Lorato Lwa Boammaaruri Lo A Duela
“Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ.”—BAHEBERA 6:10.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa lorato lwa boammaaruri lo ka re duela rona ka borona?
LORATO lo lo senang bogagapa ke nonofo e kgolo go gaisa, e e kwa godimo, e e tlhwatlhwakgolo thata e re ka e bontshang. Lorato lono, (ka Segerika, a·gaʹpe) ka metlha lo batla go le gontsi mo go rona. Mme re fitlhela lorato lo lo senang bogagapa eleruri lo duela ka gonne re bopilwe ke Modimo wa tshiamo le lorato. Ke ka ntlha yang fa seno se ntse jalo?
2 Lengwe la mabaka a go bo lorato lwa boammaaruri lo duela lo kopanyeletsa molaomotheo wa seo kgopolo le maikutlo di ka se dirang mo mebeleng ya rona. Buka nngwe e e malebana le go tlalelwa e ne ya bua jaana: “‘Rata moagelani wa gago’ ke nngwe ya dikgakololo tse di botlhale thata tsa kalafi tse di kileng tsa bolelwa.” Ee, “motho eo o boutlwèlō botlhoko o itihèla mōea oa gagwè molemō.” (Diane 11:17) Mafoko ano le one a botlhokwa ka mo go tshwanang: “Motho eo o hañ ka pelontle o tla nontshiwa: le eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.”—Diane 11:25; bapisa Luke 6:38.
3. Modimo o dira jang gore lorato lwa boammaaruri lo duele?
3 Lorato gape lo a duela ka gonne Modimo o duela yo o seng bogagapa. Re bala jaana: “Eo o tlhomogèlañ bahumanegi pelo o adima Yehofa, me [Modimo] o tla ba a mo duèlèla tihō ea gagwè e e molemō.” (Diane 19:17) Basupi ba ga Jehofa ba dira tumalanong le mafoko ano fa ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ba itse gore ‘Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya bone le go rata leina la one mo ba go bonweng.’—Bahebera 6:10.
Sekao sa Rona Se Se Molemo go Gaisa
4. Ke mang yo o re nayang sekao se se molemo go gaisa sa gore lorato lwa boammaaruri lo a duela, mme o ile a dira seno jang?
4 Ke mang yo o re nayang sekao se se molemo go gaisa sa gore lorato lwa boammaaruri lo a duela? Seno re se newa ke mang fa e se Modimo ka boone! O “ratile lehatshe [la batho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi.” (Yohane 3:16) Go ntsha Morwawe gore bao ba amogelang setlhabelo sa thekololo ba bone botshelo eleruri go tshwanetse ga bo go ne ga dira gore Jehofa a duele tota, mme seo se ne sa supa ka phepafalo fela gore o lorato ebile o a amega. Seno se bontshiwa gape ke ntlha ya gore ‘mo dipogisong tsotlhe tsa Baiseraele kwa Egepeto le ene o ne a bogisiwa.’ (Isaia 63:9) Abo go tshwanetse ga bo go ne go le botlhoko jang ne mo go Jehofa go bona Morwawe a boga mo koteng ya pogisetso le fa a ne a mo utlwa a tlhaeletsa jaana: “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?”—Mathaio 27:46.
5. Go ile ga diragala eng ka ntlha ya fa Modimo o ne wa rata batho thata mo o neng wa ntsha Morwa wa one setlhabelo?
5 A Jehofa o ne a bona go supa lorato lwa gagwe lwa boammaaruri go duela? Eleruri o tshwanetse. Abo Modimo o ne a kgona go araba Diabolo ka tsela e e tlhomologileng jang ne gonne Jesu a ne a itshupa a ikanyega go sa kgathalesege sepe fela seo Satane a neng a ka se dira mo go ene! (Diane 27:11) Ebile tota, dilo tsotlhe tseo Bogosi jwa Modimo bo tla di fitlhelelang ka go tlosa kgobo e e mo leineng la ga Jehofa, go tsosolosa Paradaise mo lefatsheng leno, go naya dimilionemilione botshelo jo bosakhutleng di tla diragala gonne Modimo o ratile batho mo go kalokalo mo a neng a ntsha khumo e a e ratang thata ya pelo ya gagwe setlhabelo.
Sekao Se Se Molemo sa ga Jesu
6. Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu go dira eng?
6 Sekao se sengwe se se molemo seo se supang gore lorato lwa boammaaruri lo a duela ke sa Morwa Modimo, Jesu Keresete. O rata Rraagwe wa selegodimo, mme lorato loo lo ile lwa tlhotlheletsa Jesu go dira thato ya ga Jehofa go sa kgathalesege gore go ne go ka diragala eng. (Yohane 14:31; Bafilipi 2:5-8) Jesu o ne a tswelela go supa fa a rata Modimo le eleng lefa ka dinako dingwe go ne go raya gore a rapele Rraagwe ka “selelō se se tona le dikeledi.”—Bahebera 5:7.
7. Jesu o ne a fitlhela lorato lwa boammaaruri lo duela ka ditsela dife?
7 A Jesu o ne a duelelwa lorato lo lo ntseng jalo lwa go intsha setlhabelo? Eleruri go ne ga nna jalo! Akanya kafa a neng a itumela ka gone ka dilo tsotlhe tse di molemo tseo a neng a di dira mo bodiheding jwa gagwe jwa dingwaga tse tharo le sephatlo. Abo a ne a thusa batho thata jang ne mo semoyeng le mo nameng! Mo godimo ga moo, Jesu o ne kgona go supa Diabolo e le moaki, ka go mmontsha gore motho yo o itekanetseng a ka kgona go boloka bothokgami mo Modimong ka botlalo go sa kgathalesege seo Satane a ka se mo leretseng. Mo godimo ga moo, jaaka motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, Jesu o ne a amogela tuelo e kgolo ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong fa a sena go tsosiwa mo baswing. (Baroma 6:9; Bafilipi 2:9-11; 1 Timotheo 6:15, 16; Bahebera 1:3, 4) Mme abo a emetswe ke ditshiamelo tse di molemolemo jang ne ka Hara-Magedona le mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete, fa Paradaise ya lefatshe e tla bo e tsosolositswe mme diketekete tse di dimilione di tla bo di tsosiwa mo baswing! (Luke 23:43) Ga go na pelaelo ya gore Jesu o ne a fitlhela lorato lwa boammaaruri lo duela.
Sekao sa ga Paulo
8. Paulo o ne a diragalelwa ke eng ka ntlha ya lorato lwa gagwe lwa boammaaruri mo Modimong le mo bathong ba bangwe?
8 Moaposetoloi Petere o ile a botsa Jesu jaana: “Bōna, rona re tlogetse gotlhe, me re gu setse moragō; me ka re, rona rea bo re tla bōna eñ?” Jesu o ne a araba jaana ka bokhutshwane: “Moñwe le moñwe eo o tlogetseñ matlo, leha e le bomorwa rragwè, leha e le bokgantsadiè, leha e le rragwè, lèha e le mmagwè, (leha e le mosadi,) leha e le bana, leha e le masimo, ka ntlha ea leina ya me, o tla amogèla ga lekgolo, me o tla rua botshelō yo bo sa khutleñ.” (Mathaio 19:27-29) Re bona sekao se se tlhomologileng thata sa seno mo go moaposetoloi Paulo, yoo a neng a itumelela masego a mantsi, jaaka a a kwadilweng ke Luke mo bukeng ya Ditihō. Go rata Modimo le batho ka boammaaruri go ne ga dira Paulo gore a tlogele tiro ya gagwe jaaka Mofarisai yo o tlotlegang. Akanya gape ka seo Paulo a neng a se itshokela ka go itewa, a batla a swa, dikotsi, le dilo tse a neng a di tlhoka—tsotlhe tseno e le ka gonne a rata Modimo le tirelo ya Gagwe e e boitshepo ka boammaaruri.—2 Bakorintha 11:23-27.
9. Paulo o ne a duelwa jang ka go supa lorato lwa boammaaruri?
9 A Jehofa o ne a duela Paulo ka go nna sekao se se molemo jalo mo go bontsheng lorato lwa boammaaruri? Ee, akanya kafa bodihedi jwa ga Paulo bo neng bo ungwa maungo ka gone. O ne a kgona go tlhoma diphuthego tsa Bokeresete ka go latelana ga tsone. Mme abo Modimo o ne wa mo naya maatla a go dira dikgakgamatso jang ne! (Ditihō 19:11, 12) Paulo gape o ne a bona tshiamelo ya go bona diponatshegelo tsa semoya le go kwala makwalo a le 14 ao jaanong e leng karolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Sa botlhokwa mo go tseo tsotlhe, o ne a newa tuelo ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:53, 54; 2 Bakorintha 12:1-7; 2 Timotheo 4:7, 8) Eleruri Paulo o ne a fitlhela gore Modimo o duela lorato lwa boammaaruri tota.
Lorato lwa Boammaaruri Lo A Duelwa le mo Motlheng wa Rona
10. Go ka batla eng go nna morutwa wa ga Jesu le go bontsha lorato lwa rona mo go Jehofa?
10 Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ka go tshwana ba ile ba fitlhela lorato lwa boammaaruri lo duela. Go supa lorato lwa rona mo go Jehofa ka go ema mo letlhakoreng la gagwe le go nna barutwa ba ga Jesu go ka dira gore re latlhegelwe ke matshelo a rona jaaka babolokabothokgami. (Bapisa Tshenolō 2:10.) Ke gone ka moo Jesu a neng a bolela gore re tshwanetse go bala ditshenyegelo. Mme ga re dire seo go leka go bona gore a go nna morutwa go a duela. Go na le moo, re dira jalo go ipaakanyetsa go duela sepe seo go nna morutwa go ka se batlang mo go rona.—Luke 14:28.
11. Ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba palelwa go ineela mo Modimong?
11 Gompieno, ba le bantsi—ga go belaetse gore ke ba le dimilione—ba dumela molaetsa o Basupi ba ga Jehofa ba o lereng kwa go bone o tswa mo Lefokong la Modimo. Mme ba a ikgogona gore ba ineele mo Modimong le go kolobediwa. A seno se dirwa ke go tlhoka lorato lwa boammaaruri mo Modimong leo ba bangwe ba nang le lone? Ba le bantsi ba palelwa ke go tsaya dikgato tsa go ineela le go kolobedwia ka gonne ba batla gore balekane ba bone ba ba sa dumeleng ba nne ba ba amogele. Ba bangwe ga ba atamele Modimo gonne ba na le boikutlo jwa monna mongwe wa kgwebo yo a neng a raya Mosupi mongwe a re: “Ke rata boleo.” Go phepafetse sentle gore batho ba ba ntseng jalo ga ba anaanele dilo tsotlhe tseo Modimo le Keresete ba di ba diretseng.
12. Lokwalopaka lono lo ne lwa bolela eng seo se otlelelang kafa kitso e e re atamalanyang le Modimo ka lorato lwa boammaaruri e duelang ka gone?
