“Lo Rekilwe ka Tlhwatlhwa”
“Gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa: me ke gōna, galaletsañ Modimo mo mmediñ oa lona.”—1 BAKORINTHA 6:20.
1, 2.(a) Ke eng seo se neng sa ‘bula tsela ya gore re tswe mo losong’? (b) Ke eng seo se neng se tshwanetse sa dirwa go dira gore setlhabelo sa ga Keresete e nne se se dirang kafa molaong, jaaka fa se tshwantshediwa ke eng?
“MO GO rona, Modimo ke Modimo oa dikgololō;” go ne ga rialo mopesalema, “me diphalodishō mo loshuñ ke tse e leñ tsa ga YEHOFA, Morèna.” (Pesalema 68:20) Setlhabelo sa ga Jesu Keresete se re buletse tsela eo. Mme e le gore setlhabelo seo e ke e nne se se dirang kafa molaong, Keresete o ne a tshwanelwa ke gore a tlhagelele ka namana fa pele ga Modimo ka boone.
2 Seno se ne se tshwantshediwa mo Letsatsing la Tetlanyo fa moperisiti yo mogolo a ne a tsena mo Lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo. (Lefitiko 16:12-15) “Me ka Keresete a tsile,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo, “e le moperisiti eo mogolo . . . Le gōna e señ ka madi a dipodi, leha e le a dinamane, me e le ka madi a gagwè ka esi, ea re a sena go diha thèkololō e e emeñ ka bosakhutleñ, a tsènèla rure gañwe hèla mo Heloñ ga Boitshèpō. Gonne Keresete ga a ka a tsèna mo heloñ goñwe ga boitshèpō ha go dihilweñ ka diatla, ha go leñ sechwanō sa helō ga amarure; me o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.”—Bahebera 9:11, 12, 24.
Maatla Ao Madi A Nang le One
3. (a) Madi a lejwa jang ke baobamedi ba ga Jehofa, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng seo se bontshang gore madi a na le maatla a a kafa molaong a go tlosa maleo?
3 Madi a ga Keresete a na le seabe sefe mo go bolokweng ga rona? Fa e sa le ka letsatsi la ga Noa, baobamedi ba boammaaruri ba ntse ba leba madi jaaka a a boitshepo. (Genesise 9:4-6) Madi a na le seabe se se botlhokwa thata mo botshelong, ka gonne Bibela e bolela gore “botshelō yoa nama ke madi.” (Lefitiko 17:11) Ka jalo Molao wa ga Moshe o ne o batla gore fa phologolo e ntshitswe setlhabelo, madi a yone a tshololelwe kwa ntle fa pele ga ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe madi gape a ne a bewa mo dinakeng tsa sebeso. Ka mo go utlwalang, maatla a tetlanyo a setlhabelo a ne a le mo mading a sone. (Lefitiko 8:15; 9:9) “Me kaha molaoñ, ekete nka re, dilō cotlhe di ntlahadiwa ka madi; me kwa ntlè ga go cholola madi ga go na boichwarèlō.”—Bahebera 9:22.
4. (a) Fa Modimo o ne o tlhoma melao eo e neng e le kgatlhanong le go dirisiwa ga madi e ne e le ka ntlha ya boikaelelo bofe? (b) Ke eng seo se neng se le botlhokwa malebana le tsela eo Jesu a neng a bolawa ka yone?
4 Ka jalo he ga go gakgamatse go bo kafa tlase ga Molao, mongwe le mongwe yo o neng a dirisa madi ka tsela eo e sa tshwanelang o ne a otlhaiwa ka loso! (Lefitiko 17:10) Rotlhe re a itse gore fa sengwe se dirilwe gore se se ka sa bonwa motlhofo, kana go dirisiwa ga sone go fokoditswe fela thata, tlhwatlhwa ya selo seo e ya kwa godimo. Lebaka la go bo Jehofa a ne a beile melao e e gagametseng malebana le tsela eo a tshwanetseng go dirisiwa ka yone le ne le tlhomamisa gore madi a ne a tshwanetse a lejwa, eseng jaaka sengwe seo se tlwaelegileng fela, mme jaaka selo se se tlhokegang, seo se leng botlhokwa. (Ditihō 15:29; Bahebera 10:29) Seno se ne se le tumalanong le boikaelelo jo bo kwa godimodimo joo madi a ga Keresete a neng a tla bo diragatsa. Ka mo go tshwanelang, o ne a swa ka tsela eo e neng ya dira gore madi a gagwe a tshologe. Ka gone, go a bonala gore Keresete ga a ka a ntsha mmele wa gagwe wa motho fela go nna setlhabelo mme gape o tsholotse moya wa gagwe, o ntshitse jone botshelo jwa gagwe ka namana gore e nne setlhabelo jaaka motho yo o itekanetseng! (Isaia 53:12) Keresete ga a ka a latlhegelwa ke tshwanelo ya semolao ya botshelo joo ka ntlha ya bosaitekanelang, ka ntlha ya moo madi a gagwe ao a tsholotsweng a ne a na le botlhokwa jo bogolo mme a ne a ka kgona go isiwa kwa Modimong e le tetlanyo ya maleo a setho.
5. (a) Keresete o ne a isa eng kwa legodimong, mme ka ntlha yang? (b) Go ne ga bonala jang gore Modimo o ne o amogetse setlhabelo sa ga Keresete?
5 Keresete o ne a ka se ka a kgona go isa madi a gagwe a mmatota kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:50) Go na le moo, o ne a tsaya seo madi ao a neng a se tshwantshetsa: boleng jo bo tshwanelang jwa botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng jo bo ntshitsweng setlhabelo. Mo pele ga Modimo ka namana, o ne a ka kgona kafa mokgweng go ntsha botshelo joo go nna thekololo ya batho ba ba leofileng. Bosupi jwa gore Jehofa o ne a amogetse setlhabelo seo bo ne jwa bonala ka Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o ne o tla mo barutweng ba le 120 kwa Jerusalema. (Ditihō 2:1-4) Jaaka fa re ne re ka rialo, Keresete jaanong o ne a rekile losika lwa motho mme jaanong e le lwa gagwe. (Bagalatia 3:13; 4:5; 2 Petere 2:1) Ka ntlha ya moo, melemo ya thekololo e ne e ka kgona go fetela mo bathong.
Batho Ba Ntlha go Amogela Melemo ya Thekololo
6. Ke dithulaganyo dife tseo Modimo o di dirileng tsa go dirisa melemo ya thekololo ya ga Keresete?
6 Lefa go ntse jalo, seno se ne se sa bolele gore setho se ne se tla nna le mebele eo e itekanetseng fela ka ponyo ya leitlho, ka gonne fa mokgwa wa motho wa boleo o sa fedisiwa, ga go kgonege gore a ka bona mmele o o itekanetseng. (Baroma 7:18-24) Boleo bo ne bo tla fenngwa jang mme leng? Modimo o ne a rulaganyetsa santlha gore ‘baperesiti ba Modimo wa rona’ ba le 144 000 ba selegodimo ‘ba buse jaaka dikgosi mo lefatsheng’ le Keresete Jesu. (Tshenolō 5:9, 10; 7:4; 14:1-3) Ka bone melemo ya thekololo e ne e tla dirisiwa ka iketlo mo bathong ka lobaka lwa dingwaga di le sekete.—1 Bakorintha 15:24-26; Tshenolō 21:3, 4.
7. (a) Kgolagano e nts̆ha ke eng, ke bomang bao ba kopanyelediwang mo go yone, mme e tsamaisanya le boikaelelo bofe? (b) Ke ka ntlha yang fa loso lo ne lo tshwanetse lwa nna gone go dira gore kgolagano e nts̆ha e kgonege, mme madi a ga Keresete a ne a na le seabe sefe moo?
7 Gore ba fitlhelele seno, batho bano ba ba 144 000 ba e leng baperesiti le dikgosi ba “cwa go rèkwa mo bathuñ.” (Tshenolō 14:4) Seno se diragadiwa ka ‘kgolagano e nts̆ha.’ Kgolagano eno ke kgolagano mo gare ga ga Jehofa Modimo le Iseraele wa semoya wa Modimo gore maloko a yone a direle jaaka dikgosi le baperisiti. (Yeremia 31:31-34; Bagalatia 6:16; Bahebera 8:6-13; 1 Petere 2:9) Mme lefa go ntse jalo, go kgonega jang gore go nne le kgolagano mo gare ga Modimo le motho yo o sa itekanelang? Paulo o tlhalosa jaana: “Gonne kwa go nañ le lokwalō loa go aba boshwa [mo gare ga Modimo le motho yo o sa itekanelang], losho loa eo o lo dihileñ lo chwanetse loa bo lo dihahetse. Gonne lokwalō loa go aba boshwa lo na le tihō kwa losho lo dihahetseñ gōna; kea botsa, go re, a lo tlo lo dihane le tihō modihi oa lōna a sa nntse a tshedile?”—Bahebera 9:16, 17.
8, 9. Thekololo e amana jang le kgolagano e nts̆ha?
8 Ka ntlha ya moo, setlhabelo sa thekololo ke selo sa konokono mo kgolaganong e nts̆ha, eo Jesu e leng Motsereganyi wa yone. Paulo o ne a kwala jaana: “Go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe; e le chupō e e tla shupiwañ mo metlheñ ea eōna.” (1 Timotheo 2:5, 6) Mafoko ao a dira ka mo go kgethegileng mo go ba ba 144 000, bao go dirilweng kgolagano e nts̆ha le bone.
9 Fa Modimo o ne o dira kgolagano le Iseraele wa senama, e ne e sa dire kafa molaong go fitlhelela madi a phologolo a ne a tshololwa pele mo setlhabelong. (Bahebera 9:18-21) Ka mo go tshwanang, e le gore kgolagano e nts̆ha e kgone go dira, Keresete o ne a tshwanelwa ke gore a tsholole ‘madi a kgolagano.’ (Mathaio 26:28; Luke 22:20) Ereka Keresete a direla jaaka Moperesiti yo Mogolo le “motsereganyi oa kgōlaganō e ncha,” Modimo o dirisa molemo wa madi a ga Jesu mo go bao ba lerilweng mo kgolaganong e nts̆ha, a ba bolela ka semolao jaaka batho ba ba siameng. (Bahebera 9:15; Baroma 3:24; 8:1, 2) Go tswa foo he Modimo a ka ba tsenya mo kgolaganong e nts̆ha gore e nne dikgosi le baperesiti ba selegodimo! Jaaka Motsereganyi wa bone le Moperesiti wa bone yo Mogolo, Jesu o a ba thusa gore ba kgone go boloka boemo jo bo phepa mo pele ga Modimo.—Bahebera 2:16; 1 Yohane 2:1, 2.
Go Phutha Dilo tsa mo Lefatsheng
10, 11. (a) Thekololo e dira jang le mo go bao eseng Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) Boidiidi yo bogolo ke bomang, mme ba na le boemo bofe mo Modimong?
10 A mme ke Bakeresete ba ba tloditsweng fela bao ba ka kgonang go gololwa ke thekololo, ba kgona go itshwarelwa maleo a bone? Nnyaa, Modimo o itetlanyetsa dilo tse dingwe tsotlhe ka go dira kagiso ka madi ao a tsholotsweng mo koteng ya tlhokofatso, jaaka fa Bakolosa 1:14, 20 e bontsha. Seno se kopanyeletsa dilo tse di kwa legodimong (ba ba 144 000) mmogo le dilo tse di mo lefatsheng. Dilo tse di mo lefatsheng ke bao ba tla bonang botshelo mo lefatsheng, batho bao ba tla ipelelang botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la Paradaise. Segolobogolo fa e sa le ka 1935 go ne go ntse go dirwa boiteko jo bo kgethegileng go kgobokanya batho ba go nna jalo. Tshenolō 7:9-17 e ba tlhalosa jaaka “boidiidi yo bogolo” bao ba tla bonang poloko go tswa go Modimo le go Kwana. Ba santse ba tlhoka go falola “sepitla se segolo” le go ‘isiwa kwa metsweding ya metse a botshelo,’ ka gonne Tshenolō 20:5 e bontsha gore batho bano ba tla bo ba tshela ka botlalo, ba na le botshelo jo bo itekanetseng jwa batho, kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete. Bao ba falolang teko ya bofelo ba le mo boemong jwa bone jwa go itekanela ba tla bo ba bolelwa ba le tshiamo gore ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Tshenolō 20:7, 8.
11 Lefa go ntse jalo, go santse go le gale fela jaana, ba boidiidi jo bogolo ba setse ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” (Tshenolō 7:14) Keresete ga a dire jaaka Motsereganyi wa kgolagano e nts̆ha mo go bone, lefa go ntse jalo ba solegelwa molemo ke kgolagano eno ka tiro ya Bogosi jwa Modimo. Lefa go ntse jalo, Keresete o santse a dira mo go bone, jaaka Moperisiti yo Mogolo, ba Jehofa a ka dirisang thekololo ebile a e dirisa go ya bokgakaleng jwa gore jaanong ba kaiwe ba le tshiamo jaaka ditsala tsa Modimo. (Bapisa Yakobe 2:23.) Ka nako ya Mileniamo, ka iketlo ba “tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, [go fitlhelela kwa bokhutlong ba] isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.
12. Modimo o ne o dirisana le banna bao ba ikanyegang ba pele ga Bokeresete mo motheong ofe?
12 Malebana le boemo jwa bone le Modimo, go ka nna ga bonala ekete ba boidiidi jo bogolo ba farologane go le gonnye le baobamedi ba pele ga Bokeresete. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne o dirisana le baobamedi bano ba pele ga Bokeresete a akantse ka paakanyetso ya thekololo ya mo isagweng. (Baroma 3:25, 26) Ba ne ba ipelela go itshwarelwa maleo a bone ka tsela fela ya nakwana. (Pesalema 32:1, 2) Mo boemong jwa gore di ba golole ka botlalo ‘gore ba se tlhole ba ikutlwa dibe,’ ditlhabelo tsa diphologolo di ne di nna “kgopodishō ea dibe.”—Bahebera 10:1-3.
13. Re na le melemo efe go gaisa batlhanka ba Modimo ba pele ga Bokeresete?
13 Ga go a nna jalo ka Bakeresete ba boammaaruri ba gompieno. Ba obamela mo motheong wa thekololo eo e duetsweng! Ka Moperesiti wa bone yo Mogolo, ba ‘atamela mo setulong sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo.’ (Bahebera 4:14-16) Go letlanngwa le Modimo ga se selo seo se santseng se lebeletswe gore se tla direga mme go na le moo ke selo sa mmatota seo se leng gone jaanong! (2 Bakorintha 5:20) Fa ba dira phoso, ba ka kgona go bona boitshwarelo jwa mmatota. (Baefesia 1:7) Ba ipelela segakolodi se se phepa ka mmatota. (Bahebera 9:9; 10:22; 1 Petere 3:21) Masego ano ke ao a bontshang e santse e le pele gore go tla bo go utlwala jang go nna mo kgololesegong e e galalelang ya bana ba Modimo eo batlhanka ba ga Jehofa ba tla e ipelelang mo isagweng!
Boteng jwa Botlhale jwa Modimo le Lorato
14, 15. Thekololo e tlotlomatsa jang botlhale jo bo ka sekang jwa lekanngwa jwa ga Jehofa, mmogo le tshiamo ya gagwe le lorato lwa gagwe?
14 Abo thekololo e le mpho e e molemo jang ne go tswa kwa go Jehofa! E kgona go tlhaloganyesega fela motlhofo, lefa go ntse jalo e tseneletse kwa teng ka mo go lekaneng gore e ka jesa batlhalefi ba bagolo kgakge. Tsela eo re neng re tlhatlhoba ditiro tsa thekololo ka yone e ne e okola fela fa godimo. Lefa go ntse jalo, re khutsa jaana fela jaaka moaposetoloi Paulo: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ!” (Baroma 11:33) Botlhale jwa ga Jehofa bo bonatshiwa ka gore o ne a kgona go golola setho a bo a tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Ka thekololo, “go bonetse tshiamō ñwe ea Modimo . . . Modimo [o beile Keresete] go nna seletlanyō, ka tumèlō, ka madi a gagwè.”—Baroma 3:21-26.
15 Ga go na ope yo o ka nyatsang Modimo go bo a ile a itshwarela maleo ao a neng a dirwa mo nakong e e fetileng ke baobamedi ba pele ga motlha wa Bokeresete. Ebile, ga go na ope yo o ka nyatsang Jehofa ka go bo a bolela basiami ba batlodiwa jaaka bomorwawe kana ba boidiidi jo bogolo jaaka ditsala tsa gagwe. (Baroma 8:33) Modimo o ntse a dira dilo ka tsela eo molao o batlang ka yone ka mo go feletseng, kana a dira dilo ka tlhamalalo ka mo go feletseng, a latlhegelwa thata mo ditseleng tseo a neng a dira dilo ka yone, a ganetsa gotlhelele polelo ya maaka ya ga Satane ya gore Jehofa ke mmusi yo o sa siamang! Lorato loo Modimo o ratang dibopiwa tsa gagwe ka lone kwa ntle ga bogagapa le lone ka mo go tshwanang lo ile lwa bontshiwa kwa ntle ga pelaelo.—Baroma 5:8-11.
16. (a) Thekololo e neetswe gore e rarabolole kgang eo e leng malebana le bothokgami jwa batlhanka ba Modimo ka tsela efe? (b) Thekololo e re neela jang motheo wa go dumela mo lefatsheng je lesha je le tlang la tshiamo?
16 Tsela eo thekololo eno e neetsweng ka yone gape e ne e rarabolola kgang eo e leng malebana le bothokgami jwa batlhanka ba Modimo. Yone kutlo fela ya ga Jesu e kgonne go diragatsa seo. (Diane 27:11; Baroma 5:18, 19) Mme mo godimo ga moo a o ke o lebe botshelo jwa Bakeresete ba ba 144 000 bao, go sa kgathalesege kganetso eo Satane a e lereng, ba nnang ba ntse ba ikanyega go fitlha kwa losong! (Tshenolō 2:10) Thekololo e dira gore go kgonege gore bano ba amogele bosasweng jaaka tuelo ya bone—botshelo jo bo ka se kang jwa senngwa! (1 Bakorintha 15:53; Bahebera 7:16) Seno se dira gore dilo tseo Satane a di bolelang tsa gore batlhanka ba Modimo ga ba ikanyege e nne tse di sa utlwaleng! Thekololo gape e re neetse motheo o o tiileng wa gore re dumele mo ditsholofetsong tsa Modimo. Re kgona go bona poloko eo e ‘tlhomilweng semolao’ ka setlhabelo sa thekololo. (Bahebera 8:6) Ka jalo go a tlhomamisega gore lefatshe je lesha ja tshiamo le tla nna gone!—Bahebera 6:16-19.
O Se Ka Wa Latlhegelwa ke Boikaelelo jwa Yone
17. (a) Bangwe ba bontsha jang gore ga ba tsamaisanye le boikaelelo jwa thekololo? (b) Ke eng seo se ka re tlhotlheletsang gore re nne re ntse re le phepa mo boitshwarong?
17 E le gore motho a tle a solegelwe molemo ke thekololo, go tlhokafala gore a nne le kitso, a bontshe tumelo, mme a tshele tumalanong le ditekanyetso tsa Bibela. (Yohane 3:16; 17:3) Lefa go ntse jalo, ke ba sekae fela bao ba ratang go dira jalo. (Mathaio 7:13, 14) Tota le eleng mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri, bangwe ba ka nna ba ‘amogela bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang mme ba bo ba latlhegelwa ke boikaelelo jwa bone.’ (2 Bakorintha 6:1) Ka sekai, mo dingwageng tse di fetileng diketekete tsa batho di ne tsa kgaolwa ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Abo seno se tlhabisa ditlhong jang ne fa re lebelela seo Jehofa le Keresete ba se re diretseng! A go anaanela thekololo ga go a tshwanela go tlhotlheletsa motho gore a tile go “[lebala] go tlhapisiwa ga gagwè mo dibiñ tsa bogologolo”? (2 Petere 1:9) Ka mo go tshwanelang he, Paulo o gakolola Bakeresete jaana: “Gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa: me ke gōna, galaletsañ Modimo mo mmediñ oa lona.” (1 Bakorintha 6:20) Fa re gakologelwa seno re tlhotlheletsega thata gore re nne re le phepa mo boitshwarong!—1 Petere 1:14-19.
18. Mokeresete yo o welang mo boleong jo bo masisi o santse a ka dira gore thekololo e mo solegele molemo ka tsela efe?
18 Mme go tweng fa e le gore motho o setse a wetse mo boleong jo bo masisi? O tshwanetse a sola molemo boitshwarelo jo thekololo e dirang gore bo kgonege, a amogele thuso eo e tswang mo balebeding ba ba lorato. (Yakobe 5:14, 15) Tota le eleng fa kotlhao e e gagametseng e tlhokafala, Mokeresete yo o supang boikwatlhao ga a tshwanela go kgojwa marapo ke tshiamiso ya go nna jalo. (Bahebera 12:5) Bibela e re tlhomamisetsa jaana ka tsela e e molemo: “Ha re ipolèla dibe tsa rona, ōna o boikañō le tshiamō ea go re ichwarèla dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololoñ eotlhe.”—1 Yohane 1:9.
19. Mokeresete a ka leba jang phoso ya gagwe eo a e dirileng pele ga a ithuta boammaaruri?
19 Ka dinako tse dingwe Bakeresete ba kgobega marapo go sa tlhokafale ka ntlha ya boitshwaro bongwe jo bo sa siamang jo ba bo dirileng mo nakong e e fetileng. “Pele ga ke tla mo boammaaruring,” go ne ga kwala jalo mokaulengwe mongwe yo o neng a kgobegile marapo, “nna le mosadi wa me re ne re na le bolwetsi jwa tlhakanelodikobo jwa herpes. Ka dinako tse dingwe re ikutlwa re se phepa, jaaka ekete ga re ‘tshwanele’ go nna mo phuthegong ya ga Jehofa e e phepa.” Gone ke boammaaruri gore, tota le eleng morago ga gore e nne Bakeresete, bangwe e ka nna ya re ka selekanyo se se rileng ba gamolwa ke go ja maduo a diphoso dingwe tseo ba neng ba di dira mo nakong e e fetileng. (Bagalatia 6:7) Tota le fa go ntse jalo, ga go na lebaka la gore motho a ikutlwe a se phepa mo matlhong a ga Jehofa fa a ikwatlhaile. “Madi a ga Keresete” a kgona go “tlhapisa segakolodi sa [rona] a tlosa ditihō tse di shuleñ.”—Bahebera 9:14.
20. Go dumela mo thekololong go ka golola Mokeresete jang mo go ikutlweng a le molato ka mo go sa tlhokafaleng?
20 Ee, go dumela mo thekololong go ka re thusa go gololesega mo merwalong eo e sa tlhokegeng ya go ikutlwa molato. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana o ne a dumalana jaana: “Ke ntse ke tshwere phage ka mangana ke lwantshana le mokgwa o o seng phepa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelo dikobo ka dingwaga tseo di fetang 11 jaanong. Ka nako nngwe ke ne ka ba ka batla ke tlogela phuthego, ke ikutlwa gore Jehofa o ne a ka se ka a batla motho yo o tlhabisang ditlhong jaana gore a tlatse phuthego ya gagwe leswe.” Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra gakologelwa gore Jehofa o “molemō, [o] iketleeditse go ichwarèla” fa fela rona re ntse re kgaratlha ka metlha go lwantshana le bosula, re sa ineele mo go jone!—Pesalema 86:5.
21. Thekololo e tshwanetse ya ama jang tsela eo re lebang bao ba re kgopisang ka yone?
21 Thekololo gape e tshwanetse ya ama tsela eo re dirisanang le ba bangwe ka yone. Ka sekai, o itshwara jang fa Mokeresete ka wena a go kgopisa? A o mo itshwarela fela jaaka fa Keresete a ne a dira? (Luke 17:3, 4) A o ‘pelonamagadi, o itshwarela ba bangwe fela jaaka Modimo le one o go itshwaretse mo go Keresete’? (Baefesia 4:32) Kana a o sekamela mo go tshwareng ba bangwe ka pelo kana o kgopisegela ruri? Eleruri seo e tla bo e le go sa tsamaisanye sentle le boikaelelo jwa thekololo—Mathaio 6:15.
22, 23. (a) Thekololo e tshwanetse ya ama jang mekgele ya rona le mekgwa ya rona ya go tshela? (b) Ke maikemisetso afe ao Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go a dira malebana le thekololo?
22 Mo godimo ga tsotlhe, go anaanela ga rona thekololo go tshwanetse ga ama mekgele ya rona thata le mekgwa ya rona ya go tshela. Paulo o ne a bolela jaana: “Lo rekilwe ka tlhwatlhwa; lo se ka loa cwa batlhanka ba batho.” (1 Bakorintha 7:23) A ditlhokafalo tsa itsholelo—legae, tiro ya boitshediso, dijo, diaparo—e santse e le dilo tse dikgolo mo botshelong jwa gago? Kana, a o batla Bogosi pele, o baya tumelo mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o tla go tlamela? (Mathaio 6:25-33) A o ka direla mothapi wa gago mme o bo o palelwa ke go dira ditiro tsa bolegodimo? Gakologelwa, Keresete ‘o ne a ineela rona gore a tle a . . . iphepafaletse batho bao eleng ba gagwe, bao ba tlhagafaletseng ditiro tse di molemo.’—Tito 2:14; 2 Bakorintha 5:15.
23 “[Re] leboga Modimo ka Yesu Keresete” ka ntlha ya mpho eno e e molemolemo—eleng thekololo! (Baroma 7:25) Ekete le ka motlha re ka se nne batho bao ba sa tsamaisanyeng le boikaelelo jwa thekololo mme re e letle gore e nne sone selo se segolo seo se laolang mo matshelong a rona. Ka seo re se akanyang, ka seo re se buang, le ka seo re se dirang, ekete ka metlha re ka galaletsa Modimo, re gakologelwa ka boitumelo gore re rekilwe ka tlhwatlhwa.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa madi a lejwa jaaka a a boitshepo, mme madi a ga Keresete a ne a isiwa jang mo pele ga ga Jehofa kwa legodimong?
◻ Madi a ga Keresete a ne a na le seabe sefe mo go tlhomamiseng kgolagano e nts̆ha?
◻ Thekololo e solegela molemo jang batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo?
◻ Re ka bontsha jang gore ga re ba ba sa tsamaisanyeng le boikaelelo jwa thekololo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Maatla a setlhabelo a a tlosang boleo a mo mading a sone a botshelo
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Motho yo o anaanelang lebaka la go bo Modimo o re itshwarela o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe