Kagiso—A e ka Nna Gone?
GO SA KGATHALESEGE ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang, boammaaruri jaaka rotlhe re bona, ke gore motho o santse a le kgakala thata le go lere kagiso ya mmatota. Go ntshiwa ga masole a mafatshe a mangwe kwa Afghanistan ga go a ka ga lere kagiso mo nageng eo. Mme go santse go na le dikgogakgogano tse dingwe kwa Philippines, Sudan, Israel, Northern Ireland, Lebanon, le Sri Lanka, fa re umaka fela di le mmalwa.
Ereka batho ba bantsi ba ba akanyang sentle ba rata kagiso go na le ntwa, ke ka ntlhayang fa ba sa kgone go bona kagiso? Boradipolotiki ba ile ba leka go tlisa kagiso ka ditsela tse dintsi ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga, mme maiteko a bone a ile a nna a palelwa. Ka ntlhayang? A re sekasekeng dikai di le mmalwa mme re bone.
Kagiso ka Bodumedi le Molao
Bangwe ba leba Mmusomogolo wa Roma jaaka o o ileng wa atlega mo maitekong a go tlisa kagiso. Fa o ne o busa, melao e e tlhomilweng, tsamaiso e e fetofetogang, sesole se se nonofileng, le ditsela tse di dirilweng ka botswerere di ile tsa dira gore go nne le popagano ya meraferafe eo e neng ya itsiwe jaaka Pax Romana (Kagiso ya Roma) ka makgolokgolo a dingwaga mo dikgaolong tse dikgolo tsa Western Asia, Afrika, le Yuropa. Lefa go le jalo, kgabagare, Mmusomogolo wa Roma o ne wa phutlhama ka ntlha ya go bola go go neng go le mo teng ga one, le go tlhaselwa go tswa ka kwantle, mme Kagiso ya Roma e ne ya senyega.
Seno se supa tlholego e e hutsafatsang ya maiteko a motho. Gantsi morago ga gore go dirwe maiteko a a solofetsang, go felela mo sebakeng. Modimo o ne a bua jaana ka boone: ‘Go akanya ga pelo ya motho go bosula go tswa kwa bokaung jwa gagwe,’ mme go akanya gono ke gone go fenyang fa nako e ntse e tsamaya. (Genesise 8:21) Mo godimo ga moo, Moperofeti Jeremia o ne a bua jaana: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata: e mañ eo o ka e itseñ?” (Yeremia 17:9) Ga o kake wa itse batho. Maikaelelo a a molemo a motho yo mongwe a ka nna a senngwa ke lefufa kana dikeletso tse di bogagapa tsa ba bangwe. Kana mmusi yo o dirang dilo kafa tshwanelong le ene a ka fetoga a nna bosula. Mo ponong ya seno, batho ba ka tlisa kagiso jang?
Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., go ne ga begiwa ka maiteko a a bonalang a go tlisa kagiso go tswa kwa kontinenteng e nnye ya India. Koo, mmusi yo o maatla yo a neng a bidiwa Aśoka o ne a itirela mmuso o mogolo ka ntwa le tshololo ya madi. Go ya ka dipego, morago o ne a fetogela mo go diriseng melaometheo ya Bobuda. O ne a bolela gore o tlogela ntwa, mme o ne a aga matlapa a segopotso go dikologa naga ya gagwe mme a kwala mo go one gore o tlile go thusa babusiwa ba gagwe go tshela matshelo a a botoka. Mme puso ya gagwe e lebega e ne e na le kagiso ebile e atlega.
A tsela ya ga Aśoka ke yone ya kagiso? Ka mo go sa itumediseng, nnyaa. Fa mmusimogolo yono a ne a swa, kagiso ya gagwe e ne ya swa le ene, mme mmuso wa gagwe o ne wa phutlhama. Seno se bontsha gore le eleng maiteko a mmusi mongwe yo o nang le maikaelelo a a molemo ebile a nonofile kgabagare a a nyelela ka ntlha ya gore o a swa. Mokwadi wa Moreri o ne a umaka bothata jono fa a ne a kwala jaana: “Ka ila letsapa ya me yeotlhe hèla . . . ka gonne ke na le go le tlogèlèla motho eo o tla nnañ moragō ga me. Me e mañ eo o itseñ, go re, a e tla nna motho eo o botlhale kgotsa seeleele? Leha go nntse yalo o tla nna le taolō mo letsapeñ ya me yeotlhe ye ke le ineileñ, le ye ke ichupileñ botlhale mo go yeōna tlhatse ga letsatsi. Se le shōna ke boithamakō hèla.”—Moreri 2:18, 19.
Ee, go swa ga motho ke sekgoreletsi se se ka sekang sa tlosiwa se se mo thibelang go tlisa kagiso. Kgakololo eno ya mopesalema e e mabapi le seno eleruri e botlhale: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.”—Pesalema 146:3, 4.
