Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Jesu O A Tshela!
FA BASADI ba fitlhela phupu ya ga Jesu e le lolea, Maria Magadalena o siana go ya go bolelela Petere le Johane. Lefa go ntse jalo, go lebega basadi ba bangwe ba sala kwa phupung. Ka bonako fela, moengele o a tla mme o ba biletsa mo teng.
Fa ba le fano basadi bano ba bona moengele yo mongwe gape, mme mongwe wa baengele o ba raya a re: “Lona se boiheñ: gonne kea itse ha lo batla Yesu eo o na a bapocwe. Ga aeō ha; gonne o cogile, hèla yaka a na a bua. Tlañ, lo bōnè hèlō ha Morèna o na a letse gōna. Me lo itlhaganèlè, lo eè go raea barutwa ba gagwè, lo re, O cogile mo bashwiñ.” Ka jalo, basadi bano ba siana jalo ba tshogile ebile ba itumetse thata.
Ka nako eno, Maria o setse a bone Petere le Johane, mme o ba begela jaana: “Ba tlositse Morèna mo phupuñ, me ga re itse kwa ba mmeileñ gōna.” Baaposetoloi ba babedi bano ba tloga foo ka bonako fela ba siana. Johane o kgona go siana ka bofefo—go lebega a le mmotlana—mme o goroga pele kwa phupung. Basadi jaanong ba tsamaile, ka jalo ga go ope koo. Johane o a inama, o okomela mo teng ga phupu mme o bona matsela, mme ga a tsene mo teng.
Fa Petere a goroga, ga a senye nako mme o tsena mo teng. O bona matsela a le foo gape le letsela le le neng le bofile tlhogo ya ga Jesu. Le phuthetswe kwa thoko. Johane jaanong le ene o tsena mo phupung, mme o dumela pego ya ga Maria. Mme Petere mmogo le Johane ga ba akanye gore Jesu o tsositswe, lemororo A ne a tlhola a ba bolelela gore O tla tsosiwa. Bobedi jono bo boela gae bo gakgametse, mme Maria, yoo jaanong a boetseng fa phupung o a sala.
Ka nako eo, basadi ba bangwe ba sianela go bolelela barutwa gore Jesu o tsositswe mo baswing, jaaka baengele ba ba laetse gore ba dire. Fa ba ntse ba siana thata jalo, Jesu o kopana nabo a bo a bolela jaana: “Se boiheñ: eañ go raea bana ba ga Rrè, lo re, ba eè Galilea, me ba tla mpōna gōna.”
Pelenyana ga foo, fa go ne go nna le thoromo ya lefatshe mme baengele ba tla, masole a a neng a disitse a ne a gakgamala mme a ne a nna jaaka batho ba ba suleng. Fa ba sena go rarabologelwa, ba ne ba ya kwa motseng ka bonako mme ba bolelela baperesiti ba bagolo se se diragetseng. Fa ba sena go kopana le “bagolwane” ba Bajuda, go dirwa tshwetso ya go leka go timetsa kgang eno ka go naya masole pipamolomo. Ba laelwa jaana: “Lo tlo lo re, Barutwa ba gagwè ba tsile bosigo, ba mo ucwa re robetse.”
Ereka masole a Baroma a ka nna a atlholelwa loso ka ntlha ya go robala fa ba le mo tirong, baperesiti ba ba solofetsa jaana: “Me e tla re ha seo se, [pego ya gore lo ne lo robetse], se ka hitlha mo ditsebeñ tsa molaodi, èna re tla mo kgōna, le lona re lo sireletse.” Ereka pipamolomo eno e le ntsi fela ka mo go lekaneng, masole a dira fela jaaka a laetswe. Seno se felela ka gore pego ya maaka ya gore mmele wa ga Jesu o utswilwe e aname thata mo Bajudeng.
Maria Magadalena, yoo a salang a ntse kafa morago ga lebitla, o hutsafetse tota. Tota Jesu a ka tswa a le kwa kae? Fa a inamela kwa pele go leba mo phupung, o bona baengele ba babedi ba apere bosweu, bao ba itlhagisitseng gape! Mongwe o ntse kwa tlhogong yo mongwe kwa dinaong tsa foo mmele wa ga Jesu o neng o laditswe gone. “Mosadi, u lelèlañ?” Mme yono le ene o botsa jaana: “U batla mañ?”
Ereka a ne a akanya gore motho yono ke mmaakanyi wa tshimo eo phupu eno e leng mo go yone, o mo raya a re: “Morèna, ha u mo tlositse, mpolèlèla kwa u mmeileñ gōna, me ke tla mo tlosa.”
“Maria!” motho yoo o bolela jalo. Mme o kgona go lemoga ka bonakonyana fela ka tsela eo a neng a tlhola a bua le ene ka yone gore ke Jesu. “Raboni,” (seo se kayang “Moruti!”) o tlhaeletsa jalo. O mo tlamparela a itumetse fela thata. Mme Jesu o bolela jaana: “Se nkame; gonne ga ke e se ke tlhatlogele kwa go Rara: me u eè kwa go bana ba ga Rrè, u ba reè, u re, Ke tlhatlogèla kwa go Rrè, le Rra eno, le kwa go Modimo oa me, le Modimo oa lona.”
Maria jaanong o sianela kwa baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba phuthegetseng gona. Pego ya gagwe e oketsa pego ya basadi ba bangwe ya gore ba bone Jesu yo o tsositsweng. Lefa go le jalo, banna bano, bao ba neng ba sa dumele basadi ba ntlha, go lebega ba sa dumele le Maria. Mathaio 28:3-15; Mareko 16:5-8; Luke 24:4-12; Yohane 20:2-18.
◆ Maria Magadalena o dira eng fa a fitlhela phupu e le lolea, mme basadi ba bangwe ba itemogela eng?
◆ Petere le Johane ba itshwara jang fa ba fitlhela phupu e le lolea?
◆ Basadi ba bangwe ba bona eng fa ba le mo tseleng go ya go begela barutwa ba ga Jesu gore o tsogile mo baswing?
◆ Masole a a disitseng a diragalelwa ke eng, mme baperesiti ba dira eng fa ba begelwa ka seno?
◆ Go diragala eng fa Maria Magadalena a setse a le esi kwa phupung, mme barutwa ba amogela dipego tsa basadi bano jang?