Go Gololwa ga Batho Ba Ba Boifang Modimo go Atametse!
“Morèna o itse go golola badumedi [batho ba ba boifang Modimo, “NW”] mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ.”—2 PETERE 2:9.
1. (a) Ke maemo afe a a utlwisang botlhoko a batho ba motlha wa rona ba lebaneng le one? (b) Ka ntlha ya seno ke dipotso dife tseo re tlileng go di sekaseka?
MATHATA a botshelo a ntsifalela batho botlhe. Seno se boammaaruri lefa o tshela koo dilo tse di bonalang di leng dintsi gone kana koo di seong gone. Go sa bolokesegang go teng gotlhe. Jaaka ekete maemo a itsholelo a a sa iketlang a ne a sa lekana go re tshwenya, go na le mathata a mangwe a a masisi a tikologo ao a tlhaselang polanete eno ya Lefatshe, a a tshosetsang botshelo jotlhe jo bo mo go yone. Bolwetsi bo tletsetletse. Malwetsi a a tshelanwang, malwetsi a pelo, le kgogodi ya kankere e bolaya batho ba le bantsi. Boitsholo jo bo sa siamang bo tlhakatlhakanya maikutlo a batho le botshelo jwa lelapa. Kwantle ga tseno tsotlhe, lefatshe le tletse thubakanyo. Fa re leba seo batho ba lebaneng le sone, re tshwanetse go botsa jaana: A go na le motheo mongwe o o utlwalang wa go lebelela go gololwa ka bonako? Fa go le jalo, go tla tla jang, mme go tlela bomang?—Bapisa Habakuke 1:2; 2:1-3.
2, 3. (a) Ke ka ntlhayang fa gompieno re fitlhela seo se buiwang mo go 2 Petere 2:9 se nametsa? (b) Ke ditiro dife tse di kgethegileng tsa go gololwa tseo Bibela e di supang tseo e leng motheo wa go re kgothatsa?
2 Seo se diragalang mo motlheng ono wa rona se re gakolola ka dinako tse dingwe tse di botlhokwa thata mo hisitoring ya motho. Moaposetoloi Petere o re tlhokomedisa ditiro dingwe tsa go golola tseo Modimo o neng wa di dira mo mabakeng ano mme o ne a dira tshwetso eno e e nametsang: “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ.” (2 Petere 2:9) Tlhokomela kgang e go buiwang ka yone fa go tla buiwa mafoko ao mo go 2 Petere 2:4-10:
3 “Gonne ha Modimo oa se ka oa rèkègèla baengele yale mo lobakeñ lo ba leohileñ ka lōna, me oa ba latlhèla mo moletiñ, oa ba cwalèla mo meletiñ e e lehihi, go tla ba letisiwa motlha oa tshekishō; Me oa se ka oa rèkègèla lehatshe ya bogologolo, Yale ka o tlisa morwalèla mo lehatshiñ ya baikepi, me oa boloka Noa, a le moreri oa tshiamō, a na le ba bañwe ba shupa; Gapè, e rile o hetola metse ea Sodoma le Gomora molōra, oa e sekisa ka thibegeco ea tshenyègō, oa ba diha sekaō sa ba ba tla tshelañ mo boikepoñ; Me oa golola mosiami Lote, a le mo pitlaganoñ e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bauō mo bopepeñ; Gonne mosiami eouō, ka a na a agile mo go bōnè, mōea oa gagwè o o siameñ oa nna oa chwenyèga ka go bōna le go utlwa ka malatsi aotlhe ditihō tsa bōnè tsa boiphèhèrō mo molaoñ. Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le bè le ba hitlhèlè; Me bogolo bōnè ba ba tsamaeañ kaha nameñ mo thatoñ e e leshwèhatsañ, me ba nyatse taolō.” Jaaka dikwalo tseo di bontsha, seo se neng sa diragala mo motlheng wa ga Noa le ka nako ya ga Lote se kaya mo gogolo mo go rona.
Moya O Batho ba Neng ba na Nao mo Motlheng wa ga Noa
4. Mo motlheng wa ga Noa, ke ka ntlhayang fa Modimo a ne a leba lefatshe le senyegile? (Pesalema 11:5)
4 Pego ya hisitori e e mo go Genesise kgaolo 6 e re bolelela gore mo motlheng wa ga Noa lefatshe le ne le senyegile mo matlhong a Modimo wa boammaaruri. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya thubakanyo. Seno e ne e se fela dikgetse di sekae tsa bokebekwa le thubakanyo. Genesise 6:11 e bega gore “lehatshe le ne le tletse thubakanyo.”
5. (a) Ke boikutlo bofe jwa batho joo bo neng bo oketsa thubakanyo ya motlha wa ga Noa? (b) Ke eng seo Enoke a neng a tlhagisitse ka sone malebana le baikepi?
5 Seno se ne se bakiwa ke eng? Lokwalo lo lo tsopotsweng mo go 2 Petere le bua ka batho ba ba boikepo. Ee, mo mererong yotlhe ya batho go ne go na le moya wa boikepo. Seno se ne se kopanyeletsa eseng fela go tlhokomologa molao wa bomodimo mme go tsuologela Modimo ka boone.a Mme fa batho ba tsuologela Modimo, re ka lebelela jang gore ba tla tshwara batho ba bangwe ka bopelonomi? Pele ga Noa a tsalwa, boikepo bo ne bo tletsetletse mo eleng gore Jehofa o ne a dira gore Enoke a perofese ka seo se neng se tla diragala. (Yude 14, 15) Go tlhokomologa Modimo gono go ne eleruri go tla lere go diragadiwa ga dikatlholo tsa Modimo.
6, 7. Ke boemo bofe joo bo neng bo kopanyeletsa baengele joo e neng e le jone bo bakang maemo a a bosula ao a neng a le gone pele ga Morwalela?
6 Go ne go na le tlhotlheletso e nngwe gape e e neng e oketsa thubakanyo mo malatsing ao. Genesise 6:1, 2 e re tlhokomedisa seno fa e bua jaana: “Me ga dihala, e rile batho ba simolola go ntsihala mo lehatshiñ, me ba tsala bana ba basetsana, Bomorwa Modimo ba bōna bomorwadia batho ha ba le bantlè, me ba tsaea basadi mo go bonè, botlhe ba ba ba ratañ.” Barwa bao ba Modimo wa boammaaruri e ne e le bomang? E ne e se batho fela. Ka makgolokgolo a dingwaga banna ba ne ba ntse ba bona basadi ba bantle mme ba ntse ba ba nyala. Bano e ne e le bana ba Modimo ba baengele bao ba neng ba iphetotse batho. Mo go Yude 6, ba tlhalosiwa jaaka “baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, me ba tlogèla yo eleñ bonnō yoa bōnè.”—Bapisa 1 Petere 3:19, 20.
7 Fa dibopiwa tseno tse di fetang motho tseo di neng di le mo mebeleng ya batho di ne di tlhakanela dikobo le bomorwadia batho go ne ga felela ka eng? “Me ga bo go le merōle ea meroba mo lehatshiñ, mo malatsiñ auō, me le gōna moragō ga mouō, ha bomorwa Modimo ba tsèna mo go bomorwadia batho, me ba tsala bana nabō: bauō, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ea bogologolo, banna ba ba itsegeñ.” Ee, bana ba ba neng ba nna gone go tswa mo bokopanong joo jo eseng jwa tlholego e ne e le Banefilimo, diganka tseo di neng di dirisa thata ya tsone e kgolo go gatelela ba bangwe.—Genesise 6:4.
8. Jehofa o ne a ikutlwa jang ka maemo a a bosula a a mo lefatsheng?
8 Tota boemo bo ne jwa nna maswe go le kana kang? Go ne ga tla mo boemong jwa gore ‘Jehofa a bone fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe yotlhe e ne e le bosula ka metlha yotlhe.’ Modimo o ne wa dira eng ka seno? “Yehofa a ikwatlhaea ka a dihile motho mo lehatshiñ, me ga mo tlokohatsa pelo.” Seno ga se reye gore Modimo o ne wa akanya gore o dirile phoso ka go bopa batho. Go na le moo, o ne a ikwatlhaela gore morago ga go dira batho, boitsholo jwa bone bo ne jwa nna bosula mo eleng gore jaanong o ne a patelesega go ba senya.—Genesise 6:5-7.
Tsela Eo E Neng ya Lebisa kwa Kgololong
9. (a) Ke ka ntlhayang fa Modimo o ne o dirisana sentle le Noa? (b) Ke tshedimosetso efe e Modimo o neng wa e naya Noa pele?
9 Fa e le kaga Noa, “èna a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō, . . . Noa e ne e le monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè: Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:8, 9) Ka jalo Jehofa o ne a tlhagisa Noa pele gore O ne a tlile go tlisa morwalela mo kgolokweng mme a mo laela gore a age araka. Batho botlhe, kwantle ga Noa le lelapa la gagwe, ba ne ba tla tlosiwa mo lefatsheng. Le eleng dibopiwa tsa diphologolo le tsone di ne di tla senngwa, mme go ne go tla tlogelwa di sekae fela tseo di neng di emela mofuta mongwe le mongwe oo Noa a neng a tla o tsenya mo arakeng.—Genesise 6:13:14, 17.
10. (a) Go ne go tshwanetse ga baakanyediwa ka eng pele malebana le go bolokiwa, mme tiro eno e ne e le ntsi mo go kana kang? (b) Ke eng seo se tshwaegang ka mokgwa oo Noa a neng a dira kabelo ya gagwe ka one?
10 Go itse seno go sale pele go ne go naya Noa boikarabelo jo bogolo. Araka e ne e tshwanetse go agiwa. E ne e tshwanetse go dirwa gore e nne jaaka lebokoso le legolo, leo le neng le le dikubita tsa dimetara di le 40 000 ka bogolo. Noa o ne a tshwanetse go le tlatsa ka dijo mme a phuthe diphologolo le dinonyane, “kaha ditshikeñ tsa cōna,” gore di tle di bolokiwe. E ne e le tiro eo e neng e tla mo tsaya dingwaga go e dira. Noa o ne a arabela jang? “A diha yalo mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.”—Genesise 6:14-16, 19-22; Bahebera 11:7.
11. Malebana le lelapa la gagwe, ke boikarabelo bofe jwa botlhokwa joo Noa a neng a na najo?
11 Fa a ntse a dira tiro eo, Noa gape o ne a tshwanetse go beela nako nngwe kwa thoko go aga lelapa la gagwe mo semoyeng. Ba ne ba tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le go tsaya ditsela tsa bothubaki le moya wa botsuolodi wa batho ba ba neng ba ba dikologile. Go ne go le botlhokwa gore ba seka ba fenngwa ke dilo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo. Modimo o ne o ba file tiro go e dira, mme go ne go le botlhokwa gore e nne selo se segolo mo matshelong a bone. Re a itse gore lelapa la ga Noa le ne la amogela taolo ya gagwe le gore le ne le na le tumelo jaaka ene ka gonne Noa, mosadi wa gagwe, barwa ba bone ba bararo, le basadi ba barwa bao—batho ba ba robedi ka palo—ba buiwa mo Dikwalong.—Genesise 6:18; 1 Petere 3:20.
12. Jaaka 2 Petere 2:5 e bontsha, ke boikarabelo bofe joo Noa a neng a bo dira ka boikanyegi?
12 Noa o ne a na le boikarabelo jo bongwe gape—go tlhagisa ka Morwalela le go itsise lebaka la go tla ga one. Go bonala gore o ne a dira boikarabelo joo ka boikanyegi, ka go bo Lefoko la Modimo le bua ka ene jaaka “moreri oa tshiamō.”—2 Petere 2:5.