12 Fa re anaanela se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se re diretseng tota, re tla supa seo ka go iketleetsa go duela se se batliwang ke Rraarona wa selegodimo le se se batlegang go nna bangwe ba barutwa ba ga Jesu. Batho ba le bantsi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo—borakgwebo ba ba atlegang tota, batho ba ba itsegeng thata ba metshameko, le ba bangwe—ba ile ba tlogela ditiro tsa bone mme ba tsena mo bodiheding jwa Bokeresete, jaaka moaposetoloi Paulo, fela ka gonne ba ne ba rata Modimo ka boammaaruri. Mme ga ba batle tuelo epe mo boemong jwa seo go itse Modimo le go mo direla go duelang ka sone. The Watch Tower e kile ya bua jaana mabapi le kgang eno: “Re kile ra botsa jaana ka dinako dingwe, Ke bakaulengwe ba bakae bao ba neng ba ka tsaya didolara di le sekete mo boemong jwa seo ba se itseng ka Boammaaruri? Ga go letsogo lepe le le neng la bonwa! Ke bomang bao ba neng ba ka tsaya didolara di le dikete di le lesome? Ope! Ke mang yo o ka tsayang didolara di le milione? Ke mang yo o ka tsayang lefatshe lotlhe mo boemong jwa seo a se itseng ka Modimo le Thulaganyo ya Bomodimo? Ga go ope! Morago re ne ra re, ditsala tsa rona tse di rategang, ga lo setlhopha se se sa kgotsofaleng. Fa lo ikutlwa lo humile mo lo ka se kang lwa tsaya sepe mo boemong jwa kitso ya lona ka Modimo, he lo ikutlwa fela lo humile jaaka rona.” (December 15, 1914, tsebe 377) Ee, kitso e e tlhomameng ka Modimo le boikaelelo jwa gagwe e re atamalanya le ene ka lorato lwa boammaaruri lo lo duelang eleruri.
13. Re tshwanetse go leba thuto ya botho jang?
13 Fa re rata Modimo, re tla lwela go mo itse le go dira go rata ga gagwe. (1 Yohane 5:3) Re tla leba thuto ya ka namana, thapelo, le go ya dipokanong tsa Bokeresete di le masisi. Tsotlhe tseno di batla go intsha setlhabelo, ka go bo ditiro tseno di kopanyeletsa go senyegelwa ke nako, maatla le dilo tse dingwe. Re ka nna ra tshwanela go tlhopha fa gare ga go leba thulaganyo ya thelebishene le go ithuta Bibela ka namana. Mme abo re nonofa jang ne mo semoyeng, abo re kgona go neela ba bangwe bosupi botoka jang ne, mme abo gape re kgona go bona molemo o mogolwane kwa dipokanong tsa Bokeresete jang ne fa re tsaya go ithuta ka bomasisi le fa re di beela nako e e di lekaneng fa thoko!—Pesalema 1:1-3.
14. Thapelo le kamano e e molemo le Jehofa Modimo di molemo jang?
14 A re itumelela go bua le Rraarona wa selegodimo ka ‘go nnela ruri mo thapelong’? (Baroma 12:12) Kana a gantsi re a bo re tshwaregile thata gore re ka dira tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo eno sentle? ‘Go rapela ka go bisa go khutla’ ke yone tsela e e molemo ya go nonotsha kamano ya rona le Jehofa Modimo. (1 Bathesalonia 5:17) Mme ga go sepe se se ka re thusang fa re lebagane le diteko jaaka go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Ke eng seo se neng sa thusa Josefa go gana fa a ne a lekwa ke mosadi wa ga Potifaro? Mme ke ka ntlha yang fa Daniele a ne a se ka a tlogela go rapela fa molao wa Bameda le Baperesia o ne o mo thibela go rapela Jehofa. (Genesise 39:7-16; Daniele 6:4-11) Banna bao ba ne ba thusiwa ke kamano ya bone e e molemo le Modimo gore ba fenye, fela jaaka le rona e tla re thusa go dira jalo!
15. Re tshwanetse go leba dipokano tsa Bokeresete jang, mme ka ntlha yang?
15 Tota, re tsaya go ya kwa dipokanong tse tlhano tsa beke le beke masisi go le kana kang? A re letla letsapa, fa re sa ikutlwe sentle go le gonnye fela, kana fa maemo a loapi a sa siama sentle go kgoreletsa tshwanelo ya rona ya go kopana le badumedi ka rona? (Bahebera 10:24, 25) Motho mongwe yo a neng a baakanya metšhine kwa Amerika o ne a bona gore tiro ya gagwe e e neng e mo duela sentle e ne e tlhola e mo kgoreletsa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka jalo o ne a senka tiro e nngwe, e a neng a bona madi a a kwa tlase gore a kgone go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego ka metlha. Dipokano tsa rona di dira gore re kgone go tlhotlheletsana le go kgothatsana mo tumelong. (Baroma 1:11, 12) Mo dilong tsotlhe tseno, a ga re fitlhele gore “eo o yalañ ka bogolo [o] rōba ga bogolo”? (2 Bakorintha 9:6) Ee, go supa lorato lwa boammaaruri ka ditsela tse di ntseng jalo go a duela tota.
Lorato lwa Boammaaruri le Bodihedi jwa Rona
16. Go ka felela ka eng fa lorato lo re tlhotlheletsa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo?
16 Lorato lo re tlhotlheletsa gore re rere mafoko a a molemo jaaka batho ba ga Jehofa. Ka sekai, lo re tlhotlheletsa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Re ka nna ra etsaetsega go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo, mme lorato lo tla re pateletsa go bua. Eleruri, lorato lo tla re dira gore re akanye ditsela tse dingwe tse di botlhale tsa go simolola puisano le go bua ka Bogosi. Go tshwantsha: Mogolwane mongwe wa Mokeresete mo sefofaneng o ne a iphitlhela a ntse fa thoko ga moruti wa Roma Katoliki. La ntlha, mogolwane o ne a botsa moruti yono dipotso tse di ka se kang tsa mo galefisa. Lefa go ntse jalo, fa moruti a fologa mo sefofaneng o ne a kgatlhega tota a bo a tsaya dibuka tse pedi tsa rona. Abo go neela bosupi ka tsela e eseng ya ka tlwaelo go ne ga felela ka molemo jang ne!
17, 18. Lorato lo tla re tlhotlheletsa go dira eng mabapi le bodihedi jwa Bokeresete?
17 Lorato lwa boammaaruri gape lo re dira gore re nne le seabe ka metlha mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo le mo dikarolong tse dingwe tsa bodihedi jwa Bokeresete. Tsela eo re kgonang go bua le ba bangwe ka Bibela ka yone e tla tlisa tlotlo mo go Jehofa Modimo le go thusa batho ba sekadinku go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bosakhutleng. (Bapisa Mathaio 7:13, 14.) Le eleng lefa re sa kgone go bua le ba bangwe ka Bibela, maiteko a rona ga a kake a nna a lefela. Go ya ga rona fela kwa matlong a batho go neela bosupi, mme le rona re solegelwa molemo ke bodihedi, ka gonne tumelo ya rona e a nonofa fa re ntse re bua boammaaruri jwa Bibela. Ka boammaaruri go tlhoka boikokobetso go tsamaya ka ntlo le ntlo, ‘re dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo ao re a abelang ba bangwe.’ (1 Bakorintha 9:19-23) Re dira maiteko ka boikokobetso gonne re rata Modimo le batho mme re duelwa ka masego a mantsi.—Diane 10:22.
18 Batlhanka ba ga Jehofa gape ba tlhotlhelediwa ke lorato lwa boammaaruri go ela tlhoko go boela gape mo bathong bao ba kgatlhegelang boammaaruri jwa Bibela. Go tshwara dithuto tsa Bibela beke le beke le kgwedi nngwe le nngwe go supa go rata Modimo le moagelani gonne fa o dira tiro eno o senyegelwa ke nako, maatla, le dilo tse dingwe tse di bonalang. (Mareko 12:28-31) Lefa go le jalo, fa re bona mongwe wa baithuti bano ba Bibela a kolobediwa gongwe le eleng fa a nna modihedi wa nako e e tletseng, a ga re tlhatswege pelo gore lorato lwa boammaaruri lo a duela?—Bapisa 2 Bakorintha 3:1-3.
19. Ke kamano efe e e leng gone fa gare ga lorato le tirelo ya nako e e tletseng?
19 Lorato lo lo senang bogagapa lo re tlhotlheletsa gore re tlogele dilo tse di bonalang tseo re ka di itumelelang mme re tsenelele tirelo ya nako e e tletseng fa re kgona go nna le seabe mo tirong e e ntseng jalo. Dikete tse di dikete tsa Basupi di ka ntsha bosupi jwa gore go supa lorato ka tsela e e ntseng jalo go ile ga duela tota. Fa maemo a go letla gore o nne le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng mme o sa dire jalo, tota ga o itse masego a a go fetang.—Bapisa Mareko 10:29, 30.
Go Duelwa Ka Ditsela Tse Dingwe
20. Lorato lo re thusa jang go nna ba ba itshwarelang?
20 Tsela e nngwe eo lorato lwa boammaaruri lo duelang ka yone ke gore lo re thusa go itshwarela. Ee, lorato “ga lo ko lo akanya boshula.” Ebile tota, “loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Bakorintha 13:5; 1 Petere 4:8) A ga go a nna jalo gore “bontsi” bo raya maleo a mantsi? Mme abo go duela jang ne go nna yo o itshwarelang! Fa o itshwarela, seno se dira gore wena le motho yo o go leofetseng lo ikutlwe sentle. Mme se se botlhokwa le go feta ke gore fa re ise re itshwarele bao ba re leofelang, ga re kake ra lebelela gore Jehofa a re itshwarele.—Mathaio 6:12; 18:23-35.
21. Lorato lwa boammaaruri lo re thusa jang go nna boikokobetso?
21 Mo godimo ga moo, lorato lwa boammaaruri lo a duela ka gore lo re thusa gore re nne boikokobetso. Fa re rata Jehofa, re tla ikoba kafa tlase ga letsogo la gagwe le le maatla. (1 Petere 5:6) Fa re mo rata gape re tla tlhotlheletsega go ikobela sedirisiwa sa gagwe se a se tlhophileng, ebong “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Seno se akaretsa go ikobela bao ba eteletseng pele mo phuthegong. Seno se a duela ka gonne go palelwa ke go dira seo go tla “bo go sena thushō” mo go rona. (Mathaio 24:45-47; Bahebera 13:17) Ka boammaaruri, molaomotheo ono wa go ikoba o dira gape le mo lelapeng. Botshelo jo bo ntseng jalo bo a duela gonne bo dira gore go nne le boitumelo, kagiso, le kutlwano mo lelapeng mme gape re ntse re kgotsofala ka re itse gore re itumedisa Modimo.—Baefesia 5:22; 6:1-3.
22. Re ka nna batho ba ba itumetseng tota jang?
22 Ka phepafalo he, nonofo e kgolo e re ka e tlhagolelang ke a·gaʹpe, mofuta wa lorato lo lo seng bogagapa le lo lo laolwang ke melaometheo. Mme ga go na pelaelo gore lorato lwa boammaaruri lo a duela. Ka gone, re tla itumela eleruri fa re ka tlhagolela nonofo eno le go e bontsha ka selekanyo se segolwane go feta go galaletsa Modimo wa rona o o lorato, ebong Jehofa.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Jehofa o ne a supa lorato lwa boammaaruri ka ditsela dife?
◻ Jesu Keresete o ne a bontsha lorato jang?
◻ Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao sefe sa go bontsha lorato lwa boammaaruri?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba supa lorato jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa o ka re lorato lwa boammaaruri lo a duela?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Lorato lwa ga Jehofa mo bathong lo ne lwa mo tlhotlheletsa go ntsha Morwawe gore re bone botshelo jo bosakhutleng. A o anaanela lorato lo lo ntseng jalo lwa boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Lorato lwa boammaaruri mo go Jehofa lo tla re tlhotlheletsa gore re ‘rapele ka go bisa go khutla’