Nang lo Tletse Boitumelo
“Me barutwa ba tlala boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō.”—Ditihō 13:52.
1. (a) Boitumelo ke loungo lwa mofuta ofe? (b) Modimo o tshwanetse go galalediwa ka ntlha ya paakanyetso efe e e lereng boitumelo?
BOITUMELO! Nonofo eno ya Bokeresete e kwadilwe e le ya bobedi fa morago ga lorato koo Paulo a tlhalosang maungo a moya gone. (Bagalatia 5:22-25) Mme boitumelo joo bo leriwa ke eng? Ke mafoko a a molemo ano ao moengele wa Modimo a neng a a itsise badisa ba ba kwa tlase bao dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng jaana: “Bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” Morago masomosomo a baengele a ne a tlhagelela mme a kopanela le moengele mo go bakeng Modimo ka boitumelo ba bolela jaana: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 2:10-14.
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Modimo o romele Morwa wa one wa leitibolo go tla go nna Mogolodi wa batho? (b) Jesu o ne a diragatsa boikaelelo jwa Modimo fa a santse a le mo lefatsheng ka ditsela dife?
2 Jehofa o ne a supa bopelonomi jwa gagwe mo bathong ka go rulaganya gore ba bone poloko ka Keresete Morena. Morwa yono wa leitibolo wa Modimo o supa botlhale jwa boammaaruri mme go bolelwa a ne a bolela kaga Rraagwe jaana ka nako ya popo: “Hoñ ke ne ke le ha go èna, yaka motho eo e leñ tlhōgō ea tihō: ke ne ke le natehèlō ea gagwè ka malatsi aotlhe, ke nntse ke itumèla ka metlha eotlhe ha pele ga gagwè; Ka itumèlèla lehatshe ya gagwè ye le nnwañ; natehèlō ea me le eōna e ne e le mo baneñ ba batho.”—Diane 8:30, 31.
3 Ka gone, go ne go tshwanela go bo Jehofa a ne a roma Morwawe, yoo a neng a kgatlhegela batho gore e nne ene Mogolodi wa batho. Mme seno se ne se tla galaletsa Modimo ka selekanyo se se kana kang? Se ne se tla mmulela tsela ya go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe jo bogolo jwa go tlatsa lefatshe ka batho ba ba siameng le ba ba ratang kagiso. (Genesise 1:28) Mo godimo ga moo, fa a santse a le mo lefatsheng, Morwa yono ebong Jesu, o ne a tla lekwa tota mme o ne a tla supa gore motho yo o itekanetseng a ka tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa jaaka Morena le Molaodi ka boikanyegi, ka gone a tshegetsa ka botlalo gore Rraagwe o tshwanela tota go busa popo ya Gagwe. (Bahebera 4:15; 5:8, 9) Jesu o ne a tlogelela Bakeresete botlhe ba boammaaruri sekao sa gore ba tsamaye mo dikgatong tsa gagwe ka tsela eo a neng a boloka bothokgami ka yone.—1 Petere 2:21.
4. Jesu o ne a bona boitumelo bofe jo bogolo kwa bokhutlong gonne a ne a itshoka, mme seno se tshwanetse go re kgothatsa jang?
4 Jesu o ne a itumela fela thata fa a ne a dira seo Rraagwe a se ratang, mme o ne a ka lebelela go itumela ka mo go oketsegileng jaaka moaposetoloi Paulo a bontsha mo go Bahebera 12:1, 2 jaana: “A re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi.” Boitumelo jono ke bofe? Ke boitumelo joo Jesu a nang najo, eseng fela jwa go itshekisa leina la ga Rraagwe le go golola batho mo losong mme gape ke jwa go busa jaaka Kgosi le Moperesiti yo Mogolo jaaka a dira gore batho ba ba tshegetsang ditaolo ba bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Mathaio 6:9; 20:28; Bahebera 7:23-26.
5. “Bakauleñwe” ba ga Jesu ke bomang, mme ba ipelela boitumelo bofe jo bo sa tshwaneng le bope le ene?
5 Ee, Morwa Modimo ga a bolo go nna a itumelela go direla batho. Mme o ile a itumelela gape go dira le Rraagwe mo go tlhopheng setlhopha sa batho ba ba bolokang bothokgami bao a ba bitsang “bakauleñwe” bao ba tsosediwang kwa legodimong fa ba swa. Bano ba itumela le Jesu ka boitumelo jo bo sa tshwaneng le bope. Ba bolelwa e le ba ba ‘sego le ba ba boitshepo,’ mme ba tla nna “baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Bahebera 2:11; Tshenolō 14:1, 4; 20:6.
