Nnang Lo Tsamayeng mo Leseding le mo Loratong
Dintlhakgolo tsa Yohane wa Ntlha
JEHOFA ke Motswedi wa lesedi le lorato. Re tshwanetse ra leba go Modimo go bona lesedi la semoya. (Pesalema 43:3) Mme lorato ke longwe lwa maungo a moya wa gagwe o o boitshepo.—Bagalatia 5:22, 23.
Lesedi, lorato, le dikgang tse dingwe go tlotliwa ka tsone mo lokwalong lwa ntlha lwa ga moaposetoloi Johane, lo lo ka nnang lwa bo lo kwaletswe kwa Efeso kana gaufi le gone mo e ka nnang ka 98 C.E. Lebaka le legolo la go le kwala e ne e le go sireletsa Bakeresete mo boteneging le go ba thusa go nna ba tsamaya mo leseding. Ereka re lebane le dikgwetlho tsa lorato lwa rona, tumelo, le go thokgama mo boammaaruring, eleruri re tla solegelwa molemo ke go sekaseka lokwalo lono.
‘Tsamayang mo Loratong’
Johane o ne a phepafatsa gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwanetse go tsamaya mo leseding la semoya. (1:1–2:29) O ne a re: “Modimo ke lesedi, me ga go na lehihi lepè [sepe se se bosula, sa boitsholo jo bo sa siamang, se se seng boammaaruri, kana se se sa itshepang] mo go ōna.” Ka gonne Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ‘ba tsamaya mo leseding,’ ba na le “kabalanō” le Modimo, Keresete, le mongwe go yo mongwe. Gape ba ntlafaditswe mo sebeng ka madi a ga Jesu.
E ka ne re le Bakeresete ba ba tloditsweng ba re nang le tsholofelo ya selegodimo kana re lebeletse botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng, re tla tswelela ka go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu fela fa re rata bakaulengwe ba rona mme re sa rate lefatshe. Gape re tshwanetse go tila go tlhotlhelediwa ke batenegi, ba ba tshwanang le “baganetsa Keresete,” bao ba itatolang Rara mmogo le Morwa. Mme a le ka motlha re seka ra lebala gore ba ba tla ipelelang botshelo jo bo sa khutleng ke fela bao ba ngaparelang boammaaruri ba bile ba dira tshiamo.
Bana ba Modimo ba Bontsha Lorato
Go tswa foo Johane o tlhaola bana ba Modimo. (3:1–4:21) Ntlha ke gore, ba dira se se siameng. Gape ba utlwa taolo ya ga Jehofa Modimo ‘ya gore ba nne le tumelo mo leineng la ga Morwawe, Jesu Keresete, le gore ba ratane.’
Motho yo o nang le “kicō ea Modimo” o itse ka maikaelelo a ga Jehofa le kafa lorato lwa Gagwe lo bonalang ka gone. Seno se tshwanetse go thusa motho gore a bontshe lorato. Ebile tota, “Eo o sa rateñ ga a itse Modimo; gonne Modimo o loratō.” Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonala fa Modimo “[o ne o] roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.” Fa e le gore Jehofa o ne a re rata go ya bokgakaleng joo, re patelesega go ratana. Ee, motho ope fela yo o ipolelang fa a rata Modimo gape o tshwanetse go rata morwarraagwe wa semoya.
Tumelo ‘E Fenya Lefatshe’
Lorato lo kgoromeletsa bana ba Modimo go obamela ditaolo tsa gagwe, mme ‘ba fenya lefatshe’ ka tumelo. (5:1-21) Tumelo ya rona mo Modimong, Lefoko la gagwe, le Morwawe di re kgonisa go ‘fenya lefatshe’ ka go gana go akanya ga lone le ditsela tsa lone tse di phoso le ka go boloka ditaolo tsa ga Jehofa. Modimo o neetse ‘bafenyi ba lefatshe’ tsholofelo ya botshelo jo bo sa feleng ebile o utlwa dithapelo tsa bone tseo di dumalanang le thato ya gagwe. Ka gonne motho ope fela yo o ‘tsetsweng ke Modimo’ a sa dire boleo, Satane ga a ikepele mo mothong yo o ntseng jalo. Mme batlodiwa mmogo le batlhanka ba ga Jehofa ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba tshwanetse go gakologelwa gore ‘lefatshe lotlhe le namaletse kafa tlase ga yo o bosula.’
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
Setlhabelo sa Seletlanyo: Jesu ke ‘setlhabelo sa seletlanyo sa dibe tsa rona [balatedi ba gagwe ba batlodiwa], lefa go le jalo eseng sa tsa rona fela mme le sa tsa lefatshe lotlhe,’ batho botlhe ba bangwe. (1 Yohane 2:2) Loso lwa gagwe e ne e le “seletlanyō” (Segerika, hi·la·smosʹ, se se kayang “tsela ya go kokobetsa,” “tetlanyo”) mme eseng ka kutlwisiso ya go thethebatsa maikutlo a a utlwileng botlhoko a Modimo. Go na le moo, setlhabelo sa ga Jesu se ne sa kokobetsa, kana sa kgotsofatsa, seo se tlhokwang ke tshiamiso e e itekanetseng ya Modimo. Jang? Ka go dira motheo o o siameng le o o tekatekanyo wa go itshwarelwa ga dibe, e le gore Modimo “o bo o nnè mosiamisi oa eo o nañ le tumèlō mo go Yesu.” (Baroma 3:23-26; 5:12) Setlhabelo sa ga Jesu se ne sa dira gore go kgonege, kana gore go nne molemo gore motho a kgone go batla le gore go kgonege gore a busediwe mo kamanong e e siameng le Jehofa ka go dira tsela ya go duelela sebe sa motho ka mo go feletseng. (Baefesia 1:7; Bahebera 2:17) Abo rotlhe re tshwanetse go lebogela seno jang ne!