LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 14-20
  • A o Tla Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tla Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Diragadiwa ga Tshiamiso ya Bomodimo
  • Tshiamiso e Lekalekanngwa le Kutlwelobotlhoko
  • Go Tshwenyega ka Seo Se Neng Se Latlhegile
  • Boitumelo jwa Selegodimo—Go Itumelelwa Eng?
  • Go Dirisiwa ga Boikotlhao le Kutlwelobotlhoko
  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Merafe Yotlhe e Tloga e Bona Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 14-20

A o Tla Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko?

“Nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.”—BAEFESIA 5:1.

1. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go amega ka go etsa ba bangwe?

BATHO ka bontsi ba etsa ba bangwe, ekane ba ba etsa mo selong se se molemo kana se se bosula. Batho bao re tshelang le bone, le bao re ka nnang ra ba etsa, ba ka re ama fela thata. Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Diane 13:20 o ne a tlhagisa ka go re: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” Ka gone, Lefoko la Modimo le na le lebaka le le utlwalang la go bolela ka go re: “U se ka ua etsa se se boshula, ha e se se se molemō hèla. Eo o dihañ molemō ke oa Modimo.”—3 Yohane 11.

2. Ke mang yo re tshwanetseng go mo etsa, mme ka ditsela dife?

2 Re na le dikai tse di molemo fela thata tsa Bibela tsa banna le basadi bao re ka ba etsang. (1 Bakorintha 4:16; 11:1; Bafilipi 3:17) Lefa go le jalo, yo re tshwanetseng go mo etsa go gaisa botlhe ke Modimo. Mo go Baefesia 4:31–5:2, morago ga a sena go tlhalosa mekgwa le ditlwaelo tseo re tshwanetseng go di tila, moaposetoloi Paulo o ne a re rotloetsa ka gore re nne “pelonamagadi, [re] ichwarèlanè.” Seno se ne sa gogela go kgothatso eno e kgolo e e reng: “Ke gōna nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ. Me lo sepelè mo loratoñ.”

3, 4. Modimo o ile a itlhalosa jang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa go nna ga gagwe Modimo o o tshiamo?

3 Ditsela tsa Modimo le dinonofo tsa one tse re tshwanetseng go di etsa ke dife? Go na le methale e le mentsi ya botho jwa gagwe le ditiro, jaaka go ka bonwa mo tseleng eo a itlhalosang mo go Moshe ka yone a re: “Yehofa, Modimo o o tletseñ [kutlwelobotlhoko], o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure; O o bolokèlañ ba makgolo kgolo boutlwèlō botlhoko, o o ichwarèlañ tshiamololō, le tlolō, le boleo: le o o se ketlañ o golola eo o molato gopè: o o beletsañ bana ba batho tshiamololō ea borrabō, le bana ba bana, go ea go hitlha mo kokomaneñ ea boraro le ea bonè.”—Ekesodo 34:6, 7.

4 Ereka Jehofa a “rata tshiamō le tshiamishō,” re tlamega go itse le go etsa karolo eno ya botho jwa gagwe. (Pesalema 33:5; 37:28) Ke Mmopi, mmogo le Moatlhodi yo mogolo wa batho le Monei-Molao, ka jalo o direla botlhe tshiamiso. (Isaia 33:22) Seno se bontshiwa ka phepafalo ke tsela eo a neng a batla gore go dirisiwe tshiamiso ka gone a bo a dira gore e diragadiwe gareng ga batho ba gagwe Iseraele mme moragonyana mo phuthegong ya Bokeresete.

Go Diragadiwa ga Tshiamiso ya Bomodimo

5, 6. Tshiamiso e ne ya bonala jang mo go dirisaneng ga Modimo le Baiseraele?

5 Fa a ne a tlhopha Iseraele jaaka batho ba gagwe, Modimo o ne wa ba botsa gore a ba ne ba ‘tla utlwa lentswe la gagwe ruri le go boloka kgolagano ya gagwe ka boammaaruri.’ Ba ne ba araba jaana, ba phuthegetse fa tlase ga Thaba ya Sinai: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.” (Ekesodo 19:3-8) Abo seo e ne e le kgato e e masisi jang ne! Modimo o ne wa naya Baiseraele melao e le 600, a dirisa baengele, eo ba neng ba tshwanetse go e boloka, jaaka batho ba ba ineetseng mo go ene. Go tweng fa mongwe a ne a sa dire jalo? Motho mongwe yo o neng a boloka Molao wa Modimo ka botlalo o ne a tlhalosa ka go re: “Lehoko ye le builweñ ka baengele le hitlhecwe le le tlhōmamō, me tlolō ñwe le ñwe, le go gana go utlwa, ga bōna tuèlō ea tehishō e e lekalekanyeñ.”—Bahebera 2:2.

6 Ee, Moiseraele yo o neng a sa utlwe o ne a lebanywe ke “tehishō e e lekalekanyeñ,” eseng tshiamiso ya batho e e tlhaelang, mme eleng tshiamiso e e tswang kwa Mmoping wa rona. Modimo o ne wa tlhoma dikatlholo di le mmalwa tsa go roba molao. Katlholo e e neng e le masisi go di gaisa tsotlhe e ne e le go ‘kgaolwa,’ kana go bolawa. Eno e ne e dira mo ditlolomolaong tse di masisi fela thata, tse di tshwanang le kobamelo ya medimo ya disetwa, boaka, go betelelwa ga bana, go tlhakanela dikobo le diphologolo, bosodoma, go ntsha bana ditlhabelo, polao, le go sa diriseng madi sentle. (Lefitiko 17:14; 18:6-17, 21-29) Mo godimo ga moo, Moiseraele ope fela yo o neng a tlola molao wa Modimo ka bomo, yo a neng a sa ikwatlhaye, le ene o ne a ‘kgaolwa.’ (Dipalō 4:15, 18; 15:30, 31) Fa tshiamiso eno ya bomodimo e ne e diragadiwa, diphelelo di ne di ka nna tsa utlwiwa ke ditlogolwana tsa modiraphoso.

7. Diphelelo dingwe tsa go diragatsa tshiamiso gareng ga batho ba Modimo ba bogologolo e ne e le dife?

7 Dikatlholo tse di ntseng jalo di ne di gatelela bomasisi jwa go tlola molao wa Modimo. Ka sekai, fa morwa mongwe a ne a nna letagwa kana yo o jang bobe, o ne a tshwanetse go tlisiwa fa pele ga baatlhodi ba ba godileng. Fa ba ne ba bona gore e ne e le modiraphoso wa ka boomo, yo o sa ikotlhaeng, batsadi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo go diragatseng katlholo. (Duteronome 21:18-21) Rona bao re leng batsadi re ka lemoga gore go ne go se motlhofo go dira seo. Lefa go le jalo, Modimo o ne o itse gore go ne go tlhokega gore go nne jalo e le gore bosula bo seka jwa anamela mo baobameding ba boammaaruri. (Esekiele 33:17-19) Seno se ne se rulagantswe ke Ene yo go ka buiwang ka ene ga twe: “Ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.”—Duteronome 32:4.

8. Modimo o ne a diragatsa tshiamiso jang fa a ntse a dirisana le phuthego ya Bokeresete?

8 Morago ga makgolokgolo a dingwaga Modimo o ne wa gana morafe wa Iseraele mme wa kgetha phuthego ya Bokeresete. Mme Jehofa ga a ka a fetoga. O ne a santse a tshwareletse mo tshiamisong ebile o ne a ka tlhalosiwa jaaka “molelō o o lailañ.” (Bahebera 12:29; Luke 18:7, 8) Ka jalo he o ne a tswelela a ntse a na le tsela ya go tsenya poifo ya bomodimo mo phuthegong yotlhe ka go leleka badirabosula. Bakeresete ba ba ineetseng bao ba neng ba nna badirabosula ba ba sa ikotlhaeng ba ne ba tshwanetse go kgaolwa.

9. Go kgaola motho ke eng, mme go fitlhelela eng?

9 Ke eng se se kopanyelediwang mo go kgaoleng motho? Re bona sekai sengwe seo re ka tsayang malebela mo go sone mo mokgweng oo go neng ga dirisanngwa le bothata bongwe ka gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mokeresete mongwe kwa Korintha o ne a tshwarega mo boitsholong jo bo sa siamang le mosadi wa ga rraagwe mme a seka a ikotlhaya, ka jalo Paulo o ne a laola gore o tshwanetse go lelekwa mo phuthegong. Seno se ne se tshwanetse go dirwa go boloka batho ba Modimo ba ntse ba le phepa, ka gonne “sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe.” Go lelekwa ga gagwe go ne go tla thibela gore bosula jwa gagwe bo seka jwa tlontlolola Modimo le batho ba Gagwe. Kotlhao e e botlhoko ya go kgaolwa e ka nna gape ya mo gamola pelo mme ya tsenya mo go ene le mo phuthegong poifo e ba tshwanetseng go nna le yone mo Modimong.—1 Bakorintha 5:1-13; bapisa Duteronome 17:2, 12, 13.

10. Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go itshwara jang fa motho mongwe a kgaotswe?

10 Molao wa Modimo ke gore fa motho yo o bosula a lelekiwa, Bakeresete ba tshwanetse go ‘sa tlwaelane le ene, le fa e le go ja le motho yo o ntseng jalo.’a Ka go dira jalo o a bo a sa tlhola a ka tsalana, lefa e le go tlhakana le batho ba ba ikanyegang bao ba tlotlang ba bile ba batla go tsamaya go ya ka molao wa Modimo. Bangwe ba bone ba ka tswa e le balosika lo lo kgakalanyana, e se karolo ya balelapa lone leo. Go ka nna ga bo go le bokete ka balosika bao go dirisa taolo eo ya bomodimo, fela jaaka go ne go se motlhofo ka batsadi ba Bahebera bao ba neng ba laolwa ke Molao wa ga Moshe go nna le seabe mo go bolayeng morwa yo o bosula. Lefa go ntse jalo, taolo ya Modimo e phepafetse; ka gone re ka tlhomamisega gore go kgaola motho ke selo se se siameng.—1 Bakorintha 5:1, 6-8, 11; Tito 3:10, 11; 2 Yohane 9-11; bona Tora ya Tebelo, March 1, 1982, ditsebe 13-18; April 15, 1988, ditsebe 28-31.

11. Dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa Modimo di ne di ka bonala jang mo kgannyeng ya go kgaolwa ga motho?

11 Lefa go le jalo, gakologelwa gore Modimo wa rona ga o na tshiamiso fela; gape “o tletse boutlwèlō botlhoko; o ichwarèla boikèpō le tlolō.” (Dipalō 14:18) Lefoko la gagwe le phepafatsa gore motho yo o kgaotsweng o ka nna a ikotlhaya, a senka gore Modimo o mo itshwarele. Mme go bo go dirwa eng? Balebedi ba ba nang le boitemogelo ba ka nna ba kopana le ene go atlhola ka thapelo le ka kelotlhoko gore a o bontsha bosupi jwa gore o ikotlhaetse phoso eo e neng ya dira gore a kgaolwe. (Bapisa Ditihō 26:20.) Fa go ntse jalo, o ka nna a busediwa mo phuthegong, jaaka 2 Bakorintha 2:6-11 e bontsha gore go ne ga diragala jalo ka monna wa kwa Korintha. Lefa go le jalo, batho bangwe ba ba lelekilweng ba na le dingwaga di le dintsi ba ntse ba dule mo phuthegong ya Modimo, jalo a go na le sengwe se se ka dirwang go ba thusa go bona tsela ya go boa?

Tshiamiso e Lekalekanngwa le Kutlwelobotlhoko

12, 13. Ke jang go etsa Modimo ga rona go tshwanetseng ga akaretsa se se fetang go bontsha tshiamiso ya gagwe fela?