6. (a) Kgosi e laletsa “dinku di sele” ka taletso efe ya boitumelo? (b) Bontsi jwa dinku tseno bo itumelela ditshiamelo dife gompieno?
6 Mo godimo ga moo, boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele,” joo Kgosi e e busang e bo tlhaolelang kafa letsogong la yone la moja jaaka batho ba a ba amogelang, ba lalediwa jaana: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” (Yohane 10:16; Mathaio 25:34) A tshiamelo e e itumedisang ruri! Mo go bano bao ba tlang go rua karolo ya lefatshe ya Bogosi, bontsi jwa bone bo thusana le batlodiwa mo go sikareng dikabelo tse di masisi, fela jaaka Jehofa a ne a bolelela pele jaana: “Me baeñ ba tla èma ba hudisa macomane a lona, ba dichaba ba tla nna balemi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine. Me lona lo tla bidiwa baperisiti ba ga Yehofa: batho ba tla lo bitsa badihedi ba Modimo oa rona.” Botlhe bano ba bolela jaana mmogo le moperofeti yono wa Modimo: “Ke tla itumèla thata mo go Yehofa, mōea oa me o tla ipela mo Modimoñ oa me, ka o nkapesitse diaparō tsa polokō.”—Isaia 61:5, 6, 10.
7. Ke ka ntlha yang fa “letsatsi” leno le le simolotseng ka 1914 le le botlhokwa jaana?
7 Jaanong re tshela mo motlheng o o kgethegileng tota. Motlha ono oo Keresete a busang jaaka Kgosi ya selegodimo mo go one o sale o simolola ka 1914 jaaka Pesalema 118:24, 25 e o tlhalosa jaana: “Ye, ke letsatsi ye Yehofa o le dihileñ: re tla itumèla, re ipela mo go yeōna. Boloka yanoñ, Yehofa, rea gu rapèla: Yehofa, rea gu rapèla, tlisa letlhōgōnōlō yanoñ.” Ke motlha o o tla fitlhang kwa setlhoeng sa one fa Jehofa a nyeletsa bodumedi jwa Sebabelona mme a kopanya monyadiwa wa ga Keresete wa bakaulengwe ba ba 144 000 le Kgosi ya bone ya selegodimo. Batho botlhe ba Modimo ba tla ‘itumelela le go ipelela seno thata.’ Ba tla itumela gape fa Kgosi ya Bomesia e lwa ka Hara-Magedona go golola morafe o o ikanyegang a o tsenya mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo. (Tshenolō 19:1-7, 11-16) A Jehofa o dira gore batho ba gagwe ba atlege fa ba ntse ba bolela ka tsholofelo e e itumedisang eno? Pego e e latelang e tla tlhalosa seno.
Koketsego mo Lefatsheng Lotlhe
8. (a) Boitumelo jo bo tlang ka moya o o boitshepo bo bonala jang mo pegong e e mo ditsebeng tsa 18 go ya go 21 tsa makasine ono? (b) Dintlhakgolo tse dingwe tsa pego eno ke dife?
8 Basupi ba motlha wa segompieno ba ga Jehofa ba ‘totafetse mo tsholofelong ka thata ya moya o o boitshepo.’ (Baroma 15:13) Seno se bontshiwa ke tšhate e e mo tsebeng ya 18 go fitlha ka ya bo 21 ya makasine ono, koo pego ya lefatshe lotlhe ya tirelo ya Bogosi ya 1990 e leng gone ka botlalo. Abo re itumela jang ne go bona tlhora e ntšha ya badihedi ba ba tlhaga ba ba mo tshimong ba le 4 017 213! Seno se supa koketsego ya 77 lekgolong mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, jaaka dinku di ntse di phuthiwa ka bofefo jo bogolo mo dinageng di le 212 go dikologa lefatshe. Morago ga dingwaga di le 15, dipalo tsa bao ba kolobediwang gape di fitlhelela tlhora eo e di fetang tsotlhe—ya ba le 301 518! Kwa dikopanong tse dingwe go ne ga kolobediwa batho ka dipalo tse di kwa godimo tota, segolobogolo tse di neng di ilwe ke Basupi ba ba neng ba tswa kwa Yuropa Botlhaba. Go ne go na le batho ba bantsi ba basha mo gare ga bano, bao ba neng ba ganetsa boiphako jwa bokomonisi jwa gore bodumedi bo ne bo tla swa le batho ba bagolo.
9. (a) Ke matswela afe a a itumedisang a a bonwang fa batsadi ba katisa bana ba santse ba le babotlana? (b) Ke maitemogelo afe a mo lefelong la lona kana a mangwe fela a a nayang bosupi jwa seno?
9 Bontsintsi jwa batho ba basha bo arabela pitso eno e e mo go Pesalema 32:11: “Itumeleñ mo go Yehofa, lo bo lo ipelè lona basiami: duduetsañ ka boitumèlō lona lotlhe ba lo leñ thōkgamō mo peduñ.” Batsadi ba bantsi ba lebega ba dirisa kgakololo ya go katisa bana ba bone ba bannye go tloga fela mo “bonyaneñ.” (2 Timotheo 3:15) Dibuka le ditheipi tsa dikhasete tse di diretsweng ba ba mo dingwageng tsa bonyana di dirisiwa sentle tota. Fa banyana bano ba simolola sekolo, ka bonako fela ba simolola go neela bosupi jo bo molemo tota, ka sekai ke fela jaaka mosetsanyana wa dingwaga tse robedi wa Mojapane a ne a bega jaana: “Morago ga malatsi a boikhutso a selemo ke ne ka ya kwa go morutisi wa me mme ka mmotsa jaana: ‘A o ne wa etela lebitla la ga rrago mo malatsing a boikhutso?’ O ne a araba jaana: ‘Ee, rre o ne a le lorato tota, mme ke etela lebitla la gagwe ngwaga le ngwaga.’ Ke ne ka re: ‘Fa o ithuta Bibela mme o latela dithuto tsa Modimo o tla kgona go bona rrago yo o lorato mo lefatsheng la paradaise.’ Mme ke ne ka mo naya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e e leng ya me. Jaanong morutisi yono wa rona o balela tlelase yotlhe kgaolo e le nngwe ya buka eno ka nako ya dijo tsa motshegare beke nngwe le nngwe.”
10. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang e ne ya fitlhelela boikaelelo bofe jo bo molemo, mme re na le dikai dife?
10 Basha bao ba leng mo dingwageng tsa bosome ba ile ba dirisa buka Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, go ithuta ka namana le go neela basha ba bangwe bosupi. Batsadi le bone ba ne ba itumelela buka eno thata. Kgaitsadi mongwe kwa Switzerland yo e leng mmulatsela yo o thusang o ne a swetsa ka gore o tla etela batsadi ba bana ba ba tsenang le morwadie sekolo. Seno se ne sa dira gore a tlotle monate le batsadi ba bantsi, mme ba ne ba itshalela le dibuka di le 20 (bontsi jwa tsone e le tsa Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang) le dimakasine di le 27. Fa mosetsanyana wa sekolo wa kwa Trinidad a sena go naya morutisi wa gagwe buka eno kwa sekolong, mmaagwe o ne a tsweledisa tiro eno mme a naya barutisi ba le 36 dibuka di le 25. O ne a tswelela mo kgweding e e latelang a tlhokometse thata batsadi bao a neng a ba itse ka namana, a ba naya dibuka tse dingwe gape tse 92 mme a simolola dithuto tsa legae tsa Bibela. Morutisi wa sekolo se se fa gare wa kwa Korea o ne a dirisa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang mo ditherong tse dikhutshwane a dirisa ditlhogo tse di jaaka “Ke Ka Tokafatsa Jang Maduo a Me a Ditlhatlhobo tsa Sekolo?” le “Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?” mme morago a bo a buelela buka. Fa baithuti ba sena go tsaya dibuka di le 39 batsadi bangwe ba ne ba simolola go ngongorega. Mme mogokgo o ne a sekaseka sekaelo sa buka eno, a bolela fa e le “molemo thata,” mme a otorela morwadie sekaelo sa yone.
Thuto E E Molemolemo
11, 12. Ke bosupi bofe jo bo gone jwa gore dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower di naya thuto e e molemo go gaisa?
