Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Nna le Tsholofelo mo Metlheng ya Bofelo
JAAKA Labobedi, Nisane 11, e ya kwa bokhutlong, Jesu o na le barutwa ba gagwe mo Thabeng ya Lotlhware. Ba sa tswa go tloga kwa lefelong la tempele, leo ba kgonang go le bona kwa tlase, mme Jesu o ne a ntse a bua le bone ka sesupo sa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.
Fa a tswelela ka dikakgelo tsa gagwe, Jesu o ba tlhagisa ka go sala Bo-Keresete ba eseng bone morago. O bolela gore go tla dirwa maiteko a ‘go timetsa le eleng baitshenkedwi.’ Mme jaaka bontsu ba ba bonelang kgakala, baitshenkedwi bano ba tla kgobokanela koo ba kgonang go bona dijo tsa semoya tsa boammaaruri gone, eleng, kwa Keresete wa boammaaruri a tla bong a le gone mme a sa bonale. Ga ba kitla ba tsiediwa mme ba phuthaganela Keresete yo eseng ene.
Bo-Keresete ba maaka ba tla bonala. Go farologana le seo, Jesu o tla nna gone a sa bonale. O tla nna gone mo nakong e e boifisang thata mo hisitoring ya motho, jaaka Jesu a re: “Letsatsi le tla hihala, le kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna.” Ee, nako eno e tla nna e e lefifi go gaisa fa esale motho a nna gone. Go tla nna jaaka ekete letsatsi le fifetse go le motshegare, jaaka ekete ngwedi ga o phatsime mo bosigong.
“Dinonohō tsa magodimo di tla reketlisiwa,” Jesu o a tswelela. Ka gone o bontsha gore magodimo a mmatota a tla nna mo boemong jo bo sa tlwaelegang. Magodimo ga a kitla a nna fela bonno jwa dinonyane, mme a tla tlala ka difofane tsa ntwa, dirokete, le dilo dingwe tse di phunyeletsang loapi. Poifo le thubakanyo di tla gola go feta dipe fela tse di kileng tsa nna gone mo hisitoring ya motho.
Go tla felela ka gore go nne le “pitlaganō ea merahe, e rarañwa ke lewatle le dintèlō go shuma ka kgwashō e kgolo le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ” jaaka Jesu a bolela. Nako eno e e lefifi mo botshelong jwa motho eleruri e tla gogela kwa nakong ya fa, jaaka Jesu a bua, “go tla bōnalañ seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ: hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala.”
Mme ga se botlhe ba ba tla bong ba hutsafetse fa ‘morwa motho a tla ka maatla’ go tla go senya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. “Baitshenkedwi,” ba ba 144 000 bao ba tla busang le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo, ga ba kitla ba hutsafala, lefa e le ditsala tsa bone tseo Jesu a kileng a di bitsa “dinku di sele.” Lefa ba tla bo ba tshela mo nakong e e lefifi go gaisa mo hisitoring ya motho, bano ba reetsa kgothatso eno ya ga Jesu: “E tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”
E le gore barutwa ba gagwe ba ba tla bong ba tshela mo metlheng eo ya bofelo ba kgone go bona gore bokhutlo bo gaufi, Jesu o naya setshwantsho seno: “Bōnañ setlhare sa mofeige, le ditlhare cotlhe: E re ha yanoñ di tlhoga, loa se bōna, me loa itse ka losi ha letlhabula le setse le atametse. Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse. Amarure, kea lo raea, Losika lo, ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.”
Ka gone, fa barutwa ba gagwe ba bona dikarolo tse dintsi tsa sesupo di diragadiwa, ba tshwanetse go lemoga gore bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo bo gaufi le gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo nyeletsa boikepo. Ebile tota, bokhutlo bo tla tla batho ba ba boneng go diragadiwa ga dilo tsotlhe tse Jesu a di boleletseng pele ba santse ba tshela! Fa a kgothatsa barutwa ba ba tla bong ba tshela mo malatsing a ditiragalo tseo Jesu o bua jaana:
“Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla. Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.” Mathaio 24:23-51; Mareko 13:21-37; Luke 21:25-36; Tshenolō 14:1, 3; Yohane 10:16.
◆ Ke maemo afe a lefatshe ao a tshwayang go nna gone ga ga Keresete?
◆ ‘Merafe yotlhe ya lefatshe e tla hutsafala’ leng, mme balatedi ba ga Keresete ba tla bo ba dira eng?
◆ Ke sesupo sefe se Jesu a neng a se neela go thusa barutwa ba mo isagweng go bona fa bokhutlo bo tla bo bo le gaufi?
◆ Jesu o neela barutwa ba gagwe bao ba tla bong ba tshela mo metlheng eo ya bofelo kgothatso efe?