Maiteko a a Oketsegileng a Kagiso
Maiteko a mangwe a motho le one ka mo go tshwanang a bontsha lebaka la go bo motho a palelwa mo maitekong a gagwe a go tlisa kagiso. Ka sekai, mo lekgolong la bolesome la dingwaga, go ne ga simololwa lekgotlana le le neng le bidiwa Kagiso ya Modimo mo Yuropa. Le ne le diretswe go sireletsa dithoto tsa kereke mme le ile la gola go nna sengwe sa bomoraferafe seo se neng se thibela ntwa seo mo bogareng jwa lekgolo la bo-12 la dingwaga se neng se setse se aname le Yuropa.
Kgopolo e nngwe gape e bidiwa “go lekalekanya maatla.” Fa go latelwa molawana ono, ditlhopha tsa merafe—jaaka kwa Yuropa—di ne di kgala ntwa ka go abela dinaga maatla ka go lekalekana. Fa morafe o o maatla o ne o batla go lwa le o o bokoa, morafe o mongwe gape o o maatla o ne ka lobakanyana o tshwaragana le o o bokoa go kgoba o o batlang go lwa marapo. Kgopolo eno e ne ya boloka kutlwano mo Yuropa go tloga fa Dintwa tsa ga Napoleon di ne di khutla go fitlha fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e tlhagoga ka 1914.
Morago ga ntwa eo, Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne la tlhomiwa e le koo merafe e neng e buela dikgogakgogano tsa yone gone go na le go lwa. Lekgotla leno la Kgolagano le ne la khutla go dira fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e tlhagoga, mme morago ga ntwa, le ne la tsoga gape jaaka Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo le santseng le le gone.
Lefa go ntse jalo, maiteko ano otlhe a ne a palelwa ke go tlisa kagiso ya mmatota kana ya goyagoile. Fa lekgotlana la Kagiso ya Modimo le ne le santse le le gone kwa Yuropa, Bayuropa ba ne ba lwa le Bamoselema mo dintweng tse di tshololang madi tsa Botlhabanelatumelo. Lemororo boradipolotiki ba ne ba ntse ba leka go boloka kagiso mo Yuropa ka go lekalekanya maatla, ba ne ba lwa ba bile ba ntse ba atolosa mebuso ya bone mo dinageng tse di ka kwantle ga Yuropa. Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne la seka la kgona go thibela ntwa ya bobedi ya lefatshe, mme Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ga le a ka la kgona go thibela go ganyaolwa ga batho setlhogo kwa Kampuchea kana mo dintweng tse di mo mafelong a a tshwanang le Korea, Nigeria, Vietnam, le Zaire.
Ee, le go fitlha gompieno maiteko a a molemo thata a boradipolotiki a go tlisa kagiso a ile a palelwa. Babusi ga ba itse gore ba ka dira jang gore go nne le kagiso ya goyagoile, ereka ba kgorelediwa ke gore bone le ba bangwe baa swa ebile baa palelwa ka ntlha ya gore ke batho. Lefa go ntse jalo, le eleng lefa go ne go sa nna jalo, boradipolotiki ba ne ba ka seka ba tlisa kagiso. Ka ntlhayang? Ka gonne go na le sekgoreletsi sengwe seo eleruri se ka sekang sa tilwa.
Maatla a a sa Bonaleng a a Thibelang Kagiso
Bibela e bua ka sekgoreletsi seno fa e re: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Yo o bosula yono ke Satane Diabolo, sebopiwa sa semoya se se nonofileng go feta batho. Go tswa fela kwa tshimologong Satane o ile a nna a kopanyelediwa mo botsuoloding, go aka, le go bolaya. (Genesise 3:1-6; Yohane 8:44) Tlhotlheletso ya gagwe e e maatla e e sa bonaleng mo dikgannyeng tsa lefatshe e tlhomamisiwa ke bangwe ba ba tlhotlheleditsweng ba ba neng ba akgela ka ene. Paulo o ne a mmitsa “modimo oa lehatshe yeno,” “kgōsana ea thata ea loapi.” (2 Bakorintha 4:4; Baefesia 2:2) Jesu o ne a mmitsa “kgōsana ea lehatshe yeno” ka makgetlo a le mmalwa.—Yohane 12:31; 14:30; 16:11.
Ereka lefatshe le laolwa ke Satane, ga go kake ga kgonega gore boradipolotiki ba tlise kagiso ya goyagoile. A seo se raya gore kagiso ga e kitla e nna gone? A go na le mongwe yo a ka isang batho kwa kagisong?
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go sa kgathalesege gore mmusi mongwe a ka tswa a le botlhale jang kana e le yo o dirang dilo kafa tshwanelong, kgabagare o a swa mme gantsi go tla ba bangwe bao ba sa nonofang jaaka ene ebile ba sa ganelele mo melaometheong jaaka ene
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Sekgoreletsi se le sengwe se segolo sa kagiso ke Satane Diabolo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]
U.S. National Archives photo