Tshegofatso ya ga Jehofa e ne ya nkhumisa
Jaaka go boletse Elsie Meynberg
“TSHEGŌHACŌ ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” (Diane 10:22) Ke ile ka itemogela ka bonna gore seane seno sa Bibela se boammaaruri. Mma ke lo bolelele gore jang.
Ke ne ka reetsa mmè a buisana le morutisi mongwe wa Bibela yo a neng a re etetse fa ke na le dingwaga di le thataro, mme ke ne ka lemoga gore mmè o ne a kgatlhiwa ke seo a neng a se ithuta. Bosigo bongwe jwa mariga ke ne ka ya kwa boalong jo bo kwa tlase jwa ntlo go ya go nwa metsi mme ka fitlhela Mmè a ntse fa thoko ga lebati le le butsweng la onto a bala. Go na le gore a nkomanye jaaka ka metlha o ne a nkampa ka letsogo mme a ntlhalosetsa gore leina la Modimo ke Jehofa. Bothito jwa lentswe la gagwe bo ne jwa ntemosa gore seo a neng a se ithuta se ne se le botlhokwa thata mo go ene.
Morago ga makgetlo a sekae a ntse a tlotla le morutisi yono wa Bibela, Mmè o ne a tsamaya ka dinao go ya go rerela baagelani mafoko a a molemo a a neng a a ithutile. Lefa go ntse jalo, o ne a sa amogelwe sentle ka metlha. Re ne re nna kwa nageng e e gaufi le Beatty, Saskatchewan, kwa Canada, mme bontsi jwa baagelani ba rona e ne e le masika a rona ao e neng e le Balutere kana Baefangele ba ba tlhoafetseng. Lefa go ntse jalo, Mmè o ne a tswelela go ba etela.
Ke ne ke tlhola ke leba Mmè ka fensetere e e tletseng segagane fa a ne a lwa le go ntsha dipitse mo ntlwaneng ya tsone, ke itse gore ga a tlwaela go di belesa. Ka dinako dingwe o ne a ya kwa dipokanong kana kwa tirelong ya tshimo lemororo Rre a ne a ntse a ngongorega. O ne a sa dumalane le tumelo e ntšha ya ga Mmè, mme ene o ne a tlhoafetse. O ne a tlhola a boa a itumetse mme botlhe ba ne ba lemoga seo. O ne a tlhola a re, “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa.” Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore o kaya eng ka seno. Lemororo ke ne ke na le dingwaga di le thataro fela, le nna ke ne ke batla go direla Jehofa.
Letsatsi lengwe ke ne ke palame mo godimo ga ntlo le rre fa a ne a baakanya disanka. Mmè le kgaitsadiake Eileen ba ne ba tsamaya le setlhopha ba pagame Model T Ford go ya go tsaya karolo mo “popelelong ya go phasalatsa tshedimosetso.” Ba ne ba ya go gwanta mo toropong ba tshotse dipapetla tsa phasalatso tseo di neng di itsise ka puo ya Bibela.
“Ga o kake wa nna seeleele jalo le wena, ga ke re?” Rre o ne a mpotsa jalo. Mme lemororo ke ne ke le mosetsana yo a neng a rata go palama, ke ne ke eletsa ekete le nna nka bo ke le mo popelelong eo e e phasalatsang go na le go nna mo godimo ga ntlo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba rile ke mokhutshwane thata go tsholetsa papetla ya phasalatso.
Go Thulana le Kgwetlho ya go Thibelwa
Kgabagare tshono ya me ya ntlha ya go nna le seabe mo go rereng ka Bogosi e ne ya tla ka November 1940. Abo ke ne ke itumetse jang ne! Ereka tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe ka nako eo mo Canada, re ne ra tswa mo gare ga bosigo mme ra tlogela bukana End of Nazism fa mojakong wa ntlo nngwe le nngwe.
Ke ne ka ikemisetsa go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa fa ke na le dingwaga di le robong. Re ne re sa bolelelwa gore go tla kopanwa kae ka ntlha ya dipogiso, mme re ne sa isiwa kwa lefelong lengwe kwa sekgweng koo setlhopha se segolo sa Basupi se neng se tshwere “moletlonyana” gone. Ke gone koo nna le nkgonne wa mosadi Eleanor re neng ra kolobelediwa gone le bontsi jwa ba bangwe mo metsing a a tsididi a letsha le le neng le le gaufi le foo.
Mo malatsing ao fa sekolo se simolola tlelase e ne e dumedisa folaga e bo e opela pina ya setšhaba. Go sa kgathalesege go lejwa ke ba re neng re le mo tlelaseng nabo ka go re tshwaya phoso re ne re gana go tsenelela mo go seo ka tlotlo ka ntlha ya thuto ya Bibela ya kobamelo ya medimo ya disetwa. (Daniele, kgaolo 3) Ntsalake Elaine Young yo le ene e neng e le Mosupi, o ne a tsamaya dikilometara di le thataro go ya kwa sekolong mme o ne a busediwa gae letsatsi lengwe le lengwe ka go bo a ne a gana go dumedisa folaga. Morago ga foo o ne a tsamaya sekgala seo se seleele gape go boela gae. O ne a dira seno ka lobaka lwa halofo ya ngwaga wa sekolo gore a tle a seka a tsewa jaaka yo a neng a sa tla sekolong ka gone a retelelwe ke dithuto tseo.
Ke ne ka dira mo bankeng fa ke sena go tlogela sekolo. Mme ke ne ka tlhagelwa ke teko fa kopo ya me ya go ya kwa kopanong ya meraferafe ya Basupi ba ga Jehofa ka 1950, kwa New York e ne e ganiwa. Ke ne ke bolokile madi mangwe mme ka gone ke ne ka swetsa go tlogela tiro go simolola tirelo ya nako e e tletseng. Ka jalo nna le Elaine re ne ra fudugela kwa motseng wa Regina. “O tla bo a le mo gae a tla go kopa mo dikgakologong tse di tlang,” bangwe ba ne ba bua jalo ba sotla. Lefa go ntse jalo, ke ne ke kgona go itlamela ka go dira tiro e e sa tseyeng letsatsi lotlhe mo matlong. Masego a a nonneng a ga Jehofa a ile a dira gore ke nne mo tirelong ya nako e e tletseng fa esale ka nako eo.
Go Fitlhelela Mokgele wa Rona
Nna le Elaine re ne ra itumelela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo 26 ya Gileade ka 1955 mme moragonyana re ne ra abelwa go direla kwa Bolivia, kwa South America. Go ne go na le mo e ka nnang Basupi ba le 160 mo nageng eo yotlhe ka nako eo. Kgabagare, re ne ra ya kwa Tarija go ya go kopana le barongwa ba bangwe ba babedi mo kabelong eno ya rona ya ntlha.
Tarija e ne e le toropo e ntle. Go ne go kgatlha tota go bona basadi ba apere diaparo tsa bone tsa setso ba rwele merwalo mo tlhogong. Batho ba ne ba le botsalano mme ba ne ba se ke ba re raya ba re ga ba kgatlhege. Go lebega ba ne ba akanya go supa botsalano fa ba re raya ba re re tle ka nako nngwe eo bone ba neng ba itse gore ba tla bo ba seyo mo gae ka yone. Go ne ga re tsaya lobaka gore re tlwaele seo.
Letsatsi lengwe fa re ne re bua le monna mongwe kwa ntlong ya gagwe go ne ga ema koloi ya masole mme go ne ga tswa moperesiti yo o galefileng mo go yone. “Fa o sa lese go bua le basetsana bao ke tla go koba mo kerekeng!” o ne a omanya monna yoo jalo. Fa a re leba o ne a re tshosetsa ka go re: “Ga lo a tshwanela go rera fano. Fa lo sa eme ke tla lo tseela dikgato.” Ka nako eno baagelani ba bantsi ba ne ba tlile go tla go bona. Ka jalo re ne ra tswelela fela ka tiro ya rona, re tsamaisa dibuka tse dintsi tsa Bibela mo bathong ba ba neng ba lebile bao.
Kwa tshimologong re ne re sa itumelele go fetolwa ga kabelo ya rona re tloga mo lefelong leno le lentle leo re neng re nntse mo go lone ka dingwaga di le pedi leo le neng le na le diperekisi, manoko le diterebe re isiwa kwa Potosí, motse wa meepo o o tsididi tota o o kwa bogodimong jwa dimetara di le 4 000. Re ne re setse re tlwaetse mariga a a tsididi thata a Canada, mme pharologano e ne e le gore matlo a kwa Potosí a ne a sena sepe se se a gotetsang. Lefa go ntse jalo, go ne go na le bokopano jo bo lorato jwa phuthego ya Bokeresete kwa Potosí, mme go ne go ise go nne le phuthego kwa Tarija.
Go Simolola Tshimo E Ntšha
Morago nna le Elaine re ne ra abelwa kwa Villamontes go simolola tiro ya go rera koo. Lori e re neng re e palame e ne e tletse ka sukiri e molao o neng o sa letle gore e rekisiwe, ka jalo mokgweetsi o ne a leta gore go nne lefifi pele a tsamaya gore a se ka a tshwarwa ke mapodisi. Abo re ne ra eletsa re ka bo re ne re tshotse lebone jang ne, ka go bo go ne ga tswa sengwe ka tshoganetso fela fa thoko ga rona kafa tlase ga saile! E ne e le mothusi wa mokgweetsi wa lori.
Re ne ra ema ka nako ya botlhano mo mosong. Re ne ra gogoba ka mangole ra tswa re tsenwe ke mosi o o tswang mo sentshamosing sa lori re bile re tletse lerole. Tsela ya rona e ne e thibilwe ke matlapa le mmu. Kgabagare, morago ga go dira ka natla ka diura di le nnè, mokgweetsi o ne a re mothusi wa gagwe a fetise lori fa go neng go kgopilwe gone. Mokgweetsi o ne a sa batle le go leba fa letlhakore le le kafa ntle la maotwana a gagwe a a sebedi le tsamaya fela mo phefong fa thoko ga tsela mo godimo ga mosima o o boteng o o neng o le foo. Nna le Elaine re ne ra kgabaganya ka dinao. Fa re lebile Villamontes ka koloi, ditselana tse di fapogang mo matsibogong a masesane ao a dithaba di ne di le ditshesane mo eleng gore mokgweetsi o ne a tshwanela go boela kwa morago gore a kgone go e tsamaisa go a dikologa. Re ne ra goroga morago ga go tsamaya diura tse di lapisang tse 35.
E ne e le lantlha nna le Elaine re nna re le esi fela. Gape re ne re sa itse kaga ditshenekegi tsa boboatsatsi. Dikhukhwane tse dikgolo tsa dikgapa tse di thata di ne di wela mo go rona fa di ne di thula lobone lo lo neng lo le fa godimo ga ditlhogo tsa rona. Dintsinyana tse dinnye di ne di re loma botlhoko, di dira gore re ruruge re bo re tshologe metsinyana a a senang mmala. Ke ne ka ya kwa ntlwaneng e e kwantle mo bosigong jwa rona jwa ntlha mo ntlong ya rona e ntšha. Mme fa ke tshuba lobone, go ne go tletse mafele fa fatshe. Mekgatitswane e ne e tswa e sia, mme matlho a magolo a digwaga a ne a ntse a nteba. Ke ne ka swetsa ka gore go botoka gore ke lete go fitlha mo mosong.
Moragonyana, fa re ne re le kwa nokeng re ne ra akanya go ikhutsa mo logonnyeng lo re neng re lo bona koo. Lefa go ntse jalo, re ne ra swetsa ka gore re ye go dira loeto lwa go boela pele gaufinyana le foo. Fa re boa, logong lo ne lo seyo. Batho ba ba neng ba feta ba ne ba re bolelela gore go ne go na le noga e tona foo. Ke itumela go bo re se kile ra nna mo godimo ga “logong” loo!
Sengwe se re neng re se itumelela ka Villamontes e ne e le gore re ne re kgona go etela batho mo maitsiboeng. Re ne re ba fitlhela ba ntse mo ditulong tsa bone tse di logilweng kwantle fa thoko ga tsela ba inwela seno sengwe sa molemo se se bidiwang maté. Re ne re senya diura di le dintsi re itumetse re tlhalosa ditsholofetso tsa Bogosi mo tikologong e e ntseng jalo. Mme go ne ga nna thatanyana fa Elaine a ne a nyalwa mme ke abelwa go ya go dira kwa Vallegrande le mopati yo mosha.
Go ne go Tshwana le kwa Bophirima jwa United States Jo Bo Tletseng Thubakanyo
Ke ne ke tshwanela go tsaya loeto lo lo lapisang gape lwa malatsi a le mararo go fitlha kwa Vallegrande, mme jaanong ke le esi. Tsela e tshesane eo e e maswe e ne e lebega e tswelela fela e leba kwa nageng e sa fele. Kgabagare ke ne ka goroga fa letsatsi le ne le kotlomela. Bese e ne e senya thetebalo ya toropo eno ereka go ne go na le dipitse tse dintsi go feta dikoloi. Batho ba ne ba re lebile go tswa mo mathuding, ao a neng a okame ditselana a tshegeditswe ka dikota. Bangwe ba banna bao ba neng ba itshegeditse ka dikota tseo ba ne ba ikgatlhile ka mabanta a a nang le dithunya. Mongwe le mongwe o ne a lebega a apere bontsho. Ke ne ka akanya: ‘Ke ka ntlha yang fa felo fano go tshwana le kwa bophirima jwa United States koo go tletseng thubakanyo gone?’
Mme totatota go ne go ntse jalo. Dikgogakgogano di ne di fedisiwa ka tlhobolo. Le eleng lefa e ne e le torotswana fela ya batho ba le dikete di le lesome, go ne go tletse dipolao le thubakanyo ka nako eo. Batho ba ne ba busiwa ke setlhopha seo se neng se thopile lefelo le go nwelwang bojalwa kwa go lone fa o tsena ka toropo. Maloko a setlhopha seno a ne a itshedisa ka go emisa dibese mme ba tseela batho dithoto. Balemi ba ne ba tseelwa dilo fa ba tla go di rekisa mo toropong. Basetsanyana ba ne ba betelelwa ba tshosediwa ka ditlhobolo fa pele ga batsadi ba bone. Bommè ba ne ba sa letle basetsanyana ba bone go ya kwa lebenkeleng le le fa gaufi ba le esi.
Akanya gore re ne ra akanya eng fa moeteledipele wa setlhopha seo a ne a tsena kwa Holong ya Bogosi ka letsatsi lengwe. O ne a tagilwe. Molebedi yo o etang yo a neng a beile puo o ne a tshoga tota. “Ke a dumela!” moeteledipele yoo wa setlhopha o ne a tlhaeletsa jalo a itaya setulo kafa morago ka maatla gore se bo se robege. Morago o ne a tshwara molebedi yo o etang. Mme o ne a ritibala fela ka ponyo ya leitlho, mme mongwe yo a neng a tsene sekolo nae yo a neng a le mo bareetsing o ne a mo ntshetsa kwantle.
Kgabagare, molaodi mongwe wa masole o ne a gwetlha moeteledipele yono wa setlhopha gore ba lwe. Molaodi yono o ne a pega ntša e e suleng kwa mabenkeleng mme a baya lotshwao lo lo reng: “Tswa mo toropong, go sa nneng jalo o tla diragalelwa ke se se tshwanang.” Setlhopha seo se ne sa tsamaya mme maemo a ne a tokafala mo Vallegrande.
Ka dinako dingwe re ne re tsaya loeto lwa diura di le 12 go ya go rera mo metseng e e kwa thoko. Morutisi mongwe wa sekolo o ne a re amogela sentle mme moragonyana o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka nako nngwe ke ne ka adima mmoulo gore ke ye koo, mme nako le nako fa o feta fa legaeng la mong wa one wa pele, o ne o ya gone, mme ba ne ba tshwanela gore tsenya gape mo tseleng.
Dikgwetlho—Mme ke Santse ke Humile
Jaaka go ntse le ka barongwa ba bangwe, ke ne ka fitlhela gore kgwetlho e kgolo e ne ka metlha e se mogote kana ditshenekegi, serame kana bogodimo, kana le fa e le bolwetsi le lehuma. Go na le moo e ka nna dikgogakgogano tsa go sa tshwaneng ga botho. ‘Ke ka ntlhayang fa go na le mathata a a ntseng jaana mo phuthegong ya ga Jehofa?’ Ke ne ke ipotsa jalo, mme ke ne ka simolola go belaela gore a tota Jehofa o ne a nkhumisa ka masego. Ke ne ka gakologelwa lokwalo lo lo buang ka go segofadiwa ke Jehofa lo lo mo go Diane 10:22. Karolo ya bobedi ya lokwalo loo ya re, “Me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” Ka jalo ga re a tshwanela go pega Jehofa molato ka mathata ano. Ke ne ka lemoga gore ke karolo ya dilo tse re di ruileng go tswa mo go Adame mme di akarediwa mo go tseo Paulo a di tlhalosang mo go Baroma 8:22 jaana: “Gonne rea itse ha lobopō lotlhe lo ntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō.”
Ke ne ke ntse ke kwalelelana le Walter Meynberg yo a neng a le kwa Bethele ya Canada, mme re ne ra nyalana fa ke ile malatsing a boikhutso kwa Canada ka 1966 mme re ne ra romelwa kwa La Paz, kwa motseng o mogolo wa Bolivia. Abo e ne e le lesego jang ne go bona diphuthego tsa koo di oketsega gongwe le gongwe mo motsemogolong oo go tswa go e le nngwe fa ke ne ke le kwa Bolivia go ya go tse 24. Go ne go ntse fela jalo le ka metse e mengwe e megolo mo nageng eo yotlhe. Eleruri, setlhopha sa baboledi ba ba ka nnang 160 ba ba neng ba rera mo Bolivia fa ke goroga koo lantlha ka 1955 se ne se godile go fitlha go ba le 7 000!
Sekai sa boikemisetso seo mmè a neng a se tlhomile bogologolo se ne se dirile gore ba ba fetang lesome ba masika a rona a a gaufi ba tsenelele tirelo ya nako e e tletseng. Ke itumelela go bolela gore rre o ne a nna Mosupi yo o ineetseng, mme batho ba ba fetang 30 ba ke ileng ka nna le tshiamelo ya go ithuta le bone Bibela ba ne ba kolobediwa. A seno ga se masego? Ee, ke dumela gore ke one. Eleruri, ‘tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e neng ya nkhumisa.’