Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo A Neng A Lo Bala Lo Ne Lwa Ama Pelo ya Me”
“LEHOKO ya Modimo le tshedile, le tlhaga,” go ne ga bolela jalo moaposetoloi Paulo. (Bahebera 4:12) Seno se ne sa itshupa gore se boammaaruri ka mosadi mongwe yo o tswang kwa Vietnam yoo a neng a godisitswe jaaka Mobuda. Kgang ya gagwe ke eno.
“Batsadi ba me, ba ba santseng ba le kwa Vietnam, ke Babuda, ka jalo ke ne ka godisiwa jaaka Mobuda go fitlha fa ke nyalwa fa ke na le dingwaga di le 22. Balelapa la monna wa me ba ne ba mpateletsa gore ke kolobediwe mo Kerekeng ya Katoliki. Ba ne ba bolela gore matsalaake yo a neng a tlhokafetse o ne a sa kgone go tsena kwa legodimong gonne ke ne ke le Mobuda! Kwa tshimologong ke ne ka gana, mme moragonyana ke ne ka kolobediwa fela go ba kgotsofatsa. Lefa go ntse jalo, mo teng ga pelo ya me, ke ne ke sa ikutlwe sentle gonne ke ne ke tlhoile boitimokanyi jwa Kereke ya Katoliki. Bo ne bo sa farologane le bodumedi jwa Bobuda. Bo ne bo tseneletse thata fela mo ntweng le mo dipolotiking go tshwana le jone, mme otlhe ka bobedi jwa one a ne a kgothaletsa gore go obamelwe borremogologolwane.
“Fa nkabo ke ile ka nna kwa Vietnam nkabo ke se kile ka nna le ditshono tse dintsi tsa go ithuta boammaaruri. Ke ne ka gola ka nako ya fa diphetogo tsa dipolotiki di ne di tletse mo Vietnam Borwa, mme ke ne ke nna mo toropong e e kgakala thata le Saigon. Ka gone ke ne ka nna le lesego la go kgona go tshabela kwa Australia.
“Ke ne ke le mongwe wa batho ba ba neng ba le sego tota mo sekepeng. Ke ne ka tshwanela go tshaba mo lefifing go tila mapodisi le go tsena mo sekepeng se sennye sa go tshwara ditlhapi ke tshotse leseanyana la me le lennye mo mabogong. Morago ga go nna malatsi a le supa mo lewatleng re ne ra goroga kwa Malaysia, koo re neng ra nna gone dikgwedi di le mmalwa mo kampeng ya batshabi pele re tla mo Australia.
“Morago ga dingwaga di le pedi le sephatlo ke le mo Australia, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa ba le mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo. Ke ne ka dumela go nna le thuto ya Bibela fa ba nketetse la ntlha gonne ke ne ke bona e le tshono e e molemo ya go ithuta Seesemane. Mme boitsholo jwa Mosupi yo a neng a mpona le boammaaruri jo a neng a bo nthuta di ne tsa nkgatlha tota. Lokwalo longwe le longwe lo a neng a lo bala lo ne lo ama pelo ya me, mme ke ne ke sa bone boitimokanyi bope mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke ne ka neela Jehofa botshelo jwa me mme ka kolobediwa morago ga go ithuta Bibela ka lobaka lwa ngwaga le sephatlo.
“Tota boammaaruri bo ne jwa fetola gotlhelele kafa ke neng ke leba botshelo ka gone. Monna wa me ga a dumela, mme Jehofa o ne a nthusa le go ntshegetsa, mmogo le lelapa la me le lennye. O ne a nna Mokaedi wa me yo Mogolo mme a nthuta gore ke nne mosadi le mmè yo o botoka. Ke leboga Jehofa ke sa kgaotse go bo a nthusitse go tswa mo lefifing la semoya mme a ntsenya mo leseding la boammaaruri jwa Bibela.”
Ka boammaaruri, Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le ne la dira molemo fano. Go ithuta Bibela le go dirisa seo se ithutiwang go naya bokao le go nna le boikaelelo mo botshelong gape go isa kwa botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ke fela jaaka Modimo a ne a tlhotlheletsa Moshe go bolela jaana, “gonne ga se lehèla mo go lona; ka ke botshelō yoa lona.”—Duteronome 32:47.