LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/15 ts. 10-15
  • Boifa Jehofa, Moutlwi wa Thapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boifa Jehofa, Moutlwi wa Thapelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Atamela Kgosi ya Metlha
  • Tshiamelo E E Sa Bonweng Ke Botlhe
  • ‘Go Rapela ka Moya O O Boitshepo’
  • Ga A Kake A Re Koba
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Ke Dithapelo a Bomang tse di abiwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Dithapelo Tsa Gago di Senola Eng ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/15 ts. 10-15

Boifa Jehofa, Moutlwi wa Thapelo

“Wèna eo o utlwañ thapèlō, nama eotlhe e tla tla kwa go wèna.”—PESALEMA 65:2.

1. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go lebelela gore Jehofa a bo a na le ditekanyetso dingwe tsa bao ba batlang go mo atamela ka thapelo?

JEHOFA MODIMO ke “Kgosi ea metlha.” Gape ke “eo o utlwañ thapèlō,” yoo ‘nama yotlhe e tla yang kwa go ene.’ (Tshenolō 15:3; Pesalema 65:2) Mme batho ba tshwanetse go ya jang kwa go ene? Dikgosi tsa selefatshe di kgona go laola tsela eo ba ba tlang kwa go tsone ba tshwanetseng go apara ka yone le go itshwara ka yone. Eleruri, he, re tshwanetse go lebelela gore Kgosi eo ya Metlha e bo e na le ditekanyetso dingwe tseo di tshwanetseng go fitlhelelwa ke ope fela yo a batlang go mo atamela ka thapelo le go mo leboga.—Bafilipi 4:6, 7.

2. Ke dipotso dife tse di tsogang ka kgang ya thapelo?

2 Kgosi eno ya Metlha e batla eng mo go bao ba mo atamelang ka thapelo? Ke bomang bao ba ka rapelang mme ba utlwiwa? Mme ba ka rapelela eng?

Go Atamela Kgosi ya Metlha

3. Ke dikai dife tseo o ka di nayang tsa dithapelo tseo di neng tsa newa ke batlhanka ba pele ba Modimo, mme a ba ne ba atamela Modimo ka motsereganyi mongwe?

3 Pele a nna moleofi, Adame, “morwa Modimo,” go lebega a ne a ile a bua le Kgosi eno ya metlha. (Luke 3:38; Genesise 1:26-28) Fa morwa wa ga Adame Abele a ne a “tlisa ga maitibolō a lecomane ya gagwè” mo Modimong, ga go belaetse gore setlhabelo seno se ne se patilwe ke dithapelo le pako. (Genesise 4:2-4) Noa, Aberahame, Isake, le Jakobe ba ne ba aga dibeso mme ba atamela Jehofa ka thapelo ba mo isetsa tshupelo. (Genesise 8:18-22; 12:7, 8; 13:3, 4, 18; 22:9-14; 26:23-25; 33:18-20; 35:1, 3, 7) Mme dithapelo tsa ga Solomone, Esere, le bapesalema bao ba tlhotlheleditsweng ke Modimo di bontsha gore Baiseraele ba ne ba atamela Modimo kwantle ga motsereganyi.—1 Dikgosi 8:22-24; Esere 9:5, 6; Pesalema 6:1, 2; 43:1; 55:1; 61:1; 72:1; 80:1; 143:1.

4. (a) Ke ka tsela efe e ntšha ya go atamela Modimo ka thapelo eo e ileng ya tlhongwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Ke ka ntlhayang fa go tshwanela segolobogolo gore thapelo e neelwe ka leina la ga Jesu?

