LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Emela Batho ba Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O ne A Femela Batho ba Modimo
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/1 ts. 30-31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ A lekgarebe la Mojuda Esethere le ne la tlhakanela dikobo le sa tshwanela le kgosi ya Moperesia gore e mo rate mme ka gone a tle a bone melemo mengwe?

Bangwe ba ka tswa ba ile ba konela seno go ya ka dipego tsa dibuka dingwe, mme pego e e ka ikanngwang ya Bibela e ganetsa selo seno se se dumelwang fa se le jalo.

Raditiragalo mongwe wa Mojuda Flavius Josephus o re naya pego e e seng ya bodumedi ya gore kgosigadi ya Moperesia Fasheti o ne a gana go ya kwa monneng wa gagwe, Ahasueruse. Ka bonako fela morago ga foo, kgosi, e go lebegang e ne e le Xerxes I wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., o ne a koba Fasheti a galefile mme a laela gore go batliwe kgosigadi e ntšha mo nageng yotlhe ya puso ya gagwe. Go ne ga phuthiwa makgarebane a mantle a mabotlana mme a ne a ntlafadiwa ka lobaka lo loleele.

“Morago, fa [moopahadiwa wa kgosi] a bona gore makgarebane a bone tlhokomelo e e lekaneng . . . mme a ne a siametse go tla mo bolaong jwa kgosi, o ne a romela a le mongwe letsatsi le letsatsi go lala le kgosi mme e re morago ga e sena go tlhakanela dikobo le ene, e mo romele gape kwa moopahadiweng. Mme fa Esethere a tla kwa go ene o ne a mo itumelela mme ka a ne a mo rata o ne a mo dira mosadi wa gagwe kafa molaong mme a mo nyala.”—Jewish Antiquities, Book XI, 184-202, e e ranotsweng ke Ralph Marcus, (Book 1, kgaolo 6, dirapa 1, 2, jaaka e ranotswe ke William Whiston).

Pego eno e e seng ya bodumedi e ka nna ya dira motho gore a akanye gore makgarebane ano a ne a tlhakanela dikobo le kgosi eno e le mo go sa tshwanelang mme pharologano fela mo kgannyeng ya ga Esethere ke gore boitsholo jo bo sa siamang joo jwa tlhakanelo dikobo bo ne jwa felela ka lenyalo le gore e nne kgosigadi. Lefa go ntse jalo, Bibela e re naya tshedimosetso e e tlhomameng le e e kgotsofatsang.

Fa e sena go tlhalosa mekgwa ya go ba ntlafatsa, Bibela e bolela jaana: “Hoñ ka mokgwa o o ntseñ yana, morweetsana a tle kgosiñ, . . . E re ka maabanyane a ee, me e re ka moshō a boèle kwa tluñ ea bobedi ea basadi, mo tishoñ ea ga Shaashagase, moopahadiwa oa kgosi, eo o disañ bagadiñwana: oa ba a sa tlhōle a tsèna kwa kgosiñ, ha kgosi e se ka ea kgatlhèga mo go èna, me a ba a bidiwa ka leina.”—Esethere 2:13, 14.

Dikwalo di bolela gore Esethere o ne a “isiwa” kwa “tluñ ea basadi” go ya go ntlafadiwa le go katisiwa ka lobaka lo loleele lo lo tlhomilweng: “Yalo Esethere a isiwa kwa kgosiñ Ahasueruse . . . Me kgosi ea rata Esethere bogolo go basadi botlhe, me a bōna go segōhala le go ratèga mo ponoñ ea eōna bogolo go barweetsana botlhe, me ea baea serwalō sa segosi mo tlhogoñ ea gagwè, ea mo diha mohumagadi oa eōna mo boemoñ yoa ga Fasheti.”—Esethere 2:8, 9, 16, 17.

A o tlhokometse gore go ya ka pego ya Bibela basadi bano ba ne ba isiwa kae fa ba sena go robala kwa kgosing? ‘Kwa ntlong ya bobedi ya basadi, mo tisong ya ga modisa wa bagadingwana.’ Ka jalo ba ne ba nna bagadingwana. Moredekai, yo e leng ene mokwadi wa buka eno ya Bibela ya Esethere e ne e le Mohebera, mme bogologolo ka nako eo mo bathong ba gaabo, mogadingwana o ne a na le boemo jo bo kgethegileng jwa go nna mosadi wa bobedi. Molao wa bomodimo o ne o letla monna wa Moiseraele gore a ka tsaya mosetsana wa tšhaba e sele yo o gapilweng kwa ntweng, mme o ne a tla nna mogadingwana wa gagwe, kana mosadi wa gagwe wa bobedi, yo o nang le ditshiamelo tse di tshwanetseng ebile a sirelediwa ke molao. (Duteronome 21:10-17; bapisa Ekesodo 21:7-11.) Bana ba ba neng ba tsholwa ke bagadingwana bano e ne e le ba ba kafa molaong mme ba ne ba kgona go bona boswa. Barwa ba ba 12 ba ga Jakobe, ba e neng e le borragwemogologolwane ditso tse 12 tsa Baiseraele e ne e le bana ba basadi ba gagwe le bagadingwana ba gagwe ba kafa molaong.—Genesise 30:3-13.

Thulaganyo e ne e le gore fa makgarebane ano a tswa kwa kgosing eno ya Moperesia a ne a ya kwa ntlong ya bagadingwana. Seno se bontsha gore ba ne ba nna basadi ba bangwe ba gagwe.

Go tweng ka Esethere? Bibela ga e bolele gore o ne a robala le kgosi mme ka gone ya mo rata. Ga e bolele gore o ne a isiwa kwa ntlong ya bagadingwana, mme e bolela fela gore: “Esethere a isiwa kwa kgosiñ Ahasueruse, mo tluñ ea gagwè ea segosi . . . Me kgosi ea rata Esethere bogolo go basadi botlhe.” Gakologelwa gore pelenyana, o ne a bona go “dihèlwa ka bopelonomi” ke “Hegai, modisa oa basadi” kwantle ga go robala nae le go latlhegelwa ke boemo jwa gagwe jwa go nna lekgarebane le le itshekileng. Mo godimo ga moo: “Esethere a kgatlha botlhe ba ba mo lebileñ.” (Esethere 2:8, 9, 15-17) Ka jalo Esethere o ne a kgatlha kgosi fela ka phepafalo mme e ne ya mo tlotla, fela jaaka ba bangwe le bone ba ne ba mo tlotla.

Abo re itumela jang ne go bo re bona dintlha le botlhale joo Bibela e bo re nayang! Lemororo ditiragalo tseno di diragetse diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, re na le lebaka la go solofela tota gore Esethere o ne a itshekile ebile a dira tumalanong le melaometheo ya bomodimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela