Seabe sa Mosadi mo Dikwalong
“O tla bidiwa mosadi, ka a ntshicwe mo monneñ.”—GENESISE 2:23.
1, 2. (a) Batho ba bangwe ba akanya gore Bibela e leba basadi jang? (b) Fa dilo di lejwa sentle ka tshwanelo, ke eng se re tshwanetseng go se tshwantshanya, mme buka nngwe ya tshupiso e bolela eng?
DIKWALO Tse Di Boitshepo di leba mosadi jang? Go na le dikgopolo tse di farologaneng ka seno. Buka nngwe ya bosheng e bolela jaana ka kgang eno: “Kgopolo e e itlhametsweng ya bosheng ke gore Bibela e nyenyefaditse basadi.” Batho ba bangwe ba bolela gore mo dikarolong tsa yone tsa Sehebera le tsa Segerika, Bibela e bua e gagametse fa e bua le basadi. A seno se boammaaruri?
2 Gore re dire dilo ka tshwanelo, re tshwanetse go sekaseka pele kafa basadi ba neng ba tshwarwa ka gone mo metlheng ya Bibela mo bathong ba ba neng ba sa obamele Jehofa. Mo bathong bangwe ba bogologolo ba ba neng ba tseneletse mo kobamelong ya mmè modimo wa sesadi, basadi ba ne ba tlotliwa jaaka batho ba ba kgonang go tshola bana. Go lebega ba ne ba tseelwa kwa godimo tota kwa Babelona le kwa Egepeto. Mme kwa mafelong a mangwe ba ne ba sa tseelwa kwa godimo jalo. Kwa Asiria wa bogologolo monna o ne a ka koba mosadi kana le eleng go mmolaya fa a ne a sa ikanyege. Fa a le kwa ntle ga legae la gagwe, o ne a tshwanetse go ipipa sefatlhego. Kwa Gerika le kwa Roma, e ne e le basadi ba ba humileng fela, bao bontsi jwa bone e neng e le diaka tse di neng di akafala le batho ba maemo a a kwa godimo, kana diaka tsa maemo a a kwa godimo, bao ba neng ba kgona go ya kwa dikolong ebile ba na le kgololesego ya selekanyo se se rileng. Ka gone, go itumedisa tota go bala jaana mo go The New International Dictionary of New Testament Theology:a “Go farologana le lefatshe lotlhe la (bodumedi) la kwa botlhaba, [mosadi yo go buiwang ka ene mo Dikwalong tsa Sehebera] o ne a lejwa jaaka motho le jaaka molekane wa monna.” Seno se bolelwa sentle mo bukeng ya bofelo ya Dikwalo tsa Sehebera, koo moperofeti wa ga Jehofa a tlhalosang mosadi wa monna jaaka “molekane” wa gagwe, a bo a oketsa jaana: “A go se nne opè eo o dihèlañ mosadi oa bokau yoa gagwè ka bonoñwane.”—Malaki 2:14, 15.
O Bopilwe Jaaka Motlatsi wa Monna
3 le ntlhanyana e e kwa tlase. (a) Jehofa o ne a naya Adame ditiro dife fa a sena go mmopa? (b) Le eleng lefa a ne a ise a nne le mosadi, Adame o ne a ntse jang pele Efa a bopiwa, mme “Adame oa moragō” ebong Jesu o ne a ntse jang?
3 Go ya ka Bibela, Jehofa o ne a bopa Adame ka “lorole loa mbu” mme a mmaya mo tshimong ya Edena gore a e leme. Modimo o ne wa tlisa diphologolo tsa naga le dinonyane tse di fofang mo go Adame gore a kgone go di ithuta le go di sha maina. Nako yotlhe e Adame a neng a dira seno ka yone o ne a le esi. O ne a itekanetse, a sa tlhaele sepe, a sa tlhoke sepe mo nakong eno yotlhe ya fa a ntse a dira tiro e a neilweng ke Jehofa eno.b O ne a sena “thushō e e mo lebanyeñ.”—Genesise 2:7, 15, 19, 20.
4, 5. (a) Jehofa o ne a dira eng ka nako e go neng go sa tlhole go le molemo gore Adame a tswelele a nna a le esi? (b) Ke tiro efe e e neng e tla tsaya lobaka lo loleele eo Jehofa a neng a e naya Adame le Efa, mme seno se ne se tla tlhoka eng mo go bone boobabedi?
4 Lefa go ntse jalo, morago ga lobakanyana, Jehofa o ne a bolela gore “ga go molemō ha monna a ka nna a le esi,” mme o ne a tswelela a direla Adame molekane yo a neng a tla dira le ene tiro e e neng e larile kwa pele. O ne a robatsa Adame a ntsha nngwe ya dikgopo tsa gagwe, mme a dira mosadi ka yone, ‘lesapo la masapo a ga Adame le nama ya nama ya gagwe.’ Jaanong Adame o ne a tla nna le ‘mothusi,’ ‘motlatsi,’ kana molekane. “Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea oa re, Atañ lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.”—Genesise 1:25, 28; 2:18, 21-23.
5 Tlhokomela gore tiro eno e ne e neilwe “bone,” monna le mosadi. Ba ne ba se kitla ba dirisana mmogo fela mo go tlatseng lefatshe. E ne e tla akaretsa gape le go busa lefatshe le go laola dibopiwa tse di kafa tlase ga bone ka tshwanelo. Ba ne ba tla tlhoka go bo ba na le dinonofo tsa go ithuta le tsa semoya, mme bobedi jwa bone monna le mosadi ba ne ba ka kgona go di godisa tumalanong le kafa Modimo o neng o rata ka gone.
Seabe Se Se Tshwanetseng sa Mosadi
6. (a) Bibela e bontsha eng ka maatla a mmele a monna le a mosadi? (b) Go ne go tla nna molemo fa basadi ba ne ba amogela eng mabapi le tsela eo Jehofa a rulagantseng dilo ka yone?
6 Gone mme, go laola lefatshe go ne go tla tlhoka gore ba bo ba na le maatla. Jehofa ka botlhale jwa gagwe jo bo senang selekanyo o ne a bopa Adame pele, mme morago a bopa Efa. O ne a bopiwa ‘a ntshiwa mo monneng,’ ‘a direlwa monna,’ mme go lebega a ne a sena maatla a magolo jaaka monna. (1 Timotheo 2:13; 1 Bakorintha 11:8, 9; bapisa 1 Petere 3:7.) Eno ke ntlha e e boammaaruri mo botshelong eo basadi ba ba itekanyang le banna, mmogo le basadi ba bangwe gape, ba lebegang ba na le bothata jwa go tsaya gore e ntse jalo. Ba ne ba tla itumela ka tsela e e oketsegileng fa ba ne ba ka leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a rulagantse dilo ka tsela eno, ka gone ba amogela seabe se Modimo o se ba neileng. Batho ba ba ngongoregang ka Modimo bao ba ka tshwantshiwa le thaga e e nnang ka kutlobotlhoko mo sentlhageng sa yone gonne e sa nonofa jaaka nongwatle, mo e ka bong e fofela kwa kaleng e e kwa godimo e opela e lebogela dinonofo tse di sa tshwaneng le dipe tse Modimo o di e neileng.
7. Ke ka ntlha yang fa Adame a ne a le mo boemong jo bo molemo jwa go diragatsa botlhogo jwa gagwe mo go Efa le mo baneng bape fela ba ba neng ba tla tsholwa, mme a seno se ne se tla bo se baya Efa mo boemong bongwe jo bo seng molemo?
7 Pele Efa a bopiwa, kwantle ga pelaelo Adame o ne a setse a na le boitemogelo ka botshelo. Mo nakong eno, Jehofa o ne a setse a mo file ditaolo dingwe. Adame o ne a tshwanetse go di bolelela mosadi wa gagwe, ka gone a dira jaaka mmueledi wa Modimo. Ka tsela e e utlwalang, o tshwanetse a bo a ne a etelela pele mo dikgannyeng tsotlhe tse di neng di ama kobamelo le ditiro tsa bomodimo tse ba neng ba tshwanetse go di dira gore ba kgone go wetsa kabelo ya bone. Fa bana ba sena go tsholwa, o ne a tla tshwanela go nna tlhogo ya lelapa. Mme seno e ne e tla bo e se gore mosadi wa gagwe o ne a tla se ka a bona molemo ope mo go seno. Go na le moo, o ne a tla solegelwa molemo gonne o ne a tla bo a na le mongwe yo a neng a tla mo tshegetsa fa a ne a dirisa thata e Modimo a neng a e mo neile go e dirisa mo baneng ba gagwe.
8. Ke thulaganyo efe ya dilo ya bomodimo e e kwadilweng mo Bibeleng?
8 Go ya kafa Modimo o neng o rulagantse gore dilo di tsamaye ka gone, Adame o ne a ikarabela mo go Jehofa, Efa o ne a le kafa tlase ga botlhogo jwa ga Adame, mme bana ba ne ba tla nna kafa tlase ga kaelo ya batsadi, mme diphologolo tsone di ne di le kafa tlase ga batho. Monna le mosadi ba ne ba na le diabe tsa bone, mme mongwe le mongwe o ne a tlile go tshela botshelo jo bo itumetseng a dira ditiro dingwe. Ka gone, ‘dilo tsotlhe di ne di tla dirwa sentle, le ka thulaganyo.’—1 Bakorintha 11:3; 14:33, 40, ntlhanyana e e kwa tlase e e go NW.
Boleo Bo Ne Jwa Senya Seabe sa Mosadi
9, 10. Go wela ga monna le mosadi mo boleong go ne ga felela ka eng, mme seno se ile sa felela ka eng mo basading ba bantsi?
9 Ka tlholego fela, e ne ya re fa boleo le bosaitekanelang di tsenelela mo Paradaiseng ya kwa tshimologong seo se ne sa senya thulaganyo eno e e siameng ya dilo. (Baroma 7:14-20) E ne ya leretse motho yo a neng a tsuolola le mosadi wa gagwe yo a neng a tlhoka kutlo, mathata. (Genesise 3:16-19) Fa esale go tloga ka nako eo, banna ba bantsi ba ba bogagapa ba ile ba se ka ba dirisa botlhogo jo ba nang najo ka tsela e e tshwanetseng, ba ile ba bogisa basadi go ralala dingwaga di le dintsi.
10 Jehofa o ne a bolelela Efa jaana ka a ne a bonela pele selo seno se boleo bo neng bo tlile go felela ka sone: “Kelecō ea gago e tla nna mo monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesie 3:16) Taolo eno e e sa dirweng ka tshwanelo e ne e se yone tsela e e siameng ya go dirisa botlhogo. E ile ya supa gore motho o dira boleo gape le gore mosadi ga a itekanela, ka dinako dingwe basadi ba ile ba boga gonne ba ne ba leka go itseela taolo ya banna ba ba nyetseng.
11. Ke eng se se diragalang ka basadi ba bantsi, mme ke eng seo mokwadi yo mongwe a neng a se kwala ka basadi ba metlha ya ditlhogo tsa lotso?
11 Mme basadi ba bantsi ba ile ba kgotsofala le go itumela fa melaometheo ya Bibela e ne e salwa morago. Go ne go ntse jalo le eleng mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso. Fa a bua ka nako eo mo bukeng e a e kwadileng La Bible au Féminin (Bibela Fa E Bua ka Basadi), mokwadi wa yone ebong Laure Aynard o kwala jaana: “Selo se se tlhomologileng thata mo dipegong tseno tsotlhe ke seabe sa botlhokwa se se neng se dirwa ke basadi, go nna botlhokwa ga bone mo matlhong a banna ba bone ba ditlhogo tsa lotso, go nna pelokgale ga bone mo go direng dilo, le kgololesego e ba neng ba tshela kafa tlase ga yone.”
Basadi Kafa Tlase ga Molao wa ga Moshe
12, 13. (a) Boemo jwa basadi kafa tlase ga Molao wa ga Moshe e ne e le bofe? (b) Basadi ba ne ba tswelela pele jang semoyeng kafa tlase ga Molao?
12 Go ya ka melao eo Jehofa a neng a e ba file ka Moshe, basadi ba ne ba tshwanetse go ‘tshwarwa sentle.’ (Duteronome 13:6, NW) Seriti seo basadi ba nang le sone se ne se tshwanetse go tlotliwa fa go tlhakanelwa dikobo nabo, mme mosadi o ne a sa tshwanela go betelelwa. (Lefitiko 18:8-19) Banna le basadi ba ne ba atlholwa ka tsela e e tshwanang ka Molao fa ba ne ba ka fitlhelwa ba le molato wa boaka, fa ba ne ba ka tlhakanela dikobo le mongwe yo o atamalaneng le bone ka losika kana le diphologolo. (Lefitiko 18:6, 23; 20:10-12) Molao wa botlhano o ne o batla gape gore rre le mmè ba newe tlotlo e e lekanang.—Ekesodo 20:12.
