Ke Goreng fa Bodumedi bo Tshwanetse go Tsewa Masisi?
“MOTHO ga a kake a tshela ka senkgwe se le nosi fela.” (Mathaio 4:4, The New English Bible) Mafoko ano a a tsopolwang kgapetsakgapetsa a ama sengwe seo batho ba se tlhokang seo se lebetsweng gompieno. A bontsha gore re dirilwe re na le karolo nngwe ya semoya e e tlhokang go kgotsofadiwa. Ke gone ka moo yoo a buang mafoko ao, ebong Jesu Keresete, a neng a bua gape jaana: “Abo bao ba itseng gore ba tlhoka Modimo ba le lesego jang ne.”—Mathaio 5:3, NEB.
Bodumedi ke jone fela bo ka kgotsofatsang go “tlhoka Modimo” ga rona. Bodumedi ke jone fela bo ka arabang dipotso tsa rona tsa motheo tse di kaga gore botshelo bo tswa kae, boikaelelo jwa jone ke bofe, le gore bokao jwa jone ke bofe. Mme bodumedi ke jone fela bo ka dirang gore botshelo jwa rona bo nne le bokao bo nne jwa mmatota. Mme ga se bodumedi bongwe le bongwe jo bo tla dirang dilo tseno tsotlhe. Jesu o ne a raya mosadi wa Mosamaria a re: ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’ (Yohane 4:23) Go obamela ‘ka boammaaruri’ go kaya se se fetang fela go obamela dingwao le ditlwaelo tse di dirwang fela ka gonne e le tsa bogologolo. Tsone di dira gore batho ba ba di salang morago ba ikutlwe sentle fela ka nakwana, mme di ba tlogela ba tshwerwe ke tlala semoyeng.
Ka sekai, Edwin O. Reischauer yo e kileng ya bo e le moemedi wa U.S. kwa Japane o ne a akgela jaana: “Bo-Shinto le Bobuda mo bathong ba bantsi ke ngwao le tlwaelo fela go na le go bo e le ditumelo tse di nang le mosola.” Kwantle ga pelaelo, batho ba bantsi ba Bajapane ba kgotsofalela go bo go ntse jaana. Mme go nna gone ga “ditumelo tse disha” kwa Japane go supa fa go na le go sa kgotsofalele bodumedi jwa ngwao ya bone.
“Ditumelo tse disha” di remeletse fela mo baeteledipeleng ba bodumedi—go na le mo Modimong. Bontsi jwa baeteledipele bano ba bodumedi bo iphaka gore bo tlhotlheleditswe ke Modimo. Mme dithuto tsa bone ka kakaretso fela di tlhakantse Bobuda, Bo-Shinto, le ditumelo tse dingwe—go latlhetswe le matlhale a le mantsi a batlhami ba jone. Gantsi di ikuela fela ka gonne di solofetsa botshelo jo bo botoka le go iphaka fa bo na le maatla a semoya kana a go fodisa. Mme a ditumelo tse di ntseng jalo di naya bosupi jwa gore di ruta ba ba di salang morago go obamela ka “mōea le ka boamarure”? Legoka. Ka go bo selo se sengwe ke gore, dingwao tsa bodumedi di simolola jaanong mme e re ka moso di bo di nyeletse. Mokgwa wa tsone wa go tsamaisana le selo se se ka tswang se ratiwa ka nako eo ga o neye lebaka la go di tsaya masisi.
Bodumedi Jo Bo Tshwanetseng go Tsewa Masisi
Lefa go ntse jalo, go na le bodumedi, jo bo sa bolong go nna gone ka lobaka lo loleele go gaisa mofuta ope fela wa kobamelo. Ke bodumedi jo bo rutiwang ke Bibela e e Boitshepo. Bibela e ne ya simolola go kwalwa makgolo a a ka nnang 35 a dingwaga a a fetileng, mme dingwe tsa ‘ditiragalo’ tse di bolokilweng mo dikgaolong tsa yone tsa ntlha di diragetse lobaka lwa dingwaga di le sekete go ya kwa morago ga tseo.a E na le direkoto tsa bogologolo tota tsa kafa bodumedi bo simologileng ka gone. Seo ka bosone ke lebaka leo le dirang gore bodumedi jwa Bibela bo sekasekiwe ka masisi.
The Encyclopedia Americana e bua jaana kaga Bibela: “Lesedi la yone ‘le fetetse mo lefatsheng lotlhe.’ Jaanong e lejwa jaaka letlotlo la melao ya boitsholo le ya bodumedi leo dithuto tsa lone tse di sa feleng di leng botlhokwa jaaka tsholofelo ya baagi ba lefatshe e ntse e oketsega.” Mme fa buka nngwe go dumelwa gore e ka kaela tsela ya bodumedi jwa boammaaruri, a o ka se ka wa lebelela gore e bo e ka fitlhelwa gongwe le gongwe, gore batho botlhe ba ba batlang boammaaruri ba kgone go e bona?
Go ntse fela jalo ka Bibela. E ile ya ranolelwa mo dipuong di le 1 928, e feletse kana karolo ya yone, mme ke buka e e fitlhelwang gongwe le gongwe go gaisa epe mo hisitoring. Go feta foo, e ile ya itshupa e dumalana le saense le hisitori. Boithutamarope le hisitori di supa fa boperofeti jwa Bibela bo diragadiwa ka tlhomamo. Ga e tlhotlhelediwe ke meya kana ditumelo tse di senang motheo le tumelabotlhodi. Dilo tseno tsotlhe di dumalana le seo Bibela ka boyone e se bolelang sa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo.b—2 Timotheo 3:16.
“Mauñō” A Bodumedi jwa Boammaaruri
Mme a ga go boammaaruri gore ditumelo tse dintsi di ipolela gore di latela Bibela? Mme a ntwa, letlhoo, le boitimokanyi ga di gone mo bathong ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete? Ee, mme seno ga se lebaka la go tlhokomologa Bibela. Jesu Keresete ka boene o ne a bontsha gore bontsi jwa bao ba ipitsang Bakeresete ba tla ganwa ke Modimo. (Bona Mathaio 7:13, 14, 21-23.) Jalo he, motho o tla kgona jang go bona bao e leng ba bodumedi jo bo bolelwang ke Bibela? Jesu o ne a araba jaana: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè. A batho ba tla ba hule louñō loa mofine mo mañaneñ, kgotsa difeige mo masitlwaneñ? Hèla yalo, setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula. Me ke gōna lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.”—Mathaio 7:16, 17, 20.
Ee, bodumedi jwa boammaaruri e tshwanetse go nna maatla a a tlhotlheletsang batho go dira molemo, bo ntsha matswela a a mosola tota mo baobameding. Ka sekai, tsaya Akinori, monna mongwe wa Mojapane yoo ene ka boene a neng a bolela gore “o ne a nna sekao sa moya wa kgaisano ka namana.” O ne a atlega go fitlhelela mekgele ya gagwe ya go wetsa dithuto tsa gagwe kwa yunibesithing ya maemo a a kwa godimo le go bona tiro mo femeng ya maemo a a kwa godimo. O ne a sa ikutlwe a tlhoka go nna le bodumedi bope mo botshelong jwa gagwe. O ne a akanya gore ‘bodumedi ke jwa batho ba ba bokoa ba ba tlhokang seo ba ka itshegetsang ka sone.’
Sengwe le sengwe se ne se tsamaya sentle fela se relela go fitlha fa go tshwenyega maikutlo le go lapa di tsena mme a tsenwa ke bolwetsi bongwe jo bo masisi. Molala wa gagwe o ne wa sokega, mme seledu sa gagwe se ne sa “kokoropana” kafa legetleng la gagwe la molema. “Ditsala” tse dintsi tsa setlamo seo Akinori a neng a dira kwa go sone di ne tsa se ka tsa mo gomotsa fa a ne a tshwenyegile thata jalo. (Bapisa Diane 17:17.) Ka jalo o ne a simolola go nwa bojalwa thata a bo a akanya le go ipolaya.
Lefa go le jalo, fa nako e ntse e tsamaya, mosadi wa ga Akinori o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe fa ba ntse ba tlotla, o ne a mmolelela ka lokwalo longwe lo lo mo go Bagalatia 6:7 le le balegang jaana: “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.” Mafoko ano a ne a ama Akinori mme o ne a kopanela le ene mo thutong eno mme seo a neng a se ithuta se ne sa fetola pono ya gagwe ka se botshelo bo leng sone tota. Fa pono ya ga Akinori e ntse e sedifala bolwetsi jwa gagwe jo bo lerilweng ke go tshwenyega mo boikutlong bo ne jwa simolola go nyelela! Ke fela jaaka seane sa Bibela se bolela jaana ka seno: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama.” (Diane 14:30) Ee, bodumedi jwa boammaaruri bo ungwa maungo a a molemo!
Toshiro ke monna yo mongwe gape wa Mojapane yo a neng a lemoga kafa bodumedi jwa boammaaruri bo leng maatla ka gone go tlhotlheletsa motho go dira molemo. Lemororo a ne a dumela gore go mosola go nna motho wa bodumedi, ga a ka a dira sepe ka gone. O ne a kgatlhegela fela go nna le ntlo e e leng ya gagwe. Lefa go ntse jalo, lemororo a ne a fitlhelela mokgele oo wa gagwe ga a ka a kgotsofala jaaka a ne a akantse. Mo godimo ga moo, fa a ntse a lebile kwa a neng a dira gone, o ne a bona go tletsetletse mekgwa ya go tlhoka boikanyegi le gore e ne e dira gore go nne le botsalano jo bo maswe tota. Toshiro o ne a ferosiwa sebete tota ke seo a neng a se bona.
Letsatsi lengwe mosadi wa gagwe o ne a laletsa mogolwane mongwe go tswa kwa phuthegong ya mo lefelong la bone ya Basupi ba ga Jehofa go tla go mo etela. Ka bonako fela Toshiro o ne a lemoga gore mogolwane yono o ne a farologane le batho ba a neng a dira nabo. Lebaka e ne e le lefe? Mogolwane yono o ne a dirisa melaometheo ya Bibela ka boikanyegi mo botshelong jwa gagwe. Ereka a ne a kgatlhilwe ke seno, Toshiro o ne a dumela go nna le thuto ya Bibela mme a simolola go dira bodumedi jwa Bibela tsela ya gagwe ya botshelo.
Re go laletsa gore o itlwaelenye le Basupi ba ga Jehofa. “Mauñō” a bone a naya bosupi jwa gore ba obamela ka “mōea le ka boamarure.” Ba tsaya matsapa tota go dirisa dithuto tsa Bibela mo matshelong a bone. Mme lemororo e le batho ba ba sa itekanelang, matshelo a bone jaaka setlhopha a supa kafa bodumedi jwa boammaaruri bo ka nnang maatla a a nonofileng a semoya ka gone a go dira molemo.
Ka nako nngwe diketekete tsa bangwe ba ba mo Basuping ba ne ba sa itumelele tsela eo ba neng ba tshela ka yone. Mme bontsi jwa bone bo ne jwa kgona go dira diphetogo tse di kgatlhang tota ka go dirisa melaometheo ya Bibela. Ba ile ba bona sekopololo sa go itumela ka namana ka go tlhagolela seo Bibela e se bitsang “louñō loa Mōea,” eleng go nna le lorato, boitumelo, kagiso, boitshoko, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo.—Bagalatia 5:22, 23.
Melemo ya Goyagoile E E Bonwang ka Go Tshela Go ya ka Bodumedi jwa Boammaaruri
Lefa go ntse jalo, bodumedi jwa boammaaruri, bo tshwanetse go dira se se fetang fela go fetola botho jwa batho kana go tlhofofatsa mathata a bone ka namana. Mathata a a mo lefatsheng lotlhe a a jaaka kgotlelo, matshosetsi a ntwa ya nuklea, le go senngwa ga tikologo a tshosetsa go senya polanete eno ya rona e ntle. Mathata a itsholelo a dira gore dimilione tsa batho di se ka tsa itumela le go se itekanele sentle mo mmeleng. Ga go na bodumedi bope jo bo ka tsewang masisi fa bo sa solofetse go rarabolola mathata ano a lefatshe.
Bodumedi jwa Bibela bo naya tsholofelo e e ntseng jalo. Modimo o solofetsa go tlisa lefatshe le lesha le le tla busiwang ke puso ya selegodimo, kana “bogosi.” (Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4) Bogosi jono ke jone molemo wa mathata otlhe a batho. Mme Bibela e re tlhomamisetsa jaana mabapi le melemo ya bosakhutleng e e tla nnang gone lefatshe ka bophara: “Lehatshe le a heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Ee, Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri o solofetse go bona botshelo jo bo sa khutleng a le mo boitumelong! (1 Yohane 2:17) Mme bao ba tla bonang melemo mo Bogosing jo bo tlang ke fela bao ba ileng ba tshela go ya ka bodumedi jwa boammaaruri ka tlhoafalo. Ka gone re go kgothaletsa go ithuta Bibela ka tlhoafalo.c (Yohane 17:3) Fa o simolola go letla lesedi la Lefoko la Modimo go phatsima mo botshelong jwa gago, o tla ikutlwa o itumetse tota fa ‘go tlhoka Modimo’ ga gago go ntse go kgotsofadiwa kgato ka kgato. Eleruri o tla bona masego a goyagoile gonne o ne wa tsaya bodumedi—bodumedi jwa boammaaruri—masisi.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka sekai, bona, Genesise 2:4; 5:1; 6:9.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e ka bonwang mo bagatising ba makasine ono.
c Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa mo go seno. O ka rulaganyediwa go bona thuto ya Bibela ya mahala ka go ikgolaganya le bagatisi ba makasine ono kana phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo tikologong ya gago.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go bonwa ga Bibela ka dipuo tse 1 900 go dumalana le maiphako a yone a gore e tlhotlheleditswe
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bodumedi jwa Bibela bo solofetsa maemo a kagiso mo lefatsheng lotlhe mo pusong ya selegodimo