LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/15 ts. 8-9
  • Boikokobetso kwa Tlolaganyong ya Bofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikokobetso kwa Tlolaganyong ya Bofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikokobetso kwa Tlolaganyong ya Bofelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tlhapisa Baaposetoloi Ba Gagwe Dinao
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Monna yo Mogolo Thata o Dira Tiro e e Nyatsegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tlolaganyo ya Bofelo ya ga Jesu e Atametse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Boikokobetso kwa Tlolaganyong ya Bofelo

PETERE le Johane ba setse ba gorogile mo Jerusalema go tla go baakanyetsa Tlolaganyo jaaka Jesu a ba laetse. Jesu, gongwe le baaposetoloi ba bangwe ba le lesome, ba goroga moragonyana mo thapameng. Letsatsi le setse le kotlomela fa Jesu le setlhopha sa gagwe ba tlhatlhoga ka Thota ya Lotlhware ba bo ba ralala Mokgatšha wa Kiderone. Leno ke lekgetlo la bofelo le Jesu a lebang motse go le motshegare go fitlha a tsoga gape mo baswing.

Go ise go e kae Jesu le setlhopha sa gagwe ba goroga mo motseng mme ba fetela kwa legaeng leo ba tlileng go tshwarela Tlolaganyo kwa go lone. Ba pagama ka ditepisi go ya kwa kamoreng e kgolwane, koo ba fitlhelang go dirilwe dithulaganyo tsotlhe tsa go keteka Tlolaganyo ba le bosi gone. Jesu o ne a ntse a lebile pele nakong eno, jaaka a re: “Ke tlhologelecwe ka tlhologèlèlō go ya Tlolaganyō e le lona, ke e se ke shwe.”

Go ya ka tlwaelo, baketeki ba Tlolaganyo ba ne ba nwa digalase di le nnè ba di hupalana. Morago ga go amogela galase e go lebegang e le ya boraro, Jesu o a leboga a bo a re: “Cholañ se, lo se hupalanè; Gonne kea lo raea, ga nketla ke tlhola ke e nwa louñō loa mofine go tlo go tsamaè bogosi yoa Modimo bo tlè pele.”

Nako nngwe fa ba ntse ba ja, Jesu o ema ka dinao, o beela kobo ya gagwe ya kafa ntle fa thoko, o tsaya toulo, a bo a tlatsa sejana ka metsi. Ka tlwaelo molaletsi o tlhokomela gore baeng ba gagwe ba tlhapisiwa dinao. Mme ereka mo lekgetlong leno go sena molaletsi ope, Jesu o dira tiro eno. Mongwe le mongwe wa baaposetoloi a ka bo a ntse; a e dirile, lefa go le jalo, ga go ope yo o dirang jalo, gongwe e le ka gonne ba santse ba na le dikgogakgogano. Mme jaanong ba tlhajwa ke ditlhong fa Jesu a simolola go ba tlhapisa dinao.

Fa Jesu a tsena fa go ene, Petere o gana a re: “Ga u ketla u ntlhapisa dinaō gopè.”

“Ha ke sa gu tlhapise, ga u na kabalanō le nna,” Jesu o bua jalo.

“Morèna,” Petere o a araba, “e señ dinaō tsa me cosi, me le diatla tsa me le tlhōgō ea me.”

“Eo o [tlh]apileñ,” Jesu o a araba, “ga a tlhoke go tlhapa ha e se mo dinaoñ hèla, me o ba a le montlè gotlhe hèla: me le lona lo bantlè, me e señ lotlhe.” O bua seno ka gonne o itse gore Judase Isekariota o ikaelela go mo oka.

Fa Jesu a sena go tlhapisa dinao tsa botlhe ba ba 12, go akaretsa le dinao tsa mooki wa gagwe, Judase, o apara seaparo sa gagwe sa kafa ntle mme o nna gape fa tafoleng. Morago o botsa jaana: “A loa itse se ke se lo dihetseñ? Lo tlo lo mpitse Moruti, le Morèna: me lo bo lo bua sentlè; gonne ke nntse yalo. Me ke gōna, ha nna ke leñ Morèna le Moruti, ke tlhapisitse dinaō tsa lona, le lona lo chwanetse go tlhapisanya dinaō. Gonne ke lo beetse sekaō, gore le lona lo dihè yaka ke lo dihetse. Amarure, amarure, Kea lo raea, Motlhanka ga a mogolo go heta eo o mo romileñ. Ha lo itse dilō tse, lo segō ha lo di diha.”

A thuto e e molemo ya go dira tiro ya maemo a a kwa tlase! Baaposetoloi ga ba a tshwanela go batla maemo a a kwa pele, ba akanya gore ba botlhokwa mo ba bangwe ba tshwanetseng go ba direla ka metlha. Ba tshwanetse go latela sekao se se tlhomilweng ke Jesu. Seno ga se tiro e e tlwaelegileng fela ya go tlhapisa dinao. Nyaa, mme ke ya go ikeetleeletsa go direla ba bangwe o sa tlhaole, go sa kgathalesege gore a tiro eo e potlana kana gore ga e itumedise. Mathaio 26:20, 21; Mareko 14:17, 18; Luke 22:14-18; 7:44; Yohane 13:1-17.

◆ Ke eng se se tlhomologileng ka go leba ga ga Jesu Jerusalema jaaka a tsena go tla go keteka Tlolaganyo?

◆ Go lebega Jesu a fetisetsa senwelo sefe mo go ba ba 12 mo Tlolaganyong fa a sena go rapela?

◆ Go ya ka tlwaelo baeng ba ne ba direlwa eng fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, mme ke ka ntlhayang fa se se sa ka sa dirwa ka Tlolaganyo e e neng ya ketekiwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe?

◆ Boikaelelo jwa ga Jesu e ne e le bofe fa a ne a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela