A O A Gakologelwa?
A o ile wa fitlhela gore ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo di na le molemo mongwe o o ka re fang thuso? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa leke go bona gore a o ka kgona go gakologelwa ka dintlha tse di latelang?
◻ Ke mabaka afe ao a tshegetsang gore go se itshepisiwe lefelo leo go bolelwang gore Jesu o tsaletswe kwa go lone?
Bibela ga e bolele lefelo le le tlhomameng leo Jesu a tsholetsweng kwa go lone. Dipego tsa Efangele tsa Mathaio le Luke di umaka dilo tsa botlhokwa fela. (Mathaio 2:1, 5; Luke 2:4-7) Tlhaloso e e mo go Yohane 7:40-42 e bontsha gore batho ka kakaretso ba ne ba sa itse sepe ka lefelo leo a tsholetsweng kwa go lone, ba bangwe ba ne ba akanya gore o ne a tsholetswe kwa Galalea. Gape, ka nako ya fa Jesu a santse a tshela mo lefatsheng, le ka motlha ga a ise a ko a tsamaye a tlhalosa ka botlalo kaga go tsholwa ga gagwe.—12/15, tsebe 5.
◻ Mokeresete o ka nna a itumetse jang fa a ntse a lwantshana le diteko tsa go lwala mo mmeleng, khutsafalo, le mathata a itsholelo?
Lefoko la Modimo le fa kgomotso e e tlhokafalang le kaelo. Fa re bala kana re reetsa dipesalema, re kgona go bona tapologo e kgolo eo re e tlhokang. Dafide o ne a re gakolola jaana: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa.” Gape o ne a re tlhomamisetsa gore Jehofa ke ‘Moutlwi wa thapelo’ eleruri. (Pesalema 55:22; 65:2) Phuthego ya ga Jehofa, ka dikgatiso tsa yone le ka bagolwane ba yone ba phuthego, ka metlha e ikemiseditse go re thusa go mekamekana le mathata a rona.—1/1, ditsebe 14-15.
◻ Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua jaana a le mo tseleng ya go ya go bapolwa: “Gonne ha ba diha dilō tse mo setlhariñ se se tala, go tla dihwa eñ mo go se se omeletseñ?” (Luke 23:31)
Jesu o ne a lebisitse go setlhare se e leng morafe wa Bajuda. Ka baka la go nna gone ga ga Jesu le masalela a Bajuda bao ba neng ba dumela mo go ene, morafe ono o ne o santse o na le bokgola jwa botshelo mo go one. Lefa go ntse jalo, fa dilo tseno tsotlhe di ne di tsewa mo morafeng ono, go ne go tla sala setlhare se se suleng moyeng fela, phuthego e e swabileng ya morafe.—1/15, tsebe 9.
◻ Ba ba “pelo di itshekileñ” ba ka kgona go “bōna Modimo” jang?
Ba “bōna Modimo” fa ba mo etse tlhoko a tsaya kgato go thusa babolokabothokgami. (Bapisa Ekesodo 33:20; Yobe 19:26; 42:5.) Lefa go ntse jalo, lefoko la Segerika mo go Mathaio 5:8 le le ranotsweng ka go re “bōna” gape le raya “go bona ka mogopolo, go lemoga, go itse.” Ereka Jesu a ne a bontsha botho jwa Modimo ka botlalo, go nna le temogo mo bothong joo go ne ga kgonisa “ba ba itshekileñ mo peloñ” go “bōna Modimo.” (Yohane 14:7-9)—1/15, tsebe 16.
◻ Ke ka ntlha yang fa re dumalana le gore Jesu ke ene moengele yo mogolo Mikaele?
Lefoko la Modimo le umaka moengele a le mongwe fela fela yo mogolo, mme le bua ka moengele yoo le lebisitse go Morena Jesu: “Morèna ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo.” (1 Bathesalonia 4:16) Mo go Yude 9 re bona gore leina la moengele yono yo mogolo ke Mikaele.—2/1, tsebe 17.
◻ Ke mo dikarolong dife tse nnè tseo re ka bontshang batho ba bangwe tlotlo mo go tsone?
Re tshwanetse go bontsha tlotlo mo babusing ba polotiki, mo bahiring, mo go bamalapa a rona, le mo go ba ba leng mo phuthegong.—2/1, ditsebe 20-2.
◻ Ka bokhutshwane fela pele ga Jesu a tlhokafala, ke sekao sefe seo a neng a se tlhomela bao ba nang le batsadi ba ba tsofetseng?
Fa Jesu a ne a santse a lepeletse mo koteng a utlwa botlhoko jo bo gamolang pelo, o ne a tlhomamisa gore mmaagwe o babalesegile mo nameng le mo semoyeng ka go mo naya moaposetoloi yo o rategang Johane gore a mo tlhokomele. (Yohane 19:25-27)—2/15, tsebe 8.
◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tshwanetse go boga?
Dipogo tsa ga Jesu di ne tsa rarabolola kganetsano ya bothokgami jwa batlhanka ba Modimo. Gape di ne tsa mo tlhomelelela seabe sa gagwe jaaka Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko wa setho. (Bahebera 4:15)—2/15, ditsebe 14-15.
◻ Ke dikgang dife tse di neng tsa tsosiwa ke botsuolodi jwa kwa Edena?
A motho o ka kgona go ipusa ka katlego kwantle ga Modimo? A Modimo o dira kafa tshiamong fa o batla gore batho ba ikobele bolaodi jwa gagwe? Ka tsela e e tshwanang, a go na le batho bangwe bao kwantle ga bogagapa ba neng ba tla itlhophela go direla Modimo ka go rata ga bone fela?—3/1, tsebe 6.
◻ Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ile ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso ka phoso?
Batho bangwe ba ba sa tiang ba ka nna ba bo ba ise ba nne le kutlwisiso e e lekanetseng sentle ya maikaelelo a Modimo. Ba ka nna ba bo ba sa dumele gore go tlodiwa “ga se ga eo o ikaèlèlañ, leha e le ga eo o sianañ, ha e se ga Modimo.” (Baroma 9:16) Ga se ga motho go itlhophela gore o rata gore a tsenngwe mo kgolaganong e ntšha mme a nne moruaboswa le Keresete. Go ikaegile ka gore ke mang yo Jehofa a mo tlhophang, mme moya wa gagwe o supela tlhopho eo. (Baroma 8:16; 1 Bakorintha 12:18)—3/15, tsebe 21.
◻ “Puō e e itshekileñ” e go buiwang ka yone mo go Sefania 3:9 ke eng?
Ke kutlwisiso e e siameng ya boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe.—4/1, ditsebe 21-2.