Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Jesu o Senola Baganetsi ba Gagwe
JESU o tlhakantse baganetsi ba gagwe ba bodumedi tlhogo mo eleng gore ba tshaba go mmotsa sepe go tswelela pele. Ka jalo o tswelela pele go senola go tlhoka kitso ga bone. “Lo gopola eñ kaga Keresete?” o a botsa. “Ke morwa mañ?”
“Ke morwa Dafide,” Bafarisai ba a araba.
Lefa Jesu a sa ganele gore Dafide tota ke mogologolwane wa ga Keresete, kana Mesia, o botsa jaana: “Ha e le yalo, Dafide o bua ka Mōea [mo go Pesalema 110] a mmitsa Morèna yañ? a re, Yehofa o na a raea Morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tlo go tsamaeè ke beè baba ba gago tlhatse ga dinaō tsa gago? Me ha e bo ne ne Dafide a mmitsa Morèna, o nntse morwawè yañ?”
Bafarisai ba didimetse, ka go bo ga ba itse tota gore Keresete, kana yo o tloditsweng ke mang. Mesia ga se setlogolwana fela sa motho sa ga Dafide, jaaka Bafarisai go lebega ba dumela jalo, o ne a kile a nna kwa legodimong mme o ne a le mogolo mo go Dafide, kana e le Morena wa gagwe.
Fa a retologela kwa bontsintsing jwa batho le kwa barutweng ba gagwe, Jesu o ba tlhagisa ka bakwadi le Bafarisai. Ereka bano ba ruta molao wa Modimo, “ba dutse mo setuloñ sa ga Moshe,” Jesu o kgothatsa jaana: “Ke gōna cotlhe tse ba di lo raeañ, lo di dihè, lo di tlhōkōmèlè.” Mme o oketsa ka go re: “Lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa bōnè; gonne ba tla ba bue, me ba se ke ba dihe.”
Ke baitimokanyi, mme Jesu o ba senola fela ka puo e e tshwanang le ya fa a ne a ja kwa ntlong ya Mofarisai mongwe dikgwedi tse di fetileng. “Ditihō cotlhe tsa bōnè,” o a bua, “ba di diha gore di bōnwè ke batho.” Mme o naya dikai, a akgela jaana:
“Ba atlhamolose difelaketere tsa bōnè.” Tseno ke dikgetsinyana tse dinnye, tse di golegelwang mo phatleng kana mo letsogong, tseo di nang le dikarolo tse nnè tsa molao: Ekesodo 13:1-10, 11-16 le Duteronome 6:4-9; 11:13-21. Mme Bafarisai ba godisa dikgetsana tseno gore ba akantshe gore ba tlhagafaletse molao.
Jesu o oketsa ka go re ‘ba godisa makantsa a diaparo tsa bone.’ Baiseraele ba laelwa go dira makantsa mo diaparong tsa bone mo go Dipalō 15:38-40, mme Bafarisai ba dira a bone go feta a mongwe le mongwe. Sengwe le sengwe se direlwa go itshupa! “Ba rate bonnō yo bo kwa pele mo medihoñ,” Jesu o supa fa a le kgatlhanong le seo.
Se se utlwisang botlhoko, barutwa ba gagwe le bone ba amilwe ke go eletsa go nna kwa godimo. Kajalo o kgalema jaana: “Me lona, lo se ka loa bidiwa Rabi, gonne Moruti oa lona moñwe hèla, me lona lotlhe lo bana ba monna. Me lo se ka loa bitsa opè rra eno mo lehatshiñ; gonne Rra eno o moñwe hèla, eo o kwa legodimoñ. Le gōna lo se ka loa bidiwa Beñ, gonne Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.” Barutwa ba tshwanetse go tlosa keletso ya bone ya go nna ba ba kwa pele! “Eo o leñ mogolo bogolo mo go lona o tla nna modihedi oa lona,” Jesu o ba kgothatsa jalo.
Morago o bolela gore bakwadi le Bafarisai ba latlhegile, a bolela kgapetsa kgapetsa gore ke baitimokanyi. Ba “cwaletse batho bogosi yoa legodimo,” o a bua, mme ba “shuputsa matlo a basadi ba ba batlhōlagadi, me ea re lo nntse lo diha yalo, lo gōlōle merapèlō e le seipatō hèla.”
“A bo go latlhèga lona bagogi ba lo hohuhetseñ,” Jesu o a bua. O kgalela Bafarisai go sa boneng ga bone botlhokwa jwa dilo tsa semoya, jaaka go supiwa ke melao e e gatelelang e ba e tlhomang. Ka sekai ba bolela gore, “Leha e le mañ eo o ikanañ ka tempela e be e se sepè; me leha e le mañ eo o ikanañ ka gouda ea tempela, o golegilwe ke go ikana ga gagwè.” Mme go bona ga bone gouda ya tempele e le botlhokwa go gaisa bomoya jwa lefelo leo la kobamelo, go senola go senyega ga bone mo boitsholong.
Morago, jaaka a ne a dirile pelenyana, Jesu o kgalela Bafarisai go tlogela “dilō tsa molaō tse di boima bogolo di sa dihwa, eboñ tshiamishō, le kutlwèlō botlhoko, le boikañō” mme ba tlhokomela dilo tse di tshwanang le go ntsha tsa bosome, kana karolo ya bolesome, ya ditlhatshana tse di seng botlhokwa.
Jesu o bitsa Bafarisai ‘bagogi ba ba foufetseng, bao ba tlhotlhang ba ntsha montsana, me ba metsa kamela!’ Ba tlhotlha montsana mo bojalweng jwa bone jwa mofine, eseng fela ka gore e le tshenekegi, mme ka gonne e sa itsheka go ya ka ngwao. Lefa go le jalo, go tlogela ga bone dilo tse dikgolo tsa molao go tshwana fela le go metsa kamela, eo le yone e leng phologolo e e sa itshekang go ya ka ngwao. Mathaio 22:41–23:24; Mareko 12:35-40; Luke 20:41-47; Lefitiko 11:4, 21-24.
◆ Ke ka ntlhayang fa Bafarisai ba didimala fa Jesu a ba botsa ka seo Dafide a neng a se bua mo go Pesalema 110?
◆ Ke ka ntlhayang fa Bafarisai ba ne ba godisa dikgetsana tsa bone tse di nang le Dikwalo le makantsa a diaparo tsa bone?
◆ Ke kgakololo efe eo Jesu a e nayang barutwa ba gagwe?
◆ Ke melao efe e e gatelelang eo Bafarisai ba e tlhomang mme Jesu o ba kgalela go tlogela dilo tse di leng botlhokwa jang?