11 Go na le batho ba le bantsi bao ba itumelelang thuto e e leng mo dimakasineng tsa rona, ka sekai, sekolo sengwe kwa U.S. se ne sa otora dikaelo di le 1 200 tsa Tsogang!, ya August 8, 1990 (e e neng e senola go tshwakgolwa ke crack) go e dirisa mo dithutong. Mo godimo ga moo, go tlhoma sekao sa boitsholo mo sekolong ga bana ba Basupi ba ga Jehofa go tswelela go ntse go kgatlha tota. Morutisi mongwe o ne a biletsa Racha wa dingwaga tse 11 kwa pele ga tlelase e e neng e tsositse modumo kwa Thailand, a bo a re: “Ke ka ntlha yang fa lotlhe lo sa etse sekao sa gagwe? O tlhaga tota mo dithutong tsa gagwe ebile o itshwara sentle.” Morago o ne a oketsa jaana: “Mme gone, ke akanya gore lo tla tshwanela go nna Basupi ba ga Jehofa gore lo tokafatse boitsholo jwa lona jaaka Racha.”—Bapisa Diane 1:8; 23:22, 23.
12 Kgaitsadi mongwe yo mmotlana wa kwa Dominican Republic o kwala jaana: “Ke ne ke na le dingwaga di le nnè fela, ke ne ke setse ke tla fetsa sekolo se se neng se tlhokomelwa ke batho ba bodumedi sa pele o fetela kwa go se segolo seo ke neng ke ithutile go bala le go kwala kwa go sone. Ke ne ka naya moitlami wa mosadi yo e neng e le morutisi wa me mpho ya buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mme ka mo raya ka re: ‘Ke a leboga ka o nthutile go bala le go kwala. Ke eletsa ekete o ne o ka tlhaloganya tumelo ya me mme wa nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng leno ka nako ya fa le tla bo le dirwa paradaise.’ Ke ne ka kobelwa seno kwa sekolong. Ke ne ka kopana le morutisi yono gape dingwaga di le robedi morago ga foo. O ne a bolela gore o ne a kgona go bala buka ele lemororo moruti a ne a mo ganetsa thata. O ne a fudugela kwa motsemoshateng, koo a neng a kgona go ithuta Bibela le Mosupi mongwe gone. O ne a kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya ‘Puo E E Itshekileng’ mmogo le nna.” Fela jaaka go perofesitswe, botlhale bo ka tswa le eleng mo “melomoñ ea banyana”!—Mathaio 21:16; Pesalema 8:1, 2.
13. Bana ba bantsi ba ba mo dingwageng tsa bosome ba arabela jang kgakololo ya ga Solomone, mme seno se supiwa ke eng mo pegong ya lefatshe lotlhe?
13 Solomone o ne a naya kgakololo e e kgothatsang eno: “Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago.” (Moreri 11:9) Go itumedisa tota go bona bana ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dirisa mafoko ano, ba dirisa matshelo a bone ba santse ba le mo dingwageng tsa bosome go ipaakanyetsa botshelo jwa go direla Jehofa ka nako e e tletseng mme ba tsenela tiro eno e e molemolemo go di gaisa tsotlhe fa ba fetsa sekolo. Dipalo tsa babulatsela di ntse di oketsega ka bonako, ka ba le 821 108 bao ba begang mo ngwageng. Ba dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsedi ba le 11 092 bao ba direlang kwa Bethele, bao ba emelang 21 lekgolong ya baboledi botlhe!
14. Bokgaitsadi ba rona ba na le seabe sefe, mme ba tshwanelwa ke go akgolwa jang?
14 Mo dinageng tse dintsi jaaka kwa United States go a itumedisa tota go bo 75 lekgolong ya baboledi bao e leng babulatsela e bo e le bokgaitsadi, bao ba nonotshang mafoko ano a a mo go Pesalema 68:11: “Yehofa o tla a ntshe lehoko: basadi ba ba itsiseñ batho mahoko ba nne bontsi yo bogolo.” Bokgaitsadi ba rona ba tshwanetse go akgolwa gonne ba dira karolo e kgolwane mo tirong ya tshimo. Go ruta ga bone ka botswerere mo dithutong tsa mo magaeng tsa Bibela go dira gore ba bantsi ba tle mo boammaaruring, mme re tlotlomatsa ka lorato bokgaitsadi ba ba nyetsweng bao ba tshegetsang ka boikanyegi banna ba bone bao ba nang le ditiro tse dintsi mo phuthegong.—Diane 31:10-12; Baefesia 5:21-25, 33.
Thuto ya Bibela E Tswelela Pele
15. (a) Dinaga tse dingwe tse di leng mo lenaneng la pego ya lefatshe lotlhe di ne tsa dira ka matsetseleko jang mo tirong ya dithuto tsa Bibela tsa magae? (b) O ka bolela maitemogelo afe go bontsha kafa dithuto tsa Bibela di ka nnang le maungo ka gone?
15 Tiro ya go ruta ya Bibela e tswelela pele, go tsamaisiwa dithuto mo lefatsheng ka bophara mo palogareng ya mafelo a le 3 624 091 kgwedi nngwe le nngwe. Boammaaruri jwa Bibela bo kgona go fetola botho jwa motho, jaaka pego e e tswang kwa New Zealand e bontsha. Kwa tshimologong ya January 1987, monna mongwe o ne a kojwa kwa Australia a romelwa kwa New Zealand fa a sena go fetsa lobaka lo a neng a lo atlholetswe mo kgolegelong lwa dikgwedi di le 25 ka ntlha ya go utswa le go tsietsa. O ne a tshwakgotswe ke diokobatsi mme o ne a setse a na le lobaka lwa dingwaga tse di fetang 17 a di rekisa. Mo ngwageng o o latelang, mosadi wa gagwe o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme fa kitso ya gagwe e ntse e oketsega, o ne a lemoga fa mosadi wa gagwe a fetogile tota. E ne ya nna mosadi le mmè yo o botoka. O ne a ya kwa kopanong ya potologo ka June 1989 jaaka mosadi wa gagwe a ne a mo kopile. Jaanong o ne a dumela go tshwarelwa thuto ya Bibela, mme go ne ga simololwa go bonwa diphetogo tse dikgolo mo tebegong ya gagwe le mo tseleng eo a neng a tshela ka yone. Maloko otlhe ka bosupa jwa one a ne a simolola go ya kwa dipokanong. O ne a kolobediwa ka January 1990 jaaka mongwe yo a neng a latela kgakololo e e molemo tota ya ga Paulo e e mo go Baefesia 4:17-24.
16. (a) Dipego tsa Segopotso tsa 1990 di itumedisa ka tsela efe? (b) Go tshwanetse ga tlhokomelwa go potlaka gofe, mme re tshwanetse ra dira maiteko afe go thusa?
16 Karolo e e tlhomologileng thata ya pego ya ngwaga ke batho ba bantsi thata ba le 9 950 058 bao ba neng ba tla mo moletlong wa Segopotso o o neng o tshwerwe ka Labobedi ka April 10, 1990. Dinaga tse di fetang 70 go tswa mo go di le 212 di ne tsa bega palogotlhe e e neng e feta palo ya baboledi ba bone gararo. Ka sekai, lefa go ne go na le dithibelo, dinaga di le supa tsa Afrika tseo di nang le tlhora ya baboledi ba le 62 712 fa di tlhakantswe di ne tsa bega batho ba le 204 356 bao ba neng ba le gone mo Segopotsong. Baboledi ba le 1 914 ba kwa Liberia eo e sentsweng ke dintwa ba ne ba itumelela go nna le ba le 7 811 kwa Segopotsong. Haiti, eo e nang le tlhora ya baboledi ba le 6 427, e ne ya bega ba le 36 551. Baboledi ba le 886 bao ba leng mo setlhaketlhakeng se se kgaoganeng sa Micronesia ba nnile le ba le 3 958. Baboledi ba le 1 298 ba kwa Sri Lanka ba ne ba bega ba le 4 521, le Zambia ka baboledi ba le 73 729, e ne ya nna le ba le 326 991 bao ba neng ba le gone kwa Segopotsong, palo ya a le mongwe mo mo go ba le 25 ba batho ba Zambia. Pego ya lefatshe lotlhe e santse e senola gore go santse go na le dimilione tsa batho ba ba tlhoafetseng ba ba letileng go phuthelwa mo lesakeng la dinku. Mme tlhoafalo e le yosi ga e a lekana. A re ka tokafatsa le go oketsa boleng jwa tiro ya rona ya go tshwara dithuto tsa magae tsa Bibela, re thuse ba le bantsi ba bao ba tlang segopotsong gore ba age tumelo e e nonofileng? Re batla gore ba nne ditsala tsa rona tse di tlhaga tota, tseo di bakang Jehofa. Seno se raya gore ba ka bona botshelo!—Pesalema 148:12, 13; Yohane 17:3; 1 Yohane 2:15-17.
Boitumelo Jo Bo Tletseng
17. Ke dikao dife tsa lekgolo la ntlha la dingwaga tse di tshwanetseng tsa thusa go nonotsha boikaelelo jwa rona jwa go nna re ntse re itumetse?
17 A re nneng re ntse re itumetse go sa kgathalesege gore re kopana le diteko dife. Lefa gongwe re sa kake ra diragalelwa ke sengwe se se botlhoko thata seo se neng sa diragalela Setefane, lefa go le jalo, sekao sa gagwe se ka re nonotsha tota. O ne a kgona go nna a ntse a itumetse le fa a ne a latofadiwa. Baba ba gagwe ba ne ba “bōna sehatlhōgō sa gagwè ekete sehatlhōgō sa moengele.” Modimo o ne wa ema le ene ka nako eno. O ne a neela bosupi ka bopelokgale, a “tletse Moōea o o Boitshèpō” go ya go fitlha kwa losong lwa gagwe lwa boswelatumelo. Erile fa Paulo le Barenabase ba retologela go baditšhaba go ba rerela, bano le bone “ba itumèla, ba galaletsa lehoko ya Modimo.” Dipogiso di ne tsa tsoga gape. Mme lefa go le jalo ga di a ka tsa kgoba bao ba dumelang marapo. “Barutiwa ba tlala boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 6:15; 7:55; 13:48-52) Le ka motlha re se ka ra letla boitumelo jwa rona jo bo leriwang ke moya o o boitshepo go nyelela go sa kgathalesege gore baba ba rona ba re dira eng, le diteko dipe fela tsa letsatsi le letsatsi tse di ka re tlhagelang. Paulo o gakolola jaana: “Lo itumèlè mo choloheloñ; lo nnè pelotelele mo pitlaganoñ; lo nnèlè rure mo thapeloñ.”—Baroma 12:12.
18. (a) Jerusalema o Mosha ke eng, mme ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba tshwanetse go itumela le ene? (b) “Magodimo a masha le lehatshe ye lesha” di tla tlisetsa batho masego jang?
18 Abo tsholofelo eo e le molemo thata jang ne! Jehofa o bolelela batho botlhe ba gagwe jaana: “Bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.” Keresete Morena le “Yerusalema o mosha” (o jaanong e leng motsemoshate wa phuthego ya selegodimo, eleng “Yerusalema o o kwa godimo”) mmogo le setlhopha se sesha sa batho ba ba mo lefatsheng ba tla dira gore batho ba itumele tota. (Bagalatia 4:26) Go tsosiwa ga batho ba ba suleng, go naya batho botlhe ba ba boikobo botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng, botshelo jo bo sa khutleng jo bo nang le mosola, jwa boitumelo mo lefatsheng la paradaise—a tsholofelo e ntle thata jang ne le e e fang boitumelo ruri! Fela jaaka Jehofa ka boene a ‘ipela ka Jerusalema le ka batho ba gagwe,’ ke gone ka moo moperofeti wa gagwe a tlhaeletsang gape batho ba Modimo jaana: “Itumeleñ le Yerusalema, lo bo lo ipelè ka ntlha ea gagwè, lona lotlhe ba lo mo ratañ; itumeleñ ka moduduecō naè.” (Isaia 65:17-19; 66:10; Tshenolō 14:1; 20:12, 13; 21:2-4) A ka metlha re nne re tletse boitumelo le moya o o boitshepo jaaka re ntse re reetsa kgothatso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Itumeleñ mo Moreneñ ka metlha eotlhe: ke tla ba ke re, Itumeleñ.”—Bafilipi 4:4.
Go Sobokanya Boitumelo jwa Rona:
◻ Jesu o re tlogeletse sekao sefe sa go itshoka ka boitumelo?
◻ Ditlhopha tse pedi tse di ineetseng di na le mabaka afe a go itumela?
◻ Bannye le bagolo ba itumela jang mo boammaaruring gompieno?
◻ Fa go boelediwa pego ya 1990, ke karabo efe eo jaanong e newang thapelo e e reng, ‘Jehofa a o ko o re segofatse’?
◻ Boitumelo jo bo tletseng bo tla bonwa leng le gone jang?
[Tšhate mo go tsebe 18-21]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1990
(See bound volume)
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Moengele wa ga Jehofa o ne a itsise botsalo jwa ga Keresete Morena jaaka “mahoko a a molemō a boipelo yo bogolo”