12 Fa godimo go ne go buiwa thatathata ka ntlha e le nngwe fela ya dinonofo tsa Modimo, jaaka e umakiwa mo go Ekesodo 34:6, 7. Lefa go ntse jalo, ditemana tseo di tlhalosa se se fetang tshiamiso ya Modimo fela, mme bao ba batlang go mo etsa ga ba ganelele fela mo go diragatseng tshiamiso ka botlalo. Fa e le gore o ne o batla go dira setshwantsho sa tempele e e neng ya agiwa ke Solomone, a o ne o tla ithuta pilara e le nngwe fela ya dipilara tsa yone? (1 Dikgosi 7:15-22) Nnyaa, ka gonne seo se ne se sa kake sa go bontsha kafa tempele eo e neng e lebega ka teng ka tsela e e lekalekanyeng le sebopego le tiro ya yone. Ka mo go tshwanang, fa e le gore re batla go etsa Modimo, re tlhoka gape go etsa ditsela le dinonofo tse dingwe tsa gagwe, tse di tshwanang le go nna yo o ‘kutlwelobotlhoko, yo o tsalano, yo o bonya go galefa, le yo o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri; yo o bolokelang ba ba makgolokgolo letlotlo la boutlwelobotlhoko, yo o itshwarelang tshiamololo.’

13 Kutlwelobotlhoko le boitshwarelo ke dinonofo tsa motheo tsa Modimo, jaaka re bona ka tsela eo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone. Modimo wa tshiamiso o ne o seke o tlhoka go ba otlhaela phoso eo ba neng ba e dirile gangwe le gape, lefa go ntse jalo o ne o ba bontsha kutlwelobotlhoko e kgolo thata a bo a ba itshwarela. “O na a itsise Moshe metsamaō ea gagwè, le madihō a gagwè a a itsise bana ba Iseraela. Yehofa o tletse [kutlwelobotlhoko], me o pelochweu, o bonya go galeha, o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko. Ga a ketla a ōmana ka metlha eotlhe; leha e le go nna ka bogale ka bosena bokhutlō.” (Pesalema 103:7-9; 106:43-46) Ee, fa re leba ditiro tsa gagwe tsa bogologolo go supega fa mafoko ao a le boammaaruri.—Pesalema 86:15; 145:8, 9; Mika 7:18, 19.

14. Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a le kutlwelobotlhoko fela jaaka Modimo a le kutlwelobotlhoko?

14 Ereka Jesu Keresete “e le èna marañ a kgalalèlō ea [Modimo] le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna,” re tshwanetse go lebelela gore a bontshe kutlwelobotlhoko e e tshwanang le go iketleeletsa go itshwarela. (Bahebera 1:3) O ne a dira jalo, fela jaaka ditiro tse a neng a di direla ba bangwe di bontsha. (Mathaio 20:30-34) Gape o ne a gatelela kutlwelobotlhoko jwa gagwe ka mafoko a re a balang mo go Luke kgaolo 15. Ditshwantsho tse tharo tse go buiwang ka tsone moo di supa gore Jesu o ne a etsa Jehofa, mme ke thuto e e molemo mo go rona.

Go Tshwenyega ka Seo Se Neng Se Latlhegile

15, 16. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu go neela ditshwantsho tse di mo go Luke 15?

15 Ditshwantsho tseo di supela gore Modimo o kgatlhegela baleofi ka kutlwelobotlhoko, seo e leng sekao seo se utlwalang seo re tshwanetseng go se etsa. Elatlhoko gore go ne go diragala eng mo setshwantshong seo: “Me yana bakgethisi botlhe le baleohi ba bo ba ne ba mo atamèla go mo utlwa. Me Bafarisai ba ñōñōrèga, le bakwadi ba re, Monna eo, o chola baleohi, me o ya nabō.”—Luke 15:1, 2.

16 Batho botlhe ba go buiwang ka bone e ne e le Bajuda. Bafarasai le bakwadi ba ne ba ikgantsha ka go tsaya gore bone ba ne ba dira se se mo Molaong wa ga Moshe ka botlalo, mofuta wa tshiamo ya semolao. Lefa go le jalo, Modimo o ne o sa dumalane le tshiamo ya go nna jalo e e ipolelwang. (Luke 16:15) Go bonala gore bakgethisi ba ba umakiwang e ne e le Bajuda bao ba neng ba phuthela Roma lekgetho. Ereka ba le bantsi ba bone ba ne ba tsaya madi a a fetileng selekanyo mo Bajudeng ka bone, bakgethisi e ne e le setlhopha sa batho ba ba nyadiwang. (Luke 19:2, 8) Ba ne ba tsewa fela jaaka “baleohi,” bao ba neng ba akaretsa batho ba boitsholo jo bo sa siamang, le eleng diaka. (Luke 5:27-32; Mathaio 21:32) Mme Jesu o ne a botsa baeteledipele ba bodumedi bao ba neng ba ngongorega ka go re:

17. Setshwantsho sa ga Jesu sa ntlha se se mo go Luke 15 e ne e le sefe?

17 “Motho ke ohe oa lona eo e ka reñ a na le dinku di le lekgolo, me ha ñwe ea cōna e timèla, eo o se keñ a tlogèla tse di mashomè a a hèrañ o le moñwe le bohèra o le moñwe, mo nageñ, me a ee go batla e e timetseñ, go tlo go tsamaeè a e bōnè? Me o tla re a sena go e bōna, a e bèe mo mahetleñ a gagwè, a itumèle. Me e re a tla mo gae, a phuthe ditsala tsa gagwè le ba ga gabō, a ba rèe, a re, Itumeleñ le nna, gonne ke bonye nku echo e e neñ e timetse. Kea lo raea, Go tla nna boitumèlō hèla yalo kwa legodimoñ, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ, bogolo go kaga ba ba siameñ ba ba mashomè a a hèrañ o le moñwe le bohèra o le moñwe, ba ba sa diheñ boikwatlhaō sepè.” Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba kgona go tlhaloganya puo eo ya tshwantshetso, ka gonne dinku le badisa e ne e le dilo tseo ba neng ba di bona ka metlha. Ka baka la lorato, modisa o ne a tlogela dinku tse di 99 gore di sale di fula mo mafulong a a tlwaelegileng fa ene a ya go batla e e timetseng. Fa a sena go e batla go fitlhela a e bona, o ne a busetsa nku e e tshogileng eo kwa dinkung tse dingwe a e neneketsa.—Luke 15:4-7.

18. Jaaka go tlotlomaditswe mo setshwantshong sa bobedi sa ga Jesu mo go Luke 15, ke eng se se neng se dira gore batho ba itumele?

18 Jesu o ne a oketsa ka setshwantsho sa bobedi a re: “Kgotsa, mosadi ke ohe, eo e ka reñ a na le madi [drachma, “NW”] a le shomè a selefera, me ha a latlhègèlwa ke le leñwe, a se ka a chuba lobōnè, a hèèla ntlo, a batla ka tlhōahalō a tsamaeè a le bōnè? Me o tla re a sena go le bōna, a phuthe ditsala tsa gagwè le ba ga gabō, a re, Itumeleñ le nna, gonne ke bonye ledi ye le ne le ntatlhegetse. Kea lo raea, Go boitumèlō hèla yalo ha pele ga baengele ba Modimo, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ.” (Luke 15:8-10) Drachma eno e ne e lekana le tuelo ya letsatsi ya mmereki. Ledi la tshipi la mosadi yono e ka nna ya bo e ne e le boswa, kana e ka nna ya bo e ne e le lengwe la madi a a neng a dirile dibenyane ka one. Fa le ne le latlhega, o ne a batla ledi leno ka patla le jase, mme go tswa foo ene le basadi ba ditsala tsa gagwe ba ne ba itumela fela thata. Seno se re bolelela eng ka Modimo?

Boitumelo jwa Selegodimo—Go Itumelelwa Eng?

19, 20. Ditshwantsho tsa ntlha tse pedi tsa ga Jesu mo go Luke 15 di ne di bua thatathata ka bomang, mme ke ntlha efe ya konokono eo di neng di e tlhalosa?

19 Ditshwantsho tse pedi tseno e ne e le karabelo ya go kgalwa ga ga Jesu, yoo dikgwedi di le mmalwa pelenyana a neng a ile a ipolela fa e le “modisa eo o molemō” yo o neng a ka neela dinku tsa gagwe botshelo jwa gagwe. (Yohane 10:11-15) Lefa go ntse jalo, ditshwantsho tseno di ne di sa remelela thatathata mo go Jesu. Dithuto tseo bakwadi le Bafarasai ba neng ba tlhoka go di ithuta di ne di remeletse mo boikutlong jwa Modimo le ditsela tsa gagwe. Ka gone, Jesu o ne a bolela gore go nna le boipelo kwa legodimong fa moleofi a ikotlhaya. Batho bao ba bodumedi ba ne ba iphaka gore ba direla Jehofa, lefa go le jalo ba ne ba sa mo etse. Mo letlhakoreng le lengwe, ditsela tsa ga Jesu tsa kutlwelobotlhoko, di ne di tshwantshetsa thato ya ga Rraagwe.—Luke 18:10-14; Yohane 8:28, 29; 12:47-50; 14:7-11.

20 Fa e le gore ledi le le lengwe fela mo go a le lekgolo a ne a dira gore batho ba ipele, go ne go ntse jalo le go feta ka ledi le le lengwe fela mo go a le lesome. Le eleng gompieno, re kgona go utlwa maikutlo a basadi ba ipelela go bo ba bone ledi! Le mo go seno, thuto eno e remeletse mo go se se diragalang kwa legodimong, e leng gore “baengele ba Modimo” ba itumela le Jehofa “kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ.” Tlhokomela lefoko leo la bofelo, “ikwatlhaeañ.” Tota ditshwantsho tseno di ne di le kaga baleofi ba ba ikotlhayang. Mme o ka bona gore ka bobedi jwa tsone di ne di gatelela gore go a tshwanela gore batho ba itumele fa ba ikotlhaya.

21. Ke thuto efe e re tshwanetseng go e ithuta mo ditshwantshong tsa ga Jesu mo go Luke 15?

21 Baeteledipele ba ba timetseng bao ba bodumedi ba ba neng ba ikutlwa ba ikgotsofaletse ka go bo ba ne ba dira tumalanong le Molao ka go o okola fela ba ne ba itlhokomolosa ntlha ya gore Modimo ke o o “[kutlwelobotlhoko] o o tsalanō, . . . o o ichwarèlañ tshiamololō, le tlolō, le boleo.” (Ekesodo 34:6, 7) Fa ba ne ba ile ba etsa sebopego seno sa ditsela tsa Modimo le botho jwa gagwe, ba ka bo ba ne ba anaanela kutlwelobotlhoko ya ga Jesu go baleofi bao ba neng ba ikwatlhaya. Go tweng ka rona? A re tsenya thuto eno mo pelong le go e dirisa? Ebu, tlhokomela setshwantsho sa boraro sa ga Jesu.

Go Dirisiwa ga Boikotlhao le Kutlwelobotlhoko

22. Ka bokhutshwane, Jesu o ne a bolela eng seo e neng e le setshwantsho sa boraro mo go Luke 15?

22 Setshwantsho seno gantsi se ile sa bidiwa sa morwa sesinyi. Lefa go le jalo, fa o se bala o tla bona gore ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba akanya gore ke setshwantsho sa lorato lwa ga rre. Se bua ka morwa yo mmotlana mo lelapeng, yo o tsayang boswa jwa gagwe mo go rraagwe. (Bapisa Duteronome 21:17.) Morwa yono o tswa a bo a ya kwa lefatsheng le le kwa kgakala, koo a yang a ja boswa jwa gagwe jotlhe gone ka go itlhapedisa, a tshwanelwa ke go dira tiro ya go disa dikolobe, mme a bo a sotlega mo a jang dijo tsa dikolobe. Kwa bokhutlong o a itharabologelwa a bo a fetsa ka gore a boele kwa gae, fa fela a ka ya a berekela rraagwe jaaka modiri yo o hirilweng. Fa a atamela kwa gae, rraagwe o tsaya kgato e e siameng ya go mo amogela, a bo a mo direla mokete. Mogolowe wa mosimane, yo o neng a ntse a le kwa gae a bereka, ga a rate kutlwelobotlhoko eo a e bontshiwang. Mme rre o bolela gore ba tshwanetse go itumela ka gonne morwa yo o neng a sule jaanong o a tshela.—Luke 15:11-32.

23. Ke eng se re tshwanetseng go se ithuta mo setshwantshong sa morwa wa sesenyi?

23 Bakwadi bangwe le Bafarasai ba ka nna ba bo ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba tshwantshanngwa le morwa yo mogolwane, fa ba bapisiwa le baleofi bao ba neng ba tshwana le morwa yo mmotlana. Lefa go le jalo, a ba ne ba kgona go lemoga ntlha ya konokono ya setshwantsho seno, a mme rona re kgona go e lemoga? Se tlotlomatsa nonofo e e tlhomologileng ya ga Rraarona yo o kutlwelobotlhoko wa selegodimo, go ikemisetsa go itshwarela ga gagwe fa e le gore moleofi o ikotlhaile le go sokologa go tswa pelong. Go tshwanetse go ka bo go ile ga tlhotlheletsa bareetsi go nna le boipelo fa baleofi ba ba ikotlhaileng ba gololwa. Ke gone ka moo Modimo o lebang dilo le kafa a itshwarang ka gone, mme bao ba mo etsang ba dira ka tsela e e tshwanang.—Isaia 1:16, 17; 55:6, 7.

24, 25. Ke ditsela dife tsa Modimo tse re tshwanetseng ra bo re batla go di etsa?

24 Ka phepafalo, ditsela tsotlhe tsa Modimo ke tshiamiso, jalo ba ba batlang go etsa Jehofa ba rata tshiamiso ebile ba a e latela. Lefa go ntse jalo, Modimo wa rona ga o kgatlhiwe ke tshiamiso e e dirwang fela kwantle ga kakanyetso kana e e gagametseng. Kutlwelobotlhoko ya gagwe le lorato di dikgolo. O bontsha seno ka go iketleeletsa go itshwarela motho fa a ikotlhaile ka mmatota. Ke mo go tshwanelang he, go bo Paulo a tshwaraganya go itshwarela ba bangwe ga rona le go etsa Modimo ga rona: “Lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete. Ke gōna nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ. Me lo sepelè mo loratoñ.”—Baefesia 4:32–5:2.

25 Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go leka go etsa tshiamiso ya ga Jehofa mmogo le kutlwelobotlhoko ya gagwe le go iketleeletsa ga gagwe go itshwarela batho. Fa re nna re batla go mo itse, go tshwanetse ga nna motlhofo mo go rona gore re mo etse ka ditsela tseno. Lefa go le jalo, re ka dirisa seno jang mo mothong yo ka tshwanelo a neng a otlhaiwa mo go botlhoko ka baka la go bo a ne a tswelela a dira boleo? A re boneng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a “Kgopolo ya batho ka kakaretso ya go kgaolwa ga motho ke kgato e e akanyeditsweng eo mo go yone setlhopha sa batho ba amogang bao ba kileng ba bo ba le maloko a bone a a siameng ditshiamelo tsa boleloko. . . . Go kgaolwa go ne ga simololwa mo motlheng wa Bokeresete go lebisitse go kgato ya go ntshetsa kwa ntle eo ka yone batho ba bodumedi jo bo rileng ba amogang batlolamolao tirelo e e boitshepo, kobamelo ya phuthego, mme gongwe le go tlhakana nae le fa e le ka tsela epe fela.”—The International Standard Bible Encyclopedia.

O Ithutile Eng?

◻ Tshiamiso ya Modimo e ne ya bonala jang mo phuthegong ya Iseraele le mo phuthegong ya Bokeresete?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go etsa kutlwelobotlhoko ya Modimo fa re ntse re tsweletse ka go etsa tshiamiso ya gagwe?

◻ Ke eng se se neng sa dira gore go bolelwe ditshwantsho tse tharo tse di mo go Luke kgaolo 15, mme di tshwanetse go re ruta dithuto dife?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Dipoa tsa er-Raha fa pele ga Thaba ya Sinai (lemorago kafa molemeng)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Garo Nalbandian

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela