O Se Ka Wa Tlhokomologa Molekane Wa Gago!
BANYALANI bangwe ba tswa mo Holong ya Bogosi. Difatlhego tse di nyenyang tsa monna yono le mosadi di supa boitumelo joo ba bo ipelelang jaaka ‘nama e le nngwe,’ ba utlwana mo kobamelong ya Modimo wa bone, Jehofa. (Mathaio 19:6) Lefa go ntse jalo, ba ne ba ntse ba sa ipelele kutlwano eo kana go nna le tumelo e e tshwanang. Go ne go na le nako nngwe eo mo go yone mosadi yono Atsuko a neng a ya kwa dipokanong a le esi fela. Morago o ne a boela gae kwa monneng yo o galefileng yo a neng a mo omanya. Ka nako nngwe monna wa gagwe Kazutaka, o ne a galefa mo a neng a phamola tafole ya dijo, ka gangwe fela, a latlhela selalelo sotlhe fa fatshe.
Fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, Bokeresete jwa boammaaruri bo ile jwa kgaoganya malapa a mangwe. (Mathaio 10:34, 35) Lefa go le jalo, jaaka Kazutaka le Atsuko, bangwe ba ipelela go utlwana mo bodumeding le boitumelo mo legaeng la bone. Gone mme kutlwano eo ga e a itlela fela. Ke eng seo ba ba dumelang ba neng ba se dira go fenya kganetso mme ba lere kutlwano ya boammaaruri mo lelapeng? Pele re sekaseka seo, a re boneng gore ke ka ntlhayang fa banna ba bangwe ba ganetsa.
Ke Ka Ntlhayang Ba Ne Ba Ganetsa?
“Fa ke leba kwa morago,” go ipobola jalo Atsuko, “ke lemoga gore ke ne ke tsamaya fela ke ya kwa dipokanong ke sa tlhalosetsa monna wa me.” Kazutaka o ne a galefisiwa ke go tlogelwa a le nosi a sa bolelelwa sepe.
Kgabo ya kganetso e ka kukediwa gape ke lefufa. Rre mongwe wa lelapa yo mmotlana ebong Shigeo o ne a belaela ditsala tse disha tsa mosadi wa gagwe kwantle ga lebaka lepe. “Fa mosadi wa me a itshasa dintlafatsi a bo a tsamaya a ya kwa dipokanong, ke ne ka akanya gore o na le monna yo mongwe.” “Tota ga re ise re ko re nne le nako ya go bua rona fela re le babedi,” Masako, mosadi wa gagwe, o dumela jalo. “Tota ga ke ise ke ko ke mmolelele keletso e ke neng ke na le yone mo pelong ya gore le ene a ithute boammaaruri jwa Bokeresete.”
Mosadi mongwe wa lelapa yo o bidiwang Toshiko le ene o ne a ikutlwa fela jaaka Shigeo. “Fa monna wa me a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke mo ganetsa ka gonne o ne ka iketlo a oketsa nako eo a neng a e senya a le kwa phuthegong. Ke ne ke nwa bojalwa gore ke kgone go tswa mo maikutlong ao ke neng ke na le one fa a ne a seyo.’”
Tlhaloso ya ga Toshiko e amile lebaka le lengwe gape—bodutu. Ke kafa bangwe ba bao ba neng ba ganetsa pele ba neng ba ikutlwa ka gone fa balekane ba bone ba ne ba ya kwa dipokanong tsa bone ka metlha. “Ke ne ke ikutlwa ke latlhegile fa ke tlogetswe ke le nosi mo ntlong,” rre mongwe o gakologelwa jalo. “Ke ne ke ikutlwa jaaka ekete mosadi wa me le bana ba me baa ntlogela,” yo mongwe o bua jalo. Ereka banna ba bantsi ba fitlhela go le bokete go bua ba re, “Ke jewa ke bodutu, tsweetswee se tsamaye,” bangwe ba simolola go ganetsa bodumedi jwa molekane yo mongwe.
Kgatelelo ya ditsala le losika ka dinako dingwe e ka dira gore molekane yo ka tlwaelo a sa tshwenyeng a ganetse. Go bolelwa gore kwa Botlhaba gantsi mosadi o “tsewa jaaka ngwana wa lelapa go na le gore a ngaparelelane le monna wa gagwe.” Kgatelelo e e tswang mo go balosika e ka lere dikgogakgogano. Mosadi wa ga Takashi wa Mokeresete o ne a gana go nna le seabe mo kobamelong ya lelapa kwa sebesong sa Sebuda. “Se se neng sa dira kgang maswe le go feta,” Takashi o a tlhalosa, “re ne re nna gaufi le batsadi ba me. Mmè o ne a nkgatelela, ka jalo ke ne ka tshosetsa mosadi wa me ka bo ka dirisa dikgoka.”
Go sa tlhaloganyaneng goo go godisiwang ke go sa buisane ka dilo, lefufa, bodutu, kana kgatelelo go tswa go balosika, go ka felela ka ntwa. Monna mongwe yo a neng a tlhola a itaya mosadi wa gagwe o dumela jaana: “Ke ne ke sa batle gore bodumedi bo ntseele lelapa.” Yo mongwe o bua jaana: “Ke ne ke sa batle go tla mo ntlong e e senang ope.” Gongwe ba ne ba akanya jaana, ‘Fa e le gore mafoko ga a kgone go thibela maikutlo a a boteng ano a bodumedi, mabole a le mmalwa one a tla dira.’
Se se itumedisang ke gore banyalani botlhe ba ba umakilweng fa godimo moragonyana ba ne ba kopanela mmogo mo kobamelong. Boitemogelo jo bo utlwisang botlhoko jono jwa bone jaanong bo fetile. Mme ereka e le se se ba diragaletseng, ba mo seemong se se molemo sa go naya ba bangwe dikakgelo tse di molemo tseo di ka thusang go ritibatsa maemo a a ka nnang a tsosa ntwa mme gongwe tsa dira gore malapa a a santseng a kgaogane a utlwane mo kobamelong.
Kgomarela Boammaaruri
Fa o ntsha letsogo la gago go goga motho yo o betwang mo metsing, o tshwanetse wa itsetsepela sentle ka bowena. Fa o sa dire jalo, le wena o ka felela o le mo metsing. Ka mo go tshwanang, sekopololo sa go thusa molekane wa gago ke go kgomarela boammaaruri jono jo bo bolokang botshelo ka bowena. “Fa kganetso ya me e ne e le maswe thata,” go bua jalo mongwe yo a kileng a bo a ganetsa, “mosadi wa me o ne a santse a tsaya bana ka letsogo a bo a ya kwa dipokanong. Fa a ne a kile a repisa, gongwe ke ka bo ke ile ka belaela gore a tumelo ya gagwe ke yone tota.”
Kazutaka, yo a neng a menola tafole ya dijo, o senola seo se neng sa fetola boikutlo jwa gagwe jaaka a feleletsa kgang ya gagwe jaana: “Kgabagare ke ne ka gana go naya Atsuko madi a go pagama. Le eleng lefa go ntse jalo, o ne a ya kwa dipokanong tsotlhe ebile a tsamaya le bana. Go dira jalo, o ne a rekisa dilo tsa gagwe ka bongwe ka bongwe. Ke ne ka ikutlwa gore ke seeleele mme ka se ka ka tlhola ke mo ganetsa. Go na le moo, ke ne ka simolola go bala dimakasine tse a neng a di ntlogelela gore ke di bone.”
Buisana le Molekane wa Gago
“Ke tshwanetse ka bo ke ne ke ile ka laletsa monna wa me go kopanela le nna le go mmolelela gore ke ne ke batla gore re ithute Bibela mmogo,” go bua jalo Atsuko, mosadi wa ga Kazutaka. “O ne a tshwenyega ka nna le lelapa. Puisano e e molemo e ka bo e ile ya dira gore a se ka a tshwenyega.” Ee, puisano e e molemo ke yone e ka dirang gore motho a tlhaloganye. Bibela e gakolola jaana: “Kwa go senang [“puisano ya sephiri,” NW] gōna maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” (Diane 15:22) Go ya ka seno, “puisano ya sephiri” le molekane wa gago kaga ditiro tsa bodumedi jwa gago e tshwanetse go akanyediwa thata le go dirwa ka botlhale. “Pelo ea eo o tlhalehileñ e ruta molomo oa gagwè, e be e okeletse dipounama tsa gagwè kicō,” Bibela e bua jalo. (Diane 16:23) Go botlhokwa gape go nna botlhale fa o tlhopha nako e e siameng ya go bua.—Moreri 3:7.
Tsela e o buang ka yone e botlhokwa fela thata go tshwana le se o se buang. Moaposetoloi Paulo o kgothatsa jaana: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” (Bakolosa 4:6) Fa o bua ka bonolo, ka tsela e e monate, ga se gantsi molekane wa gago a ka ganang go reetsa se o se buang.
Banna ba bantsi ba fitlhela go se motlhofo gore ba ka rutiwa ke basadi ba bone. Ka jalo basadi ba tshwanetse go dirisana le maemo ka botlhale. Kikuyo o ne a dirisa dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower sentle thata. O bua jaana: “Fa Tsogang! ya me e goroga ka poso, ke ne ke e sekaseka go bona dintlha tseo di neng di ka kgatlha monna wa me. Morago ke bo ke rapela gore ke bone tshono ya go di abalana le ene.” O ne a tlogela makasine mo kamoreng ya botlhapelo a bo a tlhatlhoba ditsebe tsa one letsatsi le letsatsi go bona fa go na le setlhogo se a se badileng. Fa go ne go lebega a sa bale go ya kwa pele o ne a baya o mongwe. Monna wa ga Kikuyo gompieno ke mogolwane ebile ke mmulatsela.
Maatla A Boitsholo jo bo Siameng
Mme go tweng fa molekane wa gago a sa batle go tlotla ka bodumedi le wena? Go tlwaelana le Bakeresete ba bangwe go ka tima kganetso e e bogale ya molekane wa gago mme ga mo dira gore a ithute Bibela. Masao, yo jaanong e leng mogolwane, ka nako nngwe o ne a thibela Basupi ba ga Jehofa gore ba se tsene kwa legaeng la gagwe. O gakologelwa jaana: “Kgabagare ke ne ka dumela go ithuta Bibela le Basupi morago ga gore mosadi wa me a nkope ka thata gore ke thuse mo go ageng Holo ya Bogosi. Ke ne ka amiwa thata ke go bona botlhe ba dirisana mmogo ka boitumelo—ba sa duelwe.”
Ke eng seo o ka se dirang fa molekane wa gago a gana go bua ka bodumedi le ope fela? “Leha bañwe ba sa utlwe lehoko,” moaposetoloi Petere o a kgothatsa, “ba tlè ba kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa [balekane] ba bōnè.” Ka sekai, mosadi wa Mokeresete a ka itshwara jang gore a gape monna wa gagwe? ‘Go nna bori go patagane le poifo’ seo se senolang ‘motho yo o sa bonaleng wa pelo le diaparo tse di sa boleng tsa moya wa boikokobetso le tidimalo,’ go bua jalo Petere.—1 Petere 3:1-4.
Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a dirisa molaomotheo ono fa monna wa gagwe yo o ganetsang a ne a amegile mo kgannyeng nngwe e e tlhabisang ditlhong. Lemororo e ne ya mo tlhabisa ditlhong mo bathong ya bo ya mo jela madi otlhe, ga a ka a utlwa mosadi wa gagwe kana bana ba gagwe ba ngongorega le eseng. “Ke ne ka itse gore boitsholo jono jwa bone jo bo tlhomologileng e ne e le ka ntlha ya thuto ya bone ya Bibela,” monna yono o ne a dumela jalo. O ne a simolola go bala Bibela morago ga go ganetsa ka dingwaga di le dintsi. Banna bangwe bao moragonyana ba neng ba fetoga Basupi ba akgela jaana: “Ke ne ke le monna yo a neng a tlhola a tshwenngwa ke mosadi yo ebileng a ne a batla go mo laola, mme ka bonako fela mosadi wa me o ne a simolola go ntlotla jaaka tlhogo ya lelapa.” “Fa borakgwebo ba ke tsalanang le bone ba ne ba tla kwa lelapeng la me, mosadi wa me o ne a ba amogela sentle. Ke ne ke rata seo.”
Boitsholo jo bontle jwa bana le bone bo ka nolofatsa dipelo tsa baganetsi. Rre mongwe yo pele a neng a ganetsa mosadi wa gagwe o ne a araba jaana fa a bodiwa gore ke eng se se neng sa fetola boikutlo jwa gagwe: “Fa morwaake wa dingwaga tse pedi le sephatlo a ne a lemoga gore ke tla tloga ke shakgala, o ne a tlhaeletsa kwa godimo a bo a re: ‘Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi. . . . ’”(1 Bakorintha 13:4-7) Mosimanyana yono yo a neng a rutilwe sentle o ne a dira gore rraagwe a sekaseke Bibela. Borre ba bantsi ba ile ba swetsa go tlhatlhoba Bibela ka gonne bana ba bone ba ne ba ba kopa gore ba ithute.
Kgabagare, go mo atamela ka boitumelo le go dira metlaenyana go ka dira mo gogolo mo boikutlong jwa molekane wa gago. Monna mongwe o ne a raya mosadi wa gagwe a re a tseye sengwe le sengwe se a se batlang a tsamaye, a se ka a tlhola a boa gape. “Ga ke batle ngwana wa me, kana madi, kana dilo tse di bonalang tseno,” mosadi o ne a araba jalo. A bo a ala furoshiki (letsela le le dirisiwang kwa Japane go phuthela dilwana le go rwala dilwana) a bo a re: “Ga go na sepe se se botlhokwa mo go nna go feta wena. Tsena mo teng ga furoshiki! Ke batla go tsamaya ka wena.” Monna yoo o ne a emisa go ganetsa, a simolola go ithuta Bibela, mme jaanong o direla jaaka mogolwane.
Fa o kgomarela boammaaruri, o boloka puisano e ntse e le gone, o nna tsala e e itumedisang, o itshola ka mokgwa o montle, o ka kgona go thusa molekane wa gago gore a dumele. “Le eleng lefa go sa lebege gore molekane wa gago o fetoga go nna modumedi,” go bua mongwe yo a kileng a bo a ganetsa, “pelo ya gagwe e ka nna ya tswa e fetoga.” Ka jalo se lese. Tsaya kgakololo eno e moaposetoloi Paulo a e nayang botlhe ba balekane ba bone ba sa dumeleng: “Mosadi, u itse yañ ha e tla re goñwe u se ketla u boloka monna oa gago? le wèna monna, u itse yañ ha e tla re goñwe u se ketla u boloka mosadi oa gago?”—1 Bakorintha 7:16.