LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/1 ts. 8-9
  • Kgothatso E Nngwe Gape ya Fa A Tsamaya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgothatso E Nngwe Gape ya Fa A Tsamaya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgothatso E A E Fang Baaposetoloi Ba Gagwe Fa A Tsamaya
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Kgothatso ya Fa A Tsamaya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jesu ke Tsela le Boammaaruri le Botshelo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Kgothatso E Nngwe Gape ya Fa A Tsamaya

JESU le baaposetoloi ba ipaakanyeditse go tswa mo kamoreng e e kwa godimo. “Dilō tse ke di buile le lona gore lo se ka loa kgopisiwa ke batho,” o tswelela jalo. Morago o ba naya tlhagiso e e masisi eno: “Ba tla lo kgaola mo matluñ a thutō: E, motlha oè tla, o moñwe le moñwe eo o lo bolaeañ ka ōna, o tla gopola, go re, o dihèla Modimo.”

Tlhagiso eno e lebega e tshwentse baaposetoloi thata. Lemororo Jesu pelenyana a ne a rile lefatshe le tla ba ila, ga a ka a re ba ne ba tla bolawa. “Dilō tse ga kea ka ka di bua le lona mo tshimologoñ,” Jesu o a tlhalosa, “ka go bo ke ne ke na le lona.” Lefa go le jalo, abo go le molemo jang ne gore a ba neele tshedimosetso eno go sa le gale pele a tsamaya!

“Me yanoñ,” Jesu o a tswelela, “ke ea kwa go èna eo o nthomileñ; me ga go opè oa lona eo o mpotsañ, go re, U ea kae?” Pelenyana mo bosigong joo, ba ne ba kile ba mmotsa gore o ya kae, mme jaanong ba tshwenyegile tota ka seo a sa tswang go se ba bolelela mo ba palelwang ke go mmotsa gape kaga seno. Jaaka Jesu a re: “Bohutsana bo tletse ka dipelo tsa lona, ka go bo ke lo boleletse dilō tse.” Baaposetoloi ba hutsafetse eseng fela ka gonne ba utlwile gore ba tlile go bogisiwa botlhoko le go bolawa mme ka gonne Mong wa bone o a ba tlogela.

Ka jalo Jesu o tlhalosa jaana: “Go ka nna molemō kaga lona ha ke tsamaea: gonne ha ke sa tsamaee, Mogomotsi ga a ketla a tla mo go lona; me ha ke tsamaea, ke tla mo roma mo go lona.” Jesu ga a kake a nna mo mafelong a mabedi ka nako e le nngwe, mme fa a le kwa legodimong, a ka kgona go romelela balatedi ba gagwe mothusi, eleng moya o o boitshepo wa Modimo gongwe le gongwe koo ba ka tswang ba le gone mo lefatsheng. Ka gone ba tla solegelwa molemo fa Jesu a sena go tsamaya.

Jesu o bolela gore moya o o boitshepo o tla “senolèla lehatshe molato kaga boleo, le kaga tshiamō, le kaga katlholō.” Boleo jwa lefatshe joo eleng go palelwa ga lone go dumela Morwa Modimo, bo tla senolwa. Mo godimo ga moo, bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu o siame bo tla bonala fa a tlhatlogela kwa go Rara. Kgosana ya lefatshe leno ebong Satane, mmogo le lefatshe le le boikepo la gagwe ba ile ba itshupa ka mo go tlhatswang pelo gore ba atlhotswe, fa ba ne ba palelwa ke go roba bothokgami jwa ga Jesu.

“Ke sa na le dilō di le dintsi go di bua le lona,” Jesu o a tswelela, “me ga lo kake loa di ichokèla gompiyeno.” Ka gone Jesu o ba solofetsa gore fa a ba tshololela moya o o boitshepo oo eleng maatla a a tlhaga a Modimo, one o tla ba kaela gore ba tlhaloganye dilo tse go ya kafa ba kgonang go di tshwara ka gone.

Baaposetoloi segolobogolo ba palelwa go tlhaloganya gore Jesu o tla swa a bo a itlhagisa mo go bone gape fa a sena go tsosiwa mo baswing. Ka jalo ba botsana ba re: “Mo o go buañ le rona ke go reñ, a re, E tla re ka lobakanyana, lo bo lo sa mpone; me gapè, ka lobakanyana, me lo tla mpōna: gapè, a re, Ka go bo ke ea kwa go Rara?”

Jesu o lemoga gore ba batla go mmotsa dipotso, ka jalo o tlhalosa jaana: “Amarure, amarure, Kea lo raea, lona lo tla lela, lo hutsahala, me lehatshe le tla itumèla: lo tla nna le bohutsana, me bohutsana yoa lona bo tla hetoga boitumèlō.” Mo thapameng ya letsatsi le le latelang, fa Jesu a bolawa, baeteledipele ba lefatshe ba bodumedi baa itumela, mme barutwa ba hutsafetse. Lefa go ntse jalo, bohutsana jwa bone bo fetoga boitumelo fa Jesu a tsoga mo baswing! Mme ba tswelela ba ntse ba itumetse fa a ba naya maatla a go nna basupi ba gagwe ka go ba tshololela moya o o boitshepo wa Modimo ka Pentekosete!

Fa a bapisa boemo jwa baaposetoloi le jwa mosadi fa a le mo ditlhabing tsa pelegi, Jesu o bua jaana: “Mosadi o na le bohutsana a le mo go belegeñ, ka go bo lobaka loa gagwè lo tsile.” Mme fela jaaka a lebala pitlagano ya gagwe fa a setse a tshotse ngwana, Jesu o tlhokomedisa jaana: “Ke gōna le lona lo na le bohutsana gompiyeno: me ke tla ba ke lo bōna [fa ke sena go tsosiwa], me dipelo tsa lona di tla itumèla, me ga go opè eo o tla lo tlosetsañ boitumèlō yoa lona.”

Go fitlha ka nako eno, baaposetoloi ga ba ise ba kope sepe ka leina la ga Jesu. Mme jaanong a re: “Ha lo lōpa Rara señwe, o tla se lo naea ka leina ya me. . . . Gonne Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse ha ke cwa kwa go Rara. Ka cwa kwa go Rara, me ke tsile mo lehatshiñ: gapè, ke tlogèla lehatshe, me ke ea kwa go Rara.”

Mafoko a ga Jesu a kgothatsa baaposetoloi tota. “Rea dumèla ka mo ha u nu u cwa Modimoñ,” ba bua jalo.

“A gompiyeno loa dumèla?” Jesu o a botsa. “Bōnañ, lobaka loè tla, E, lo setse lo hitlhile, lo lo tla haladiwañ ka lōna, moñwe le moñwe a ea ga gabō, me lo ntlogèla ke le nosi.” Lemororo seno se lebega se ka se nne jalo, se direga pele bosigo bo sa!

“Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna,” Jesu o a konela. “Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.” Jesu o fentse lefatshe ka go diragatsa go rata ga Modimo ka boikanyegi go sa kgathalesege sengwe le sengwe seo Satane le lefatshe la gagwe ba neng ba se dira go leka go roba bothokgami jwa ga Jesu. Yohane 16:1-33; 13:36.

▪ Jesu o tlhagisa baaposetoloi ka eng se se ba kgoberang?

▪ Ke ka ntlhayang fa baaposetoloi ba ne ba palelwa ke go botsa Jesu kaga lefelo le a neng a ya kwa go lone?

▪ Baaposetoloi ba palelwa ke go tlhaloganya eng segolobogolo?

▪ Jesu o dira setshwantsho sefe go supa gore boemo jwa baaposetoloi bo tla fetoga go tswa go jwa bohutsana bo nna jwa boitumelo?

▪ Jesu a re baaposetoloi ba tla tloga ba dira eng?

▪ Jesu o fenya lefatshe jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela