. Ka gone, ke ne ka nna ka palama dithaba ka dingwaga tseo tse pedi tsa ntlha tsa go ithuta ga me. Mme jaaka ke ne ke ntse ke bona kitso e e boteng, ke ne ka tla go lemoga gore ke ne ke tshwakgotswe ke go palama dithaba. Kotsi ya lentswe leo le neng la wa e ne ya nkgakolola gape mafoko ano a Jesu a neng a a bua le Satane fa Satane a ne a mo gwetlha gore a itatlhele fa fatshe go tswa kwa godimo ga tempele: “U se ka ua leka Yehofa Modimo oa gago.” (Mathaio 4:5-7) Ke ne ka lemoga gore e ne e bontsha go sa tlotleng botshelo joo Jehofa a bo nneileng.
Ka gone ke ne ka naya mongwe yoo a neng a na le boitemogelo jwa go palama boikarabelo jwa go tlhokomela setlhopha sa rona sa bapalami ba dithaba mme ka fitlhela gore go ne go se bokete go tlogela go palama dithaba go nna Mokeresete. Fa ke ne ke aba le go rekisa didirisiwa tsotlhe tsa me—tsa go relela mo kapokong, ditshipi tsa go palama, ditshipi tse di tshwarang megala, dihamole, dipekere tse di kgwagetsang, le diletswana tsa kapoko—ke ne nka bua ka boikanyego fela mafoko a ga moaposetoloi Paulo, a go re ke ne ka kaya tsotlhe tseo e le “malele hèla.” (Bafilipi 3:8) Ke ne ka utlwa ke kgotsofetse fela thata fa ke ne ke simolola mo tirong e kgolo ya go baka leina la Modimo phatlalatsa. Nna le Henry re ne ra supa go ineela ga rona mo go Jehofa ka go kolobediwa ka 1977.
Go Supela ba Bangwe
Ka nako eo, go ne go na le maloko a a ka nnang 15 mo setlhopheng sa bapalami ba dithaba mo toropong ya rona, mme nna le Henry re ne ra simolola go ba rerela botlhe ka bonya. Abo go ne go ipedisa jang ne fa morwarre, yo le ene e neng e le leloko, mmogo le mosadi wa gagwe, ba ne ba simolola go ithuta Bibela mme ba kolobediwa ka 1981. Nako moragonyana ga foo, Bonjo le ene o ne a re sala morago, gammogo le yo mongwe gape, wa botlhano mo setlhopheng seo sa bapalami ba dithaba. Re ne re sa tlhole re tlhoka go palama dithaba tse di kwa godimo gape. Boipelo jwa rona jo bogolo e ne e le go etela batho bao ba neng ba anaanela boammaaruri jwa Bibela kwa tlase. Phetogo eno e ne ya dira gore mmè a phuthologe, ka go bo a ne a tlhola a tshwenyegile ka nna le morwarre fa re ne re tsamaile go ya motshamekong wa go palama. Kgabagare, le ene o ne a tla go kopanela le rona mo kobamelong e e phepa ya ga Jehofa.
Jaanong keletso ya me ya go nyala e ne e sa tlhole e potlakile. Ke leboga Lefoko la Modimo, ka go bo jaanong ke ne ka itse melaometheo e e neng e tla nthusa gore ke dire gore lenyalo la me le atlege, mme ke ne ke itumetse ke le motho yo o sa nyalang mme ke direla Jehofa ke sena dikgoreletsi. Solomone o ne a bua jaana: “Mosadi eo o bonokopela o cwa kwa go Yehofa.” (Diane 18:22; 19:14) Ka gone, ke ne ka swetsa ka gore ke lebelele mpho eno go tswa kwa go Jehofa, mme ka nako eo ke ne ke tshela ka tsela eo ke neng ke tla nna monna yo o tshwanetseng fa seo se ne se diragala. E ne e le ka 1982 fa Jehofa a ne a ntshegofatsa ka mo go gakgamatsang ka mosadi yo o molemo.
Nna le mosadi wa me re santse re nna mo dithabeng, ebile ke santse ke di rata. Mme jaanong re amegile thata ka go thusa batho go palama thaba e nngwe. Thaba eo ke efe? Ke e e umakilweng mo boperofeting jwa ga Isaia jo bo reng: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhoñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema.” (Isaia 2:2, 3) Abo go ipedisa jang ne go bo re ile ra kgona go palama thaba eno e ntle go di gaisa tsotlhe!—E neetswe.