13 Mo godimo ga dilo tseo tsotlhe, Molao o ne o naya basadi tshono ya gore ba tokafatse semoya sa bone. Ba ne ba solegelwa molemo fa Molao o balwa. (Yoshue 8:35; Nehemia 8:2, 3) Ba ne ba tshwanetse go keteka meletlo ya bodumedi. (Duteronome 12:12, 18; 16:11, 14) Ba ne ba nna le seabe mo Disabateng tsa beke le beke mme ba ne ba ka dira le maikano a go nna Banasarite. (Ekesodo 20:8; Dipalō 6:2) Ba ne ba na le botsalano le Jehofa ka namana mme ba ne ba mo rapela ka bobone.—1 Samuele 1:10.
14. Mokanoki mongwe wa Bibela wa Mokatoliki o bolela eng ka basadi ba Bahebera, mme ke eng se se ka bolelwang ka seabe sa basadi kafa tlase ga Molao?
14 Fa a ne a akgela ka basadi ba Bahebera, mokanoki wa Bibela wa Mokatoliki Roland de Vaux o kwala jaana: “O ne a dira ditiro tsotlhe tse di bokete mo lelapeng; o ne a disa metlhape, a lema masimo, a apaya dijo, a dira tlhale ya diaparo, jalo le jalo. Lefa go ntse jalo, tiro eno yotlhe e e bokete, e ne e sa ise boemo jwa gagwe kwa tlase, mme e ne e dira gore a kgone go akanyediwa. . . . Mme ditemana tsotlhe tseo di sa tlwaelegang tse di re bontshang kafa botshelo jwa lelapa bo neng bo na le lorato ka gone di supa gore mosadi wa Moiseraele o ne a ratiwa ebile a reediwa ke monna wa gagwe, a mo tsaya fela jaaka mongwe yo a lekanang nae. . . . Mme ga go na pelaelo malebana le gore seno e ne e le selo se se diragalang ka metlha. E ne e le sekao se se ikanyegang sa thuto e e kwadilweng mo go Genesise, koo go bolelwang gone gore Modimo o ne wa bolela gore o bopile mosadi jaaka molekane yo o tla thusang monna, yoo a neng a tshwanetse go kgomaragana nae (Gen 2:18, 24); mme kgaolo ya bofelo ya Diane e opela dipina e baka mosadi yo o molemo, yo a bakwang ke bana ba gagwe, le yo monna wa gagwe a ipelafatsang ka ene (Dia 31:10-31).” (Ancient Israel—Its Life and Institutions) Kwantle ga peleaelo basadi ba ne ba tshwarwa sentle fa Molao o ne o latelwa kwa Iseraele.
Basadi Ba Ba Tlhomologileng
15. (a) Boitsholo jwa ga Sara bo supa jang kafa monna le mosadi wa gagwe ba tshwanetseng go tshwarana ka gone? (b) Ke ka ntlha yang fa kgang ya ga Rahabe e tshwanetse go tlhokomelwa?
15 Dikwalo tsa Sehebera di na le dikai tse dintsi tsa basadi ba e neng e le batlhanka ba ba tlhomologileng ba ga Jehofa Modimo. Sara ke sekao se se molemo tota sa kafa mosadi wa bomodimo a ka nnang ka gone a bo a ikobela monna wa gagwe le go mo thusa go dira ditshwetso ka gone. (Genesise 21:9-13; 1 Petere 3:5, 6) Kgang ya ga Rahabe le yone e tshwanetse go elwa tlhoko. E supa fa go pega Jehofa molato wa gore o tlhaola batho ka mmala le gore o gatelela basadi e le maaka. Rahabe e ne e le seaka ebile e se Moiseraele. Jehofa ga a ka a mo amogela fela jaaka moobamedi wa gagwe mme ka ntlha ya tumelo e kgolo ya gagwe, e a neng a e supa ka ditiro tse di neng di akaretsa go fetola tsela ya gagwe ya botshelo, o ne a bolela gore ke mosiami. Mo godimo ga moo, o ne a mo duela ka go mo naya tshiamelo ya go nna mmaagwemogologolwane wa ga Mesia.—Mathaio 1:1, 5; Bahebera 11:31; Yakobe 2:25.
16. Sekao sa ga Abigaile se supa eng, mme ke ka ntlha yang fa seo a se dirileng se lejwa se siame?
16 Kgang ya ga Abigaile le yone e supa gore Jehofa ga a batle gore mosadi a ikobele monna wa gagwe fela kwantle ga go akanya. Monna wa gagwe o ne a humile, a na le metlhape e mentsi ya dinku le dipodi. Mme o ne a “le sebeto, a le boshula mo ditihoñ tsa gagwè.” Abigaile o ne a gana go latela monna wa gagwe mo bosuleng jwa gagwe. O ne a kgona go thibela boemo jo bo ka bong bo ne jwa felela ka matlhotlhapelo mo lelapeng la gagwe, mme Jehofa o ne a mo segofatsa tota ka go bo o ne a dirisa botlhale, le tlhaloganyo, le boikokobetso, mme a akanya ka bonako.—1 Samuele 25:2-42.
17. (a) Ke tshiamelo efe e e tlhomologileng e basadi bangwe ba Baiseraele ba neng ba nna nayo? (b) Ke thuto efe eo sekao sa ga Miriame se e rutang basadi ba Bakeresete bao ba ka tswang ba neetswe ditshiamelo tsa tirelo?
17 Go ne go na le basadi bangwe ba sekae ba e neng e le baperofeti. Go ne go ntse jalo ka Debora ka nako ya Baatlhodi. (Baatlhodi, dikgaolo 4 le 5) Huleda e ne e le moperofeti wa mosadi mo Juda, pele fela Jerusalema e senngwa. (2 Dikgosi 22:14-20) Kgang ya ga Miriame le yone e tshwanetse go tlhokomelwa. Lemororo go bolelwa fa a ne a bua jaaka moperofeti wa mosadi, yoo a neng a romilwe ke Jehofa, go lebega tshiamelo eo e ne ya mo ya kwa tlhogong ka nako nngwe. O ne a palelwa ke go lemoga thata eo Jehofa a neng a e neile kgaitsadie yo mmotlana mo go ene ebong Moshe ya go etelela Baiseraele pele, mme o ne a otlhaelwa seo, lemororo a ne a ikwatlhaya mme a fodisiwa.—Ekesodo 15:20, 21; Dipalō 12:1-15; Mika 6:4.
Basadi Kafa Tlase ga Tsamaiso ya Sejuda
18, 19. Boemo jwa basadi kafa tlase ga tsamaiso ya Sejuda e ne e le bofe, mme go ne ga tla jang gore go nne jalo?
18 Jaaka re bone, Molao wa ga Moshe fa o ne o latelwa o ne o sireletsa ditshiamelo tsa basadi, o letla basadi gore ba tshele botshelo jo bo kgotsofatsang. Mme fa nako e ntse e tsamaya, segolobogolo ka nako ya fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E., go ne ga simologa bodumedi jwa tsamaiso ya Sejuda joo bo neng bo thailwe mo dingwaong tse di sa kwalwang go na le mo Molaong o o kwadilweng wa ga Jehofa. Go tloga ka lekgolo la bone la dingwaga B.C.E. go ya kwa pele, tsamaiso ya Sejuda e ne ya dirisa botlhale jo bontsi jwa Bagerika. Ka kakaretso fela batlhalefi ba Bagerika ba ne ba sa tlhokomele ditshiamelo tsa basadi thata, ka jalo boemo jo basadi ba neng ba na najo mo tsamaisong ya Sejuda bo ne jwa wela kwa tlase ka bonya ka bonya. Go tloga ka lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. basadi ba ne ba simolola go kgaoganngwa le banna mo disenagogeng tsa Sejuda mme ba ne ba thibelwa go bala Tora (Molao wa ga Moshe). Encyclopaedia Judaica e dumela ka go bolela jaana: “Seo se ne sa felela ka gore go nne le basadi ba sekae fela ba ba rutegileng.” Basimane e ne e le bone fela ba rutiwang.
19 Mo bukeng ya gagwe Jerusalem in the Time of Jesus, J. Jeremias o kwala jaana: “Fa go sekasekiwa dilo tsotlhe, boemo jwa basadi mo melaong ya bodumedi bo bolelwa sentle thata mo molawaneng ono o o neng o tlhola o boaboelediwa: ‘Basadi, batlhanka (ba Baditšhaba) le bana.’ . . . Mo godimo ga seno re ka oketsa ka gore go ne go na le dikgopolo dingwe tse di sa siamang tse di neng di bolelwa ka basadi. . . . Ka gone re bona gore ka nako ya ga Jesu, tsamaiso ya Sejuda le yone e ne e tseela basadi kwa tlase tota.”
Basadi Ba Ba Ikanyegang Ba Ba Neng Ba Letile Mesia
20, 21. (a) Lemororo baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba na le boikutlo jwa tshotlo ka basadi, ke bomang ba ba neng ba le gareng ga bao ba neng ba letile fa nako ya go tla ga Mesia e ne e atamela? (b) Ke eng se se bontshang gore Elisabethe le Maria ba ne ba na le poifomodimo tota?
20 Boikutlo jono jwa go sotla basadi e ne e le tsela e nngwe e ka yone baruti ba Bajuda ba neng “ba diha lehoko ya Modimo lolea hèla ka mekgwa ea [bone].” (Mareko 7:13) Mme lemororo ba ne ba sotliwa jaana, fa nako ya go tla ga Mesia e atamela, go ne go na le basadi bangwe ba bomodimo ba ba neng ba mo letile ba le podimatseba tota. Mongwe wa bone e ne e le Elisabethe, mosadi wa moperesiti wa Molefi ebong Sekaria. Ene le monna wa gagwe ba ne ba “le tshiamō ha pele ga Modimo ka bobedi yoa bōnè, ba tsamaea mo ditaoloñ cotlhe, le mo ditaeoñ tsa Morèna.” (Luke 1:5, 6) Elisabethe o ne a ratwa ke Jehofa ka go bo, lemororo e ne e le moopa ebile a setse a godile, o ne a tshola Johane Mokolobetsi.—Luke 1:7, 13.
21 Elisabethe o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo gore a rate mosadi mongwe yo le ene e neng e le wa bomodimo wa motlha wa gagwe, yo e neng e le wa losika lwa gagwe yo a neng a bidiwa Maria. Fa mo e ka nnang kwa bokhutlong jwa 3 B.C.E. moengele Gabariele a ne a bolelela Maria gore o ne a tla tshola ngwana (Jesu) ka kgakgamatso, o ne a mmitsa a re, “Wèna eo u segō thata,” a oketsa jaana: “Morèna o na nau.” Ka bonako fela morago ga foo, Maria o ne a etela Elisabethe, yoo a neng a mo segofatsa a bo a segofatsa le ngwana yo o neng a ise a tsholwe yo a neng a mo imile, a bitsa Jesu “Morèna” wa gagwe le eleng pele a tsholwa. Fa a rialo, Maria o ne a baka Jehofa eleng selo seo se neng se supa fa a ne a na le poifomodimo e e boteng tota.—Luke 1:28, 31, 36-55.
22. Fa Jesu a sena go tsholwa, ke mosadi ofe yo o boifang Modimo yo a neng a bontsha fa e le mongwe wa bao ba neng ba letile Mesia?
22 Fa Jesu a ne a tsholwa mme Maria a mo tlisa kwa tempeleng kwa Jerusalema go tla go mo naya Jehofa, mosadi mongwe yo o boifang Modimo, moperofeti yo o tsofetseng wa mosadi Ana, o ne a supa boitumelo jwa gagwe. O ne a leboga Jehofa mme a bolelela botlhe ba ba neng ba emetse Mesia yo o solofeditsweng kaga Jesu.—Luke 2:36-38.
23. Moaposetoloi Petere o bolela jang ka basadi ba ba ikanyegang ba pele ga Bokeresete, mme ke dipotso dife tse di tlang go sekasekiwa mo setlhogong se se latelang?
23 Ka jalo, fa nako ya bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng e atamela go ne go santse go na le “basadi ba ba boitshèpō ba ba sholohetseñ mo Modimoñ.” (1 Petere 3:5) Bangwe ba basadi bano ba ne ba nna barutwa ba ga Keresete. Jesu o ne a dirisana nabo jang? Mme a go na le basadi bangwe gompieno bao ba amogelang boemo jwa bone jaaka bo kwadilwe mo Bibeleng fela ka boitumelo? Dipotso tseno di tlile go sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bolumo 3, tsebe 1055.
b “Adame oa moragō,” Jesu Keresete, le ene ka tsela e e tshwanang e ne e le monna yo o itekanetseng, a sa tlhaele sepe, lemororo a ne a sena mosadi wa motho.—1 Bakorintha 15:45.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Tsela e basadi ba neng ba tshwarwa ka yone kwa Iseraele e ne e farologana jang le ya kwa mafelong a mangwe?
◻ Boemo jwa ga Adame le Efa e ne e le bofe, mme ka ntlha yang?
◻ Basadi ba Baiseraele ba ne ba na le boemo bofe kafa tlase ga Molao, mme a ba ne ba sa bone melemo epe semoyeng?
◻ Ke dithuto dife tse di tshwanetseng go ithutiwa ka matshelo a basadi ba ba tlhomologileng ba Dikwalo tsa Sehebera?
◻ Ke dikao dife tse di molemo tsa tumelo tse di ka bonwang go sa kgathalesege dikgopolo tse di leng teng ka tsamaiso ya Bojuda?
[Lebokoso mo go tsebe 10]
“10 E mañ eo o ka bōnañ mosadi eo o mokgwa o o iphapileñ? gonne tlhōtlhwa ea gagwè e heta ea mayana a a tlhokègañ kgakala. 11 Pelo ea monna oa gagwè e mo ikantse, me ga a ketla a tlhōka papadi. 12 O mo dihèla molemō eseñ boshula, ka metlha eotlhe ea botshelō yoa gagwè. 13 O tla a senke boboea le leloba, me a dihe ka boñwe hèla yoa pelo ka diatla. 14 O nntse yaka dishepa tsa moreki oa dilō; diyō tsa gagwè o tla a ee go di tsaea kwa kgakala. 15 Le gōna o tla a coge go sa le bosigo, me a nee ba ntlo ea gagwè diyō, le barweetsana ba gagwè tihō ea bōnè. 16 O tla a gopole tshimo, me a e rèke: a tlhōme tshimo ea mafine ka papadi ea diatla tsa gagwè. 17 O ikokwaèla mo lothekeñ ka nonohō, a ithatahatse mabōgō. 18 O lemoga ha tlhōtlhwa ea gagwè e na le papadi: lobōnè loa gagwè ga lo time bosigo. 19 O tla a bee diatla mo selogoñ, diatla tsa gagwè di chware lecōgō ya shōna. 20 O tla a huporololèle bahumanegi seatla; E, a ōtlōlōlèle batlhoki mabōgō. 21 Ga a boihele ba ntlo ea gagwè ha go le kapōkō; gonne ba ntlo ea gagwè botlhe ba apere bohibidu yo bo letlhōlōlō. 22 O itihèla dialō tsa letsela ye le dihilweñ matsabatsaba; diaparō tsa gagwè ke leloba ye le bolèta le bohibidu jo bo mokgona. 23 Monna oa gagwè o itsiwe mo dikgotleñ, ha a dutse mo bagolwaneñ ba lehatshe. 24 O tla a dihe diaparō tsa leloba me a di rekise; me a neèle morèki meitlamō. 25 Thata le tlotlègō ke diaparō tsa gagwè; me o tla a tshège lobaka lo lo tlañ. 26 O tumolola molomo oa gagwè ka botlhale; me molaō oa bopelonomi o bo o le mo lolemeñ loa gagwè. 27 O lebaleba mekgwa ea ba ntlo ea gagwè thata, me ga a ye diyō tsa poduhalō. 28 Bana ba gagwè ba nanoge, mme ba mmitse mosegōhadiwa; monna oa gagwè, le èna a mmake, a re: 29 Bana bantsi ba basetsana ba dihile sentlè, me wèna u ba gaisitse botlhe hèla. 30 Boeletsègō ke tsieco, le bontlè ke boithamakō: me mosadi eo o boihañ Yehofa èna o tla bakwa. 31 Mo neè papadi ea diatla tsa gagwè, me a ditihō tsa gagwè di mmakè mo dikgotleñ.”—Diane 31:10-31.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Seabe sa mosadi mo lelapeng e ne e le se se tlotlegang