LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 2/1 ts. 4-7
  • A Ba ile ba Supa Gore Bibela ga e Boammaaruri?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ba ile ba Supa Gore Bibela ga e Boammaaruri?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikakanyetso tse di sa Tlhomamang
  • A Saense ya Segompieno e ile ya Bontsha fa Bibela e le Phoso?
  • Thutotlhagelelo
  • Ba ka Kgona go Itse go le Kana Kang?
  • A O ka Dumela Bibela
  • Saense: A E Ile Ya Supa Gore Bibela E Phoso?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 2/1 ts. 4-7

A Ba ile ba Supa Gore Bibela ga e Boammaaruri?

ABORASAENSE le baganetsi ba Bibela eleruri ba ile ba supa gore Bibela e na le diphoso ebile e itlhametswe? Pele o ka dumela seo, o tshwanetse go gakologelwa gore lemororo bakanoki ba bantsi ba ntsha dikgopolo tsa bone ka tsela e e tlhomameng le e e nang le bosupi, gantsi ba phoso. Gantsi dikgopolo tsa bone ga di a tlhomama.

Dikakanyetso tse di sa Tlhomamang

Go naya sekai sa polelo e e utlwalang e na le bosupi ya mokanoki mongwe wa Bibela, tlhokomela seo S. R. Driver a neng a se bua ka buka ya ga Daniele. Ka tlwaelo, go ile ga tsewa gore buka eno e kwadilwe ke Daniele ka boene kwa Babelona ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. (Daniele 12:8, 9) Mme Driver o ne a bolela gore e kwadilwe lobakanyana morago ga foo. Ka ntlhayang? “Bosupi” bongwe joo bo neng jwa newa ke gore buka eno e na le mafoko mangwe a Segerika, mme Driver o ne a gatelela gore: “Go ka tlhomamisiwa gore mafoko ao, a ne a ka bo a sa dirisiwa mo bukeng ya ga Daniele fa e ne e sa kwadiwa morago ga go tsenelela ga Segerika kwa Asia fa e sena go thopiwa ke Alexander the Great.” Alexander o ne a dira thopo eo ka 330 B.C.E.

Polelo eno ya ga Driver ga e a tlhomama mo go kalo. Lefa go le jalo, o e tshegetsa ka go umaka mafoko a mararo a Segerika, ao e leng maina a diletso tsa mmino. (Daniele 3:5) Ereka Bagerika bogologolo ba ne ba dirisana thata le Asia bophirima go ya ka hisitori, ke mang yo o ka bolelang ka tlhomamo gore go ne go sa dirisiwe diletso tsa mmino tsa maina a Segerika kwa Babelona ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.? Abo motheo wa go ganetsa nako ya go kwalwa ga buka ya ga Daniele le mokwadi wa yone o reketla jang ne!

Sekai se sengwe ke ka moo dibuka tse tlhano tsa ntlha tsa Bibela di tshwarwang ka gone. Ka tlwaelo go bolelwa fa di kwadilwe ke Moshe mo e ka nnang ka 1500 B.C.E. Lefa go ntse jalo, bao ba tshwayang diphoso ba bolela gore ba lemoga fa dibuka tseno di kwadilwe ka mekgwa e e farologaneng ya go kwala. Gape ba bontsha gore ka dinako dingwe Modimo o bolelwa e le Jehofa mme ka dinako dingwe ka lefoko la Sehebera le le emelang “Modimo.” Mme fa ba ntse ba lemoga dilo tse di tshwanang le tseno ba konela ka gore eleruri dibuka tseno tsa Bibela di ne tsa phuthiwa go tswa mo mekwalong e e kwadilweng ka dinako tse di farologaneng mme go ne ga dirwa jalo lobakanyana morago ga 537 B.C.E.

Kgopolo eno e dumelwa ke batho ba le bantsi, lefa go le jalo ga go ope yo o kileng a tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Moshe a ne a ka seka a bua ka Mmopi jaaka Modimo le Jehofa. Ga go ope yo o kileng a supa gore o ne a ka se kgone go kwala ka dikgang tse di farologaneng, a kwala mo dinakong tse di farologaneng mo botshelong jwa gagwe, kana a dirisa mekwalo mengwe ya bogologolo. Mo godimo ga moo, jaaka John Romer a ne a bua mo bukeng ya gagwe Testament—The Bible and History: “Selo sa motheo seo se ganetsang ditlhaloso tsa mofuta ono tsotlhe ke gore go fitlha gompieno ga go ise go bonwe lefa e le karolwana ya mekwalo ya bogologolo e e supang go nna gone ga dikgopolo tseo ka ditemana tseno tse di farologaneng tse di ratwang ke bakanoki ba segompieno.”

Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e tlhalosa sengwe seo baganetsi ba bantsi ba Bibela ba se dumelang jaana: “Babatlisisi . . . ba simolola ka go dumela gore mabaka a a tshegetsang hisitori ao a dumalanang le ditlhaloso ke mabaka a a nang le bonnete a bile a tshwana le mabaka a mangwe a re a itseng. . . . A mokwadi mongwe a ka re tiragalo nngwe e e sa dumalaneng le melao ya Tlholego e e itsegeng e boammaaruri? Jalo he . . . tiragalo e e ntseng jalo e e bolelwang ga e a diragala.”

Ke ka gone moo, bontsi bo dumelang gore dikgakgamatso ga di kake tsa bo di diragetse, ereka di sa dumalane le melao e e itsiweng ya tlholego. Ka mo go tshwanang, boperofeti jo bo boletsweng bogologolo bo tshwanetse jwa seka jwa diragala, ereka batho ba sa kgone go bonela isagwe pele. Kgakgamatso nngwe le nngwe e tshwanetse ya bo e le leinane kana tlhamane. Boperofeti bongwe le bongwe jo bo neng jwa diragadiwa bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa kwalwa morago ga tiragatso ya jone.a Ka gone, bangwe ba tatalala ka gore boperofeti jo bo mo bukeng ya ga Daniele bo ne jwa diragadiwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. le gore ka gone buka eno e tshwanetse ya bo e kwadilwe ka nako eo.

Mme mofuta ono wa kakanyo o ikaegile thata ka tumelo eno: gore Modimo ga o yo, kana fa e le gore o gone, ga o ke o tsenelela mo ditiragalong tsa motho. Ka boammaaruri, ntlha e kgolo e e mo Bibeleng ke gore Modimo o gone le gore o na le seabe mo ditiragalong tsa motho. Fa seno se le boammaaruri—mme go na le bosupi—bontsi jwa seo baganetsi ba Bibela ba segompieno ba ikaegileng ka sone ga se a tlhomama.

A Saense ya Segompieno e ile ya Bontsha fa Bibela e le Phoso?

Go tweng he, ka boiphako jwa gore saense e ile ya supa gore ga re kake ra dumela Bibela? Boammaaruri ke gore fa Bibela e bua ka dilo tse re di bitsang tsa saense, ka dinako tse dintsi seo e se buang se dumalana sentle le seo borasaense ba segompieno ba se rutang.

Ka sekai, Bibela e re naya melao e e mosola tota e e amanang le boitekanelo le malwetsi a a tshelanwang. Buka Manual of Tropical Medicine e akgela jaana: “Ga go ope yo a ka sekang a kgatlhiwa ke melao ya boitekanelo ya motlha wa ga Moshe. . . . Go boammaaruri gore malwetsi a ne a kgaoganngwa motlhofo fela ka ditlhopha tsa one—[ka sekai] ka a a kotsi thata a a bidiwang ‘dikgogodi’; le a a tshwarang motho ka lobaka lo loleele, a a neng a na le dintho tsa mofuta mongwe a a bidiwang ‘lepero’—mme melao e e gagametseng thata ya go ikgaoganya le batho e ne e thusa thata.”

Tlhokomela gape polelo eno ya Bibela: “Dinoka cotlhe di thèlègèla mo lewatleñ, leha go nntse yalo lewatlè ga lea tlala; heloñ kwa dinoka di eañ gōna, di be di ee gōna gapè.” (Moreri 1:7) Seno se utlwala jaaka tlhaloso ya modikologo wa metsi e e fitlhelwang mo dibukeng tse dintsi tsa thuto gompieno. Dinoka di tshela metsi mo lewatleng, koo a nnang mouwane mme a tlhatloga go tswa fa fatshe jaaka maru, go tla a na jaaka pula kana semathane mme a tshelegela gape mo dinokeng.

Ka mo go tshwanang, tshwetso ya borasaense ya gore dithaba di tlhatloga di bo di wela tlase le gore ka nako nngwe dithaba tsa gompieno di ne di khurumeditswe ke mawatle e dumalana le mafoko ano a ga mopesalema a poko: “Ua le khurumetsa ka bodiba yo bo boteñ, yaka e ka bo e le ka morèpō; metse a na a èma a heta dithaba. A na a tlhatloga kaha dithabeñ, a hologa kaha megorogoroñ, a ea go hitlha kwa maheloñ a u a a thaetseñ.”—Pesalema 104:6, 8.

Mokwadi mongwe o ne a bolela a re: “Bakwadi botlhe ba Tesetamente e Kgologolo ba ne ba tsaya gore lefatshe le ne le le sephara, mme ka dinako dingwe ba ne ba bua ka dipilara tse go neng go akanngwa gore di le tshegeditse.” Lefa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri. Isaia o ne a bua ka “Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22, NW) Mme Jobe o ne a bua ka Yono jaana: “O phuthololèla botsheka kwa sebakeñ se se lolea hèla, o lepeletse lehatshe kwa go señ sepè.” (Yobe 26:7) Go tlhalosiwa ga lefatshe jaaka sengwe se se kgolokwe le seo se lepeleditsweng mo lefaufaung se sa tshegediwa ke sepe, ka mo go gakgamatsang go utlwala e le ga segompieno.

Thutotlhagelelo

Go tweng kaga go sa dumalaneng ga Bibela le kgopolo ya thutotlhagelelo?b Encyclopœdia Britannica e bega jaana: “Kgopolo ya thutotlhagelelo e dumelwa ke borasaense ba bantsi.” Mme Bibela e ruta ka puo e e motlhofo e e neng e tlhaloganngwa le pele ga metlha ya saense, gore botshelo bo nnile gone ka go bopiwa ka tlhamalalo ke Modimo le gore mefuta e e farologaneng ya botshelo ga e a itlhagela fela mme e bopilwe.—Genesise 1:1; 2:7.

Ba ba dumelang thutotlhagelelo ga ba farologane le baganetsi ba Bibela. Ba tlhatswegile pelo tota mme ba ntsha maikutlo a bone ba sa okaoke. Ke ba sekae fela bao ka boikanyegi ba dumelang gore kgopolo ya thutotlhagelelo e na le diphoso dingwe. Mongwe o bontsha jaana: “Thutotlhagelelo e e bolelwang ke Darwin . . . , eo totatota e leng go tlhamaganngwa ga hisitori, . . . ga e kake ya tlhomamisiwa ka go dira tekelelo kana ka go ela sengwe tlhoko ka tlhamalalo jaaka go dirwa ka tlwaelo mo saenseng. . . . Mo godimo ga moo, thutotlhagelelo e bua ka metseletsele ya ditiragalo tsa mofuta wa tsone fela, tshimologo ya botshelo, tshimologo ya botlhale le tse dingwe. Ditiragalo tsa mofuta wa tsone fela ga di kake tsa boelediwa mme ka gone ga go kake ga dirwa ditekelelo dipe tse di ka sekasekiwang ka tsone.” (Evolution: A Theory in Crisis, ya ga Michael Denton) Yo mongwe o bua ka “bonnete jwa thutotlhagelelo.” Lefa go ntse jalo, o bontsha bothata jo bogolo jwa go tlhomamisa “bonnete” jono jaana: “Fa o re o lebelela setshwano sengwe mo diphologolong tse dikgolo, ga o bone sepe gotlhelele.”—The Neck of the Giraffe, ya ga Francis Hitching.

Ba ka Kgona go Itse go le Kana Kang?

Bontsi jwa bosupi jwa thutotlhagelelo bo ntshiwa ke ba ba ithutang ka lefatshe le botshelo le bao ba ithutang ka botshelo go tswa mo masaleleng a ditshedi—borasaense ba ba ithutang ka dilo tse di neng tsa diragala bogologolo mo lefatsheng. Bothata jwa borasaense bano bo farologana le jwa baithutadinaledi. Ka go bo ba dirisa mefuta e e farologaneng ya didirisiwa, baithutadinaledi ba kgona go leba marang a a tsamaileng sekgala se seleele go tswa kwa dinaleding, dipolaneteng, kwa masomosomong a dinaledi, le tse dingwe tse di sa tlwaelegang tse di tshwanang le di-quasar. Ba dirisa bontsi jwa tshedimosetso e e leng gone, ba tlhama dikgopolo tse di boteng jaaka tlholego ya dinaledi le tlholego ya lobopo. Gantsi ga ba kgone go tlhatlhoba dikgopolo tseno tsa bone, mme fa ba dira jalo, gantsi ba fitlhela e le gore di a tlhaela kana ebile di phoso.

Moithutadinaledi ka marang Gerrit Verschuur o ne a kwala jaana: “Ditlhotlhomiso tsa bosheng tsa U.S. kaga dipolanete di ne tsa supa ka tsela e e neng e sa solofelwa gore go itsiwe go le gonnye thata ka dilo tse di mo lobopong lo lo rulaganeng. Kwa godimo koo, Mars e ne ya fitlhelwa e farologane gotlhelele le sengwe se re neng re ka e tshwantsha le sone mo lefatsheng. . . . Ga go moithutadinaledi ope yo a neng a bonela pele gore mesako ya Jupiter e ka bo e bopegile ka mo go gakgamatsang jalo. . . . Saturn e ne ya gakgamatsa fela thata fa ditsayaditshwantsho tsa Voyager di ne di bontsha mesakwana e e logakaneng, dingwedi tse di dikologanang le masakana a a fetang 1 000. . . . Seo se diragalang kwa loaping se lebega se tshwana fela le se se supiwang mo ditshwantshong tsa laboratari tseo di bonaditsweng thata go feta fa di ne di kapiwa. Fa go ntse go lebelelwa go senoga tshedimosetso e e re gakgamatsang mme e fetola se re neng re ntse re se dumela pele.”

Ba ba ithutang ka lefatshe le botshelo, le bao ba ithutang ka botshelo go tswa mo masaleleng a ditshedi, le ba bangwe bao ba nayang “bosupi” jo bontsi jwa thutotlhagelelo, bone fela jaaka baithutadinaledi, ba amegile ka ditiragalo le dilo tse di leng kgakala thata—eseng bokgala jwa sekgala sengwe se se rileng mme jwa dingwaga. Fela jaaka baithutadinaledi ba bona tshedimosetso ya bone mo lesedinyaneng le le sa bonaleng sentle le le tlang le raletse bokgakala jo bo ka sekang jwa lekanngwa, bone le borasaense ba bangwe ba patelesega go ikaega ka metlhalanyana e e neng ya falola ka kotsi fela ya se se neng sa diragala bogologolo mo polaneteng ya rona. Ga re kake ra tila go bolela gore dipatlisiso tsa bone le tsone di phoso.

A O ka Dumela Bibela

Ka gone, batho ba ba akanyang sentle ga ba kake ba tshosiwa ke dikgopolo tseno tsa bakanoki mme ba seka ba dumela Bibela. Lefa go ntse jalo, seno ka bosone ga se supe gore o ka e dumela. Go dira seo, o tshwanetse go dira seo bontsi jwa baganetsi ba Bibela ba sa se dirang—bula Bibela ka bowena mme o e bale ka mogopolo o o bulegileng. (Ditihō 17:11) Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mokwadi mongwe wa Mo-Australia, yoo pele a kileng a bo a ganetsa Bibela, o ne a bua jaana: “Ke ne ka dira seo ka tlwaelo e leng tiro ya mmegi lantlha mo botshelong jwa me: ke ne ka tlhatlhoba dintlha tsa me. . . . Mme ke ne ka gakgamala, ka gonne seo ke neng ke se bala [mo dipegong tsa Baefangele] e ne e se mainane ebile e se selo se se itlhametsweng fela. E ne e le pego. Pego ya ditiragalo tse di tlhomologileng ka ba ba boneng ka matlho le ba ba boleletsweng. . . . Pego e na le go ka ipelelwa, mme o ka ipelela diefangele.”

Re go kgothatsa go latela sekao seno. Ipalele Bibela ka bowena. Fa o tlhatlhoba botlhale jo bo boteng jwa Bibela, tsela eo boperofeti jwa yone bo diragadiwang ka yone, le go utlwana ga yone go go gakgamatsang, o tla lemoga gore ke sengwe se se fetang ditlhamane fela tse di phuthilweng tse eseng tsa saense. (Yoshue 23:14) Fa o iponela ka bowena tsela eo botlhale jwa Bibela bo ka fetolang botshelo jwa gago go nna jo bo botoka ka gone, ga o kake wa belaela gore Bibela ke Lefoko la Modimo. (2 Timotheo 3:16, 17) Ee, o ka dumela Bibela!—Yohane 17:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bakanoki ba bantsi ba Bibela ba lemoga gore kgopolo eno e phoso, ereka Dikwalo tsa Segerika tseo di kwadilweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., di ile tsa bega ka go diragadiwa ga boperofeti jo bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera, tseo go neng go bonala tota gore di ne di kwadilwe makgolo a dingwaga pele ga foo. Ka sekai, tiragatso ya dikarolo tsotlhe tse di mo go Daniele 9:24-27 e kwadilwe mo Dikwalong tsa Segerika kana mo dibukeng tsa hisitori.

b Go bona puisano e e tletseng ka thutotlhagelelo fa e bapisiwa le popo, bona buka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e e gatisitsweng ka 1985 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ga go motlhofo mo go bao ba ithutang botshelo ka masalela a ditshedi go itse se se diragetseng bogologolo tala fela jaaka baithutadinaledi ba sa kgone go itse se se leng gone kwa dikarolong tse di kgakala kwa godimo thata mo loaping

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela