“Lo Emè ka Tlhomamō” Lo Seka lwa Wa
KGANETSANO e kgolo e batho ba lebaneng le yone gompieno ke ya bolaodi jwa lobopo. Jehofa o re laletsa gore re tseye letlhakore gore re kopanyelediwe mo kgannyeng eno ka go ineela kafa tlase ga Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng, Jesu Keresete. Re tshwanetse go arabela taletso ya gagwe ka bonako, mme mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, batho ba ba fetang milione ba ile ba dira jalo. Mme bano ba ne ba fitlhela gore go tsaya letlhakore go kopanyeletsa go le gontsi go na le gore re dire tshwetso ya go direla Jehofa. Go tshwanetse ga nna le boineelo jwa botshelo jotlhe. A re tla tshegetsa boemo jwa rona fa dilo di nna bokete? Kana a re tla koafala ka bonya ka bonya, morago ga go simolola re ‘eme ka tlhomamo’?—1 Bakorintha 16:13; Bahebera 2:1.
Fa e le gore o fitlhetse tsela ya Bokeresete e se motlhofo, gomodiwa ke go itse gore se se tshwanang se ne se le boammaaruri ka Jesu Keresete. Ee, le eleng Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a tshwanela go rapelela nonofo gore a kgone go tshegetsa boemo jwa gagwe, segolobogolo fa teko ya gagwe e kgolo e ne e atamela. Akanya o mmona mo tshimong ya Gethesemane, a rapela jaana ka tlhoafalo: “Ntata, Rra, dilō cotlhe di ka dihala mo go wèna: tlosa senwèlō se mo go nna: leha go nntse yalō eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Mareko 14:36) O ne a itse gore tsela e e fa pele ga gagwe e ne e se motlhofo. O ne a lemoga ka mo go kgethegileng gore leina la ga Rraagwe le ne le tla amega. Ka gone, jaaka motho a le esi fela yo a neng a itekanetse mo lefatsheng ga a ka a tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso.
Fa dilo di le bokete mo go rona, re na le motswedi o o tshwanang wa nonofo fela jaaka Jesu. Re ka rapela Jehofa go re thusa gore re seka ra kgopiwa mme ra wa. Mme ke mathata a mofuta mang ao a ka re dirang gore re kgojwe? Go itse seno le go ipaakanya go sale gale gongwe go ka re thusa go tila go kgopiwa.
Pogiso E Ka re Dira gore re Kgopiwe
Bibela e tlhagisa jaana: “Botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō.” (2 Timotheo 3:12) Pogiso e ka re dira gore re kgopiwe, ebile e tla ka mefuta e le mentsi. (Mareko 4:17) E ka tla ka go thibelwa kafa molaong—go go tlisang bothata jwa go tsenngwa mo kgolegelong le eleng loso—go tlhaselwa ke digopa tsa batho, kganetso ya letsatsi le letsatsi e e lekang tumelo ya molekane yo o dirang seo ka maikaelelo, yo o ganetsang, kana go sotliwa ka metlha ke balekane ba sekolo.
Ga go motlhofo go itshokela pogiso, mme re tlhagisiwa gore e tla tla ka ditsela tse di farologaneng. Ka gone, re ka nonotsha tumelo ya rona jaanong mme ra ithuta go ikaega ka nonofo ya ga Jehofa gore fa nako eo e tla, re tle re kgone go itshoka ka nonofo eo. (1 Petere 4:13, 14; 5:6-11) Lefa go ntse jalo, gantsi dilo tse di kgopisang ga di bonwe motlhofo jaaka go bogisiwa botlhoko ka go bediwa.
Go Swabisiwa go ka Koafatsa Tumelo
Ke mang yo o sa gakologelweng kafa re neng re utlwa botlhoko ka gone fa re ne re le bana fa re ne re swabisiwa? A o gakologelwa fa Rre a ne a solofeditse go direla lelapa sengwe se se kgethegileng mme ka mabaka mangwe a fetola mogopolo? Kana nako ya fa a ne a solofeditse go lo isa kwa tshimong ya diphologolo mme mo motsotsong wa bofelo a bo a senya seo? Abo o ne wa swaba jang ne!
Bakeresete ba ba godileng le bone ba ka swaba, mme seno se ile sa dira gore go nne le matlhotlhapelo mangwe a semoya. Bangwe ba baya tsholofelo ya bone mo letlheng lengwe leo ba tlhomamisegang gore Hara–Magedone e tla tla ka lone. Fa go sa diragale sepe mo letlheng leo, ba ne ba swaba. Bangwe ba ne ba swaba fa tshiamelo nngwe eo ba neng ba e solofetse e ne e sa nne jalo. Mo godimo ga moo, batho ba ka go swabisa. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 18 o ne a bolelela batsadi ba gagwe gore o ne a swabisiwa ke boitsholo jwa banna bangwe ba babotlana mo phuthegong—mme go palelwa ga batsadi ba gagwe go ba kgalema—go ne ga mo dira gore a seka a tlhola a batla boammaaruri.
Lefa gone ruri re tlhaloganya gore mo maemong ano otlhe ba ne ba kgopisegile, a batho ba go nna jalo ba ba swabileng ba ka kgopisega gore ba latlhe kamano ya bone le Jehofa? Akanya kafa Jesu a neng a swaba ka gone fa baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ganelela mo go tatalalaneng ka gore ke mang yo mogolo mo go bone, ka gone ba supa boikutlo jwa go batla go nna kwa pele. (Luke 9:46; 22:24) Akanya gape kafa Jobe a neng a swaba ka gone fa ditsala tsa gagwe tse tharo tseo di tshwanetseng tsa bo di ne di mo thusa di ne di nna kgatlhanong nae mme di simolola go belaela boikanyegi jwa gagwe! (Yobe 22:5-10) Lefa go ntse jalo, Jesu le Jobe ga baa ka ba kgopisega.
Batho botlhe ba bokoa, go tla bo go sa utlwale go letla go palelwa ga batho ba bangwe go ama kamano ya rona le Jehofa. (Pesalema 51:5) Bosaitekanelang jwa ba bangwe ga bo a tshwanela go re dira gore re seka ra bona tiro e e molemo eo Jehofa a e dirang jaaka a ntse a “shopanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete.” (Baefesia 1:9, 10) Gakologelwa gore Jehofa o phutha batho ba ba sa itekanelang, ba ba oleng ba ba tshwanang le rona, batho ba ba tlhokang go kgalemelwa le go phepafadiwa gore ba nonofe. (Pesalema 130:3) Mmaba wa rona ga se mokaulengwe wa rona wa Mokeresete yo o sa itekanelang mme ke Satane yo o batlang go re kometsa fa a ka kgona. Ga a kitla a atlega fa re ‘emelana nae re nitame mo tumelong.’ (1 Petere 5:8, 9) Fa re na le tumelo e e ntseng jalo, ga re kitla re “tlhabisiwa ditlhoñ.”—Baroma 9:33.
Go Ikatlhola Go ka Senya
Bangwe ba ile ba latlhegelwa ke kamano ya bone le Jehofa Modimo ka gonne ba ne ba ikutlwa e se ba sepe. Ka ba itse makoa a bone le ditlhaelo tsa bone, ba swetsa ka gore Jehofa ga a kitla a amogela tirelo ya bone. Ba ikutlwa gore fa mongwe yo o tshwanang le bone a re ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke boitimokanyi fela. A o kile wa ikgagamaletsa dilo jalo? Fa go le jalo o tshwanetse go lwa le maikutlo ao.
A o ikutlwa o sa tshwanela go direla Jehofa? He ipotse, ‘Ke mang yo o tshwanelwang ke tshiamelo e kgolo eno?’ Bakeresete botlhe ba tshwanetse go lwa ka metlha le bosaitekanelang jwa bone. Le eleng moaposetoloi Paulo o ne a ngongorega jaana: “Mo go nna eo ke ratañ go diha molemō, boshula boo bo nntse bo le gōna.” (Baroma 7:21) A Paulo e ne e le moitimokanyi ka go bo ka dinako dingwe a ne a dira dilo dingwe tse di phoso? Nnyaa. Moitimokayi ke motho yo o itirang se a seng sone. Fa re leka go dira se se siameng mme ka dinako dingwe re palelwa, a re itira seo re seng sone? Legoka.
Bibela e re kgothaletsa gore re “aparè motho eo mosha.” (Baefesia 4:24) Lefa go le jalo, a seo se raya gore re tlogela dinonofo tsotlhe tsa motho yo mogologolo? Nnyaa. Mo lokwalong lwa gagwe lo lo yang kwa go Bakolosa, Paulo o ne a bolela gore motho yo mosha o ‘shahadiwa’ ka kitso e e tlhomameng. (Bakolosa 3:9, 10) Polelwana ‘go shahadiwa’ e raya tiro e e tswelelang pele e dirwa. Ka jalo go fetola botho jwa rona ke sengwe se se tswelelang. Ga go gakgamatse he go bo ka dinako dingwe re iphitlhela re na le diphoso.
Legale, seno ga se nyenyefatse bomasisi jwa boleo, kana go raya gore re ka ineela fela fa re lekwa re sa lwe, re akanya gore Jehofa o tla re itshwarela fela. Mme go molemo gore re se itshwaye diphoso ka mo go sa utlwaleng. Mme go re dira gore re rate Jehofa le go feta ka gonne o ne a baakanyetsa ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete gore re kgone go mo direla go sa kgathalesege go bo re tlholegile re le baleofi.
Moaposetoloi Johane o ne a re naya pono e e lekalekaneng fa a ne a bua jaana: “Dilō tse kea di lo kwalèla, gore lo tlè lo se ka loa leoha.” Mme o ne a oketsa jaana: “Me ha motho moñwe a leoha [ka baka la bosaitekanelang jwa botho] re na le Mmueledi kwa go Rara, eboñ mosiami Yesu Keresete.” (1 Yohane 2:1) Go na le go ikatlhola re feteletsa, go lemoga boemo jwa rona le thuso eo Jehofa a e re nayang go re dira gore re bue mafoko ano a ga Paulo: “Ke leboga Modimo ka Yesu Keresete Morèna oa rona.”—Baroma 7:25.
Lo Seka Lwa Nna Lo Kgopisegile.
Jesu o ne a naya bao ba ka kgopisang ba bangwe tlhagiso eno e e gagametseng: “Leha e le mañ eo o tla kgopisañ moñwe oa ba babōtlana ba ba dumèlañ mo go nna, go ka nna molemō mo go èna ha lolwala lo logolo lo ka gokèlèlwa mo thamuñ ea gagwè, a ba a thabuediwa mo mateñeñ a lewatle.” (Mathaio 18:6) Mme go tweng ka yo o o kgopisitsweng? Fa re kgopisiwa ke mongwe kana boemo bongwe, a re tshwanetse go intsha mo teng re bo re re, “Ga ke na molato ope, ka jalo ga ke tlhole ke tla direla Jehofa?”
Tlhokomela setshwantsho seno. A o kile wa relela mo metsing a a gatsetseng kana wa wa mo ditepising? Gongwe kotsi eno e ne ya go diragalela ka tshoganetso. Go a utlwala gore o ne wa iphitlhela o rapaletse fa fatshe. Mme o ne wa dira eng morago ga foo? A o ne wa re: “Ga se molato wa me go bo ke robetse fano. Ke molato wa metsi a a gatsetseng [kana setepisi]. Ka jalo ga nkitla ke tsoga gape”? Ka mo go tlwaelegileng, o ne wa tsoga mme wa tloga mo boemong joo jo bo tlhabisang ditlhong ka bonako jo bo kgonegang.
A sengwe se se tshwanang ga se kake sa nna boammaaruri ka dikgang tsa semoya? Fa re kgopisiwa ke boemo bongwe kana ke Mokeresetekarona, seno ke bothata jo bo masisi jo bo tshwanetseng go rarabololwa. Lefa go ntse jalo, fa re nna re kgopisegile, re ganelela mo go boneng mongwe molato ka bothata jwa rona, a ga go boammaaruri gore boemo jo bo ntseng jalo jaanong bo fetoga phoso ya rona?
Ka mo go itumedisang, fa re kgopisega, bagolwane le batho ba bangwe ba ba godileng sentle mo phuthegong ba iketleeditse go re thusa. (Bagalatia 6:1) Mme Jehofa ka boene o naya bao ba batlang go mo direla nonofo lefa ba na le mathata. (Bafilipi 4:13) Ka jalo re tshwanetse ka metlha ra iketleeletsa go kopa thuso fa go lebega ekete sengwe se tlile go tlhakatlhakanya go emela ga rona Jehofa le Bogosi jwa gagwe re tlhomame. He ga re kitla re naya Satane phenyo ka go kgopisega le go nna fa fatshe.
O Eme fa Kae?
Letsatsi lengwe le lengwe batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba lebana le dikganetso tseo di lekang boineelo jwa bone mo go Jehofa. Go sa kgathalesege seo ba tshwanetseng go lwa le sone, ba tshwanetse go ema mme ba balelwe kafa letlhakoreng la Kgosi ya Bomesia ya ga Jehofa. Babusi ba ba maatla ba lefatshe leno ba tsere letlhakore kgatlhanong le ‘Jehofa le motlodiwa wa gagwe.’ Abo re na le tshiamelo jang ne ka go mo emela!—Pesalema 2:2.
Lefa go ntse jalo, ga re kake ra lwa le tlhotlheletso ya tsamaiso ya lefatshe leno yotlhe ka borona, ka jalo re gomodiwa ke tsholofetso ya ga Jesu ya gore o ne a tla nna le phuthego ya gagwe “go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:20) O tla re tshegetsa. Mo godimo ga moo, re bona thuso e kgolo fa re atamalana gaufi le Jehofa mme re kopa tshegetso ya gagwe. Go retologela mo Lefokong la gagwe go re naya nonofo. Fa re ikutlwa re sa kgone go itshoka, Pesalema 55:22 e re laletsa go ‘latlhela morwalo wa rona mo go Jehofa, gore a re tshegetse. Ga a kitla a leseletsa mosiami go tshikinngwa.’ Ee, Bibela e kgothaletsa batho botlhe ba Modimo gore ba “eme ka tlhōmamō mo tumeloñ”—mme ba seka ba wa.—1 Bakorintha 16:13.