Go Diragetseng Ka Botho jwa Motho jwa Tlholego?
“Ke ka ntlha yang fa batho ba le setlhogo jaana mo maseeng mo motlheng ono? Ke ka ntlha yang fa batho ba le setlhogo jaana mo diphologolong? Ke ka ntlha yang fa go na le thubakanyo jaana? . . . Ke ka ntlha yang fa batho ba nna dirukhutli jaana? . . . Ke ka ntlha yang fa batho ba dirisa diokobatsi jaana? Ke ka ntlha yang fa batho bangwe fa ba sena go bona sengwe le sengwe, ba dira dilo dingwe tse di feteletseng tseo di koafatsang tlhabologo jaana?”
DIPOTSO tseo di ne tsa bodiwa ke tonakgolo ya Boritane. Gongwe o ka tswa o ile wa botsa dipotso tse di tshwanang ka makgetlo a le mantsi. A o bone dikarabo dipe fela tse di kgotsofatsang?
Fa a ne a dira gore dipotso tsa gagwe di utlwale sentle, tonakgolo eo ya Boritane e ne ya re: “Mo dingwageng tse dintsi tsa fa ke ne ke le mosha ke le mo dipolotiking, dilo tsotlhe tseo ke neng ke di solofetse le tse ke neng ke di eletsa le tseo ke neng ke di gwalalela, mo go nna le mo balekaneng ba me go ne go lebega ekete fa re ka fitlha mo motlheng wa fa re tla bo re na le matlo a a siameng, re rutegile sentle, re tshela sentle fela ka mo go lekaneng, he, sengwe le sengwe se tla bo se siame mme re tshwanetse go nna le isagwe e e siameng le e e motlhofo tota. Jaanong re a itse gore ga go a nna jalo. Re lebane le mathata a botho jwa motho jwa tlholego.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Mokgwa wa motho wa tlholego o ka tlhalosiwa jaaka “maikutlo a a raraaneng tota a a tseneletseng a batho ka botshelo le mekgwa ya bone.” Ka mo go phepafetseng, maikutlo le mekgwa e e sa tshwaneng di ka dira mathata a botho, a bomorafe, le eleng mo merafeng yotlhe. Mme tota botho jwa motho jwa tlholego bo na le seabe se se kana kang mo go goleng go go tshosang gompieno ga thubakanyo, borukhutli, go rekisiwa ga diokobatsi, le tse dingwe tse di tshwanang?
A botho jwa motho jwa tlholego ke jone fela bo le josi jo bo bakang maemo ano ao a tshosetsang “go koafatsa tlhabologo yotlhe”? Kana a go na le mabaka a mangwe a re tshwanetseng go a akanyetsa go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa batho ba gogelwa motlhofo jaana mo ditirong tse di makgapha, tsa bogagapa, fa mo boemong jwa moo ba ne ba ka bo ba eletsa go bona dilo tsa maemo a a kwa godimo tse di siameng? A re boneng.