A O Anaanela Se Modimo O Se Dirileng?
“Ha motho moñwe a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, a tseè mokgōrō oa gagwè ka malatsi aotlhe, me a ntshalè moragō.”—LUKE 9:23.
1. Ke dimpho dife tse dingwe tse di molemolemo tse Modimo o di re neileng?
RE KOLOTA Modimo matshelo a rona. Fa a ne a se kile a bopa batho, re ka bo re sa tsholwa. Mme Modimo o bopile se se fetang botshelo. O re dirile gore re kgone go ipelela dilo tse dintsi: tatso ya dijo, bothito jwa letsatsi, molodi wa mmino, go lapolosa ga letsatsi la dikgakologo, go nenekediwa ka lorato. Go feta foo, Modimo o re neile boboko le keletso ya go ithuta ka ene. O tlhotlheleditse Bibela, eo e re nayang kaelo e e utlwalang, e e re bontshang gore re ka tshela matshelo a a itumetseng jang, le e e re nayang tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng je lesha ja tshiamo. Modimo gape o re naya moya wa gagwe o o boitshepo, tshegetso ya phuthego ya mo lefelong la rona, le banna le basadi ba bagolo ba ba lorato bao ba ka re thusang go nna re nonofile mo tirelong ya gagwe.—Genesise 1:1, 26-28; 2 Timotheo 3:15-17; Bahebera 10:24, 25; Yakobe 5:14, 15.
2. (a) Ke selo sefe se se tlhomologileng thata seo Modimo o se re diretseng? (b) A re ka bona poloko ka ditiro tsa rona?
2 Mo godimo ga dilo tseo tsotlhe, Modimo o ne wa romela Morwawe wa leitibolo go re bolelela go le gontsi ka seo Rara a se batlang mo go rona le go ‘rekolola’ mongwe le mongwe yo o tla amogelang thekololo eo. (Baefesia 1:7; Baroma 5:18) Morwa yoo, ebong Jesu Keresete, o ne a bua jaana: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Re kgona go bolokiwa ka ntlha ya thekololo eo ya tlhotlhwa e e kwa godimo e go seng tiro epe e motho a ka e dirang go e iponela, tota ebile eseng ditiro tsa pele tsa Molao wa ga Moshe. Ke gone ka moo Paulo a neng a kwala jaana: “Re itse ha motho a sa siamisiwe ka ditihō tsa molaō, ha e se ka tumèlō mo go Yesu Keresete.”—Bagalatia 2:16; Baroma 3:20-24.
Tumelo le Ditiro
3. Ke eng seo Jakobe a neng a se bua ka tumelo le ditiro?
3 Poloko e tla ka tumelo, mme tumelo le go anaanela dilo tsotlhe tseo Modimo o di re diretseng di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira sengwe. E tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira dilo tse di bontshang tumelo ya rona. Morwarraagwe Jesu wa ga mmaagwe Jakobe o ne a bua jaana: “Tumèlō, ha e sena ditihō, e be e shule ka eosi.” O ne a bua gape jaana: “Mpontsha tumèlō ea gago kwa ntlè ga ditihō tsa gago, me nna ke tla gu bontsha tumèlō ea me ka ditihō tsa me.” Jakobe o ne a bontsha gore le eleng badimona “baa dumèla, me ba tsitsibane hèla ba rorome,” mme go papametse gore badimona ga ba dire ditiro tsa bomodimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Aberahame o ne a na le tumelo le ditiro. “Ua bōna ha tumèlō e pataganye le ditihō tsa gagwè, me tumèlō ea dihwa boitekanèlō ka ditihō.” Jakobe o ne a boeletsa gape jaana: “Tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.”—Yakobe 2:17-26.
4. Jesu o ne a re bao ba batlang go mo sala morago ba tshwanetse go dira eng?
4 Jesu o ne a bontsha gape gore ditiro tse di siameng di botlhokwa fa a ne a re: “A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” “Ha motho moñwe a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, a tseè mokgōrō oa gagwè ka malatsi aotlhe, me a ntshalè moragō.”a Fa re ‘iitatola,’ re latlhegelwa ke tshiamelo ya rona ya go itlhophela dilo di le dintsi tseo re di batlang. Re lemoga gore re kolota Modimo sengwe le sengwe, ka jalo re ineela mo go ene jaaka batlhanka ba gagwe, re batla go ithuta le go dira go rata ga gagwe, jaaka Jesu.—Mathaio 5:16; Luke 9:23; Yohane 6:38.
Matshelo A A Amega
5. (a) Petere o ne a bontsha eng se se tshwanetseng go ama matshelo a rona? (b) O ne a akantsha ditiro dife tse di molemo?
5 Petere o ne a bontsha gore “madi a a tlhokègañ” a ga Keresete, ao a a re a ntsheditseng, ke a boleng jo bo kwa godimo mo go a anaanela ga rona go tshwanetseng ga bonala mo tseleng yotlhe e re tshelang ka yone. Moaposetoloi o ne a bua ka dilo tse dintsi tseo kanaanelo ya rona e tshwanetseng go re tlhotlheletsa go di dira. O ne a gakolola jaana: “Latlhañ boikèpō yotlhe.” “Lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere.” “Lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” ‘Fapogang bosula lo dire molemo.’ ‘Fetolang mongwe le mongwe yo o lo botsang kaga tsholofelo e e mo go lona.’ ‘Mo lobakeng lo lo setseng lwa nama, lo se tlhole lo tshelela dithato tsa batho fa e se go rata ga Modimo fela.’—1 Petere 1:19; 2:1, 2, 9; 3:11, 15; 4:2.
6. (a) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha tumelo ya bone jang? (b) Seno se tshwanetse go re tlhomela sekao sefe?
6 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshela ka tumelo. E ne ya fetola pono ya bone le botho jwa bone, e ba tlhotlheletsa gore ba dumalanye matshelo a bone le go rata ga Modimo. Ba ne ba kobiwa mo metseng ya bone, ba kgobotlediwa ka maje, ba bediwa, ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba bo ba bolawa go na le gore ba dire se se kgatlhanong le tumelo ya bone. (Ditihō 7:58-60; 8:1; 14:19; 16:22; 1 Bakorintha 6:9-11; Baefesia 4:22-24; Bakolosa 4:3; Filemone 9, 10) Raditiragalo yo o itsegeng thata wa Moroma Tacitus, yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 56 C.E., o bolela gore Bakeresete “ba ne ba atlholelwa go tshubiwa ka molelo jaaka dipone bosigo, fa letsatsi le sena go phirima.” Lefa go le jalo ga ba a ka ba tshikinyega!—The Annals, Book XV, serapa 44.
7. Batho ba bangwe ba ka iphitlhela ba le mo seemong sefe?
7 Mo diphuthegong tse dingwe o ka fitlhela go na le batho bangwe ba ba sa bolong go nna ba tla dipokanong ka dingwaga di le dintsi. Ba rata phuthego ya ga Jehofa, ba akanya gore batho ba gagwe ke batho ba ba molemo tota ba ba kileng ba kopana nabo, ba ntsha dikakgelo tse di molemo ka boammaaruri, ebile ba emela boammaaruri mo bathong ba ba ka kwa ntle. Mme go na le sengwe se se thibang tsela ya bone, sengwe se se ba tshwereng. Ga ba ise ba tseye kgato e e molemo eo ba ba 3 000 ba ileng ba e tsaya ka Pentekosete, kgato eo Moethiopia yo o dumelang a neng a botsa ka yone, kana eo Ananiase a neng a e kgothaletsa Saulo go e tsaya ka bonako fela fa yo e neng e le mmogisi yono pele a sena go lemoga gore eleruri Jesu e ne e le Mesia. (Ditihō 2:41; 8:36; 22:16) Ke eng se se tlhaelang mo bathong ba ba ntseng jalo gompieno? Ke ka ntlhayang fa ba ise ba tseye kgato eno e Bibela e e bitsang “potsishō ea segakolodi se se siameñ se botsa kaga Modimo”? (1 Petere 3:21) Fa o iphitlhela o le mo boemong jono—o itse boammaaruri mme o okaoka go dira sengwe ka gone—leba setlhogo seno jaaka se se kwaletsweng wena ka mo go kgethegileng ka lorato.
Go Fenya Dikgoreletsi Gore O Kolobediwe
8. Fa e le gore ga o ise o nne moithuti yo o molemo, ke tsela efe e e botlhale e o ka e tsayang?
8 Ke eng se se ka tswang se go eme pele? Setlhogo se se fetileng se ile sa bontsha gore ba bangwe ba fitlhela go ithuta ka namana e le jone bothata. Modimo o re file dikakanyo tse di kgatlhisang, mme o lebeletse gore re di dirise mo go mo direleng. Batho bangwe ba ba neng ba ise ba itse le eleng go bala ba ne ba go ithuta gore ba tle ba ithute go le gontsi ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Go tweng ka wena? Fa e le gore o setse o itse go bala, a tota wa ithuta, jaaka Baberea ba ne ba dira, “ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe” go bona fa dilo tseo di le jalo ruri? A o setse o tlhatlhobile “boatlhamō, le bolele, le bogodimo, le boteñ” jwa boammaaruri? A o setse o epetse kwa teng mo Lefokong la Modimo? A o setse o kile wa bona ka moo tota le kgatlhang ka gone? A o ile wa tlhagolela kgatlhego ya mmatota ya go batla go itse thato ya Modimo? A o tshwerwe ke tlala tota ya go bona boammaaruri?—Ditihō 17:10, 11; Baefesia 3:18.
9. Ke selo sefe se se siameng se o tshwanetseng go se dira fa o na le bothata le mongwe mo phuthegong?
9 Ka nako nngwe batho ba ikgogona ka gonne ba na le bothata tota jo bogolo kana jo ba bo akanyang fela le mongwe mo phuthegong. A go na le motho yo o go kgopisitseng tota mo phuthegong? He latela kaelo e e supilweng ke mafoko ano a ga Jesu: “Ea u mo kaèlè molato oa gagwè lo le babedi hèla.” (Mathaio 18:15) O tla gakgamadiwa ke go fitlhela gore motho yoo o ne a sa itse le eleng gore o go kgopisitse. Mme le eleng lefa a itse, o santse o ka ‘gapa wa ga eno,’ jaaka Jesu a buile. O ka mo thusa gape gore a tile go kgopisa yo mongwe gape. Mo godimo ga moo, fa o akanya ka gone, tota o direla mang—motho yoo kana Modimo? A lorato lwa gago mo Modimong le lennye mo o ka letlang phoso ya motho ope fela yo o sa itekanelang go kgoreletsa lorato lwa gago mo go Ene?
10, 11. O tshwanetse go dira eng fa boleo bongwe jwa mo sephiring bo go thibela?
10 Boleo jo bo fitlhilweng bo ka thibela motho gore a kolobediwe. Seno e ka nna sengwe se se diragetseng bogologolo, kana e ka nna ya nna mokgwa mongwe o o phoso o o ntseng o tswelela. Fa e le gore seno ke bothata jwa gago, a eno ga se nako ya gore o bo siamise? (1 Bakorintha 7:29-31) Batho ba bantsi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanela go dira diphetogo mo matshelong a bone. Bibela e bua jaana: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ, lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna.”—Ditihō 3:19.
11 Go sa kgathalesege gore o kile wa dira eng pele, o ka sokologa, wa fetoga, mme wa kopa Modimo gore o go itshwarele. ‘Me ke gona, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula . . . Apolang motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe, me lo apare motho yo mosha yo o ntseng a shahalediwa mo kitsong mo setshwanong sa yo o mo tlhodileng.’ O ka dumalanya botshelo jwa gago le ditsela tsa gagwe, wa nna le segakolodi se se phepa, mme wa nna le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng je lesha la gagwe la tshiamo. A seo ga se tshwanele gore o dire maiteko ape fela a o ka a kgonang?—Bakolosa 3:5-10; Isaia 1:16, 18; 1 Bakorintha 6:9-11; Bahebera 9:14.
12. O tshwanetse go dira eng fa motsoko, go sa diriseng tagi sentle, kana go tshwakgolwa ke diokobatsi go go thibela go nna le segakolodi se se phepa?
12 A go dirisa motsoko, go sa diriseng tagi sentle, kana go tshwakgolwa ke diokobatsi go go kgoreletsa go nna le segakolodi se se phepa? Mekgwa e e bayang botshelo mo kotsing eo a ga e supe go tlontlolola mpho eno e e molemolemo ya Modimo ya botshelo? Fa e le gore mekgwa e e ntseng jalo e a go thibela, eleruri eno ke nako ya gore o e siamise. A mekgwa eno e lekana le botshelo jwa gago? Paulo o ne a re: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” A o anaanela ditsela tse di phepa le tse di siameng tsa Modimo mo o ka dirang jalo?b—2 Bakorintha 7:1.
Dilo Tse Di Bonalang
13, 14. (a) Ke eng seo Dikwalo di se bolelang ka mekgele ya dilo tse di bonalang? (b) Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go baya dilo tsa selegodimo kwa pele?
13 Lefatshe gompieno le baya katlego le “mabela a botshelō” kwa pele ga sengwe le sengwe. Mme Jesu o ne a re “go bapalwa ke lehatshe, le tsieco ea mahumō” go ntse jaaka “mitlwa” e e khupetsang lefoko la Modimo. O ne a botsa gape a re: “Motho o tla bo a ka thusega eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?”—1 Yohane 2:16; Mareko 4:2-8, 18, 19; Mathaio 16:26.
14 Jesu o ne a bontsha gore Modimo o ne o baakanyeditse dinonyane gore di bone dijo le dithunya gore di thunye bontle. Morago o ne a botsa jaana: “Lona lo tlhwatlhwa e kgolo yañ go heta dinōnyane! . . . Bogolo yañ a ga o ketla o apesa lona.” Jesu o ne a re bolelela jaana ka botlhale, “se tlhobaeleñ” ka dilo tse di bonalang. O ne a bolela jaana: “Batlañ bogosi yoa [Modimo] me dilō cotlhe tse, lo tla di okelediwa.” O ne a bontsha gore re tshwanetse go baya dilo tsa selegodimo kwa pele ka gonne ‘kwa khumo ya rona e gona, pelo ya rona le yona e tla nna fela gona.’—Luke 12:22-31; Mathaio 6:20, 21.
Go Direla Modimo ka Thuso ya Modimo
15. Ke kgothatso efe e e molemo eo sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga se e nayang?
15 A go neela ba bangwe bosupi ke bothata mo go wena? A ditlhong ke tsone tse di go thibelang? Fa go ntse jalo, go botlhokwa go gakologelwa gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le maikutlo a a tshwanang le a re nang le one gompieno. Modimo ga o a ka wa tlhopha ba ba botlhale le ba ba maatla, mme o ne wa tlhopha “dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ.” (1 Bakorintha 1:26-29) Baeteledipele ba ba maatla ba bodumedi ba ne ba ganetsa batho “hèla” bano ba bo ba ba laela gore ba emise go rera. Bakeresete ba ne ba dira eng? Ba ne ba rapela. Ba ne ba kopa Modimo gore o ba nee bopelokgale, mme o ne a bo ba naya. Go ne ga felela ka gore molaetsa wa bone o tlale mo Jerusalema mme moragonyana o tshikinye lefatshe lotlhe!—Ditihō 4:1-4, 13, 17, 23, 24, 29-31; 5:28, 29; Bakolosa 1:23.
16. Ke eng seo re se ithutang go tswa go “boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi” jo bo tlhalositsweng mo go Bahebera kgaolo 11?
16 Ka gone go boifa batho ga go a tshwanela go re thibela go direla Modimo. Bahebera kgaolo 11 e re bolelela ka “boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi” joo bo neng bo boifa Modimo eseng batho. Re tshwanetse go bontsha tumelo e e tshwanang. Moaposetoloi o ne a kwala jaana: “Ereka re dikanyedicwe ke boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.”—Bahebera 12:1.
17. Modimo o re naya kgothatso efe ka Isaia?
17 Modimo a ka thusa batlhanka ba gagwe thata. Mmopi wa lobopo o ne a raya Isaia a re: “Me ba ba lebèlèlañ mo go Yehofa ba tla shahatsa thata ea bōnè; ba tla tlhatloga ka diphuka yaka boncwi ba ba tona; ba tla siana, ba sa lape; ba tla tsamaea ka dinaō, ba sa idibale.”—Isaia 40:31.
18. O ka fenya jang go boifa e le gore o tsaye karolo mo go rereng ka Bogosi?
18 Basupi ba ba pelokgale le ba ba itumetseng ba o ba bonang mo phuthegong ya lefelo la lona ke karolo e nnye fela ya batlhanka ba ba tlhaga ba ba fetang dimilione tse tharo le sephatlo mo lefatsheng ka bophara. Ba itumelela go nna le seabe mo tirong eo Jesu Keresete ka boene a neng a e bolelela pele ka mafoko ano: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Fa e le gore go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi ke bothata mo go wena lemororo o tshwanelegela go dira jalo, ke ka ntlhayang fa o sa kope Mosupi yo o atlegang mo bodiheding gore o tsamaye le ene mo tirong ya go rera? Eleruri Modimo o naya “bogolo thata yoa nonohō,” mme o ka gakgamadiwa ke go bona gore tirelo eno ya bomodimo e itumedisa tota.—Mathaio 24:14; 2 Bakorintha 4:7; bona gape Pesalema 56:11; Mathaio 5:11, 12; Bafilipi 4:13.
19. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go dira tiro efe ya go ruta?
19 Jesu o lebelela gore bao ba anaanelang molaetsa wa Bogosi ba tseye kgato. O ne a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—Mathaio 28:19, 20.
