LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/15 ts. 10-15
  • A O Ka Supa Boikanyego go sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Supa Boikanyego go sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa Boikanyego
  • Ditlhogo tsa Lotso di Supa Boikanyego
  • Boikanyego jwa Bokeresete
  • A O Ka Ikanyega—Go Sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?
  • Boikanyego jo bo Senang Tlhotlhwa
  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • ‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’
    Atamalana le Jehofa
  • O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/15 ts. 10-15

A O Ka Supa Boikanyego go sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?

“Yo o ikanyegang o tla dirisana le ene ka boikanyego.”—PESALEMA 18:25, “NW.”

1, 2. (a) Boikanyego ke eng, mme mekgwa e mengwe ya bone e ama botshelo jwa rona jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go le molemo go leba Jehofa jaaka Sekao sa rona se se tlhomologileng?

BOIKANYEGI, tshwanelo, lorato, patelesego, le go nna boammaaruri. Mafoko ano a tshwana ka eng? Ke mekgwa e e farologaneng ya boikanyego. Boikanyego ke nonofo ya bomodimo e e tswang mo boineelong jo bo tswang mo pelong. Lefa go ntse jalo, mo bathong ba bantsi gompieno, boikanyego ga bo kaye sepe se segolo. Go ikanyega mo molekaneng wa lenyalo, go direla maloko a a godileng a lelapa, go nna yo o boammaaruri mo mothong yo o go hirileng—tsotlhe tseno di dirwa ka sewelo ebile gantsi di kgaphelwa kwa thoko. Mme go diragalang fa go ikanyega go baya motho mo kotsing? Bosheng jaana kwa Ennyelane, motlhokomelamatlotlo mongwe o ne a latlhegelwa ke tiro ka a ne a bolelela batlhatlhobi ba makgetho boammaaruri kaga matlotlo a khampani ya gagwe.

2 Go motlhofo go bua ka boikanyego, mme boikanyego jwa boammaaruri bo tshwanetse jwa supiwa ka ditiro tse di sa dirweng ka ntlha ya poifo. Ereka re le batho ba ba sa itekanelang, gantsi re a palelwa mo go seno. Ka jalo go molemo gore re sekaseke sekai sa mongwe yo go seng ope yo a ka atlegang go supa fa a sa ikanyege, ebong Jehofa Modimo ka boene.

Sekao sa Boikanyego

3. Jehofa o ile a itshupa a ikanyega jang mo boikaelelong jwa gagwe jo bo umakilweng mo go Genesise 3:15?

3 Jehofa o ne a itsise ka phepafalo fela boikaelelo jwa gagwe jwa go golola lelapa le le neng le ise le tsholwe la motho, fa Adame a ne a leofa. O ne a tla tsaya kgato eno ka ntlha ya go bo a rata dibopiwa tsa batho. (Yohane 3:16) Fa nako e ntse e tsamaya, Jesu Keresete, losika lo lo solofeditsweng lo lo boleletsweng pele mo go Genesise 3:15, lo ile lwa itshupa e le setlhabelo se se gololang, mme ebile go ne go tla bo go sa utlwale tota gore Jehofa a se ka a diragatsa boikaelelo joo jwa gagwe jo a neng a setse a bo itsisitse. Tumelo ya rona ga e kitla e dira gore re swabe, fa fela re amogela setlhabelo sa ga Jesu.—Baroma 9:33.

4. Jehofa o ile a itshupa a ikanyega mo go Jesu jang, mme go ne ga felela jang?

4 Boikanyego jwa ga Jehofa mo go Jesu bo ile jwa nonotsha Morwa yono thata ka nako ya fa a le mo lefatsheng. Jesu o ne a itse gore o tshwanetse go swa, mme o ne a sweditse a nonofile gore o tla nna a ikanyega mo Modimong wa gagwe go fitlha kwa bokhutlong. O ne a senolelwa kitso ya gore o kile a tshela pele e nna motho ka nako ya fa a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo. Mo bosigong jwa fa a ne a okiwa o ne a rapela go busediwa kwa go Rraagwe wa selegodimo, kwa ‘kgalalelong e a neng a na nayo pele lefatshe le ise le nne.’ (Yohane 17:5) Seno se ne se tla kgonega jang? Fela fa Jehofa a ne a ka se ka a tlogela Morwawe yo o ikanyegang mo lebitleng gore a se ka a bona go bola. Jehofa o ne a mo tsosetsa kwa botshelong jwa bosasweng, ka gone a diragatsa ka boikanyego tsholofetso eno ya seperofeti e e kwadilweng mo go Pesalema 16:10: “Ga u ketla u tlogèlèla Bobipō mōea oa me.”—Ditihō 2:24-31; 13:35; Tshenolō 1:18.

5. Ke ditiro dife tse dingwe tsa boikanyego tseo di amanang le ditsholofetso tsa ga Jehofa mo go Jesu?

5 Morago ga go tsosiwa mo baswing, Jesu ka mo go tshwanang o ne a itse gore o ne a ka ikanya polelo ya ga Jehofa ya gore o tla ‘dira baba ba gagwe sebeo sa dinao tsa gagwe.’ (Pesalema 110:1) Nako eo e ne ya goroga ka 1914, kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba,” fa Bogosi bo ne bo tlhongwa kwa legodimong. Puso e e solofeditsweng ya ga Jesu a busa mo godimo ga baba ba gagwe e ne ya simolola ka go ntsha Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong. E tla fitlha kwa setlhoeng sa yone fa ba tsenngwa mo moleteng ka dingwaga tse di sekete le fa “dikgosi tsa lehatshe, le dintwa tsa cōna” di sena go senngwa.—Luke 21:24; Tshenolō 12:7-12; 19:19; 20:1-3.

6. Modimo o re naya tsholofelo efe e e tlhomamisitsweng, mme re ka supa jang gore re a e anaanela?

6 Mopesalema o ne a kgothatsa jaana: “Lebèlèla mo go Yehofa, u bo u chwarè tsela ea gagwè, me o tla gu goletsa go tla u rua lehatshe.” (Pesalema 37:34) Re ka tlhomamisega tota gore Jehofa o tla tswelela a diragatsa se a se buileng, le gore o tla boloka banna, basadi le bana ba ba ‘tshwarang tsela ya gagwe’ go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno le le boikepo. Polelwana eo mo Sehebereng sa ntlhantlha e akantsha go direla Jehofa ka botlhaga le ka boikanyegi. Ka gone moo, eno jaanong ga se nako ya go lapa kana go latlha ditshiamelo tse re di neetsweng tsa tirelo. Eno ke nako ya gore re dire ka natla ka boikanyego mo tirelong ya Modimo wa rona le Bogosi jwa gagwe. (Isaia 35:3, 4) Go na le dikao tse di molemo tseo di ka re kgothatsang. A re sekasekeng dingwe tsa tsone.

Ditlhogo tsa Lotso di Supa Boikanyego

7, 8. (a) Jehofa o ne a naya Noa le lelapa la gagwe tiro efe? (b) Lelapa la ga Noa le ile la itshupa le tshwanelwa ke go sirelediwa ke Modimo jang mo morwaleleng o o neng o le mo lefatsheng ka bophara?

7 Fa Jehofa a ne a batla go senya batho ba ba boikepo ka morwalela wa metsi, o ne a dira kgolagano le tlhogo ya lotso Noa gore o tla boloka lelapa la gagwe le gore botshelo bo tla tswelela mo lefatsheng. (Genesise 6:18) Noa o ne a itumelela tebelelo ya go sirelediwa ke Modimo, mme ene le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanela go itshupa fa ba tshwanela go sirelediwa jalo. Jang? Ka go dira seo Jehofa a neng a se ba laetse. Sa ntlha ba ne ba lebane le tiro e tona ya go aga araka. Fa e sena go wediwa, Noa o ne a tshwanela go e tlatsa ka mofuta mongwe le mongwe wa diphologolo le dijo tseo di neng di tla jewa mo lobakeng lo loleele loo. Mme go ne go sa felele foo. Mo nakong e telele eo ya go baakanya, Noa o ne a dira seo a neng a ka se kgona mo tirong e a iseng a ko a bone ope a e dira eo ya go rera, a tlhagisa ka katlholo ya bomodimo e e tlang.—Genesise, dikgaolo 6 le 7; 2 Petere 2:5.

8 Bibela e re bolelela gore “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Genesise 6:22; 7:5) Noa le balelapa la gagwe ba ne ba itshupa ba ikanyega mo go direng ditiro tse ba di abetsweng. Moya wa bone wa go intsha setlhabelo o ne o batla gore ba dirise nako sentle, mme tiro e ne e le bokete le go rera go ne go se motlhofo. Go bo bomorwa Noa le basadi ba bone ba se kile ba nna le bana pele ga Morwalela go ne ga ba thusa go tlhoma mogopolo mo tirong e ba e abetsweng le go dira mmogo ka kutlwano. Morwalela o mogolo oo o ne wa senya lefatshe leo le le boikepo sentle ka tshwanelo. Go ne ga falola fela Noa, mosadi wa gagwe, barwa ba bone ba bararo le dingwetsi tsa bone. Re ka itumelela go bo ba ne ba ikanyega mo Modimong le mo dikaelong tsa gagwe, ereka mongwe le mongwe wa rona e le setlogolwana sa ga Noa ka tlhamalalo ka re le bana ba ga Sheme, Hame, kana Jafethe.—Genesise 5:32; 1 Petere 3:20.

9. (a) Teko ya ga Jehofa mo go Aberahame e ne e leka bothokgami jwa gagwe jang? (b) Isake o ne a supa boikanyego jwa gagwe jang mo go seno?

9 Fa Aberahame a ne a baakanyetsa go isa Isake setlhabelo, o ne a dira jalo ka tumelo ka boikanyegi a ikobela taolo ya ga Jehofa. Abo seo se ne se leka boikanyego jwa gagwe jang ne! Lefa go le jalo, Jehofa o ne a thiba letsogo la ga Aberahame, a re: “Yanoñ kea itse ha u boiha Modimo, ka e le ha u se ka ua gana ka morwao, morwao eo esi.” Re tla bo re dira sentle fa re ka akanya ka seo se neng sa diragala pele ga foo. Mo loetong lwa malatsi a le mararo lwa go ya kwa Thabeng ya Moria, eleruri Aberahame o ne a na le nako e e lekaneng ya go akanya dilo gape le go fetola mogopolo wa gagwe. Mme go tweng ka Isake, yoo a neng a rwele dikgong tsa tshupelo le yoo a neng a itetla go bofiwa matsogo le maoto? Ga a ka a supa go sa ikanyegeng mo go rraagwe, Aberahame, kana gone go gana go dira se a neng a tshwanetse go se dira, le eleng lefa go ne go bonala gore tsela ya gagwe ya boikanyego e ne e tla raya gore o tla latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe.—Genesise 22:1-18; Bahebera 11:17.

Boikanyego jwa Bokeresete

10, 11. Bakeresete ba pele ba re beela sekao sefe sa boikanyego?

10 Jehofa o ile a nna a dira ka boikanyego jwa mmatota ka metlha. “Nnañ baetsi ba Modimo,” moaposetoloi Paulo o kgothatsa jalo. (Baefesia 5:1, 2) Bakeresete le bone ba tshwanetse go dira fela jaaka ditlhogo tsa lotso di ne tsa dira. Bakeresete ba pele ba ne ba tlhoma dikao tse di molemo thata tsa go ikanyega mo kobamelong, jaaka boitemogelo jo bo latelang bo supa.

11 Go lebega rraagwe Mmusi Constantine, ebong Constantius I wa Moroma a ne a tlotla balatedi ba ga Jesu Keresete thata. Fa a ne a leka boikanyego jwa Bakeresete ba ba neng ba dira mo ntlong ya gagwe ya bogosi, o ne a ba bolelela gore ba ka tswelela ba ntse ba mo direla fela fa ba ka dumela go direla medimo ya disetwa ditlhabelo. Ba ne ba bolelelwa gore fa ba gana ba ne ba tla kobiwa mo tirong le gore o tla ba utlwisa botlhoko ka seatla sa gagwe. Constantius ka leano le le motlhofo leno o ne a batla go bona gore ke bomang tota ba ba neng le ka motlha ba ka se ka ba latlha boikanyego jwa bone. Bao ba neng ba itshupa ba ikanyega mo Modimong le mo melaometheong ya gagwe ba ne ba sala ba ntse ba direla mmusi yono, bangwe ebile ba ne ba tlhomiwa go nna bagakolodi ba ba ikanngwang. Bao ba neng ba se ka ba ikanyega mo taolong ya Modimo ba ne ba kobiwa ka mo go tlhabisang ditlhong.

12. Balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go supa boikanyego jwa bone jang, mme ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa mo boitekanelong jwa phuthego?

12 Lemororo Bakeresete botlhe ba tshwanetse go supa boikanyego mo matshelong a bone, bo umakiwa ka mo go kgethegileng mo go Tito 1:8 jaaka nonofo e monna yo a ka nnang molebedi wa Mokeresete a tshwanetseng go nna le yone. William Barclay o bolela gore hoʹsi·os, eleng lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “go ikanyega,” le tlhalosa “monna yo o ikobelang melao ya bosakhutleng e e neng e ntse e le gone le e e tlileng pele ga melao epe e e dirilweng ke motho.” Bagolwane ba tlhoka go ikobela melao ya Modimo ka boikanyego fela jalo. Sekao se se siameng seno se tla thusa phuthego gore e gole e bo e nonofe ka mo go lekaneng gore e ka thulana le diteko le dikgatelelo tseo di ka nnang tsa e tlhagela jaaka mmele kana ditokololo tsa one tse di farologaneng. (1 Petere 5:3) Bagolwane ba ba tlhophilweng ba na le boikarabelo jo bogolo tota mo letsomaneng jwa gore le ka motlha ba se ka ba latlha boikanyego jwa bone mo go Jehofa, ka go bo phuthego e kgothalediwa gore e “etsè tumèlō ea bōnè.”—Bahebera 13:7.

A O Ka Ikanyega—Go Sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?

13. Ke eng se boammaaruri jo bo reng “Batho botlhe ba na le tlhotlhwa ya bone” bo se kayang, mme seno se supiwa ke dikai dife?

13 “Motho mongwe le mongwe o na le tlhotlhwa e e rileng” ke boammaaruri jo bo papametseng fela joo bo ileng jwa buiwa ke Sir Robert Walpole, tonakgolo ya Boritane ya lekgolo la bo 18 la dingwaga. Bo sobokanya sentle ntlha ya gore go ralala hisitori boikanyego bo ile jwa dirisiwa go iponela melemo mengwe ya bogagapa. Akanya ka moranodi wa Bibela William Tyndale, yoo ka phoso a neng a amogela Henry Phillips jaaka tsala e e ikanyegang. Ka 1535, Phillips o ne a neela Tyndale baba ba gagwe ka go sa ikanyege, seo se neng sa dira gore Tyndale a tsenngwe mo kgolegelong a bo a swe ka bonako. Raditiragalo mongwe o bolela gore Phillips, yo go lebegang e ne e le morongwa wa kgosi ya Ennyelane kana wa Bakatoliki ba Maesemane, “o ne a duelwa sentle thata ka tiro eno ya gagwe ya Bojudase.” Tota gone, raditiragalo yono o ne a bua ka Judase Isekariota, yoo a neng a amogela dipapetlana di le 30 tsa selefera gore a oke Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go konela go tswa mo dikaing tseno gore “tlhotlhwa” ya go ikanyega ga motho ka metlha ke madi. Ga se yone.

14. Boikanyego jwa ga Josefa mo go Jehofa bo ne jwa lekwa jang, mme go ne ga felela ka eng?

14 Boikanyego jwa ga Josefa mo go Jehofa bo ne jwa lekwa fa mosadi wa ga Potifaro a ne a ntse a mo tshwenya gore a ‘lale le ene.’ O ne a tla dira eng? Ereka melaometheo e e amegang e ne e phepafetse sentle mo kakanyong ya gagwe, Josefa o ne a tshaba a tswa mo ntlong, a ikaeletse tota gore ga a kake le ka motlha a ‘dira bosula jo bogolo joo a leofela Modimo.’ Monate wa tlhakanelodikobo ga o a ka wa fekeetsa boikanyego jwa ga Josefa mo Modimong wa gagwe, Jehofa.—Genesise 39:7-9.

15. Abesalome o ne a supa go tlhoka boikanyego jang, mme go ne ga felela ka eng?

15 Lefa go le jalo, go na le bodiphatsa bongwe; go batla dilo tse di kwa godimo go ka fekeetsa boikanyego. Seo ke sone se se tlhotlheleditseng Abesalome gore a tsuologele rraagwe, ebong Kgosi Dafide. Abesalome o ne a batla go dira batho gore ba mo amogele ka go loga leano. Kgabagare, o ne a phutha mophato o o neng o tlile go lwa le batho ba ba ikanyegang ba ga rraagwe. Go sa ikanyegeng ga ga Abesalome mo go rragwe, ebong Dafide jaaka morwa mo go rraagwe go ne ga khutlisiwa fa a bolawa ke Joabe, mme abo a ile a duela tlhotlhwa e e kwa godimo jang ne ka go leka go senya thulaganyo ya bolegodimo!—2 Samuele 15:1-12; 18:6-17.

Boikanyego jo bo Senang Tlhotlhwa

16. Ke eng seo 2 Bakorintha 11:3 e se senolang ka maikaelelo a ga Satane?

16 Lemororo Satane a bolela gore mongwe le mongwe o na le tlhotlhwa ya gagwe, jaaka go ne ga diragala ka Abesalome, go ne go sa nna jalo ka Josefa, mme ga go ise go ke go nne jalo ka baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, Satane o tla re naya sengwe le sengwe go re dira gore re robe bothokgami jwa rona go Mmopi wa rona. Moaposetoloi Paulo o ne a supa fa a boifa gore “yaka nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa eōna,” megopolo ya rona e ka nna ya senngwa, e dira gore re latlhe boikanyego jwa rona mo go Jehofa le kobamelo ya gagwe.—2 Bakorintha 11:3.

17. Batho bangwe ba ile ba ananya ditshiamelo tsa tirelo tsa tlhwatlhwa e e ka se kang ya lekanngwa le sepe ka eng?

17 Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A go na le tlhotlhwa epe e nka e amogelang gore ke latlhe tshiamelo ya go obamela Mmopi wa me ka boikanyego?’ Go utlwisa botlhoko tota gore, go farologana le Josefa, bangwe bao e neng e le batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ile ba kopa sengwe se sennye tota mo boemong jwa jone. Le eleng bagolwane ba bangwe ba ile ba ananya tshiamelo ya bone e e ka se kang ya lekanngwa le sepe ya tirelo e e boitshepo ka menate ya nakwana ya boitsholo jo bo sa siamang. E le bagolwane kana e se bone, bontsi jwa bao ba dirang seo ba ile ba latlhegelwa ke go nna le malapa a a utlwanang, go ratiwa le go tlotliwa ke phuthego, le go amogelwa ke Jehofa—Ene yoo a ka ba nayang nonofo ya go boloka boikanyego le go emelelana le diteko tse di tswang mo go Satane.—Isaia 12:2; Bafilipi 4:13.

18. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go reetsa tlhagiso e e mo go 1 Timotheo 6:9, 10?

18 Ba bangwe ka go ganelela mo dilong tsa lefatshe ka go batla dilo tse di kwa godimo, ba ile ba ‘iphololetsa ka mahutsana a le mantsi,’ ba tlhokomologa tlhagiso e e phepafetseng ya Bibela. (1 Timotheo 6:9, 10) Demase, Mokeresete mongwe yo a neng a umakiwa ke Paulo, o ne a latlhegelwa mo ntlheng eno, e le ka nakwana kana e le ga leruri. (2 Timotheo 4:10) Ga o kake wa latlha boikanyego mo go Jehofa mme wa se ka wa tlhagelwa ke masetlapelo kwa morago. “Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Bagalatia 6:7.

19, 20. (a) Ke bodiphatsa bofe jo bo nnang gone ka go feteletsa go leba thelebishene? (b) Lelapa lengwe la Basupi le ile la tlhoma sekao sefe?

19 Ka dinako dingwe tlhotlhwa e go ananngwang ka yone e tla ka tsela e e ka se kang ya lemogiwa. Ka sekai, pego go tswa kwa United States e bolela gore malapa a mantsi a senya halofo ya dioura tse ba sa robalang ka tsone ba lebile thelebishene, mme bana ba bannye bone ba tshwakgotswe ke yone. Fa e le gore Mokeresete o ne a fepa tlhaloganyo ya gagwe thata ka thelebishene, ka tlhakanelodikobo le thubakanyo ya yone, go ise go e kae o ne a tla tlola melaometheo ya Bokeresete. Mme seo se ne ka motlhofo fela se ka mo dira gore a se ka a ikanyega, a bo a ikgaoganye le Jehofa. Bokopano jo bo jalo jo bo sa siamang bo senya mekgwa e mentle. (1 Bakorintha 15:33) Ga re a tshwanela go lebala gore Dikwalo di re kgothaletsa gore re ithute le go tlhatlhanya ka Lefoko la ga Jehofa. A nako e ntsi e re e senyang re iketlile fa pele ga thelebishene e lekana le eo re e senyang mo go boneng kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng jaaka baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa? Bontsi jwa bao ba tlang mo boammaaruring gompieno ba ne ba tshwanela go dira diphetogo tse dikgolo mo go akanyeng ga bone mo ntlheng eno.—1 Timotheo 4:15, 16; 2 Timotheo 2:15.

20 Takashi ke rakgwebo wa Mojapane yo o nnang kwa Ennyelane. O ne a tlhola a senya dioura di le tharo kana di le nnè mo maitsiboeng a mantsi a lebile thelebishene le lelapa la gagwe. Morago ga gore a kolobediwe le mosadi wa gagwe dingwaga tse tharo tse di fetileng, o ne a swetsa ka gore thuto ya Bibela ya bone ka namana le ya lelapa e tshwanetse go newa sebaka pele. O ne a kgona go etelela lelapa la gagwe pele sentle, ka go fokotsa go leba ga gagwe thelebishene a go dira metsotso e le 15 kana e le 30 ka letsatsi. Lemororo Takashi a ne a tshwanela go ithuta a dirisa Dibibela di le pedi, ya Seesemane le ya Sejapane, o ile a dira botswelelopele jo bo molemo jwa semoya ka bonako, mme jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong ya ba ba buang Seesemane. Mosadi wa gagwe ke mmulatsela yo o thusang. “Go sireletsa bomoya jwa basimane ba rona ba babedi ba babotlana,” o bua jalo, “nna le mosadi wa me re ne re tlhola re sekaseka ka kelotlhoko seo re ba letlang go se leba mo thelebisheneng letsatsi lengwe le lengwe.” Go itisa ka tsela eo go a duela.

21. Re itse eng ka maano a ga Satane, mme re ka itshireletsa jang?

21 Re ka tlhomamisega ka seno: Satane o itse makoa a rona, gongwe ebile botoka go na le kafa re a itseng ka gone. Ga a kitla a thijwa ke sepe go leka go re latlhisa kana go koafatsa go ikanyega ga rona mo go Jehofa. (Bapisa Mathaio 4:8, 9.) Jalo he, re ka itshireletsa jang? Ka go nna ka metlha re akanya ka boineelo jwa rona le ka go kgatlhegela go godisa botswerere jwa rona jaaka badihedi go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang tsa semoya. Jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, re tshwanetse go nna re tshwaregile mo tirelong ya gagwe re bile re kaelwa ke Lefoko la gagwe le le boitshepo ka dinako tsotlhe. Seno se tla re thusa go nna re nonofile mo tshwetsong ya rona ya gore ga go tlhotlhwa epe e Satane a ka e re nayang eo e tla re dirang gore re latlhe boikanyego jwa rona mo Modimong.—Pesalema 119:14-16.

O Araba Jang?

◻ Jehofa le Jesu ba ile ba supa boikanyego jang?

◻ Dikai tse dingwe tsa Bibela tsa boikanyego ke dife?

◻ Ke eng seo Satane a ka se re nayang kana a lekang go se dira?

◻ Re ka inonotsha jang gore re nne re ikanyega mo kobamelong ya rona mo go Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela