Diponatshegelo Tse Di Kgatlhang Tota Tse Di Nonotshang Tumelo
Dintlhakgolo go tswa go Tshenolō
MOTLHANKA wa ga Jehofa ebong Johane o kwa setlhaketlhakeng se sennye sa Patamose, kafa ntlheng ya lotshitshi lo lo kafa bophirima lwa Asia Minor. Fa a le koo moaposetoloi yo o tsofetseng yono o bona dilo tse di kgatlhang tota—tsa tshwantshetso, tseo gantsi di gakgamatsang, mme di le botlhokwa eleruri! O iphitlhela a le mo letsatsing la Morena, le le simololang fa Jesu a tlhongwa mo setulong sa bogosi ka 1914 go fitlha kwa bokhutlong jwa Puso ya Gagwe ya Mileniamo. Lemororo Johane a bona ditiragalo tse di tla diragalang fa batho ba tla bo ba tshela mo nakong ya matlhotlhapelo, abo ponelopele ya gagwe ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete e le ntle jang ne! Abo batho ba ba boikobo ba tlile go itumelela masego a mantsi jang ne!
Johane o ne a kwala diponatshegelo tseno mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō. E ne ya kwalwa mo e ka nnang ka 96 C.E. mme e ka nonotsha tumelo ya rona mo Modimong yo o perofesang ebong Jehofa, le Morwawe, Jesu Keresete.—Go bona dintlha tse dingwe, bona buka Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Keresete O Naya Kgakololo E E Lorato
Kwa tshimologong ya tshenolo eno e e tswang kwa Modimong e tla ka Keresete go bonala makwalo a a kwaletsweng diphuthego tse supa tsa baruaboswa mmogo le Jesu ba Bogosi. (1:1–3:22) Ka kakaretso fela, makwalo ano a a akgola, a senola mathata, a a siamisa le go rotloetsa, le go bolela masego a a tla bonwang ke ba ba tla ikobang ka boikanyegi. Lemororo Baefesia ba ile ba itshoka, ba ne ba sa tlhole ba na le lorato lo ba neng ba na le lone pele. Phuthego e e humileng mo semoyeng ya Semerena e kgothalediwa go nna e ntse e ikanyega lemororo e pitlaganngwa. Phuthego ya Peregamo e ne ya kgona go itshokela pogiso, mme e letla makoko. Lemororo Bakeresete ba Thiatira ba ne ba dira ka natla, go na le tlhotlheletso ya Bojesebele koo. Phuthego ya Saredisa e tshwanela go tsoga semoyeng, e e kwa Filadelefia e kgothalediwa go tshwara ka natla se e nang naso, mme Balaodikea ba ba motlha ba tlhoka go alafiwa semoyeng.
Abo mafoko ao a le molemo jang ne mo go katiseng dikgosi tsa isagwe tsa selegodimo—ebile tota, mo Bakereseteng botlhe! Ka sekai, a go na le ope wa rona yo o motlha? He, tsaya kgato! Nna jaaka metsi a a tsididi a a lapolosang mo letsatsing le le mogote mme simolola go supa fa o tlhagafaletse Jehofa tota le tirelo ya gagwe.—Bapisa Mathaio 11:28, 29; Yohane 2:17.
Kwana O Bula Momeno
Morago ga foo, Jehofa o bonwa a le mo setulong sa gagwe sa bogosi a le mo kgalalelong. (4:1–5:14) O dikaganyeditswe ke bagolwane ba ba 24 le ditshedi tse nnè. O tshotse momeno o o kanetsweng ka dikano tse supa ka seatla. Ke mang yo a ka balang momeno ono? Ebu, Kwana, Jesu Keresete, o tshwanela sentle go dira jalo!
Go bonwa ditiragalo tse di gakgamatsang tota fa Kwana a bula dikano tse thataro. (6:1–7:17) Fa sekano sa ntlha se bulwa, Keresete o tlhaga a pagame pitse e tshweu, o newa serwalo (ka 1914), mme o tswelela pele go fenya. Fa dikano tse dingwe gape tse tharo di bulwa, bapagami ba bangwe ba dipitse ba lere ntwa, leuba, le loso mo bathong. Fa go bulwa sekano sa botlhano, bao ba bolaetsweng Keresete ba lelela gore madi a bone a busolodiwe, mongwe le mongwe o newa “kobo e chweu,” eo e supang fa ba siame eleng selo se se amanang le go tsosiwa ga bone jaaka dibopiwa tse di sa sweng tsa semoya tseo di bonang ditshiamelo tsa segosi. (Bapisa Tshenolō 3:5; 4:4.) Fa sekano sa borataro se kanololwa, letsatsi la bogale jwa Modimo le jwa ga Kwana le etelelwa pele ke thoromo ya lefatshe. Mme “diphehō tsa lehatshe coo nnè,” tseo di tshwantshetsang katlholo e e senyang, di a tshwarwa go fitlha batlhanka ba Modimo ba ba 144 000 ba kanelwa. Fa ba tlodiwa ka moya wa Modimo le go tsalwa jaaka barwa ba gagwe ba semoya, ba amogela letshwao—sekano, kana tsholofetso—ya boswa jwa bone jwa selegodimo pele ga nako. Kano eno e tla nna ya goyagoile fela fa ba sena go lekiwa. (Baroma 8:15-17; 2 Bakorintha 1:21, 22) Mme abo Johane a tshwanetse a bo a gakgametse jang ne go bona “boidiidi yo bogolo” jo bo tswang mo merafeng yotlhe—boidiidi jwa batho jo bo nang le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise! Ba tswa mo “pitlaganoñ e kgolo,” nako ya matlhotlhapelo e batho ba iseng ba e bone pele.
Abo go tlhaga ditiragalo tse di gakgamatsang jang ne fa sekano sa bosupa se bulwa! (8:1–11:14) Go nna tuulalo ka sephatlo sa ura, e e letlang gore dithapelo tsa baitshepi di utlwiwe, mme e latelwa ke go latlhelwa ga molelo mo lefatsheng o tswa mo sebesong. Morago ga foo baengele ba ba supa bano ba ipaakanyetsa go letsa dinaka ba itsise ka dipetso tsa Modimo mo go Labokeresete. Dinaka di lediwa mo nakong yotlhe ya bokhutlo go fitlha ka pitlagano e kgolo. Dinaka tse nne di bolela ka dipetso tse di tla tlang mo lefatsheng, mo lewatleng, mo metsweding ya metsi a a nowang, le mo letsatsing, ngwedi, le dinaledi. Lonaka lwa botlhano fa lo lediwa lo lere ditsie tse di tshwantshetsang Bakeresete ba ba tloditsweng di tsamaya ka segopa go ya kwa ntweng go tloga ka 1919 go ya kwa pele. Fa lonaka lwa borataro lo gelebetega, bapagami ba dipitse ba a tlhasela. Seno se diragadiwa fa batlodiwa ba ba neng ba okediwa ka “boidiidi yo bogolo” go tloga ka 1935, ba bolela melaetsa ya katlholo e e seng monate kgatlhanong le baeteledipele ba ditumelo tsa Labokeresete.
Morago ga foo Johane o ja momeno o monnye, se se supang gore batlodiwa ba amogela tiro e ba e neilweng mme ba inonotsha ka Lefoko la Modimo le le nang le dipolelo tsa dikatlholo tsa Modimo tseo ba di bolelang kgatlhanong le Labokeresete. Moaposetoloi o laelwa go lekanya boitshepo jwa maitshepo jwa tempele, seo se tlhomamisang gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka thulaganyo ya tempele bo tla diragadiwa le gore ba ba kopanelang le yone ba tla kgona go dira dilo tse Modimo o di batlang mo go bone. Morago, ‘basupi ba babedi’ ba ba tloditsweng ke Modimo ba perofesa ba apere letsela la kgetse, ba a bolawa, mme ba a tsosiwa. Seno se supa fa e le ka 1918-19, fa tiro ya bone ya go rera e ne e batla e nyelediwa ke baba, mme batlhanka ba ga Jehofa ba tsoga ka kgakgamatso go dira bodihedi jwa bone.
Bogosi Bo A Tsholwa!
Lonaka lwa bosupa fa lo lediwa lo itsise fa Bogosi bo tshotswe. (11:15–12:17) Mosadi wa tshwantshetso (phuthego ya ga Jehofa Modimo ya selegodimo) kwa legodimong o tshola ngwana wa mosimane (Bogosi jwa Modimo joo Keresete e leng Kgosi ya jone), mme kgogela (Satane) o leka go bo nyeletsa mme o a palelwa. Mikaele (Jesu Keresete) yo o fentseng o konela ntwa e e kwa legodimong e e neng ya lowa fa Bogosi bo sena go tsholwa ka 1914 ka go kgoromeletsa kgogela le baengele ba yone kwa tlase mo lefatsheng. Kgogela fa e le koo e tswelela go lwa le masalela a a tloditsweng a losika lwa mosadi wa selegodimo.