13. Ke maemo afe ao Noa a neng a lebana le one fa a ntse a dira tiro eo a e filweng ke Modimo?
13 Jaanong akanya fela ka maemo ao Noa a neng a dira tiro ya gagwe tlase ga one. Ipee mo maemong a gagwe. Fa o ne o le Noa kana o le leloko la lelapa la gagwe, o ka bo o ne o dikologilwe ke thubakanyo e e neng e tlhotlhelediwa ke Banefilimo le baikepi. O ka bo o ile wa lebana le tlhotlheletso ya baengele ba batsuolodi ka tlhamalalo. Fa o ntse o dira mo arakeng o ka bo o ile wa kgalwa. Mme dingwaga fa di ntse di feta le fa o ntse o tlhagisa ka Morwalela o o tlang, o tshwanetse wa bo o ne wa fitlhela gore batho ba ne ba amegile thata ka dilo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo mo eleng gore ba ne ba ‘sa tseye tsia’—ke gore “go fitlha morwalela o tla o ba senya botlhe.”—Mathaio 24:39, NW; Luke 17:26, 27.
Boitemogelo jwa ga Noa bo Kaya Eng go Wena?
14. Ke ka ntlhayang fa gompieno re sa fitlhele go le bokete go tlhaloganya boemo joo Noa le balelapa la gagwe ba neng ba lebane le bone?
14 Ga go thata mo go ba le bantsi ba babadi ba rona go akanya gore boemo joo bo ne bo ntse jang. Ka ntlhayang? Ka gonne maemo a a mo metlheng ya rona a tshwana fela le ao a neng a le gone mo motlheng ya ga Noa. Jesu Keresete o ne a bolela gore seno se tshwanetse go lebelelwa. Mo boperofeting jwa gagwe jo bogolo kaga nako ya go nna gone ga gagwe mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, Jesu o ne a bolelela pele gore: “Yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga morwa motho go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:37.
15, 16. (a) Ke jang go leng boammaaruri gore lefatshe gompieno le tletse thubakanyo fela jaaka mo motlheng wa ga Noa? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba itemogela thubakanyo efe e e kgethegileng?
15 A go ile ga nna fela jalo? A lefatshe gompieno le tletse ka thubakanyo? Ee! Batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo ba ne ba swa mo dintweng mo lekgolong leno la dingwaga. Bangwe ba babadi ba rona ba ile ba amiwa ke seno ka tlhamalalo. Le eleng ba le bantsi ba ile ba tshosediwa ke dinokwane tseo di ikaeletseng go tsaya madi a bone kana dilo tsa bone tsa botlhokwa. Mme ba babotlana le bone ba bona thubakanyo kwa sekolong.
16 Lefa go ntse jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba itemogela se se fetang fela tshenyo ya ntwa le thubakanyo ya dikebekwa ka kakaretso. Ba itemogela gape le thubakanyo ka gonne ga se karolo ya lefatshe mme ba leka go nna batho ba ba boifang Modimo. (2 Timotheo 3:10-12) Ka dinako dingwe thubakanyo e nna ya mofuta wa go kgaramediwa kana go betswa; mme ka dinako tse dingwe e kopanyeletsa go senngwa ga dithoto, go bediwa mo go botlhoko, le eleng go bolawa.—Mathaio 24:9.
17. A boikepo bo tletsetletse gompieno? Tlhalosa.
17 Fa ba tsenelela mo thubakanyong e e ntseng jalo, baikepi bano ka dinako dingwe ka go tsuologa ba ne ba bolela fa ba sa rate Modimo. Mo lefelong lengwe mo Afrika lepodisi lengwe le ne la bua jaana: “Puso ke ya rona. Lona yang kwa Modimong fa e le gore o gone, mme lo mo kope gore a tle go lo thusa.” Mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kopana le banna ba ba tshwanang le Baranowsky kwa Sachsenhausen, kwa Jeremane, bao ba neng ba sotla ba re: “Ke lwa le Jehofa. Re tla bona gore ke mang yo o maatla, nna kana Jehofa.” Go ise go e kae morago ga foo, Baranowsky o ne a tsenwa ke bolwetsi mme a swa; mme ba bangwe ba ile ba tswelela pele ba bontsha boikutlo jo bo tshwanang. Badiredi ba puso bao ba tsenelelang mo go bogiseng ga se bone fela bao ba bontshang gore ba kgotlhanong le Modimo. Batlhanka ba Modimo go dikologa lefatshe ba utlwa le go bona dilo tse di supang gore bao ba di dirang ga ba boife Modimo mo dipelong tsa bone.
18. Meya e e bosula e oketsa boemo jwa batho jo bo tlhakatlhakaneng ka ditsela dife?
18 Mo malatsing ano a a tshwanang thata le a motlha wa ga Noa, re bona bosupi jwa go tsenelela ga meya e e bosula. (Tshenolō 12:7-9) Badimona bano ke bone baengele bao ba neng ba itira batho mme ba nyala basadi mo motlheng wa ga Noa. Fa Morwalela o ne o tla, basadi ba bone le bana ba ne ba senngwa, mme baengele bano ba ba senang kutlo ba ne ba patelesega go boela kwa lefelong la semoya. Ba ne ba sa tlhole ba na le fa ba ka nnang gone mo phuthegong e e boitshepo ya ga Jehofa mme ba tsenngwa mo Moleteng, boemo jwa lefifi le legolo, ba sa tlhole ba bona lesedi lepe la Modimo. (2 Petere 2:4, 5) Ka go bo ba dira kafa tlase ga taolo ya ga Satane, ba ile ba tswelela go tshegetsa kamano e e gaufi thata le batho lemororo ba sa tlhole ba kgona go iphetola mme ba ne ba leka go laola banna, basadi, le eleng bana. Seno se dirwa gape ka tirisabadimo. Gape ba tlhotlheletsa batho go bolaana ka ditsela tseo o ka se akanyeng gore motho a ka dira ka gone. Mme ga go felele foo.
19. (a) Badimona segolo-bogolo ba bontsha letlhoo la bone kgatlhanong le bomang? (b) Badimona ba leka go re pateletsa go dira eng?
19 Bibela e senola gore badimona ba lwa kgatlhanong le bao ba ntseng ba bolokile “ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ya ga Yesu.” (Tshenolō 12:12, 17) Meya e e boikepo eo ke yone e e di gogang kwa pele mo go bogiseng batlhanka ba ga Jehofa. (Baefesia 6:10-13) E dirisa mokgwa mongwe le mongwe go tsietsa le go pateletsa batho ba ba ikanyegang go roba bothokgami jwa bone mo go Jehofa le go emisa go bolela Bogosi jwa ga Jehofa ka Jesu jaaka Kgosi ya Bomesia.
20. Badimona ba leka go thibela batho jang go bona kgololesego mo taolong ya bone? (Yakobe 4:7)
20 Badimona ba leka go kgoreletsa batho bao ba batlang go tswa mo tlhotlheletsong ya bone e e gatelelang. Motho mongwe yo o kileng a bo a dirisa badimo kwa Brazil o bega gore fa Basupi ba ne ba etela legae la gagwe, mantswe a badimona a ne a mmolelela gore a seka a bula mojako; mme o ne a bula, mme a ithuta boammaaruri. Mo mafelong a le mantsi badimona ba leka go thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka tlhamalalo ka bao ba dirisang boloi. Ka sekai, kwa motseng mongwe kwa Suriname, baganetsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ya kwa mongweng yo o dirisang badimo yo a neng a itsege thata gore o kgona go dira gore motho a swe ka bonako fela ka go mo supa ka thobane ya gagwe ya maselamose. A dikologilwe ke bao ba binang le bao ba letsang meropa, motho yo o dirisang badimo yono, a tsenwe ke ledimona, o ne a atamela Basupi ba ga Jehofa. O ne a bua dipuo tsa gagwe tsa boselamose mme a ba supa ka thobane. Batho ba motse ba ne ba lebeletse gore Basupi ba tla swa, mme go ne go idibala motho yo o dirisang badimo a bo a tshwanela ke go tlosiwa fa gare ga batshegetsi ba gagwe bao ba neng ba tlhabilwe ke ditlhong.
21. Fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, batho ba le bantsi ba arabela jang fa re rera mme ka ntlhayang?
21 Le eleng kwa mafelong ao boloi le tirisabadimo di sa dirisiweng phatlalatsa gone, Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o ile a itemogela kafa go ntseng ka gone go rerela batho ba ba amegileng thata ka dilo tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi mo eleng gore ga ba batle go tshwenngwa. Mme fela jaaka go ne go ntse mo metlheng ya ga Noa, batho ba le bantsi “ga ba tseye tsia.” (Mathaio 24:37-39, NW) Bangwe ba ka kgatlhiwa ke kutlwano ya rona le dilo tseo re di fitlhelelang. Mme tiro ya rona ya semoya ya go aga—e kopanyeletsa dioura di le dintsi tsa go ithuta, go ya dipokanong ka metlha le tirelo ya tshimo—tsotlhe tseno mo go bone ke dilo tse di seng botlhale. Ba kgala go ikanya ga rona ditsholofetso tsa Modimo ka gonne selo se segolo fela mo matshelong a bone ke dilo tse di bonalang tseo ba nang natso le menate eo ba ka e bonang jaanong.
22, 23. Ditiragalo tsa motlha wa ga Noa di re naya tlhomamisetso e e utlwalang ya gore Jehofa o tla golola batho ba ba boifang Modimo mo tekong jang?
22 A batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla nna ba sotliwa ke bao ba sa rateng Modimo? Ga go a nna jalo! Go ne ga diragala eng ka motlha wa ga Noa? Ka ba ne ba kaelwa ke Modimo Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tsena mo arakeng eo e neng e weditswe. Morago, “mecwedi eotlhe ea boteñ yo bogolo yo bo teñteñ ea phunyèga, le dithoba tsa legodimo tsa bulèga.” Morwalela o ne wa tswelela go fitlha o bo o khurumetsa dithaba. (Genesise 7:11, 17-20) Baengele bao ba neng ba tlogetse mafelo a bone a a tshwanetseng ba ne ba tshwanela go boela mo mebeleng ya bone ya pele mme ba boela kwa lefelong la semoya. Banefelimo le baikepi botlhe ba lefatshe leo ba ne ba senngwa, go akaretsa le bao ba neng ba sa batle go dira jaaka Noa a ne a ba tlhagisa, ba ne ba senngwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Noa le mosadi wa gagwe le barwa ba bone ba bararo le basadi ba barwa ba bone ba ne ba bolokiwa. Ka gone, Jehofa o ne a golola Noa le lelapa la gagwe mo tekong eo ba neng ba ile ba e itshokela ka dingwaga di le dintsi ba ikanyega.
23 A Jehofa o tla dira se se tshwanang ka batho ba ba boifang Modimo gompieno? Ga go na pelaelo epe kaga seno. O solofeditse, mme ga a kake a aka.—Tito 1:2; 2 Petere 3:5-7.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Anomia ke go tlhokomologa, kana go tlola, melao ya Modimo; asebeia [leina le le bopilweng ka lefoko leo le ranolwang ka go re ‘baikepi’] ke boikutlo joo bo neng bo bontshiwa Motho wa Modimo.”—Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, Bolumo 4, tsebe 170.
A O A Gakologelwa?
◻ Petere o ne a bontsha jang gore Jehofa o itse go golola batho ba ba boifang Modimo mo tekong?
◻ Ke dilo dife tse di neng di oketsa thubakanyo ya motlha wa ga Noa?
◻ Malebana le Morwalela wa lefatshe o o neng o tla ke boikarabelo bofe joo Noa a neng a na najo?
◻ Ke dilo dife tseo di tshwanang le tsa motlha wa ga Noa tse re di bonang gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Go aga araka go ne ga kopanyeletsa tiro e e bokete e e tsayang dingwaga
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Noa o ne a dirisa nako nngwe mo go thuseng lelapa la gagwe mo semoyeng