A Bibela e Tswa go Modimo?
JEHOFA, ke Modimo o o nang le thata le taolo tse di ka se kang tsa lekanngwa, eleruri o na le tshwanelo ya go bua le batho ba a ba bopileng ka tsela epe fela e a batlang go bua le bone ka yone. Fa e le gore o ne a tlhopha go bua le bone ka lefoko le le kwadilweng, o ne a tla tshwanela gape gore a le boloke fa dingwaga di ntse di feta. A go ne ga diragala jalo ka Bibela?
Mo e ka nnang dingwaga di le 1 500 pele ga botsalo jwa ga Keresete, fa Bibela e ne e simololwa go kwalwa, go ne go na le dikwalo tse dingwe tse dintsi tsa bodumedi. Lefa go ntse jalo, tseno di ne tsa se ka tsa tlhola di dirisiwa, mme kgabagare di ne tsa nyamela. Dingwe tsa tsone di ne tsa epololwa ke baithutamarope mme jaanong ke ditshwantsho fela tsa botaki tse di senang mosola tse di supilweng mo dimusiamong. Kafa letlhakoreng le lengwe, dikarolo tsa Bibela tse di neng tsa kwalwa dingwaga di le dikete di le tharo tse di fetileng ga di ise di ko di lebalwe, mme dikaelo tsa tsone di santse di le teng le gompieno. Seno se gakgamatsa eleruri, segolobogolo fa o akanya ka bobaba jo bo neng jwa nna gone kgatlhanong le Bibela go ralala hisitori. Ga go buka epe e e kileng ya tlhaselwa setlhogo ka go ganediwa le letlhoo le le kalo. Fa o ne o fitlhelwa o bala Bibela kana o e phasalatsa o ne o atlholelwa go duela madi mangwe, go tsenngwa mo kgolegelong, kana go bogisiwa botlhoko, gantsi ebile o ne o bolawa.
Buka fela e e seng ya sepe e ne e ka falola maemo a a ntseng jalo jang? Bibela ka boyone e re bolelela jaana: “Lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.” (1 Petere 1:25) Go nna gone ka lobaka lo loleele le go palelwa ke go senngwa ga Bibela go re thusa go e tlhaola jaaka Lefoko le le boitshepo la Modimo.
Mo godimo ga moo, re tshwanetse go lebelela gore molaetsa wa Modimo o o tlang mo bathong o bonwe ke botlhe mo lefatsheng lotlhe. A go ntse jalo ka Bibela? Eleruri go jalo! Ga go na buka epe mo hisitoring e e ka bapisiwang le Bibela mo go seno. Go fopholediwa gore go setse go phasaladitswe Dibibela di le 3 000 000 000. Mo godimo ga moo, ga go na buka epe e e ranotsweng ka dipuo tse dintsintsi jaana jaaka yone. Bibela jaanong e kgonwa go balwa, e feletse kana ka dikarolwana tsa yone, ka dipuo di le 1 900 tse di farologaneng. Mokgatlho wa Bibela wa Amerika o bega gore jaanong e kgonwa go bonwa ke 98 lekgolong ya baagi ba lefatshe. The New Encyclopædia Britannica e bitsa Bibela “dibukana tse di kgonang go tlhotlheletsa thata tse di phuthilweng mo hisitoring ya motho.” He, e tla bo e se go itlotlomatsa go e tlhalosa jaaka buka e kgolo go gaisa mo lefatsheng.
Go utlwana ga Bibela go tswa fela kwa tshimologong ya yone go ya kwa bokhutlong jwa yone ka bogone ke bosupi jo bo nonofileng tota jwa gore eleruri e tlhotlheleditswe ke Modimo. A go a utlwala go lebelela gore mekwalo ya batho ba ba 40 ba ba farologaneng e e kwadilweng ka dingwaga tse 1 600 e ka itshupa e dumalana jaana ebile e na le setlhogo se le sengwe fela sa motheo? Seno se ne se ka se ka sa nna jalo fa seno se ne se tlogetswe fela se sa kaelwe ke ope kana se kaelwa ke motho. Lefa go le jalo, go ntse fela jalo ka dibuka tse 66 tse di dirang Bibela. Ke fela motho mongwe yo o nang le nonofo e e fetang ya motho, yo o nang le botlhale yo o tshedileng lobaka lo loleele a ka kwalang sengwe se se ntseng jalo se se gakgamatsang.
Ga Se Hisitorinyana Fela
Dikgang tsa hisitori tse di leng mo Bibeleng di gakgamatsa tota. Mme fa molaetsa o o tswang kwa Modimong o ne o na le dikgang fela tsa hisitori, o ne o ka se nne molemo thata mo go rona. Re tlhoka kaelo, botlhale jo bo ka re solegelang molemo, mme dilo tseno di ka bonwa fela mo Bibeleng. Ka sekai, Bibela e re kgothaletsa go tlhagolela “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō”—ditlhogo tseo go kwadilweng dilo tse dintsi ka tsone mo ditsebeng tsa yone. (Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:12-14) Bibela e akantsha gore re dire ka natla, re nne phepa, re ikanyege, le go ikanyega mo lenyalong, re tlotle batho ba bangwe le go ba rata; gape e na le dikgakololo tse dintsi tota tsa kafa batho ba ka itshwarang ka gone mo lelapeng le mo tikologong e ba nnang mo go yone.
Kgakololo ya Bibela e mosola tota ka tsela e e tlhomologileng fa e dirisiwa. E re naya kitso ebile e re golola mo tumelabotlhoding. (Yohane 8:32) Mosola wa botlhale jwa yone ga o kake wa tshwantshiwa le sepe. Eleruri, kwantle ga pelaelo, e na le botlhale jwa bomodimo.
Polelo e e reng “lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga” e dumalana ka botlalo le tsela eo Bibela tota e fetolang batho ka yone. (Bahebera 4:12) Dimilione tsa batho gompieno di ile tsa fenya dinonofo dingwe tsa botho jwa bone tse di kotsi mme ba fetola tsela ya bone ya pele e e neng e le kotsi go nna e e botoka mme seo e le ka ntlha ya go bo ba ne ba tsaya dilo tse Bibela e ba laelang go di dira tsia.—Baefesia 4:22.
Go diragala eng fa dilo tse Bibela e re laelang go di dira di tlhokomologiwa? Go felela ka go tlhoka boitumelo le kutlobotlhoko, dintwa, mauba, malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, le malapa a a thubegileng. Dilo tse di ntseng jalo di tla nna gone gonne fa motho a itlhokomolosa botlhale jwa bomodimo jo bo leng mo Bibeleng E E Boitshepo go raya gore o gana kaelo ya Modimo, oo o dirileng motho mme o itse se a se tlhokang.
Bibela e bonela pele se se tla diragalang mo isagweng, selo seo batho ba sa kgoneng go se dira. Tsela eo dipuso tsa batho di ileng tsa tlhatlologana ka yone go tswa go Babelona go fitlha mo motlheng ono wa rona e ne ya bolelwa ka tsela ya seperofeti mo Bibeleng. (Daniele, dikgaolo 2, 7, 8) Mo godimo ga moo, mo e ka nnang dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, go ne ga akarediwa tlhaloso e e tlhomameng tota ya kafa maemo a lefatshe a neng a tla nna ka gone mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga mo Bibeleng. (Mathaio, dikgaolo 24, 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21; 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4; Tshenolō 6:1-8) Lenaane le leleele la boperofeti jo bo diragaditsweng jwa Bibela le re tlhomamisetsa gore isagwe e e itumetseng e re e lebeletseng e e tlhalosiwang mo ditsebeng tsa yone ke ya mmatota.
Boikarabelo jwa Rona
Dilo tseno tsotlhe ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Modimo eleruri o kile a bua le batho. Ke boammaaruri gore Modimo o ne a re naya molaetsa wa gagwe ka seatla sa banna ba ba sa itekanelang. Mme seno ga se lebaka la go dumela gore Bibela ka tsela nngwe ga e a tlhomama le gore ga se molaetsa o o builweng ka lefoko le le tswang mo molomong wa Modimo, kana o o neng wa tlisiwa ke baengele, kana o o neng wa kwalwa ka kgakgamatso kwa legodimong mme wa newa batho mo lefatsheng.
Lefa go ntse jalo, fa re dumela gore Bibela e boitshepo, kana e tswa kwa Modimong, seo se re rwesa boikarabelo. Jehofa ka tshwanelo o lebeletse gore re bale Lefoko la gagwe ka metlha. (Pesalema 1:1, 2) Gore o bale Bibela mme o bone matswela a gone o tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng. Motho o tshwanetse go gakologelwa gore Bibela ga e a tshwanela go balwa jaaka ekete e ne e le bukanyana fela. Motho o tshwanetse go e tsaya “e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla.”—1 Bathesalonia 2:13.
Go na le dilo dingwe tse o ka se kang wa di tlhaloganya motlhofo mo Bibeleng. Mme fa motho a e bala gangwe le gape, o kgona go e tlhaloganya mme o kgona go itse sentle se Modimo o se batlang le boikaelelo jwa gagwe. (Bahebera 5:14) Gongwe ga o ise o tlhatswege pelo sentle gore Bibela ke Lefoko le le boitshepo la Modimo. Mme, o ka supa jang ka tlhomamo gore o dumela Bibela kana ga o e dumele fa o ise o e ithute ka kelotlhoko?
Lemororo gompieno batho ba bantsi ba sa tlhomamisege gore e tswa kwa Modimong, go e tlhatlhoba ka kelotlhoko go ile ga dira gore batho ba bantsi ba ba akanyetsang dilo thata ba bue mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki”!—Baroma 3:4.
[Kerafa mo go tsebe 4]
(For fully formatted text, see publication)
Bibela jaanong e kgona go bonwa ke 98 lekgolong ya baagi ba lefatshe
Ga go buka epe e e ka bapisiwang le Bibela ka go anamisiwa ga yone ka dikaelo di le 3 000 000 000. The New Encyclopædia Britannica e e bitsa “setlhophana se se tlhotlheletsang thata sa dibukana mo hisitoring”
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
Bibela e ile ya tswelela e ntse e le teng, fa mekwalo e mengwe ya bodumedi e ntse fela jaaka ditshwantsho tse di senang mosola mo dimusiamong
Fa godimo: Pego ya Seasiria ya Morwalela
Kafa mojeng: Dithapelo tsa modimo wa Baegepeto ebong Ra
[Motswedi wa Setshwantsho]
Both: Courtesy of the Trustees of The British Museum
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
E kwadilwe ke batho ba ka nna 40 ba ba farologaneng mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 600, Bibela e na le setlhogo se le sengwe fela sa motheo go tswa kwa e simololang gone go ya kwa e felelang gone. Ke motho fela yo o nonofileng go feta ba bangwe, yo o botlhale thata yo a ka kwalang sengwe se se gakgamatsang jaana
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tlhatlologana ga mebuso ya lefatshe go tloga ka Babelona go fitlha mo motlheng ono wa rona go ne ga itsisiwe ka tsela ya seperofeti mo Bibeleng. (Daniele 2, 7, 8)
Kafa mojeng: Caesar Augustus
[Motswedi wa Setshwantsho]
Museo della Civiltà Romana, Roma
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Bibela e ne ya bolelela pele ka tlhomamo kafa maemo a gompieno a neng a tla nna ka teng dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng. (Mathaio 24, 25; Mareko 13; Luke 21; 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3, 4; Tshenolō 6:1-8) Go tlhomama ga boperofeti jwa Bibela kwantle ga go nna le phoso go re tlhomamisetsa gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tlisa lefatshe la paradaise
[Motswedi wa Setshwantsho]
Reuters/Bettmann Newsphotos