4 Go atamela Modimo ka tsela e ntšha ka thapelo go ne ga tlhongwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng. E ne e le ka Morwawe, Jesu Keresete, yo a neng a rata batho ka mo go kgethegileng. Fa a ne a ise a nne motho, Jesu o ne a direla ka boitumelo jaaka “tlhōgō ea tihō,” a itumelela dilo tse di amanang le batho. (Diane 8:30, 31) Jaaka motho mo lefatsheng, Jesu o ne a thusa batho ba ba sa itekanelang ka lorato mo semoyeng, a fodisa balwetsi le eleng go tsosa baswi. (Mathaio 9:35-38; Luke 8:1-3, 49-56) Mo godimo ga tsotlhe, o ne a “ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Abo go tshwanela jang ne gore bao ba batlang go solegelwa molemo ke thekololo eno ba ka atamela Modimo ka yo o ratang batho thata yono! Eno jaanong ke yone tsela fela ya go atamela Kgosi ya Metlha, ka go bo Jesu ka boene o ne a bua jaana: “Ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna” le, “Ha lo lōpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me.” (Yohane 14:6; 16:23) Fa re kopa dilo ka leina la ga Jesu go raya gore re mo leba jaaka tsela ya go atamela Moutlwi wa thapelo.

5. Modimo o ikutlwa jang ka lefatshe la batho, mme seno se ama thapelo jang?

5 Mme re tshwanetse go anaanela lorato lwa ga Jehofa segolobogolo leo a le bontshitseng ka go neelana ka thekololo. Jesu o ne a bua jaana: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Bogolo jwa lorato lwa Modimo bo tlhalosiwa sentle ke mafoko ano a ga mopesalema: “Yaka legodimo le nntse le le kwa godimo, godimo ga lehatshe, boutlwèlō botlhoko yoa gagwè mo go ba ba mmoihañ, bo nntse bogolo yalo. Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:11-14) Abo go nonotsha jang ne go itse gore dithapelo tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng di tlhatlogela kwa go Rre yo o lorato jalo ka Morwa wa gagwe!

Tshiamelo E E Sa Bonweng Ke Botlhe

6. Re tshwanetse go atamela Jehofa ka thapelo ka boikutlo bofe?

6 Dikgosi tsa batho ga di letle mongwe le mongwe fela go tsena mo mafelong a tsone a segosi a sa itsise pele. Go bua le kgosi ke tshiamelo e e sa bonweng ke mongwe le mongwe. Go ntse fela jalo ka thapelo e e yang kwa go Kgosi ya metlha. Mme tota, bao ba mo atamelang ka Jesu Keresete ba anaanela bogolo jo bo galalelang jwa Modimo ba ka lebelela gore o tla ba utlwa. Kgosi ya Metlha e tshwanetse go atamelwa ka boikutlo jwa go mo tlotla, le go mo obamela. Mme bao ba batlang gore ba utlwiwe ba tshwanetse go bontsha gore ba “boiha Yehofa.”—Diane 1:7.

7. “Go boiha Yehofa” ke eng?

7 “Go boiha Yehofa” ke eng? Ke go tlotla Modimo ka botlalo, mmogo le poifo ya go mo itumolola. Poifo eno e nna gone fa motho a lebogela bopelotlhomogi le bomolemo jwa gagwe thata. (Pesalema 106:1) E akaretsa go mo leba jaaka Kgosi ya metlha, eo e nang le tshwanelo le maatla a go lere kotlhao, e e akaretsang loso, mo go botlhe bao ba sa mo reetseng. Batho bao ba supang go boifa Jehofa ba ka mo rapela mme ba lebelela gore o tla ba utlwa.

8. Ke ka ntlhayang fa Modimo o utlwa dithapelo tsa bao ba mmoifang?

8 Ka tlholego fela, Modimo ga o arabe dithapelo tsa batho ba ba boikepo, ba ba sa ikanyegeng, le ba ba itebang ba siame. (Diane 15:29; Isaia 1:15; Luke 18:9-14) Mme bao ba boifang Jehofa ba a utlwiwa ka gonne ba dirisa ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Lefa go le jalo, ba dirile se se fetang seo. Ba ba boifang Jehofa ba ineetse mo Modimong ka thapelo mme ba supile seno ka kolobetso ya metsi. Ka gone ba ka mo rapela fela ka kgololesego.

9, 10. A batho ba ba sa kolobediwang ba ka rapela ka tsholofelo ya gore ba tla utlwiwa?

9 Gore Modimo o utlwe motho, motho o tshwanetse go mo rapela tumalanong le go rata ga gagwe jaaka Modimo. Ee, o tshwanetse go tlhoafala, mme go tlhokega se se fetang seo. “Kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o [Modimo] kgatlha,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo, “gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Ka jalo he, a batho ba ba sa kolobediwang ba ka kgothalediwa go rapela ka tsholofelo ya gore ba tla utlwiwa?

10 Ka re lemoga gore thapelo ke tshiamelo e e sa bonweng ke botlhe, Kgosi Solomone o ne a kopa Jehofa go reetsa baeng bao ba neng ba rapela ba lebile tempele ya Modimo kwa Jerusalema. (1 Dikgosi 8:41-43) Dingwaga di le makgolokgolo morago ga foo, Korenelio wa Moditšhaba o ne a “rapèla Modimo ka metlha eotlhe” jaaka monna yo o ineetseng. Morago ga go bona kitso e e tlhomameng, Korenelio o ne a neela botshelo jwa gagwe mo Modimong, yo a neng a mo naya moya o o boitshepo. Morago ga seno, Korenelio le Baditšhaba ba bangwe ba ne ba kolobediwa. (Ditihō 10:1-44) Jaaka Korenelio, motho ope fela yoo a tswelelang go fitlha a kolobediwa a ka kgothalediwa go rapela. Mme motho yo o sa tlhoafaleleng go ithuta Dikwalo, ga a itse dilo tseo Modimo o di tlhokang mo go ba ba mo rapelang, mme ga a ise a supe boikutlo jwa go batla go itumedisa Modimo mme ga go kake ga twe o boifa Jehofa, o na le tumelo kana o mmatla ka tlhoafalo. Motho yo o ntseng jalo ga a ise a fitlhelele boemo jwa go neela Modimo dithapelo tseo a ka di amogelang.

11. Ke eng seo se neng sa diragalela bao ba neng ba setse ba tsweletse pele go ya kwa boineelong, mme re tshwanetse go ipotsa eng?

11 Bangwe bao ka nako nngwe ba neng ba tsweletse sentle ba bile ba setse ba tla kolobediwa e ka nna ya re moragonyana ba lebega ba boela morago. Fa ba sa rate Modimo ka mo go lekaneng mo dipelong tsa bone gore ba ka ineela ka bojotlhe mo go ene, ba tshwanetse go ipotsa gore a ba santse ba na le tshiamelo eno ya thapelo. Go lebega go se jalo, ka gonne bao ba atamelang Modimo ba tshwanetse ba bo ba mmatla ka tlhoafalo ba batla tshiamo le go nna bonolo. (Sefania 2:3) Mongwe le mongwe yo eleruri a boifang Jehofa o a dumela mme o ineela mo Modimong a bo a tshwantsha seo ka go kolobediwa. (Ditihō 8:13; 18:8) Mme ke badumedi ba ba kolobeditsweng fela bao ba nang le tshiamelo eno e e sa bonweng ke mongwe le mongwe ya go atamela Kgosi ya Metlha ka thapelo.

‘Go Rapela ka Moya O O Boitshepo’

12. Re ka bolela leng gore motho o “rapèla ka Mōea o o Boitshèpō”?

12 Morago ga gore motho a ineele mo Modimong a bo a tshwantsha seo ka go kolobediwa, o mo boemong jwa go “rapèla mo Mōeeñ o o Boitshèpō.” Jude o ne a kwala jaana malebana le seno: “Me lona, baratwa, lo re lo nntse lo ikaga mo tumeloñ ea lona e e itshepileñ segolo, le lo nntse lo rapèla mo Mōeeñ o o Boitshèpō, Lo nnè lo ipolokè mo loratoñ loa Modimo, lo nntse lo lebeletse kutlwèlō botlhoko ea Morèna oa rona Yesu Keresete, e e isañ botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Yude 20, 21) Motho o rapela ka moya o o boitshepo fa a rapela a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang, mme ebile e le tumalanong le dilo tse di buiwang mo Lefokong la Gagwe. Dikwalo, tse di kwadilweng kafa tlase ga tlhotlheletso ya moya wa ga Jehofa, di re bontsha gore re ka rapela jang le gore re ka kopa eng mo thapelong. Ka sekai, re ka rapela ka tsholofelo gore Modimo o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Fa re rapela ka moya o o boitshepo, dithapelo tsa rona di senola boemo jwa pelo joo Jehofa a bo ratang.

13. Fa re rapela ka moya o o boitshepo, re tla tila eng, mme re tla dirisa kgakololo efe ya ga Jesu?

13 Fa re rapela ka moya o o boitshepo, dithapelo tsa rona ga di tlale ka mafoko fela a re batlang a kgatlha mongwe. Ga di nne jaaka dilo dingwe tse re di boaboeletsang. Nnyaa, ga di tlale fela ka dilo dingwe tseo re laetsweng gore re di dire tse di senang bokao, go bua re mmaka mme re sa tlhoafala. Dithapelo tsa mofuta o o ntseng jalo di tletsetletse mo go Labodumedi le mo go Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mme Bakeresete ba boammaaruri ba reetsa kgakololo eno ya ga Jesu: “Me e re ha lo rapèla, lo se ka loa nna yaka baitimokanyi: gonne bōnè ba rata go rapèla ba eme mo matluñ a thutō, le ha makōpaneloñ a mebila, gore ba bōnwè ke batho . . . Me ha lo rapèla, lo se ka loa boaboèla hèla, yaka Badichaba ba tle ba dihe: gonne ba gopola [ka phoso], go re, ba tla utlwiwa ka ntlha ea go bua bobe ga bōnè. Ka gōna se nneñ yaka bōnè.”—Mathaio 6:5-8.

14. Bangwe ba ne ba bua eng malebana le thapelo?

14 Mo godimo ga ga Jesu le bakwadi ba bangwe ba Bibela, go na le bangwe bao ba neng ba bua sengwe malebana le thapelo. Ka sekai, mokwadi mongwe wa Moesemane John Bunyan (1628-88) o ne a bua jaana: “Thapelo ke go tshololela Modimo moya wa gago o tlhoafetse, o ikutlwa, ebile e le ka lorato, ka Keresete, o nonotshiwa ebile o thusiwa ke Moya, ka dilo tse Modimo o di solofeditseng.” Moruti wa Mo-Puritan Thomas Brooks (1608-80) o ne a tlhokomela jaana: “Modimo ga o lebelele go bua ga rona dithapelo tse di tshikinyang maikutlo, kana gore di kgabisitswe go le kana kang; kana gore dithapelo tsa rona di na le dintlha le mabaka, gore di boleele jo bo kana kang; kana go bo dithapelo tsa rona di rulagantswe sentle, le gore di dintsi go le kana kang; eseng gore dithapelo tsa rona di utlwala go le kana kang, gore ke tsa mokgwa ofe; mme o lebelela gore di tlhoafetse go le kana kang.” Re ne re ka oketsa gape dikakgelo tseno ka kakgelo eno ya ga Bunyan: “Mo thapelong go botoka gore o tlhoke mafoko mme pelo e le mo go yone, eseng gore mafoko a ba a le gone mme a sa tswe mo pelong.” Mme fa re tlhoafetse mme ebile re fitlhelela ditlhokafalo tsa Modimo, re ka tlhomamisega jang gore Kgosi ya metlha e tla utlwa dithapelo tsa rona?

Ga A Kake A Re Koba

15. Jesu o ne a kaya eng tota mo go Luke 11:5-8?

15 Jehofa Modimo ga a ke a itlhokomolosa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng. Seno se ne sa phepafadiwa ke mafoko a a omosang pelo a ga Jesu fa barutwa ba gagwe ba ne ba mo kopa gore a ba neele ditaolo tsa thapelo. O ne a bua ka bokhutshwane jaana: “Ko ohe oa lona eo o ka reñ a na le tsala, me a ea kwa go èna gare ga bosigo, a mo raea, a re, Tsala, nkadima dinkgwè di le tharo; Gonne tsala ea me e nkgorogetse, e cwa loetoñ, me ga ke na sepè se nka se mo hañ; Me eole eo o kwa teñ a ka mo hetola, a re, Se nchwenye; go setse go cwecwe, le bana ba me ke na nabō mo bolaoñ; ga nkake ka coga ka gu naea? Kea lo raea, leha a gana go coga a mo naea ka go bo e le tsala ea gagwè, leha go nntse yalo, ka ntlha ea kèmèlèlō ea gagwè o tla coga a mo naea kaha a tlhōkañ ka gōna.” (Luke 11:1, 5-8) Ke eng seo se neng se rutiwa ka setshwantsho seno?

16. Jesu o ne a batla gore re dire eng malebana le thapelo?

16 Eleruri Jesu o ne a sa reye gore Jehofa ga a batle go re thusa. Go na le moo, Keresete o batla gore re ikanye Modimo ka botlalo le go mo rata ka mo go lekaneng gore re tle re mo rapele re sa kgaotse. Ka gone, Jesu o ne a tswelela jaana: “Me ke lo raea, ke re, Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ me lo tla bōna; kgwanyakgwanyañ, me lo tla bulèlwa. Gonne moñwe le moñwe eo o lōpañ, oa amogèla; le eo o batlañ oa bōna; le eo o kgwanyakgwanyañ o tla bulèlwa.” (Luke 11:9, 10) Eleruri, he, re tshwanetse go nna re rapela fa re bogisiwa, re tshwenyegile mo boikutlong ka bokoa bope fela jo bo medileng medi mo go rona, kana ka teko epe fela. Jehofa ka metlha o iketleeditse go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ga a ke a re raya a re: “Se nchwenye.”

17, 18. (a) Jesu o ne a re kgothatsa go kopa moya o o boitshepo jang, mme ke eng seo se nonotshang mafoko a gagwe? (b) Jesu o ne a bapisa ditirisanyo tsa motsadi wa selefatshe le tsa Modimo jang?

17 Gore re itumelele kamano e e atamalaneng thata le Modimo, re tlhoka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang. Ka gone, Jesu o ne a tswelela jaana: “Me ko ohe oa lona eo o ka reñ e le rra bana, me ha ñwana oa gagwè a mo lōpa senkgwè, o ka mo naea lencwè? Kgotsa ha a lōpa tlhapi, o ka mo naea nōga mo boemoñ yoa tlhapi? Goñwe ha a lōpa letsae, a o ka mo naea phepheñ? Me ke gōna, ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” (Luke 11:11-13) Mathaio 7:9-11 e bua kaga go naya letlapa mo boemong jwa senkgwe. Maatla a mafoko ano a ga Jesu a okediwa ke fa re lemoga gore senkgwe sa mo dinageng tsa metlha ya bogologolo ya Bibela se ne se lekana ka bogolo se bile se bopegile jaaka letlapa le le sephaphathi, le le kgolokwe. Mme mefuta mengwe ya dinoga e tshwana le mefuta mengwe ya ditlhapi, mme go na le phepheng nngwe e tshweu eo e tshwanang le lee. Mme fa o ne o kopiwa senkgwe, tlhapi, kana lee, ke rre wa mofuta mang yo a neng a ka naya ngwana wa gagwe letlapa, noga, kana phepheng?

18 Morago Jesu o ne a tshwantsha ditirisano tsa motsadi wa lefatshe le ditiro tsa Modimo le maloko a lelapa la baobamedi ba Gagwe. Fa rona, re le boikepo ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, re naya bana ba rona dineo tse di molemo, abo re ka lebelela go le gontsi jang mo go Rraarona wa selegodimo gore a neye batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang bao ba mo kopang ka boikobo neo ya moya o o boitshepo!

19. (a) Ke eng seo mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 11:11-13 le Mathaio 7:9-11 a se akantshang? (b) Fa re gogiwa ke moya o o boitshepo, re tla leba diteko jang?

19 Mafoko a ga Jesu a akantsha gore re tshwanetse gore re kope Modimo gore a re neye moya wa Gagwe o o boitshepo o o oketsegileng. Fa re gogiwa ke one, ga re kitla re ‘ngongorega ka dilo tsa botshelo’ mme re leba diteko le dilo tse di sa tsamayeng kafa tshwanelong jaaka dilo tse di re utlwisang botlhoko thata. (Yude 16) Ka boammaaruri, “motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduègō,” mme ba le bantsi ga ba a ka ba tshela go fitlha ba bona mathata a bone kana dilo tseo di utlwisang dipelo tsa bone botlhoko di khutla. (Yobe 14:1) Mme a le ka motlha re seka ra leba diteko jaaka maje, dinoga, le diphepheng tseo Moutlwi wa thapelo ka tsela nngwe a di re neetseng. Ke sekai se se molemo sa lorato mme ga a leke ope ka dilo tse di bosula. Go na le moo, o re naya “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ.” Kwa bokhutlong, o tla siamisetsa botlhe ba ba mo ratang le ba ba mmoifang sengwe le sengwe. (Yakobe 1:12-17; 1 Yohane 4:8) Bao ba ileng ba tsamaya mo boammaaruring ka dingwaga di le dintsi ba diragaletswe ke dingwe tsa diteko tse di bokete tota, tseo ka thapelo le tumelo, di ileng tsa felela di ba solegetse molemo mme di bile di okeditse go dira ga moya wa Modimo mo matshelong a bone. (3 Yohane 4) Mme tota, ke ka tsela efe e e molemo eo re ka ithutang go ikaega ka Rraarona wa selegodimo mme ra thusiwa go tlhagolela maungo a moya a lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo?—Bagalatia 5:22, 23.

20. Mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 11:5-13 a tshwanetse go re ama jang?

20 Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 11:5-13 ka gone a re naya tlhomamisetso e e segofaditsweng ya lorato la ga Jehofa le tlhokomelo ya gagwe e e lorato. Seno se tshwanetse go tlatsa dipelo tsa rona ka go batla go mo leboga tota le lorato. Go tshwanetse ga nonotsha tumelo ya rona mme go oketse keletso ya rona ya go ya ka metlha fa bonamelong jwa maoto a Kgosi ya Metlha mme re nne mo loratong lwa gagwe. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Jesu a re tlhomamisetsa gore ga re kitla re busiwa fela re sa tshola sepe. Rraarona wa selegodimo o itumela thata fa re latlhela merwalo ya rona mo go ene. (Pesalema 55:22; 121:1-3) Mme fa rona, jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba ba ikanyegang, re mo kopa moya wa gagwe o o boitshepo, o o re naya fela ka bogolo. Yono ke Modimo wa rona o o lorato, mme re ka nna le tumelo e e tletseng ya gore ke Moutlwi wa dithapelo tsa rona.

A O A Gakologelwa?

◻ Re tshwanetse go atamela Modimo ka mang fa re mo rapela, mme ka ntlhayang?

◻ Ke ka ditsela dife thapelo e leng tshiamelo e e sa bonweng ke botlhe?

◻ Go kaya eng go “rapèla mo Mōeeñ o o Boitshèpō”?

◻ O ka supa jang ka Dikwalo gore dithapelo tsa Basupi ba ba kolobeditsweng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di a utlwiwa?

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Fela jaaka borre ba batho ba naya bana ba bone dineo tse di molemo, Jehofa o naya ba ba mo kopang moya o o boitshepo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela