Polokesego ya Lefatshe ka Bophara—E Ttla Nna Gone Jang?
AKANYA o tshela mo lefatsheng le le senang dikotsi ebile o sa tlhoke sepe. Ke seo se kaiwang ke polokesego ya lefatshe ka bophara. A ke toro fela?
Nnyaa. Akanyetsa malatsi a ga Kgosi Solomone wa bogologolo. Bibela e bua jaana kaga go busa ga gagwe ka botlhale: “Me ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè . . . ka metlha eotlhe ea ga Solomone.”—1 Dikgosi 4:25.
Seo re Se Ithutang mo Pusong ya ga Solomone
Batho ba ba belaelang ba leba dipolelo tse di sa tlwaelegang tsa Bibela tse di tshwanang le e e fa godimo jaaka go feteletsa dilo fela. Ka gone mongwe a ka nna a botsa jaana: ‘Nka tlhomamisega jang gore puso ya ga Solomone ga se tlhamane fela?’ Go na le bosupi bongwe jwa thutamarope jo bo sa tlhamalalang thata le seno jo bo newang morago ga setlhogo seno. Fa go ntse jalo, bosupi jo bo gaisang thata jwa gore puso ya ga Solomone e kile ya nna gone ke jo bo begilweng mo Lefokong le le sekeng le fosa la Modimo o o tshelang, Jehofa.—Yohane 17:17; 1 Petere 1:24, 25.
Seo se neng se dira gore go ipelelwe polokesego mo pusong ya ga Solomone e ne e le go dirisiwa ga melao ya ga Jehofa ya tshiamo. Modimo o ne wa bua jaana pele Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng: ‘Fa lo sepela mo melaong ya me, fa lo boloka ditaolo tsa me, lo di dira, lefatshe le tla ntsha totafalo ya lone. Mme lo tla nna mo lefatsheng la lona ka boiketlo. Me ke tla lo naya kagiso mo lefatsheng, lo tla robala, me ga go na ope yo o tla lo boifisang.’—Lefitiko 26:3-6.
Se se utlwisang botlhoko ke gore Baiseraele ba ne ba tlogela go obamela Jehofa morago ga loso lwa ga Solomone; ba ne ba retologela kwa kobamelong ya medimo ya disetwa le kwa kobamelong ya tlhakanelodikobo e e leswe. Ga felela ka gore ba latlhegelwe ke polokesego ya bone, mme lefatshe la bone le ne la tlhaselwa ke Faro Shishake wa Egepeto. (1 Dikgosi 14:21-26) “Lo ntatlhile, ke gōna ka mouō le nna ke lo tlogetse mo seatleñ sa ga Shishake,” Jehofa o ne a tlhalosetsa babusi ba ba neng ba phuthegetse kwa Jerusalema jalo.—2 Ditihalō 12:5.
Mongwe yo Mogolo mo go Solomone
Jesu Keresete o ne a tlhomamisa gore hisitori ya ga Solomone mmogo le ‘kgalalelo yotlhe ya gagwe’ di boammaaruri. (Mathaio 6:29) Jesu o ne a bua jaana a lebisitse mo go ene: “Bonañ, eo mogolo go heta Solomone o hano.” (Mathaio 12:42) O ne a kaya eng? Polokesego e e neng e ipelelwa mo pusong ya ga Solomone e ne e tlhaela. Kgosi eo ya motho e ne e sa kgone go tlosa bolwetsi, boleo, le loso mo bathong bao e neng e ba busa. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta batho ba ba boleo ka moo ba ka bonang botshelo jo bo itekanetseng ka gone ba bolokesegile goyagoile.—Yohane 10:10; 13:34, 35; 17:3.
Jesu o ne a thaya motheo wa go bona polokesego eo e e feletseng ka loso lwa gagwe le go tsoga ga gagwe. (Yohane 3:16; 1 Bakorintha 15:20) O tla tloga a tlisa polokesego mo lefatsheng ka bophara go tswa kwa letsogong le legolo la Modimo, a e tlisetsa bao ba ikobelang puso ya gagwe. Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a tlhotlhelediwa go kwala ka seno mo Pesalemeng ya poko ya bo 72. Mafoko ano a ne a diragadiwa ka bontlhanngwe mo pusong ya morwa wa ga Dafide, ke ka gone moo e kwadilweng gore ke “ea ga Solomone.” Lefa go ntse jalo, tiragatso e kgolwane e ama puso ya Bogosi ya ga Solomone o Mogolwane, Jesu Keresete.
Go ya ka Pesalema 72:7, 8, polokesego e e tlileng go ipelelwa mo pusong ya ga Keresete e tlile go nna mo kgolokweng yotlhe gape e le ya bosakhutleng. “Mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure. O bile o tla na le pushō go cwa lewatleñ le go ea lewatleñ, le go cwa nokeñ le go ea dikhutloñ tsa lehatshe.”—Bapisa Sekaria 9:9, 10.
Babusiwa ba ga Keresete gape ga ba kitla ba tlhoka sepe, ka go bo Pesalema 72:16 e re tlhomamisetsa jaana: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga.” Gape ka tlholego fela go tla bo go sena go tlhaolana, go gatelelwa, le thubakanyo. “Gonne o tla golola motlhoki mogañ o lelañ; le mohumanegi eo o senañ mothusi. O tla golola meōea ea bōne mo pogishoñ le mo thubakoñ; me madi a bōnè a tla tlotlèga mo matlhoñ a gagwè.”—Pesalema 72:12, 14.
Fela jaaka mo motlheng wa ga Kgosi Solomone, go bona polokesego eo ya lefatshe ka bophara go tla bo go ikaegile ka go dirisa melao ya ga Jehofa ya lobopo ka botlhale. Seo e tla bo e le karabo ya kopo eno ya seperofeti ya ga Dafide: “Naea kgosi dikatlholō tsa gago . . . O tla atlhola bahumanegi ba batho, bana ba batlhoki o tla ba boloka, me mopatiki o tla mo phatlakanya.”—Pesalema 72:1, 4.
Go Tweng ka Dilo Tse re di Tlhokang Jaanong?
‘Sotlhe seo se molemo,’ mme mongwe a ka nna a re, ‘mme ke batla polokesego jaanong.’ Ke boammaaruri gore Bakeresete ba santse ba le kafa tlase ga maemo a go tlhoka polokesego a a tlhasetseng batho—bokebekwa, malwetsi, dikotsi tsa tlholego, botsofe, le loso. Lefa go ntse jalo, boitemogelo mo kgolokweng yotlhe bo ile jwa bontsha gore ba kgona go dirisana le one botoka ka ntlha ya kitso ya Bibela. (Diane 15:1; 22:3) Gape, ba kgotsofadiwa ke tsholofelo ya bone e e tlhomameng. Moithuti mongwe yo mosha wa Bibela go tswa kwa kgaolong nngwe e e tletseng bokebekwa thata kwa Gauteng o ne a tlhalosa tsela nngwe eo Dikwalo di mo thusitseng ka yone jaana: “Jaanong ke itse gore bokebekwa ga bo kake jwa nnela ruri; bo tla nna ka nakwana fela.”
Mme gape, go na le tsholofelo ka bao ba suleng ka ntlha ya thubakanyo ya bokebekwa. “Ke nna cogō le botshelō,” Jesu o ne a solofetsa jalo, mme morago o ne a oketsa jaana: “Eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.”—Yohane 11:25.
O tlhoka tumelo e e nonofileng, eo e bonwang fela ka go ithuta Lefoko la ga Jehofa, gore o nne le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa polokesego. O ka kgona go itemogela go diragadiwa ga tsholofetso eno e e molemo, ka go beela nako nngwe kwa thoko letsatsi le letsatsi go ithuta Bibela: “Me eo o ntheetsañ o tla aga ka polokègō, o tla nna hèla a sa boihe boshula.”—Diane 1:33; 2:21, 22.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
“Mo pusong ya ga Solomone, Baiseraele ba ne ba tswelela pele thata mo go boneng dilo tse di bonalang mo masomeng a mararo a dingwaga go gaisa mo dingwageng tse di makgolo a mabedi pele ga foo. Mo dithothobolong tsa matlotla a ga Solomone re fitlhela dikago tse dikgolo, metse e megolo ya marako a magolo, go gola ga mafelo a batho ba nnang kwa go one a a nang le dikago tse di kgobakaneng tse di agilweng sentle tsa bahumi, phetogo e kgolo mo botswerereng jo bo kwa teng le boranyane jwa babopi ba letsopa le go dira dilo ga bone. Re fitlhela gape le masalela a dilo tsa bataki tseo di emelang dilo tse di dirilweng kwa mafelong a a kwa kgakala, ditshupo tsa gore ba ne ba dirisana le ditšhaba tse dingwe ka papadi ya bone le madirelo.”—The House of David, ka Jerry M. Landay.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]
NASA photo