20. Fa e le gore o tswelela pele mo semoyeng, ke potso efe e o ka tshwanelang go e botsa ka bonako fela?
20 A go anaanela ga gago masego a Modimo, “madi a a tlhokègañ” a ga Jesu, le tsholofelo e e molemo thata ya botshelo jo bosakhutleng di go tlhotlheletsa gore o tseye kgato? (1 Petere 1:19) A o dumalantse botshelo jwa gago le ditlhokafalo tse di siameng tsa Modimo? A o nna le seabe ka metlha mo go direng barutwa? A o itatotse bowena mme o neetse botshelo jwa gago mo Modimong? Fa e le gore o araba dipotso tseno tsotlhe ka ee, o o nonofileng, gongwe eno ke nako ya gore o kope mongwe wa bagolwane ba phuthego gore ba go arabele potso e e tshwanang le e Moethiopia a neng a e botsa Filipo e e reng: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?”—Ditihō 8:36.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Jerusalem Bible e baya seno jaana “a itatole se a leng sone.” Thanolelo ya ga J. B. Phillips ya re “o latlhegelwa ke tshwanelo ya go itaola.” The New English Bible e bua jaana “o tlogela boene kwa morago.”
b Go bona tshedimosetso kaga go tlogela mekgwa e e ntseng jalo, bona The Watchtower, ya February 1, 1981, ditsebe 3-12; June 1, 1973, ditsebe 336-43; le Awake!, ya July 8, 1982, ditsebe 3-12; May 22, 1981, ditsebe 3-11. Tseno di ka tswa di le gone kwa laeboraring ya Holo ya Bogosi ya mo lefelong la lona ya Basupi ba ga Jehofa.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke mabaka afe a a kgethegileng ao re tshwanetseng go leboga Modimo ka one?
◻ Tumelo le kanaanelo di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
◻ Ke mathata afe a a ka re thibelang go ikobela Modimo, mme ke eng se re ka se dirang ka one?
◻ Ke dipotso dife tseo batho ba ba iseng ba kolobediwe ba ka di ipotsang?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
‘Ke “mbu” wa mofuta ofe?’
Jesu o ne a naya setshwantsho sa monna yo a neng a tsamaya a ya go jala peo. Peo nngwe e ne ya wela fa thoko ga tsela mme e ne ya jewa ke dinonyane. Nngwe e ne ya wela mo matlapeng ao a senang mmu o montsi. Eno e ne ya tlhoga, mme fa letsatsi le nna mogote, e ne ya swaba mme ya swa. E nngwe e ne ya wela mo mebitlweng mme e ne ya hupediwa. Jesu o ne a bolela gore ditlhopha tse tharo tseno di ne di emela seno: sa ntlha ke motho yo o ‘utlwang lefoko la bogosi, mme a sa le tlhaloganye’; sa bobedi ke motho yo o amogelang lefoko mme mogote wa “patiko kgotsa pogishō” o mo tlosa mo go lone; sa boraro, ke motho yoo go ‘bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, di hupetsang lefoko.’
Mme Jesu o ne a bua ka peo nngwe e e neng ya wela mo mmung o o molemo. O ne a re: “Ke eo o utlwañ lehoko, a ba a le tlhaloganya; ke èna rure eo o uñwañ.”—Mathaio 13:3-8, 18-23.
Re tshwanetse go ipotsa potso eno: ‘Ke “mbu” wa mofuta ofe?’
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Ba ne ba swela tumelo ya bone
A go na le mongwe yo o mo itseng yoo a ka itlhophelang go swa go na le go dira sengwe se se kgatlhanong le tumelo ya gagwe? Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa di dirile jalo. Mo go The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity, Dr. Christine E. King o ne a kwala jaana: “A le mongwe mo Basuping bangwe le bangwe ba babedi ba Bajeremane o ne a tsenngwa mo kgolegelong, a le mongwe mo go ba banè o ne a latlhegelwa ke botshelo.”
Fa bosetlhogo jwa kwa dikampeng bo ne kgabagare bo khutla ka 1945, “dipalo tsa Basupi di ne di oketsegile mme go ne go se bape ba ba ineetseng.” J. S. Conway o ne a kwala jaana ka Basupi mo go The Nazi Persecution of the Churches: “Ga go setlhopha sepe se se neng sa supa boiketleetso jo bo tshwanang kgatlhanong le borukhutli jo bo maatla tota jwa Gestapo.”
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa bogisediwe dipolotiki kana lotso. Go na le moo, ba ne ba boga fela ka gonne ba ne ba rata Modimo mme ba gana go dira kgatlhanong le digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Bibela.