Go Direla Jehofa go Dumelesega le Fa go le Thata
Jaaka go boletse Hal Bentley
GO NE GO dirilwe dithulaganyo tsa kopano ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa mo motsaneng mongwe o monnye wa kwa Nyasaland (e jaanong e leng Malawi). Molebedi wa potologo le molebedi wa kgaolo ba ne ba tlhatlhoba serala se se neng se dirilwe ka bojang le dikota le matlo a bojang ao go tlileng go robalwa mo go one. Ka bonako fela, ba ne ba dikaganyediwa ke segopa seo se neng se ntse se iphitlhile mo sekgweng gaufi le foo. Segopa seo se ne sa tshuba matlo ao le serala mme sa kgokgoeletsa bakaulengwe kwa matlong ao ba neng ba nna kwa go one.
Mosadi wa molebedi wa kgaolo, Joyce Bentley, o ne a tla a siane go tla go bona se se diragalang. Le ene o ne a kgaphelwa kwa morago. Moeteledipele wa segopa o ne a goa a re mzungu (mosweu) o tshwanetse go tsamaya ka bonako. Segopa seo se ne sa seka sa re letla gore re tseye dilo tsa rona mme sa re patelela go tsena mo teng ga Land-Rover ya rona. Se ne sa dikaganyetsa koloi eo—banna, basadi, le bana—ba tlhaeletsa ba re “Pitani mzungu” (Tsamaya, monna ke wena yo mosweu) le “Kwacha” (Kgololesego). Re ne re lebeletse gore ba tla menola Land-Rover, ka jalo re ne ra rapela Jehofa ka tidimalo. Mme bontsintsi joo jwa batho bo ne jwa fokotsega, mme re ne ra ya kwa seteitšhaneng se se gaufi sa mapodisi, kwa Mzimba, sekgala sa dikilometara di ka nna 50 go tswa foo.
Moragonyana re ne ra boa, re na le lepodisi le le lengwe. Ka ntlha ya mathata mo mafelong a mangwe, e ne e le ene fela yo ba neng ba ka re mo neela. Fa re fitlha mo lefelong leo re neng re dikaganyeditswe ke segopa gone, re ne ra fitlhela folaga ya Malawi Congress Party kafa ntle mme go kwadilwe ditlhaka M.C.P. mo loboteng lwa mmu. Lefa go ntse jalo, morago ga gore lepodisi le bue le batho ba mo lefelong leo, ba ne ba re letla go tsaya dilo tsa rona re di tsenya mo teng ga Land-Rover.
Re ne ra fitlhela molebedi wa potologo, Rightwell Moses, le mosadi wa gagwe. O ne a tshabetse mo sekgweng fa segopa se ne se tlhasela. Mme Rightwell o ne a batlile a kgangwa ke metsi mo nokeng e e fa gaufi. Segopa se ne se tsere dijo tsotlhe tsa kopano. Ba ne ba gwantisa bakaulengwe ka tsela e nngwe mme bokgaitsadi le bana ba ba tseisa tsela e nngwe e sele mme ba tsamaya dikilometara di le mmalwa go fitlhela segopa seo se lapa mme se ba tlogela.
Tiragalo eno ke nngwe ya tse dintsi tseo di neng tsa gogela kwa go thibelweng ga tiro kwa Malawi, eo e neng ya dira gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe setlhogo, go akaretsa le go bolawa, go bediwa setlhogo, go thubediwa ga basadi, le go tsenngwa mo kgolegelong.
Ke Ka Ntlhayang fa Re Ne Re Le kwa Malawi?
Ke ne ka tsholelwa kwa motsengmogolo wa Leeds, kwa Yorkshire, kwa Ennyelane ka June 28, 1916. E ne e le nna yo mmotlana mo lelapeng la bana ba batlhano. Re ne re se batho ba bodumedi mme ebile re sa ye kwa kerekeng.
Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e tlhagoga ka 1939, batsadi botlhe ba me ba ne ba setse ba tlhokafetse. Ka June, 1940, fa ke ne ke na le dingwaga di le 24, ke ne ka nna lesole, mme ke ne ka direla mo dikarolong tse di farologaneng ke kgweetsa dikoloi tse di nang le dibetsa ka dingwaga tse tlhano tse di latelang. Mo dingwageng tseo, jaaka ke ne ke le mo mafelong a ditlhobolo tsa metšhine kafa lotshitshing lo lo kwa bokonebotlhaba jwa Ennyelane ke ne ke tlhola ke leba legodimo le le tletseng dinaledi, mme ka nako nngwe ke ne ke akanya ka Modimo mme ke ipotse gore ke ka ntlhayang fa Modiri wa bontle jono a letla gore go nne le thubakanyo, tshololo ya madi, le go boga go go kana mo bathong. Ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tse dintsi tseo di neng di sa bolo go nkgakgamatsa morago ga gore ke tswe mo bosoleng.
Mo maitseboeng mangwe a a tsididi a mariga mo ngwageng oo, mongwe o ne a kokota mo mojakong wa me. Fa ke bula ke ne ka fitlhela e le monna mongwe yo o godileng yo o neng a simolola go bua ka Bibela. Seno se ne sa dira gore ke nne le thuto ya Bibela mme go ise go e kae ka kolobediwa ka April 1946. Ke ne ka tlogela tiro mme ka nna modihedi wa mmulatsela wa Basupi ba ga Jehofa ka 1949.
Ke ne ka direla kwa Bethele ya Lontone ka dingwaga tse di fetang tharo, mme ka 1953 ke ne ka lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo 23 ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gilead kwa South Lansing, kwa New York, go ya go katisiwa jaaka morongwa. Moragonyana, ke ne ka fiwa kabelo ya borongwa kwa go neng go bidiwa Nyasaland ka nako eo. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka romelwa go dira tiro ya kgaolo. Ke ne ka tsamaya boleele le bophara jwa naga eo e ntle ke le lekawana le le sa nyalang ka dingwaga di le tlhano. Ke ne ka rata batho bao, bao ba neng ba itumetse, ba bile ba rata baeng lefa bontsi jwa bone ba ne ba sena dilo tse dintsi tse di bonalang kwantle ga masimo a bone a mmidi, dikoko di sekae fela, dipodi kana dikolobe. Bangwe ba bone e ne e le batshwaraditlhapi ba ba molemo. Ke ne ke nna mo matlong a bone a a dirilweng ka mmu le dikota mme ke tsamaya le bone mo tirong ya go rera ka motse le motsana. Ke ne ke ipelela bokopano jwa bone kwa dikopanong tsa bone tseo di neng di tshwarelwa mo lebaleng, fa ba ne ba nna le bamalapa a bone mme ba reeditse dibui ka tlhoafalo, le eleng lefa ka dinako dingwe go ne go na pula!
Fa ke ne ke nna mo motseng, mongwe le mongwe, bagolo le bannye, ba ne ba tla ka bongwe ka bongwe go ntumedisa, ba re: “Moni, muli bwanji?” (Dumela, o tsogile jang?) Le eleng lefa ke ne ke tsamaya ka motse le motsana, batho ba ne ba emisa go lema masimo mme ba ntumedisa.
Phuthego nngwe le nngwe eo ke neng ke e etela le molebedi wa potologo e ne e nkagela ntlo e e kgethegileng. Ka dinako dingwe e ne e dirwa ka dikota mme e rulelwe ka bojang, mme ke ne ke e itumelela thata. Mme ke ne ka tla go lemoga gore go tsaya lobaka gore ntlo e e sa tswang go rulelwa e seka ya tsena metsi!
Ka nako nngwe bakaulengwe ba ne ba nkagela ntlo e e neng e dirilwe fela ka bojang. E ne e na le matlhakore a le mararo, mme Land-Rover ya me e le yone letlhakore la bonè. Fano e ne e le kwa mokgatšheng wa Noka ya Shire, koo go leng bolelo ngwaga otlhe, mme menang ya teng e dira ka go refosana, jaaka go ne go ka tualo, ka go bo e sa neye motho sebaka bosigo le motshegare! Fa o sena letlowa la menang kana sengwe seo se e kobang, o ne o ka seka wa kgona.
Ka Patwa ke Molekane wa Botshelo
Ke ne ka dira le mosadi wa me, Joyce Shaw, ka 1960 yo a neng a ntse a direla jaaka morongwa kwa Ecuador. Ee, morago ga go ipelela neo ya go nna ke sa nyala ka dingwaga di sekae, jaanong ke ne ka segofadiwa ka mpho e nngwe gape—lenyalo—leo ke santseng ke le ipelela le morago ga dingwaga di le 30. Nna le Joyce re ile ra segofadiwa ka boitemogelo jo bo kgatlhisang mmogo.
Ka nako nngwe, ba dirisa dikota le bojang, bakaulengwe ba ne ba aga borogo go kgabaganya nokana. Seno se ne sa dirwa gore ke kgone go tshelela kwa motseng koo ba neng ba batla gore ke bontshe filimi ya Mokgatlho e e reng “Mokgatlho wa Lefatshe Le Lesha O A Dira.” Mme kolotsana eo e gogiwang ke Land-Rover e ne ya tshwarwa ke kota mo borogong. Ba sa emisiwe ke seno, bakaulengwe ba ne ba hakolola kolotsana eo, mme ba letla gore ke tshelele borogo ka kwa, mme ba ne ba tsamaisa kolotsana eo. Re ne ra bontsha filimi eo fela ka katlego.
Ka dinako dingwe dinoka dingwe di ne di le sephara thata go ka tshelwa. Bakaulengwe ba ne ba folosa sengwe le sengwe moteng ga Land-Rover—sefetlhi sa motlakase se se kukiwang, motšhine wa ditshwantsho, difilimi, bolao—mme ba bo ba ralala noka, fa nna ke ne ke tshedisiwa ke kukilwe ke bakaulengwe mo magetleng. Bokgaitsadi ba babedi ba ne ba kuka Joyce go mo tshedisa. Dinoka dingwe di ne di le boteng thata. Tseno di ne di tshelwa ka diketswana tse di dirilweng ka dipolanka tse di thata tseo di neng di pegilwe mo ditoromong di le pedi go ya go di le lesome tse dikgolo. Batsamaisa mokorwana ba le babedi ba ne ba re goga ka mogala go re tshedisa.
Bakaulengwe ba Malawi ba ne ba thusa eleruri mme ba le bonolo mme ba re tlotla tota. Kwa lefelong lengwe batho ba mo tikologong eo ba ne ba tshoseditse ka gore ba tlile go fisa ntlo e re neng re nna mo go yone, jalo bakaulengwe ba ne ba lala ba sa robala go tlhomamisa gore re sireletsegile. Le eleng pele Basupi ba ga Jehofa ba thibelwa ka 1967, go ne go na le maemo mangwe a a kotsi, go akaretsa a a tlhalositsweng mo tshimologong ya kgang eno. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Malawi ba ne ba ka neela matshelo a bone mo boemong jwa rona.
Ka nako nngwe ke ne ke dira le mokaulengwe mongwe ka ntlo le ntlo yo a neng a rurugile mo phatleng. O ne a beditswe mo go botlhoko malatsi a sekae pele ga foo. Kwa ntlong nngwe o ne a neela monna mongwe bosupi jo bo molemo a ritibetse. Fa re tloga koo, mokaulengwe o ne a re: “Monna yole ke ene a mpeditseng botlhoko jaana!” Ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Paulo: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Henyañ boshula ka molemō.”—Baroma 12:17-21.
Ra Atolosa Tirelo ya Rona
Fa re santse re le kwa Malawi, nna le Joyce re ne re tlhola re etela kwa Mozambique. Go itse ga gagwe Se-Spain, seo a neng a se ithutile fa a ne a dira kwa Ecuador, go ne go thusa thata, ereka batho ba ba buang Sepotokisi ba ne ba kgona go mo tlhaloganya. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne re kgona go bua Sepotokisi rotlhe. Re ne ra nna ra etela Mozambique re tswa kwa re neng ra romelwa gone morago ga foo, e leng kwa Zimbabwe. Kereke ya Katoliki e ne e le kgatlhanong thata le tiro ya go rera mme ka gone ya tsosa mathata. Mme mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, re ne re tlhola re itemogela tlhokomelo ya ga Jehofa e e lorato le go re sireletsa ga gagwe fa re ntse re senka batho ba sekadinku.
Mo loetong lo longwe lwa rona kwa Mozambique, re ne ra etela mosadi mongwe yo o kgatlhegang kwa bokone jwa boemelakepe jwa Beira. Morwadiarraagwe yo a neng a le kwa Portugal o ne a mo kwaletse mme a mmolelela dilo dingwe tse di molemo tseo a neng a di ithutile le Basupi ba ga Jehofa. Mosadi yono o ne a sekaseka seno mo Bibeleng mme o ne a setse a bolelela baagelani ba gagwe ka tsone. Lefa go le jalo aterese eo re neng re e tshotse e ne e le ya karaje eo monna wa gagwe a neng a dira kwa go yone.
Fa re atamela kgoro ya lefelo le a direlang kwa go lone, monna mongwe o ne a re botsa gore a o ka re thusa. Re ne ra kopa go bua le monna wa mosadi yoo. O ne a re bontsha monna mongwe yo o baakanyang dikoloi yo o neng a baakanya koloi nngwe mme a tsamaya ka bonako. Re ne ra ikitsise mmaakanyi yono wa dikoloi mme ra mmolelela gore re rata go etela mosadi wa gagwe. O ne a tshoga. Fa a re isa kwa legaeng la gagwe, o ne a re tlhalosetsa gore monna yo re neng ra bua le ene lantlha o ne a ile go begela mookamedi wa mapodisi a P.I.D.E. (mapodisi a sephiri) a mo lefelong leo gore re gorogile. Re ne re wetse mo seraing! O ne a tlhalosa gore mosadi wa gagwe, ka ntlha ya go rera ga gagwe, o ntse a beilwe leitlho ke mapodisi le gore ba ne ba tshwere lokwalo loo lo neng lo mmolelela ka go tla ga rona. Ba ne ba tsere Bibela ya gagwe, mme ka botlhale o ne a fitlhile e nngwe! Ba ne ba tlisa gape le bishopo wa Katoliki go leka go mo dira gore a tlogele go bua kaga Jehofa le Bogosi!
Fa re kopana le mosadi yo o kgatlhegang yoo, o ne a itumetse thata mme o ne a kampa Joyce. O ne a kopa monna wa gagwe go re letla go nna le bone, mme o ne a gana a boela kwa tirong. Re ne ra tlotla go le gontsi mo loetong lo lokhutshwane loo, re mo kgothatsa ka Bibela re bile re mo akgolela go nna a nonofile jalo. Go tila gore re seka ra mo direla mathata, re ne ra tsamaya mme ra mo solofetsa gore re tla boa gape fa maemo a tokafetse. Fa re ne re tloga fa ntlong eo re ne ra tshela peterole kwa karajeng, mme re ne ra lemoga gore go na le mongwe yo o re lebileng, mme ga re a ka ra tshwarwa. Re ne ra tswelela ra ya kwa Beira mme ra etela phuthego nngwe e nnye koo pele re boela kwa Zimbabwe. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana re ne ra boa mme ra kgona go ipelela dijo le mosadi yono yo o kgatlhegang le monna wa gagwe mmogo le morwadiabone. Kgabagare o ne a kolobediwa fa a ne a etetse kwa Portugal mme a nna mmoledi yo o tlhaga wa Bogosi.
Kgakalanyana kwa bokone re ne re tlhola re etela mafelo a a tshwanang le Quelimane, Nampula, le Nacala, eleng boemelakepenyana jo bonnye. Kwa Nacala re ne re tlhola re etela lelapa la ga Soares. Mr. Soares o ne a utlwile boammaaruri lantlha kwa Portugal. Mme fa a ne a fudugela kwa Mozambique, bakaulengwe kwa Lourenço Marques (e jaanong e leng Maputo), moshate wa Mozambique, ba ne ba ithuta le ene le balelapa la gagwe. Ba ne ba anaanela tota go bo re ne re tsamaya makgolokgolo a dikilometara go etela lelapa leno le le kwa thoko leno. Ba ne ba dira botswelelo pele jo bo molemo. Moragonyana ba ne ba fudugela kwa Afrika Borwa, koo morwadiabone Manuela, a direlang kwa Bethele jaaka moranodi wa Sepotokisi.
Re ne ra etela phuthego ya Lourenço Marques ka makgetlo a le mantsi. Seno e ne e le loeto lwa dikilometara tse di fetang 1 100 go tswa kwa Blantyre mo ditseleng tse di maswe. Re ne ra nna le mathata a a masisi a koloi gabedi mme ra tshwanelwa ke gore re gogelwe kwa Salisbury (e jaanong eleng Harare). Lefa go le jalo re ne re itumelela go bona setlhophanyana se sennye kwa Lourenço Marques se gola go nna phuthego e e molemo lefa ba ne ba dira jalo ba thibetswe. Go ne go tlhola go tshwarwa dikopano tse dinnye tsa potologo. Mme di ne di tshwanelwa gore di tshwarelwe kwa sekgweng jaaka ekete bakaulengwe e ne e le setlhopha sa batho ba bantsi ba ba ipelelang moletlo. Ka makgetlo a le mantsi go ne go baakanyediwa kopano ka kwa ga molelwane kwa Nelspruit kwa South Africa. Seno se ne sa thusa bakaulengwe ba Maputo go anaanela phuthego ya ga Jehofa le go gola mo semoyeng.
Phuthego ya Beira e ne ya nonofa. Ka ntlha ya mathata a bopolotiki mo Mozambique, bakaulengwe go tswa kwa nageng eo jaanong ba phatlalaletse kwa Portugal, Afrika Borwa, Canada, Brazil, le United States, le mafelo a mangwe. Mme re leboga Jehofa, ka a ne a dira gore ‘peo eo e tlhoge.’ (1 Bakorintha 3:6, 7) Ee, re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa bakaulengwe mo Mozambique ba ba neng ba le kafa tlase ga puso ya Bapotokisi ka dingwaga di le lesome. Fa re leba kwa morago, re gakgamalela tsela eo Jehofa a neng a re bulela kgoro go ya go dira seno ka gone.
Ka nako nngwe, fa re ne re etetse Nampula kwa bokone, re ne ra tshwarwa ke leloko la P.I.D.E. Ba ne ba tsaya dibuka tsotlhe tsa rona, go akaretsa le Dibibela, mme re ne ra bolelelwa gore ga re kitla re letlwa go boela gape mo Mozambique. Go sa kgathalesege seo, re ne ra kgona go dira maeto a le mantsi mo nageng eo ka thuso ya ga Jehofa. Nako le nako fa re ne re fitlha kwa molelwaneng, re ne re tlhola re kopa thuso le kaelo gore re kgone go dira go rata ga gagwe mme re neye bakaulengwe kgothatso le katiso eo ba neng ba e tlhoka thata mo nageng eo.
Re ne ra romelwa kwa Botswana ka 1979. Ke lefelo le le nang le naga e kgolo, le le ka nnang halofo ya Afrika Borwa ka bogolo. Ereka karolo e kgolo e le sekaka sa Kgalagadi, go na le baagi ba ba ka nnang milione o le mongwe fela. Fano re ne re na le tshiamelo ya go thusa go aga Holo ya Bogosi le legae la barongwa mo Gaborone, mo moshateng. Tshiamelo e nngwe e ne e le ya go thusa batshabi ba ba buang Sepotokisi go tswa kwa Angola le go ithuta le bone Bibela.
Re ne ra kgona go thusa basha ba babedi go tswa kwa Zimbabwe. Go lebega gore mo nageng eno e e leng fa thoko ga rona, Basupi ba ga Jehofa, ka thulaganyo e e kgethegileng, ba ne ba letlelelwa go ruta Bibela mo dikolong dingwe. Seno se ne sa dira gore batho ba babotlana bano ba kgatlhege. Fa moragonyana ba fudugela kwa Botswana, re ne ra ikopanya nabo, mme ba kopa thuto ya Bibela. Lefa go ntse jalo batsadi ba bone ba ne ba ganetsa, ka jalo ba ne ba tla go ithutela mo legaeng la barongwa. Ba ne ba dira botswelelo pele jo bo molemo mme ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng.
Fa ke leba kwa morago dingwaga di le 41 tsa tirelo e e tletseng mo dinageng di le robedi, ke ikutlwa ke leboga Jehofa thata ka masego ao ke ileng ka nna nao. Go ne go se motlhofo, mme nna le Joyce re ne ra ipela thata fa re thusa ba le bantsi go tsaya boemo jo bo tlhomameng ba emela Bogosi le go bona tswelelopele e e molemo go sa kgathalesege mathata a le mantsi le kganetso e e masisi. Eleruri e ne e le fela ka ntlha ya ‘go rera lefoko, go dumelesega le go le thata.’ Ee, tirelo ya nako e e tletseng ke boitemogelo jo bo molemo le tshiamelo e kgolo eo re e akantshetsang bao ba ka kgonang go fetola matshelo a bone gore ba e ipelele—2 Timotheo 4:2.
[Mmapa mo go tsebe 21]
(For fully formatted text, see publication)
ANGOLA
ZAMBIA
MALAWI
Mzimba
Blantyre
MOZAMBIQUE
Nacala
Beira
Maputo
ZIMBABWE
Harare
NAMIBIA
BOTSWANA
Gabarone
SOUTH AFRICA
INDIAN OCEAN
600 km
400 mi
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Fa dinoka dingwe di ne di le boteng thata, batsamaisa mekoro ba babedi ba ne ba re goga ka mogala