Morago Johane o bona sebatana seo se direlwang setshwantsho sengwe se se makgapha. (13:1-18) Sebatana seno sa bopolotiki se se ditlhogo di supa, le dinaka di le lesome se tswa mo “lewatleñ” ebong boidiidi jo bo tobekaneng jwa batho joo dipuso tsa batho di tswang mo go jone. (Bapisa Daniele 7:2-8; 8:3-8, 20-25.) Sebopiwa seno sa tshwantshetso se tsaya thata ya sone kae? Ebu, ga se mo go ope fela fa e se mo go Satane ebong kgogela! Akanya fela! Sebatana se segolo seno sa bopolotiki (Mmuso wa Lefatshe wa Amerika le Engelane) se bonwa se dira “sechwanchō,” se jaanong se itsiweng jaaka Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Bontsi bo patelediwa go obamela sebatana seno le go amogela “lochwaō” lwa sone ka go dira dilo ka tsela ya sone le ka go se letla go laola matshelo a bone. Mme Basupi ba ga Jehofa ba gana lotshwao lwa sedimona lwa sebatana seno ba gagametse!
Batlhanka ba ga Jehofa ba Tsaya Kgato
Bathanka ba ba farologaneng ba Modimo ba bonwa ba dira ka nako ya fa megotšana e supa ya bogale jwa gagwe e tshololwa. (14:1–16:21) Reetsa! Johane o kgona go utlwa ba ba 144 000 ba opela sengwe se eketeng pina e ntšha ba le mo Thabeng ya Siona ya selegodimo. Moengele yo o fofang fa gare ga legodimo o tshotse mafoko a a molemo go a rerela baagi ba lefatshe. Seno se bontsha eng? Gore Basupi ba ga Jehofa ba thusiwa ke baengele mo go boleleng molaetsa wa Bogosi.
Johane o tshwanetse a bo a gakgamaletse go bona mofeine wa lefatshe o rojwa mme merafe yotlhe e senngwa fa segatisetso sa beine ya bogale jwa Modimo se gatiwa. (Bapisa Isaia 63:3-6; Yoele 3:12-14.) Fa Jehofa a ntsha taolo baengele ba ba supa ba tsholola megotšana e supa ya bogale jwa Modimo. Lefatshe, lewatle, le metswedi ya metsi a a nowang, mmogo le letsatsi, setulo sa bogosi sa sebatana, le Noka ya Yuferatese, di angwa ke go tshololwa ga megotšana ya ntlha e merataro. Akanya fela gore Johane o ne a itumela jang fa a bona dikgosi tsa batho di phuthegela kwa ntweng ya Modimo ya Hara–Magedona di isiwa koo ke maaka a badimona. Mme matswela a seno a utlwisa botlhoko fa mogotšana wa bosupa o tshololelwa mo moyeng.
Basadi ba Babedi ba Tshwantshetso
Eleruri, Johane o kgatlhega tota fa a bona Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o senngwa, le fa a bona ditiragalo tse di itumedisang tse di diragalang fa a sena go senngwa. (17:1–19:10) Ereka a tagilwe ke madi a baitshepi, o bonwa a pagame sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se se nang le ditlhogo tse supa le dinaka di le lesome (Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le motlhatlhami wa lone, Lekgotla la Merafe E E Kopaneng). Ija, mme o senngwa jang ne fa dinaka tse di lesome tseno di mo tsogologela!
Go utlwala mantswe a selegodimo a baka Jehofa ka go bo a nyeleditse Babelona o Mogolo. Mme abo lenyalo la Kwana le monyadiwa wa gagwe ebong baitshepi ba ba tsositsweng, le itsisiwe ka loshalaba lo logolo jang ne lwa pako!
Keresete O A Fenya Ebile O A Busa
Morago Johane o bona Kgosi ya dikgosi fa e ntse e eteletse masomosomo a selegodimo pele mo go senyeng tsamaiso ya ga Satane ya dilo. (19:11-21) Ee, Jesu, “Lehoko [y]a Modimo,” o lwa le merafe. Moaposetoloi o bona sebatana (phuthego ya ga Satane ya bopolotiki) le moperofeti wa maaka (Mmuso wa Lefatshe wa Amerika le Engelane) ba latlhelwa mo “bodibeñ yoa molelō,” joo bo tshwantshetsang tshenyego e e feletseng, ya goyagoile.
Go latela eng? Johane o bona Satane a tsenngwa mo moleteng. Ka nako eo o bona kafa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete e tla nnang ka gone, eo mo go yone Jesu le babusi ka ene ba ba tsositsweng ba atlholang batho, ba dira gore batho ba ba boikobo ba itekanele! (20:1-10) Eno jaanong ke nako ya teko ya bofelo. Fa a sena go gololwa mo moleteng, Satane o tla ya go tsietsa batho ba ba dirilweng boitekanelo mme tshenyego e tla tla e khutlisa tiro ya badimona le batho ba batsuolodi ba ba leng kgatlhanong le Modimo.
Fa a akanya ka nako e e fetileng, abo Johane a tshwanetse a bo a itumetse jang ne go bona botlhe ba ba neng ba sule, ba le mo Hades (lebitla la batho le le tlwaelegileng), le lewatle la ba ba tsositsweng mo mabitleng le ba ba atlholwang ba ba fa pele ga Modimo yoo a ntseng mo setulong se segolo se sesweu sa bogosi! (20:11-15) Mme abo ba ba siameng ba tla ikutlwa ba gololesegile jang ne fa loso le Hades di latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, mme le se kitla le tlhola le bolaya ope gape!
Kwa bokhutlong jwa diponatshegelo tsa gagwe, Johane o bona Jerusalema O Mosha. (21:1–22:21) Motse oo wa puso o tswa kwa legodimong mme o leretse merafe lesedi. “Noka ea metse a botshelō” e elela go ralala Jerusalema O Mosha, mme e emela boammaaruri jwa Dikwalo le sengwe le sengwe seo se tswang mo Modimong se se thailweng mo setlhabelong sa ga Jesu se se gololang batho ba ba boikobo mo boleong le mo losong mme ba newa botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 1:29; 17:3; 1 Yohane 2:1, 2) Mo lotshitshing longwe le longwe lwa noka eno, Johane o bona ditlhare tse matlhare a tsone a alafang, tseo di tshwantshetsang karolo ya dilo tse Jehofa a di baakanyeditseng go naya batho ba ba boikobo botshelo jo bo sa khutleng. Melaetsa ya bofelo e e tswang mo Modimong le mo go Keresete e latelwa ke taletso. Abo go itumedisa jang ne go utlwa moya le monyadiwa ba laletsa mongwe le mongwe yo o nyorilweng go ‘tla go nwa metsi a botshelo kwantle ga theko’! Mme fa re bala mafoko a a konelang a Tshenolō, kwantle ga pelaelo re nna tlhaga mme re tlhaeletsa le Johane jaana: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]
Nnang Lo Thantse: Mo mafokong a seperofeti go bolelwa jaana kaga ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona: “Bōna, ke [Jesu Keresete] tla yaka legodu, Go segō eo o disañ, a boloka diaparō tsa gagwè, gore a se tsamaee a sa apara, me batho ba bōna ditlhoñ tsa gagwè.” (Tshenolō 16:15) Seno se ka tswa se umaka ditiro tsa molebedi, kana mookamedi, wa thaba ya tempele ya Jerusalema. Fa go ntse go disitswe, o ne a ralala tempele go bona gore a badisa ba Balefi ba ne ba tsogile kana ba robetse fa ba tlhomilweng go dira gone. Modisa ope fela yo a neng a ka fitlhelwa a robetse o ne a itewa ka thobane, mme diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle di ne di ka nna tsa tshubiwa ka molelo a otlhaiwa ka go tlhabisiwa ditlhong. Ereka Hara–Magedona e le gaufi jaana, masalela a a tloditsweng a “bope-resito yoa segosi,” kana a “ntlo ea semōea,” a iketleeditse go nna a tsogile semoyeng. Ditsala tsa bone, “boidiidi yo bogolo” jo bo nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, le tsone di tshwanetse go dira jalo, ka go bo le tsone di direla Modimo tirelo e e itshekileng mo tempeleng. (1 Petere 2:5, 9; Tshenolō 7:9-17) Balebedi ba Bakeresete segolobogolo ba tshwanetse go nna ba ntse ba disitse gore go se nne le maemo a a maswe mo phuthegong. Baobamedi botlhe ba ba obamelang kwa tempeleng ya Modimo ya semoya ba nna ba apere “dikobō” gonne ba nna ba tsogile, seo se supang gore ba dira tiro e e tlotlegang jaaka Basupi ba ga Jehofa.