LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 22
  • “Go Segō Ba Ba Letlanyañ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go Segō Ba Ba Letlanyañ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Letle Sepe se go Amoga Sekgele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Mmueledi wa Ntwa Kgotsa Morotloetsi wa Kagiso?
    Tsogang!—2002
  • ‘Senka Kagiso Mme o e Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nna o Tlhomile Matlho mo Tuelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 22

“Go Segō Ba Ba Letlanyañ”

NOBEL Prize for Peace, e ne ya abiwa lantlha ka 1901, mme Jean-Henri Dunant, yo o tlhomileng Red Cross, le motlhalefi wa ikonomi Frédéric Passy ba ne ba e tlhakanela. Fa esale go tloga ka nako eo e ile ya abiwa ka makgetlo a le 69, ya abiwa ka makgetlo a le 55 go batho ba le 71 ba ba farologaneng, e le motho a le mongwe kana ba e tlhakanetse, le makgetlo a le 14 go ya go a le 16 go ditlhopha kana mekgatlho. Ditlhopha tse dingwe di ile tsa e gapa ka makgetlo a le mmalwa, jaaka International Red Cross Committee (1917, 1944, le 1963) le ofisi ya United Nations High Commissioner for Refugees (1954 le 1981). Mme go lebega gore komiti ya sekgele sa Nobel e ne ya se ka ya se aba ka makgetlo a le 19 ka ntlha ya fa moamogedi a ne a sa tshwanele.

Jaaka motho a ne a ka akanya, bontsi jwa ba ba neng ba gapa sekgele seno e ne e le botautona ba dinaga, badipolomate, kana batho bao ka tsela nngwe ba amanang le dipolotiki. Mme boradikgang, batho ba ba thusang go atlhola dikgang tsa dikgotlatshekelo, ba tsa loago, batlhalefi ba ikonomi, le balwela diphetogo tsa loago le bone ba ile ba se amogela. Le eleng borasaense, bao bangwe ba bone ebong Linus Pauling a neng a se amogela ka 1962 le Andrey Sakharov a neng a se amogela ka 1975, ba ile ba tlotlomadiwa fela jaaka baeteledipele ba badiri ba ba itsegeng jaaka Lech Wałesa yo a neng a se amogela ka 1983. Mme ka 1970 sekgele seno se ne sa newa moitseanape wa temothuo Norman E. Borlaug.

Motho wa ntlha wa bodumedi yo a neng a amogela sekgele seno e ne e le bishopo yo mogolo wa Lutere wa Mo-Swede Nathan Söderblom, yo a neng a tlhophiwa ka 1930. Ka 1946 leloko la kereke ya Methodist le moefangele John R. Mott o ne a bona sekgele seo, a latelwa ke moithutabodumedi le motlhalefi Albert Schweitzer ka 1952 mme ka 1958 ke moruti wa Mo-Belgium Dominique Georges Pire. Mme ka 1964 go ne ga tlhophiwa moeteledipele wa balweladitshwanelo tsa botho le moruti wa Baptist Martin Luther King, Jr.

Mme mo dingwageng tsa bosheng, bodumedi bo ile jwa nna le karolo e kgolo mo go batleng kagiso ya lefatshe. Mo go direng seno, ba bararo mo go ba ba robong ba bofelo ba ba neilweng Nobel Prize for Peace e ile ya nna batho ba bodumedi: Moitlami wa mosadi wa Moroma Mother Teresa wa Calcutta ka 1979, bishopo wa Anglican Desmond Tutu wa Afrika Borwa ka 1984, mme mo ngwageng o o fetileng, Dalai Lama “kgosi ya modimo” wa Mobuda yo o kobilweng kwa nageng ya gagwe wa kwa Tibet.

Ke boammaaruri gore Jesu Keresete o ne a re: “Go segō ba ba letlanyañ: gonne ba tla bidiwa bomorwa Modimo.” (Mathaio 5:9) Mme a maiteko a bodumedi—go sa kgathalesege gore a ke Bakatoliki, Baporotesetanta, Babuda, kana bape fela—a go agisanya a tla atlega?

Bibela e re bolelela gore lefatshe la jaanong le le boikepo le le bobaba mo Modimong ga le kitla le nna le kagiso ya goyagoile, mme seo ke sengwe seo go itshunya ga bodumedi mo dilong tsa lefatshe ka go ntsha dithuso, ka go tsena mo dikgannyeng tsa loago, le mo dikgannyeng tsa bopolotiki go se kitlang go se fetola. Ka go emisetsa dipuso tsa jaanong ka Bogosi jwa gagwe joo mo go jone go tla busang Keresete Jesu, “Kgōsana ea Kagishō,” Mmopi ka boene o tla tloga a segofatsa batho ba ba dumelang ka go ba leretse kagiso.—Isaia 9:6, 7; 57:21; Pesalema 46:9; Daniele 2:44.

Eleruri batho ba ba ratang kagiso ba ba lemogang boammaaruri jono le bao ba tshelang matshelo a bone ka tshwanelo ba tla itumela tota. Ke fela jaaka New World Translation e baya mafoko ao a ga Jesu jaana: “Go itumela ba ba ratang kagiso.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela